Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Ruri Jehofa o Nthusitse

Ruri Jehofa o Nthusitse

Nna le mosadi wa me e bong Evelyn, re ne ra fologa mo tereneng kwa Hornepayne kwa nageng ya dikgwa kwa bokone jwa Ontario, Canada. E ne e le phakela mme go ne go le tsididi thata. Mokaulengwe mongwe wa mo lefelong leo o ne a tla go re tsaya mme fa re sena go ja sefitlholo se se monate mmogo le ene le mosadi wa gagwe le morwawe, re ne ra tsamaya mo kapokong re rera ka ntlo le ntlo. Ka thapama ya letsatsi leo, ke ne ka neela puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa ke le molebedi wa potologo. Re ne re le batlhano; ga go a ka ga tla ope o sele.

TOTATOTA, nna ke ne ke sa tshwenngwe ke palo e nnye eo ya batho ba ba neng ba reeditse puo ya me ka 1957. Kana, ga ke bolo go nna motho yo o ditlhong thata. Tota e bile, fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ke a tle ke iphitlhe fa go na le baeng kwa gae, le fa ke ne ke ba itse.

Mme o ka nna wa gakgamala go utlwa gore bontsi jwa dikabelo tsa me mo phuthegong ya ga Jehofa di ne di mpateletsa gore ke dirisane le batho ba le bantsi—ditsala le batho ba ke sa ba itseng. Le fa go ntse jalo, ke ile ka tswelela go lwantsha ditlhong tsa me le go sa itshepe, ka jalo, nka se itlotlomatse go bo ke ile ka atlega mo dikabelong tsa me. Go na le moo, ke ile ka bona boammaaruri jwa tsholofetso eno ya ga Jehofa: “Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.” (Isa. 41:10) Nngwe ya ditsela tse di botlhokwa tse Jehofa a nthusitseng ka tsone ke ka kemonokeng ya Bakeresete ka nna. Mma ke go tlotlele ka bangwe ba bone, ke tla simolola ka nako ya fa ke ne ke le ngwana.

O NE A DIRISA BUKA E NNYE E NTSHO

Mo polasing ya lelapa la gaetsho kwa borwabophirima jwa Ontario

Moso mongwe ka bo1940 ka Sontaga, letsatsi le tlhabile, Elsie Huntingford o ne a etela polasi ya lelapa la gaetsho kwa borwabophirima jwa Ontario. Mmè o ne a bula kgoro mme rre—yo o neng a le ditlhong jaaka nna—o ne a nna mo ntlong le nna mme a reetsa. E re ka Rre a ne a akanya gore Kgaitsadi Huntingford e ne e le mosadi mongwe  yo o rekisang mme a akanya gore Mmè o tla reka sengwe se re sa se tlhokeng, kgabagare o ne a ya kwa kgorong go ya go mmolelela gore ga re kgatlhege. Kgaitsadi Huntingford o ne a botsa jaana: “A ga lo kgatlhegele go ithuta Baebele?” Rre o ne a araba ka gore, nnyaa, seo re ka se kgatlhegela.”

Kgaitsadi Huntingford o ne a re etetse ka nako e e siameng tota. Batsadi ba me e ne e le maloko a a tlhoafetseng a United Church of Canada mme ba ne ba sa tswa go swetsa ka gore ba tla e tlogela. Ka ntlha yang? Ka gonne, mo phashiting ya kereke, moruti o ne a manegile lenaane la batho ba ba ntshitseng koleke go ya ka gore ba ntshitse bokae. Mme batsadi ba me, ba ba neng ba sa itsholela, gantsi ba ne ba le kwa tlase mo lenaaneng leo mme baeteledipele ba kereke ba ne ba ba gatelela gore ba ntshe madi a a oketsegileng. E re ka moruti mongwe a ne a batla go tswelela e le moruti, o ne a dumela gore ga a rute dilo tse a neng a di dumela tota. Ka jalo, re ne ra tlogela kereke mme re ne re sa ntse re batla tsela ya go kgotsofatsa dilo tse re di tlhokang mo semoyeng.

E re ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa ntse e thibetswe kwa Canada, Kgaitsadi Huntingford o ne a tshwara thuto le lelapa la gaetsho a dirisa Baebele fela le dintlha tse a di kwadileng mo bukeng e nnye e ntsho. Moragonyana fa a lemoga gore re ka se ka ra mo isa kwa balaoding, o ne a re tlisetsa dikgatiso tsa Baebele. Re ne re fitlha dikgatiso tseo ka kelotlhoko morago ga thuto nngwe le nngwe. *

Batsadi ba me ba ne ba amogela boammaaruri mme ba kolobediwa ka 1948

Le fa Kgaitsadi Huntingford a ne a lebana le kganetso le dikgoreletsi, o ne a rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo. Tlhoafalo ya gagwe e ne ya nkgatlha mme ya ntlhotlheletsa go emela boammaaruri. Ngwaga morago ga gore batsadi ba me ba kolobediwe go nna Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa. Ke ne ka kolobediwa ka Tlhakole 27, 1949, mo mogobeng wa tshipi o balemirui ba neng ba o dirisetsa go nosa diruiwa metsi. Ke ne ke le dingwaga di le 17. Morago ga foo, ke ne ka ikemisetsa go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng.

JEHOFA O NE A NTHUSA GO NNA PELOKGALE

Ke ne ka gakgamala fa ke lalediwa go tla Bethele ka 1952

Ke ne ka okaoka go nna mmulatsela ka bonako morago foo. Ka nakwana ke ne ka bereka kwa bankeng le mo ofising ka gonne ke ne ke ipoleletse gore ke tlhoka go nna le madi gore ke itlamele fa ke ntse ke le mmulatsela. Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke le mosha yo o se nang maitemogelo, ke ne ke dirisa madi a me ka bonako fa ke sena go a amogela. Ka jalo, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Ted Sargent o  ne a nkgothaletsa gore ke nne pelokgale mme ke ikanye Jehofa. (1 Ditir. 28:10) Ka ntlha ya kgothatso eo e e lorato, ke ne ka simolola go nna mmulatsela ka Ngwanatsele 1951. Ke ne ke na le didolara di le 40 fela, baesekele ya bogologolo le sutukheise e ntšha. Mme Jehofa o ne a tlhomamisa gore ka metlha ke na le dilo tse ke di tlhokang. A bo ke leboga Ted jang ne go bo a ile a nkgothatsa gore ke tsene mo tirelong ya bobulatsela! Seo se ne sa ntlisetsa masego a mantsi.

Maitseboa mangwe kwa bofelong jwa Phatwe 1952, ke ne ka amogela mogala go tswa kwa Toronto. Ofisi ya lekala ya kwa Canada ya Basupi ba ga Jehofa e ne e ntaletsa go simolola tirelo ya Bethele ka Lwetse. Le fa gone ke ne ke le ditlhong e bile ke ise ke ko ke etele lekala, ke ne ke itumetse ka gonne babulatsela ba bangwe ba ne ba mpoleletse dilo tse di itumedisang ka Bethele. Ke ne ka ikutlwa ke gololesegile ka bonako fa ke goroga kwa Bethele.

“BONTSHA BAKAULENGWE GORE O AMEGA KA BONE”

Dingwaga di le pedi fa ke sena go goroga kwa Bethele, ke ne ka nna motlhanka wa phuthego (yo gone jaanong a itsegeng e le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane) mo boemong jwa ga Bill Yacos, mo go nngwe ya diphuthego tsa kwa Toronto. E re ka ke ne ke le dingwaga di le 23 fela, ke ne ke ikutlwa jaaka mosimanyana fela wa kwa dipolasing yo o sa itseng sepe. Mme Mokaulengwe Yacos o ne a mpontsha ka boikokobetso le ka lorato gore ke dire eng. Mme ruri Jehofa o ne a nthusa.

Mokaulengwe Yacos—mokaulengwe yo mokhutshwane yo o nang le mmele o mokima mme a rata go nyenya—o ne a rata batho. O ne a rata bakaulengwe mme le bone ba ne ba mo rata. O ne a ba etela ka metlha kwa magaeng a bone e seng fela fa ba na le mathata. Bill Yacos o ne a nkgothaletsa gore le nna ke dire jalo mme ke bereke le bakaulengwe le bokgaitsadi mo bodireding jwa tshimo. O ne a re: “Ken bontsha bakaulengwe gore o amega ka bone. Seo se tla bipa ditlhaelo tse dintsi.”

MOSADI WA ME O BONTSHA BOPELONOMI JWA LORATO

Jehofa o ile a nthusa ka tsela e e kgethegileng fa e sa le ka Ferikgong 1957. Ka kgwedi eo, ke ne ka nyala Evelyn, yo a neng a alogile mo tlelaseng ya bo14 ya Sekolo sa Gileade. Pele ga lenyalo la rona, o ne a direla kwa Quebec, kwa porofenseng ya batho ba ba buang Sefora. Ka nako eo Quebec e ne e laolwa thata ke Kereke Katoliki ya Roma. Ka jalo, Evelyn o ne a na le kabelo e e boima thata, le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a ikanyega mo go yone le mo go Jehofa.

Nna le Evelyn re ne ra nyalana ka 1957

Gape Evelyn o ne a nkema nokeng ka boikanyegi. (Baef. 5:31) Tota e bile, boikanyegi jwa gagwe bo ne jwa lekiwa fela fa re sena go nyalana! Re ne re rulagantse gore re tla tsaya loeto go ya kwa Florida, U.S.A., mme letsatsi morago ga lenyalo la rona, lekala le ne la nkopa gore ke ye kwa pokanong e e tla tsayang beke kwa Bethele ya kwa Canada. Gone ke boammaaruri gore pokano eno e ne ya kgoreletsa dithulaganyo tsa rona, mme nna le Evelyn re ne re batla go dira sengwe le sengwe se Jehofa a re kopang gore re se dire. Ka jalo, re ne ra tlogela loeto lwa rona lwa morago ga lenyalo. Mo bekeng eo, o ne a bereka mo tirelong ya tshimo gaufi le lekala. Le fa tshimo eo e ne e farologane thata le ya kwa Quebec, o ne a itshoka.

Fa beke e fela, ke ne ka amogela sengwe se ke neng ke sa se lebelela—ke ne ke abetswe go nna molebedi wa potologo kwa bokone jwa Ontario. Ke ne ke le monna yo o sa tswang go nyala, ke le dingwaga di le 25  fela e bile ke se na maitemogelo mme re ne ra tsamaya re tshepile Jehofa. Mo gare ga mariga a Canada, re ne ra palama terena e e neng e tsamaya bosigo jotlhe re tsamaya le balebedi ba potologo ba bangwe ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba boela kwa dikabelong tsa bone. Ba ne ba re kgothatsa thata! Mokaulengwe mongwe o bile a gatelela gore re tsene mo karolong ya terena e o kgonang go robala mo go yone e a neng e a neng a rekile thekete ya yone, gore re se ka ra nna re dutse bosigo jotlhe mo tereneng. Moso o o latelang, malatsi a le 15 fela morago ga lenyalo la rona, re ne re etetse setlhopha se sennye kwa Hornepayne, jaaka ke ne ka tlhalosa pelenyana.

Go ne go na le diphetogo tse dingwe tse nna le Evelyn re neng re tla lebana le tsone. Fa ke ntse ke le mo tirong ya go nna molebedi wa kgaolo kwa bofelong jwa bo1960, ke ne ka amogela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo36 ya Sekolo sa Gileade, e e neng e le khoso ya dikgwedi di le lesome e e neng e tla simolola ka Tlhakole 1961 kwa Brooklyn, New York. Boammaaruri ke gore, ke ne ke itumetse, mme boitumelo jwa me bo ne jwa fokodiwa ke lebaka la go bo Evelyn a ne a sa akarediwa mo taletsong eno. Go na le moo, jaaka basadi ba bangwe ba ba mo boemong jo bo tshwanang le jono, Evelyn o ne a kopiwa gore a kwale lekwalo le mo go lone a tlhalosang gore o dumela gore re kgaogane bobotlana dikgwedi di le lesome. Evelyn o ne a lela mme o ne a dumela gore ke ye kwa sekolong seno mme o ne a itumetse go bo ke tla kgona go bona thapiso e e botlhokwa kwa Gileade.

Ka nako eno, Evelyn o ne a direla kwa lekaleng la kwa Canada. O ne a nna le tshiamelo e e kgethegileng ya go nna le kgaitsadi mongwe yo o rategang yo o tloditsweng e bong Margaret Lovell. Mme gone, nna le Evelyn re ne re tlhologelelana thata. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra tlwaela dikabelo tsa rona tsa nakwana. Go bo Evelyn a ne a iketleeleditse go ithontsha nako ya rona mmogo gore kgone go dirisiwa thata ke Jehofa le phuthego ya gagwe, go ne ga nkama fela thata.

Morago ga gore ke nne kwa Gileade ka dikgwedi tse di ka nnang tharo, Mokaulengwe Nathan Knorr, yo o neng a eteletse tiro ya lefatshe lotlhe pele, o ne a nnaya taletso e e sa tlwaelegang. O ne a mpotsa gore a nka tsamaya mo Sekolong sa Gileade mme ke boele kwa Canada go ya go nna mokaedi wa nakwana wa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi kwa lekaleng. Mokaulengwe Knorr o ne a mpolelela gore ga ke tlhoke go amogela taletso eo. Nka nna ka wetsa khoso ya me ya Sekolo sa Gileade fa ke batla mme gongwe morago ga foo ke tla abelwa tiro ya borongwa. Gape o ne a tlhalosa gore fa ke swetsa ka gore ke boele kwa Canada, nka nna ka lalediwa kwa Gileade gape mme fa nako e ntse e tsamaya gongwe ke tla boa ke abelwa gape go ya tshimong kwa Canada. O ne a ntlogela gore ke dire tshwetso fa ke sena go buisana le mosadi wa me ka gone.

E re ka Evelyn a ne a setse a mpoleletse gore o leba jang dikabelo tsa bomodimo, ka bonako fela ke ne ka bolelela Mokaulengwe Knorr ka re: “Sengwe le sengwe se phuthego ya ga Jehofa e batlang re se dire, re itumelela go se dira.” Ka metlha re ne re ikutlwa gore, le fa re ka eletsa eng, re tshwanetse go ya gongwe le gongwe kwa phuthego ya ga Jehofa e re abelang go ya gone.

Ka jalo, ka Moranang 1961, ke ne ka tloga kwa Brooklyn mme ka boela kwa Canada go ya go ruta kwa  Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi. Moragonyana re ne ra nna maloko a lelapa la Bethele. Morago ga foo, ke ne ka gakgamala fa ke amogela taletso ya go ya kwa tlelaseng ya bo40 ya Gileade, e e neng e tla simolola ka 1965. Mo lekgetlhong leno gape, Evelyn o ne a tshwanelwa ke go kwala lekwalo a dumela gore re kgaogane. Mme dibeke di sekae moragonyana, re ne ra itumela fa a amogela taletso ya gagwe ya go ya kwa sekolong le nna.

Fa re sena go goroga kwa Sekolong sa Gileade, Mokaulengwe Knorr o ne a re bolelela gore baithuti ba ba ikwadisitseng mo ditlelaseng tsa puo ya Sefora, jaaka rona, ba tla romelwa kwa Afrika. Le fa go ntse jalo, kwa thulaganyong ya rona ya go aloga, re ne ra abelwa gape kwa Canada! Ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi yo mosha wa lekala (yo gone jaanong e leng morulaganyi mo Komiting ya Lekala). Ke ne ka gakolola Mokaulengwe Knorr gore ke na le dingwaga di le 34 fela, “ke monnye tota.” Mme o ne a nkgothatsa. Mme go tloga fela kwa tshimologong, ke ne ka leka go bua le bakaulengwe ba kwa Bethele ba bagolwane mo go nna, ba ba nang le maitemogelo pele ga ke dira ditshwetso tse dikgolo.

BETHELE—LEFELO LA GO ITHUTA LE LA GO RUTA

Tirelo ya Bethele e dirile gore ke nne le ditshono tse di itumedisang tsa go ithuta mo go ba bangwe. Ke tlotla e bile ke rata thata maloko a mangwe a Komiti ya Lekala. Gape ke ile ka tlhotlhelediwa ka ditsela tse siameng ke banna le basadi ba Bakeresete ba ba molemo—ba bannye le ba bagolo—ba re kopaneng le bone mo botshelong jwa rona mo lekaleng le mo diphuthegong tse di farologaneng tse re kileng ra direla mo go tsone.

Ke tshwere kobamelo ya mo mosong kwa legaeng la Bethele kwa Canada

Gape tirelo ya Bethele e ile ya dira gore ke kgone go ruta ba bangwe le go nonotsha tumelo ya bone. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Dilo tse o neng wa di utlwa mo go nna ka tshegetso ya basupi ba bantsi, dilo tseno di neye banna ba ba ikanyegang, ba le bone ba tla tshwanelegang sentle go ruta ba bangwe.” (2 Tim. 2:2; 3:14) Ka dinako dingwe Bakeresete ba bangwe ba mpotsa gore ke ithutile eng mo dingwageng di le 57 tse ke ntseng mo tirelong ya Bethele ka tsone. Karabo ya me e e motlhofo ke gore, “Iketleeletse ka bonako fela go dira se phuthego ya ga Jehofa e batlang gore o se dire, o ikaege ka ene gore a go thuse.”

E kete e ne e le maabane fela fa ke goroga la ntlha mo Bethele ke le lekawana le le ditlhong le le se nang maitemogelo. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tseno tsotlhe, Jehofa o ntse a ‘tshwere seatla sa me.’ Segolobogolo ka bopelonomi le thuso e e tlang ka nako ya badumedi ka nna, o tswelela a ntlhomamisetsa jaana: “O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.”—Isa. 41:13.

^ ser. 10 Ka Motsheganong 22, 1945, puso ya kwa Canada e ne ya letlelela tiro ya rona semolao.