Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Dijo Tsa Me ke Go Dira Thato ya Modimo’

‘Dijo Tsa Me ke Go Dira Thato ya Modimo’

Ke eng se se go itumedisang? A gongwe ke dilo dingwe tse di diregang mo botshelong jwa motho tse di jaaka lenyalo, go godisa lelapa kgotsa go nonotsha botsala? Go ka direga gore o itumelela go ja dijo le bangwe ba o ba ratang. Le fa go ntse jalo, e re ka o le motlhanka wa ga Jehofa, a ga go itumedise go dira thato ya Modimo, go bala Lefoko la gagwe le go rera dikgang tse di molemo?

Mo pineng e Kgosi Dafide wa kwa Iseraele a neng a baka Mmopi ka yone, o ne a opela jaana: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pes. 40:8) Go sa kgathalesege mathata a Dafide a neng a lebana le one mo botshelong, o ne a itumelela go dira thato ya Modimo tota. Gone ke boammaaruri gore Dafide e ne e se ene fela moobamedi wa ga Jehofa yo o neng a itumelela go direla Modimo wa boammaaruri.

Moaposetoloi Paulo o ne a lebisa mafoko a Pesalema 40:8 mo go Mesia kgotsa Keresete. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa [Jesu] a tla mo lefatsheng a re: ‘“O ne o sa batle setlhabelo le tshupelo, mme o ne wa mpaakanyetsa mmele. O ne wa se ka wa amogela ditshupelo tse di fisiwang di feletse le tshupelo ya boleo.” Mme ka re, “Bona! Ke tlile (mo momenong wa buka go kwadilwe kaga me) go dira thato ya gago, wena Modimo.”’”—Baheb. 10:5-7.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a itumelela go leba popo, go nna le ditsala, le go itumelela dijo le ditsala tsa gagwe. (Math. 6:26-29; Joh. 2:1, 2; 12:1, 2) Le fa go ntse jalo, selo se segolo se a neng a se kgatlhegela e ne e le go dira thato ya ga Rraagwe yo o kwa legodimong. Tota e bile, Jesu o ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Joh. 4:34; 6:38) Barutwa ba ga Jesu ba ithutile mo go Mong wa bone gore sephiri sa boitumelo jwa mmatota ke sefe. Ba itumelela go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi ba tlhagafetse.—Luke 10:1, 8, 9, 17.

‘TSAMAYANG LO DIRE BARUTWA’

Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:19, 20) Go diragatsa taelo eno go akaretsa go rerela batho gongwe le gongwe kwa ba ka fitlhelwang gone, go dira maeto a go boela mo go ba ba bontshitseng  kgatlhego, le go tshwarela batho ba ba ntseng jalo dithuto tsa Baebele. Go dira tiro eno e ka nna selo se se itumedisang tota.

Lorato lo re tlhotlheletsa gore re tswelele re rera le fa re ganediwa

Le fa batho ba bontsha gore ba kgatlhegela molaetsa wa rona kgotsa nnyaa, tsela e re itshwarang ka yone ke yone e tla dirang gore re itumelele bodiredi jwa rona. Ke eng fa re tswelela go rera dikgang tse di molemo tota le fa bangwe ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona? Ka gonne, re a lemoga gore fa re nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa re bontsha gore re rata Modimo wa rona le baagelani. Ee ruri, matshelo a batho a mo kotsing—matshelo a rona le matshelo a baagelani ba rona. (Esek. 3:17-21; 1 Tim. 4:16) A re sekasekeng dintlha tse dingwe tse di thusitseng badirimmogo le rona ba le bantsi gore ba tswelele ba tlhagafetse mo bodireding le fa ba rera mo tshimong e e thata.

DIRISA TSHONO NNGWE LE NNGWE

Go dirisa dipotso tse di tshwanelang mo bodireding jwa rona, gantsi go ka nna le diphelelo tse di molemo. Moso mongwe, Amalia o ne a bona monna mongwe a bala lokwalodikgang mo parakeng. O ne a mo atamela mme a mmotsa gore a o badile dikgang dingwe tse di molemo. Fa monna yoo a mmolelela gore ga a bala sepe se se molemo, Amalia o ne a re: “Ke go tliseditse dikgang tse di molemo malebana le Bogosi jwa Modimo.” Seno se ne sa dira gore monna yoo a bontshe kgatlhego mme a amogela thuto ya Baebele. Tota e bile, Amalia o ne a kgona go simolola dithuto tse dingwe tsa Baebele gone mo parakeng eo.

Janice o ne a dira gore lefelo le a berekang mo go lone e nne tshimo ya gagwe. Fa modisa wa lefelo la bone le modirimmogo le ene ba ne ba bontsha gore ba kgatlhegela setlhogo sengwe se se gatisitsweng mo go Tora ya Tebelo, Janice o ne a ba bolelela gore o tla nna a ba tlisetsa dimakasine ka metlha. O ne a dira se se tshwanang le ka modirimmogo le ene yo mongwe yo le ene a neng a kgatlhiwa ke ditlhogo tse di farologaneng tse go tlotliwang ka tsone mo go Tora ya Tebelo le Tsogang! Seno se ne sa felela ka gore modirimmogo le ene yo mongwe gape le ene a kope dimakasine. Janice a re: “Ruri eno ke tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa!” Kwa bokhutlong, Janice o ne a na le batho ba le 11 ba a neng a ba isetsa dimakasine ka metlha.

NNA LE BOIKUTLO JO BO SIAMENG

Molebedi mongwe yo o etang o ne a rotloetsa baboledi gore fa ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, ga ba a tshwanela go wetsa motlotlo le mong wa ntlo ka go mmolelela fela gore ba tla boa gape mo nakong e e tlang. Go na le moo, ba ka botsa motho yoo gore: “A o ka rata gore ke go bontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone? kgotsa “O ka rata gore ke boe mo letsatsing lefe le gone nako mang gore re tle go tsweletsa motlotlo wa rona?” Molebedi yoo yo o etang a re fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba dirisa mokgwa ono mo phuthegong nngwe, ba ne ba simolola dithuto tsa Baebele di le 44 mo bekeng e le nngwe.

Go dira maeto a go boela ka bonako—le e leng mo malatsing a le mmalwa fela morago ga go etela mong wa ntlo—go ka nna mosola tota. Ka ntlha yang? Ka gonne, fa o dira jalo o bontsha gore tota o batla go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba tlhaloganye Baebele. Fa mosadi mongwe a ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a re: “Ke ne ka simolola go ithuta le  bone ka gonne ba ne ba mpontsha gore tota ba amega ka nna e bile ba a nthata.”

O ka nna wa botsa mong wa ntlo jaana, “A o ka rata gore ke go bontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka gone?”

Nakwana fela morago ga gore Madaí a ye Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela, o ne a tshwara dithuto di le 15 tsa Baebele mme a naya baboledi ba bangwe dithuto tse dingwe tse tlhano. Batho ba le mmalwa ba a neng a ithuta Baebele le bone ba ne ba simolola go nna gone kwa dipokanong ka metlha. Ke eng se se thusitseng Madaí gore a simolole dithuto tse dintsi jaana? Sekolo seo se ne se mo thusitse go lemoga gore o tshwanetse go tswelela a boela kwa bathong go fitlha a fitlhela batho ba ba neng ba bontshitse kgatlhego kwa tshimologong. Mosupi yo mongwe yo o thusitseng batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri jwa Baebele a re: “Ke ithutile gore go itshoka fa ke dira maeto a go boela ke selo sa konokono se se thusang batho ba ba batlang go itse Jehofa.”

Go dira maeto a go boela ka bonako go bontsha gore tota re kgatlhegela batho ba ba batlang go tlhaloganya Baebele

Go dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele go tlhoka gore motho a tseye matsapa. Le fa go ntse jalo, masego a go dira jalo a magolo thata. Fa re dira ka natla mo tirong ya go rera ka Bogosi, re ka thusa ba bangwe gore “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri” mme seo se ka felela ka gore ba bolokwe. (1 Tim. 2:3, 4) Mo go rona, go ka felela ka gore re nne le boitumelo jo bo seng kana ka sepe.