Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Gatela Pele le Phuthego ya ga Jehofa?

A o Gatela Pele le Phuthego ya ga Jehofa?

“Matlho a ga Jehofa a mo basiaming.”—1 PET. 3:12.

1. Setšhaba sa botlhanogi sa Iseraele se ne sa emisediwa ka bomang gore e nne bone batho ba ba bidiwang ka leina la ga Jehofa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

JEHOFA ke ene a simolotseng phuthego ya Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga e bile o ile a tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo motlheng wa rona. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, phuthego e e nang le balatedi ba ga Keresete ba bogologolo, e ne ya emisetsa setšhaba sa botlhanogi sa Iseraele e le bone batho ba ba bidiwang ka leina la ga Jehofa. Phuthego e ntšha, e Modimo a neng a e rata thata e ne ya falola go senngwa ga Jerusalema ka 70 C.E. (Luke 21:20, 21) Ditiragalo tseo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le ketapele ya ditiragalo tse di tla diregang tse di tla amang batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa rona. Tsamaiso ya ga Satane ya dilo e tla tloga e fela, le fa go ntse jalo, phuthego ya Modimo e tla falola metlha ya bofelo. (2 Tim. 3:1) Re ka tlhomamisega jang ka seno?

2. Jesu o ne a reng ka “pitlagano e kgolo” mme e tla simolola jang?

2 Fa Jesu a ne a bua ka go nna gone ga gagwe a sa bonale mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a re: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Math. 24:3, 21) Pitlagano eno e kgolo e e sa tshwaneng  le epe e tla simolola fa Jehofa a dira gore “Babelona yo Mogolo” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, a senngwe ke mebuso ya dipolotiki. (Tshen. 17:3-5, 16) Go tla latela eng morago ga foo?

DITIRO TSA GA SATANE DI FELELA KA HARAMAGEDONE

3. Fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa, ke eng se se tla dirwang go leka go tlhasela batho ba ga Jehofa?

3 Fa bodumedi jwa maaka bo sentswe, Satane le dikarolo tse dingwe tsa lefatshe la gagwe di tla tlhasela batlhanka ba ga Jehofa. Ka sekai, fa Dikwalo di bua malebana le “Gogo wa lefatshe la Magogo” di bolelela pele jaana: “O tla tsena jaaka matsubutsubu. O tla nna jaaka maru a a bipang lefatshe, wena le mephato yotlhe ya gago le ditšhaba di le dintsi di na le wena.” E re ka Basupi ba ga Jehofa ba se na masole e bile e le batho ba ba kagiso go gaisa botlhe mo lefatsheng, ba tla lebega ba ka tlhaselwa motlhofo. Le fa go ntse jalo, a bo tlhaselo eo e tla bo e le phoso e kgolo jang ne!—Esek. 38:1, 2, 9-12.

4, 5. Jehofa o tla tsibogela jang maiteko a ga Satane a go fedisa batlhanka ba gagwe?

4 Modimo o tla dira eng fa Satane a leka go fedisa batho ba gagwe? Jehofa o tla tsereganya mo boemong jwa bone, a dirisa tshwanelo ya gagwe ya go nna Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Jehofa o tla tsaya go tlhaselwa ga batlhanka ba gagwe e le go tlhaselwa ga gagwe. (Bala Sekarea 2:8.) Ka jalo, Rraarona yo o kwa legodimong o tla tsaya kgato ka bonako gore a re falotse. Kgololo eo e tla fitlha kwa setlhoeng sa yone fa go senngwa lefatshe la ga Satane ka Haramagedona, ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo.’—Tshen. 16:14, 16.

5 Baebele e bolelela pele jaana malebana le Haramagedona: “‘Jehofa o na le kganetsano le ditšhaba. O tshwanetse go atlhola nama yotlhe ka boene. Fa e le ba ba bosula, o tshwanetse go ba neelela tšhaka,’ go bua Jehofa. ‘Jehofa wa masomosomo o buile jaana, “Bonang! Masetlapelo a tswa mo setšhabeng go ya setšhabeng se sengwe, mme setsuatsue se segolo se tla kurusiwa go tswa dikarolong tse di kgakala thata tsa lefatshe. Mme mo letsatsing leo ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe. Ga ba na go hutsafalelwa, le fa e le go phuthwa kgotsa go fitlhwa. Ba tla nna jaaka motshotelo mo godimo ga mmu.’” (Jer. 25:31-33) Haramagedona e tla fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Lefatshe la ga Satane le tla bo le fedisitswe, mme karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa yone e tla falola.

LEBAKA LA GO BO PHUTHEGO YA GA JEHOFA E GOLA GOMPIENO

6, 7. (a) “Boidiidi jo bogolo” bo tswa kae? (b) Go nnile le koketsego efe mo dingwageng tsa bosheng?

6 Karolo ya mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo e a falola e bile e a gola gompieno ka gonne batho ba e leng karolo ya yone ba amogelwa ke Modimo. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.” (1 Pet. 3:12) Basiami ba akaretsa “boidiidi jo bogolo” jo bo “tswang mo pitlaganong e kgolo.” (Tshen. 7:9, 14) Bafalodi bano ga se “boidiidi” fela. Ke “boidiidi jo bogolo”—palo e kgolo thata ya batho. A o ipona o le mongwe wa bafalodi ba “pitlagano e kgolo”?

7 Batho bano ba e leng ba boidiidi jo bogolo ba tswa kae? Ba kokoanngwa mmogo ka ntlha ya se Jesu a se boleletseng pele e le karolo ya sesupo sa go nna gone ga gagwe. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Math. 24:14) Mo malatsing ano a bofelo, eno ke tiro e kgolo e e dirwang ke phuthego ya Modimo. Ka gonne Basupi ba ga  Jehofa ba rera mo lefatsheng lotlhe le go ruta batho, batho ba le dimilionemilione ba ithutile go obamela Modimo ka “moya le ka boammaaruri.” (Joh. 4:23, 24) Ka sekai, mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng—mo dingwageng tsa tirelo go simolola ka 2003 go ya go 2012—batho ba ba fetang 2 707 000 ba ile ba kolobediwa e le go bontsha gore ba ineetse mo Modimong. Lefatshe ka bophara, go na le Basupi ba feta 7 900 000, mme dimilionemilione tsa batho di kopanela le bone, segolobogolo ka nako ya Segopotso sa ngwaga le ngwaga. Ga re ikgantshe ka dipalopalo tseno ka gonne ‘Modimo ke ene yo o godisang.’ (1 Bakor. 3:5-7) Le fa go ntse jalo, go a bonala gore boidiidi jo bogolo bo ntse bo gola ngwaga le ngwaga.

8. Ke eng fa go ile ga nna le koketsego e kgolo mo phuthegong ya ga Jehofa ya motlha wa rona?

8 Go ile ga nna le koketsego e kgolo ya palo ya batlhanka ba Modimo ka gonne Jehofa ka boene ke ene a tshegetsang Basupi ba gagwe. (Bala Isaia 43:10-12.) Koketsego eno e ne ya bolelelwa pele ka mafoko ano: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isa. 60:22) Nako nngwe, masalela a batlodiwa a ne a ntse jaaka “yo monnye” mme palo ya bone e ne ya gola fa Iseraele wa semoya e ne e nna karolo ya phuthego ya Modimo. (Bagal. 6:16) E re ka Jehofa a ntse a segofatsa phuthego ya gagwe go ralala dingwaga, koketsego e ntse e tswelela fa go kokoanngwa ba boidiidi jo bogolo.

SE JEHOFA A BATLANG GORE RE SE DIRE

9. Re tshwanetse go dira eng fa e le gore re lebeletse go nna le isagwe e re e solofediwang mo Lefokong la Modimo?

9 Le fa re ka tswa re le Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa re le maloko a boidiidi jo bogolo, re ka itumelela isagwe e e molemo e re e solofediwang mo Lefokong la Modimo. Le fa go ntse jalo, e le gore re dire jalo, re tshwanetse go dira se Jehofa a batlang gore re se dire. (Isa. 48:17, 18) Akanya ka Baiseraele ba ba neng ba le ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe. Boikaelelo bongwe jwa Molao e ne e le go sireletsa Baiseraele ka go ba naya melawana e e malebana le boitsholo jwa tlhakanelodikobo, ditirisano tsa kgwebo, tsela ya go tlhokomela bana, tsela e e siameng ya go tshwara batho ba bangwe, jalo le jalo. (Ekes. 20:14; Lefi. 19:18, 35-37; Dute. 6:6-9) Le rona fa re ikobela melao ya Modimo re tla solegelwa molemo ka tsela e e tshwanang—mme tota ga go thata go dira thato ya Modimo. (Bala 1 Johane 5:3.) Tota e bile, fela jaaka Baiseraele ba ne ba sireleditswe ke Molao, go ikobela melao ya ga Jehofa Modimo le melaometheo ya gagwe ga go re sireletse fela, gape go re thusa gore re “itekanele mo tumelong.”—Tito 1:13.   

10. Ke eng fa re tshwanetse go beela nako kwa thoko gore re ithute Baebele le gore beke le beke re nne le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa?

10 Karolo ya mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa e gatela pele ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, tsela e re tlhaloganyang boammaaruri jwa Baebele ka yone e ntse e tokafadiwa. Re ka lebelela seo ka gonne “tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” (Dia. 4:18) Le fa go ntse jalo, re ka ipotsa jaana: ‘A ke tsamaisana le diphetogo tse di leng gone malebana le tsela e re tlhaloganyang boammaaruri jwa Dikwalo ka yone? A ke itlwaeditse go bala Baebele letsatsi le letsatsi? A ke mmadi yo o tlhagafetseng wa dikgatiso tsa rona? A beke le beke nna le ba lelapa la me re nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa?’ Bontsi jwa rona re a dumela gore ga go thata go dira dilo tseno. Gantsi ke kgang fela ya go ipeela nako ya go di dira. Mme a bo go le botlhokwa jang ne gore re ithute kitso ya boammaaruri ya Dikwalo, re e dirise, re bo re gatele pele semoyeng—segolobogolo gone jaanong e re ka pitlagano e kgolo e ntse e atamela!

11. Meletlo ya bogologolo le dipokano le dikopano tse dikgolo le tse dinnye tsa motlha wa rona di re solegela molemo ka tsela efe?

 11 Phuthego ya ga Jehofa e re thusa gore re solegelwe molemo fa e re rotloetsa gore re reetse kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Baheb. 10:24, 25) Meletlo ya ngwaga le ngwaga le dikokoano tse dingwe tsa kobamelo di ne di nonotsha Baiseraele semoyeng. Mogodimo ga moo, ditiragalo tse di jaaka Moletlo wa Diobo mo motlheng wa ga Nehemia, e ne e le dinako tse di itumedisang. (Ekes. 23:15, 16; Neh. 8:9-18) Le rona re solegelwa molemo ke dipokano tsa rona le dikopano tse dinnye le tse dikgolo. A re diriseng dithulaganyo tseno ka botlalo gore re nonofe semoyeng re bo re itumele.—Tito 2:2.

12. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tiro ya go rera ka Bogosi?

12 E re ka re le mo phuthegong ya Modimo, re itumelela go nna le seabe mo “tirong e e boitshepo ya dikgang tse di molemo tsa Modimo.” (Bar. 15:16) Go nna le seabe mo “tirong e e boitshepo” eno go dira gore re nne “badirimmogo” le Jehofa yo e leng “Moitshepi.” (1 Bakor. 3:9; 1 Pet. 1:15) Go rera dikgang tse di molemo go dira gore re itshepise leina le le boitshepo la ga Jehofa. Mme ga go pelaelo gore ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go rera “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo yo o itumetseng.”—1 Tim. 1:11.

13. Botshelo jwa rona le go nna re nonofile semoyeng go ikaegile ka eng?

13 Modimo o batla gore re tswelele re nonofile semoyeng ka gore re nne re le gaufi le ene le go ema nokeng phuthego ya gagwe mo ditirong tse di farologaneng. Moshe o ne a bolelela Baiseraele a re: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela; gonne ke ene botshelo jwa gago le boleele jwa malatsi a gago, gore o nne mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borragomogologolwane e bong Aborahame, Isake le Jakobe gore o tla le ba naya.” (Dute. 30:19, 20) Botshelo jwa rona bo ikaegile ka gore re dire thato ya ga Jehofa, re mo rate, re ikobele lefoko la gagwe, mme re mo ngaparele.

14. Mokaulengwe mongwe o ne a ikutlwa jang ka karolo e e bonalang ya phuthego ya Modimo?

14 Mokaulengwe Pryce Hughes yo a neng a ngaparela Modimo mme a tswelela a tsamaya le phuthego ya Gagwe o ne a kwala jaana: “Ke leboga go bo ke ile ka nna le kitso ka maikaelelo a ga Jehofa go simolola bogologolo pele ga 1914 . . . Sengwe se se ntseng se le botlhokwa mo go nna ke go nna gaufi le phuthego ya ga Jehofa e e bonalang. Maitemogelo a ke nnileng le one a nthutile gore ga go botlhale go ikaega ka tlhaloganyo ya motho. Fa ke setse ke lemogile ntlha eo, ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla tswelela ke le mo phuthegong e e ikanyegang. Ga go gope kwa motho a ka bonang kamogelo ya ga Jehofa le masego a gagwe gone.”

NNA O GATELE PELE LE PHUTHEGO YA MODIMO

15. Naya sekai sa Dikwalo se se bontshang kafa re tshwanetseng go leba diphetogo tse di nnang gone malebana le kafa re tlhaloganyang dikgang dingwe tsa Baebele ka gone.

15 Fa re batla gore Jehofa a re amogele a bo a re segofatse, re tshwanetse go ema nokeng phuthego ya gagwe mme re amogele diphetogo tse di nnang gone mo tseleng e re tlhaloganyang Dikwalo ya yone. Akanya ka seno: Morago ga loso lwa ga Jesu, Bakeresete ba le diketekete ba Bajuda ba ne ba tlhagafaletse Molao mme ba palelwa ke go o tlogela. (Dit. 21:17-20) Le fa go ntse jalo, ba ne  ba thusiwa ke lekwalo le Paulo a neng a le kwalela Bahebera, mme ba amogela ntlha ya gore ga ba a ka ba itshepisiwa ka ditlhabelo tse di ntshitsweng “go ya ka Molao” mme ba ne ba itshepisiwa ka “tshupelo ya mmele wa ga Jesu Keresete gangwe felafela.” (Baheb. 10:5-10) Ga go pelaelo gore bontsi jwa Bakeresete bao ba Bajuda ba ne ba fetola tsela e ba akanyang ka yone mme ba gatela pele semoyeng. Le rona re tshwanetse go ithuta ka tlhoafalo mme re iketleeletse go amogela dikgopolo tse disha, fa go tokafadiwa tsela e re tlhaloganyang Lefoko la Modimo ka yone kgotsa fa go fetolwa tsela e re rerang ka yone.

16. (a) Ke masego afe a a tla dirang gore botshelo bo nne monate mo lefatsheng le lesha? (b) O lebile pele kwa go eng mo lefatsheng le lesha?

16 Botlhe ba ba nnang ba ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe ba tla tswelela ba segofadiwa. Batlodiwa ba ba ikanyegang ba tla itumelela tshiamelo e kgolo ya go busa mmogo le Keresete kwa legodimong. (Bar. 8:16, 17) Fa e le gore re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, akanya kafa go tla nnang monate ka gone go tshela mo Paradaiseng. E re ka re le karolo ya phuthego ya ga Jehofa, ruri re ipelela go bolelela ba bangwe ka lefatshe le lesha la Modimo le le solofeditsweng! (2 Pet. 3:13) Pesalema 37:11 ya re: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Batho ba tla “aga matlo ba nne mo go one” mme ba tla itumelela “tiro ya diatla tsa bone.” (Isa. 65:21, 22) Ga go kitla go tlhola go nna le kgatelelo, khumanego le tlala. (Pes. 72:13-16) Babelona yo Mogolo o tla bo a sa tlhole a tsietsa ope ka gonne o tla bo a sa tlhole a le teng. (Tshen. 18:8, 21) Baswi ba tla tsosiwa mme ba newe tshono ya go tshelela ruri. (Isa. 25:8; Dit. 24:15) Ruri batho ba le dimilionemilione ba ba ineetseng mo go Jehofa ba na le tsholofelo e e itumedisang tota! Gore re kgone go bona ditsholofetso tseo tsa Dikwalo, re tshwanetse go nna re gatela pele semoyeng, re gatele pele le phuthego ya Modimo mme ka metlha re tsamaisane le yone.

A o ipona o le mo Paradaiseng? (Bona serapa 16)

17. Re tshwanetse go ikutlwa jang malebana le kobamelo ya ga Jehofa le phuthego ya gagwe?

17 E re ka tsamaiso eno e le gaufi le go fela, a re tsweleleng re nitame mo tumelong re bontsha gore tota re leboga Modimo ka ntlha ya thulaganyo ga gagwe ya kobamelo. Ke yone tsela e mopesalema Dafide a neng a ikutlwa ka yone, fa a ne a opela jaana: “Ke kopile selo se le sengwe mo go Jehofa—ke se ke tla se batlang, gore ke nne mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa me, gore ke bone bontle jwa ga Jehofa le go leba tempele ya gagwe ka kanaanelo.” (Pes. 27:4) A mongwe le mongwe wa rona a ngaparele Modimo, a tsamaisane le batho ba gagwe mme a gatele pele le phuthego ya ga Jehofa.