Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Modimo wa Thulaganyo

Jehofa ke Modimo wa Thulaganyo

“Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.”—1 BAKOR. 14:33.

1, 2. (a) Popo ya Modimo ya ntlha e ne e le mang mme Jehofa o ne a mo dirisa jang? (b) Ke eng se se bontshang gore baengele ba rulagantswe?

JEHOFA, Mmopi wa lobopo, o dira dilo ka thulaganyo. Popo ya gagwe ya ntlha e ne e le Morwawe wa moya, yo o tsetsweng a le esi yo o bidiwang “Lefoko” ka gonne ke mmueledi yo mogolo wa Modimo. Lefoko o ile a direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi, ka gonne Baebele ya re: “Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone, mme Lefoko o ne a na le Modimo.” Gape re bolelelwa jaana: “Dilo tsotlhe di ne tsa nna gone ka ene [Lefoko], mme kwantle ga gagwe ga go a nna gone selo le fa e le se le sengwe.” Mo e ka nnang dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng, Modimo o ne a romela Lefoko mo lefatsheng, mo a neng a dira go rata ga ga Rraagwe ka boikanyegi e le monna yo o itekanetseng e bong Jesu Keresete.—Joh. 1:1-3, 14.

2 Ka nako ya pele ga a tla mo lefatsheng, Morwa Modimo o ne a dira ka boikanyegi e le ‘modiri wa Gagwe yo o setswerere.’ (Dia. 8:30) Jehofa o ne mo dirisa go bopa dibopiwa tse dingwe tsa moya tse di dimilionemilione kwa legodimong. (Bakol. 1:16) Baebele e re bolelela jaana malebana le baengele bao: “Dikete di le sekete tse di neng di . . . direla [Jehofa], le dikete di le lesome di menagane ga dikete di le lesome tse di neng di eme fa pele ga gagwe.” (Dan. 7:10) Dibopiwa tse dintsintsi tsa semoya tsa Modimo di bidiwa “masomosomo”  a a rulagantsweng sentle a ga Jehofa.—Pes. 103:21.

3. Palo ya dinaledi le dipolanete e kgolo go le kana kang mme di rulagantswe jang?

3 Go ka tweng ka popo e e bonalang, e e jaaka dinaledi tse dintsintsi le dipolanete? Lokwalodikgang lwa kwa Houston, Texas, e leng Chronicle e bega ka patlisiso ya bosheng e e bontshang gore go na le “dibilionebilione tsa dinaledi le dipolanete e leng palo e e menaganeng gararo go feta e baitsesaense ba ileng ba e tlhalosa mo nakong e e fetileng.” Dinaledi di rulagantswe ka masagaripa, lesagaripa lengwe le lengwe le na le dinaledi di le dibilione kgotsa le e leng di le ditrilione, mmogo le dipolanete tse dingwe tse dintsi. Bontsi jwa masagaripa a rulagantswe gape ka ditlhopha tse dinnye le tse dikgolo tsa dinaledi.

4. Ke ka ntlha yang fa go utlwala go bolela gore batlhanka ba Modimo mo lefatsheng ba rulagantswe?

4 Magodimo a a bonalang le one a rulagantswe ka matsetseleko, fela jaaka dibopiwa tsa moya tse di siameng tse di kwa legodimong. (Isa. 40:26) Ka jalo, go a utlwala go bolela gore Jehofa a ka rulaganya batlhanka ba gagwe mo lefatsheng. O batla gore ba nne le thulaganyo e e siameng, mme seo se botlhokwa thata ka gonne ba na le tiro e ntsi e e botlhokwa e ba tshwanetseng go e dira. Rekoto ya tirelo ya boikanyegi e baobamedi ba ga Jehofa ba nako e e fetileng le ba gone jaanong ba itiretseng yone ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore o ntse a na le bone le gore “ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.”—Bala 1 Bakorintha 14:33, 40.

BATHO BA MODIMO BA BOGOLOGOLO BA BA RULAGANTSWENG

5. Thulaganyo ya gore batho ba tlatse lefatshe e ne ya kgorelediwa jang?

5 Fa Jehofa a ne a bopa batho ba ntlha, o ne a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Gen. 1:28) Batho ba ne ba tshwanetse go oketsega ka tsela e e rulaganeng gore ba tlatse lefatshe le go atolosa Paradaise go fitlha e tlala lefatshe lotlhe. Thulaganyo eo e ne ya kgorelediwa ka nakwana ke go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa. (Gen. 3:1-6) Fa nako e ntse e tsamaya, “Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.” Ka ntlha ya seo, “lefatshe le ne la senyega mo ponong ya Modimo wa boammaaruri, gape lefatshe la tlala thubakanyo.” Ka jalo, Modimo o ne a ikaelela go tlisa morwalela o o neng o tla senya batho ba ba boikepo.—Gen. 6:5, 11-13, 17.

6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa Noa a ile a bona kamogelo ya ga Jehofa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Go ne ga diragala eng ka batho botlhe ba ba sa ikanyegeng ba motlha wa ga Noa?

6 Mme gone, “Noa [o ne] a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa” ka gonne e ne e le “monna yo o siameng” yo o neng a ne “a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe.” E re ka ‘Noa a ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri,’ Jehofa o ne a mo laela gore a age araka e kgolo. (Gen. 6:8, 9, 14-16) Tsela e e neng e tla agiwa ka yone e ne e siametse gore diphologolo le batho ba kgone go tshela mo go yone. Ka go bo a ne a le kutlo, “Noa [o ne] a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laoletse” mme ka thuso ya ba lelapa la gagwe, o ne a dira tiro ya go aga ka tsela e e nang le thulaganyo. Fa dilo tse di tshelang di sena go tsenngwa mo arakeng, “Jehofa o ne a tswala kgoro.”—Gen. 7:5, 16.

7 Fa go nna le Morwalela ka 2370 B.C.E., Jehofa o ne ‘a nyeletsa sengwe le sengwe se se tshelang se se neng se le mo godimo ga lefatshe,’ mme a boloka Noa yo o ikanyegang le ba lelapa la gagwe mo arakeng. (Gen. 7:23) Mongwe le mongwe mo lefatsheng gompieno, ke setlogolwana sa ga Noa le bomorwawe le basadi ba bone. Mme batho botlhe ba ba neng ba se na tumelo ba ba neng ba le ka kwa ntle ga araka ba ne ba fedisiwa ka gonne ba ne ba gana go reetsa Noa, “moreri wa tshiamo.”—2 Pet. 2:5.

Go rulaganya dilo sentle go ile ga dira gore batho ba le robedi ba falole Morwalela (Bona serapa 6, 7)

8. Go na le bosupi bofe jwa gore Modimo o ne a rulagantse batho sentle kwa Iseraele fa a ne a laela batho ga gagwe go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?

 8 Makgolo a dingwaga a a fetang robedi morago ga Morwalela, Modimo o ne a rulaganya Baiseraele gore e nne setšhaba. O ne a rulagantse dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa bone segolobogolo kobamelo ya bone. Ka sekai, mo godimo ga baperesiti le Balefi ba bantsi ba Baiseraele, go ne go na le “malata a a neng a dira tirelo e e rulagantsweng fa kgorong ya mogope wa bokopanelo.” (Ekes. 38:8) Le fa go ntse jalo, fa Jehofa Modimo a ne a laela batho ba kwa Iseraele go tsena kwa Kanana, kokomana eo e ne ya se ka ya ikanyega mme o ne a ba raya a re: “Ga lo kitla lo tsena mo lefatsheng le ke neng ka tsholetsa seatla sa me ka ikano mo go lone gore ke age le lona, kwantle ga ga Kalebe morwa Jefune le Joshua morwa Nune,” ka gonne bone ba ne ba tlisa pego e e siameng fa ba sena go ya go tlhola Lefatshe le le Solofeditsweng. (Dipa. 14:30, 37, 38) Go dumelana le kaelo ya Modimo, moragonyana Moshe o ne a laela Joshua gore a nne motlhatlhami wa gagwe. (Dipa. 27:18-23) Fa Joshua a ne a tla tloga a tsenya Baiseraele mo Kanana, o ne a bolelelwa jaana: “O nne pelokgale o bo o nonofe. O se ka wa garoga pelo kgotsa wa tshoga, gonne Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.”—Josh. 1:9.

9. Rahabe o ne a ikutlwa jang ka Jehofa le ka batho ba gagwe?

9 Ruri Jehofa Modimo o ne a na le Joshua gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone. Ka sekai, akanya ka se se diragetseng fa Baiseraele ba ne ba thibeletse gaufi le motse wa Bakanana e leng Jeriko. Ka 1473  B.C.E., Joshua o ne a roma banna ba babedi gore ba ye go tlhola Jeriko mme fa ba fitlha koo ba ne ba kopana le seaka se se bidiwang Rahabe. O ne a ba fitlha mo borulelong jwa ntlo ya gagwe, a ba fitlhela batho ba ba neng ba tshwanetse go ba tshwara ba ba neng ba romilwe ke kgosi ya Jeriko. Rahabe o ne a raya ditlhola tseo tsa Baiseraele a re: “Ruri ke a itse gore Jehofa o tla lo naya lefatshe leno . . . , gonne re utlwile kafa Jehofa a neng a kgadisa metsi a Lewatle le Lehibidu ka gone fa pele ga lona . . . le se lo neng lwa se dira dikgosi tse pedi tsa Baamore.” Gape o ne a re: “Jehofa Modimo wa lona ke Modimo wa kwa magodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa  tlase.” (Josh. 2:9-11) E re ka Rahabe a ile a dira kgolaganyo le batho ba ga Jehofa, Modimo o ne a tlhomamisa gore ene le ba lelapa la gagwe ba bolokiwe fa Baiseraele ba ne ba gapa Jeriko. (Josh. 6:25) Rahabe o ne a bontsha tumelo, a boifa Jehofa e bile a tlotla batho ba gagwe.

BAKERESETE BA LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA BA NE BA RULAGANTSWE

10. Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa gagwe a reng mme ke ka ntlha yang fa a ne a ba raya jalo?

10 Fa Joshua a ne a eteletse Baiseraele pele, ba ne ba fenya metse ka go latelana mme ba gapa naga ya Kanana. Mme go ile ga diragala eng moragonyana? Mo makgolokgolong a dingwaga, Baiseraele ba ne ba nna ba tlola melao ya Modimo. Fa Jehofa a ne a romela Morwawe mo lefatsheng, go sa utlwe Modimo ga bone le go sa reetse mmueledi wa gagwe go ne go setse go le maswe thata jaana mo e leng gore Jesu o ne a re Jerusalema ke “mmolai wa baporofeti.” (Bala Mathaio 23:37, 38.) Modimo o ne a latlha baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ka gonne ba ne ba sa ikanyege mo go ene. Ka jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.”—Math. 21:43.

11, 12. (a) Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a fetisa masego a gagwe go tswa mo setšhabeng sa Bajuda a a naya phuthego e nngwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Go ne go na le bomang mo phuthegong e ntšha e e neng e amogelwa ke Modimo?

11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Jehofa o ne a latlha setšhaba se se sa ikanyegeng sa Iseraele. Le fa go ntse jalo, seo se ne se sa reye gore o ne a se kitla a tlhola a nna le phuthego ya batlhanka ba ba ikanyegang mo lefatsheng. Jehofa o ne a fetisetsa masego a gagwe mo phuthegong e ntšha e e rulagantsweng e e neng e theilwe mo go Jesu Keresete le dithuto tsa gagwe. E ne ya simologa ka Pentekosete ya 33 C.E. Ka nako eo, go ne go na le barutwa ba ga Jesu ba ba ka nnang 120 ba ba neng ba kopane mo lefelong lengwe kwa Jerusalema fa “ka tshoganyetso [go ne go] utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ntlo yotlhe.” Go tswa foo, go ne ga bonala “diteme tse e keteng tsa molelo mme tsa gasanngwa, e le nngwe ya nna mo go mongwe le mongwe wa bone, botlhe ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue.” (Dit. 2:1-4) Tiragalo eno e e gakgamatsang ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Jehofa o ne a eme phuthego eno e ntšha nokeng, e mo go yone go neng go na le barutwa ba ga Keresete.

12 Ka letsatsi leo le le itumedisang, balatedi ba ga Jesu ba ne ba “okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo.” Mo godimo ga moo, “Jehofa a tswelela a ba oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.” (Dit. 2:41, 47) Tiro ya bareri bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne ya atlega thata mo e leng gore “lefoko la Modimo la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema.” Mme “boidiidi jo bogolo jwa baperesiti [bo ne] jwa simolola go utlwa tumelo.” (Dit. 6:7) Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ne ba amogela boammaaruri jo ba neng ba bo bolelelwa ke maloko a phuthego eno e ntšha. Moragonyana, Jehofa o ne a naya bosupi jo bo tshwanang jwa gore o tshegetsa phuthego ya gagwe fa a ne a simolola go tlisa ‘batho ba ditšhaba,’ mo phuthegong ya Bokeresete.—Bala Ditiro 10:44, 45.

13. Tiro ya phuthego e ntšha ya Modimo e ne e le efe?

13 Go ne go se na pelaelo gore ke tiro efe e Modimo a neng a e neile balatedi ba ga Keresete. Jesu ka boene o ne a ba tlhometse sekao, ka gonne, fela fa a sena go kolobediwa, o ne a simolola go rera ka “bogosi jwa magodimo.” (Math. 4:17) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go dira yone tiro eo. O ne a ba raya a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Ruri balatedi ba bagologolo ba ga Keresete ba ne ba tlhaloganya gore ba tshwanetse go dira eng. Ka sekai, kwa Antioka kwa Pisidia, Paulo le Barenabase ba ne ba bolelela baganetsi ba bone ba Bajuda jaana ka bopelokgale: “Go ne go tlhokega gore lefoko la Modimo le buiwe le  lona pele. E re ka lo le kgorometsa lo le ntsha mo go lona e bile lo sa ikatlhole lo le ba ba tshwanelang botshelo jo bo sa khutleng, bonang! re retologela kwa ditšhabeng. Tota e bile, Jehofa o re laetse ka mafoko ano, ‘Ke go tlhomile jaaka lesedi la ditšhaba, gore o nne poloko go ya fela kwa ntlheng ya lefatshe.’” (Dit. 13:14, 45-47) Fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga, karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo e ntse e itsise batho ka thulaganyo ya gagwe ya poloko.

BA LE BANTSI BA NYELELA MME BATLHANKA BA MODIMO BA A FALOLA

14. Go ile ga diragala eng kwa Jerusalema mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme ke bomang ba ba neng ba falola?

14 Bajuda ka kakaretso ba ne ba sa amogele dikgang tse di molemo, mme ba ne ba tla welwa ke masetlapelo, ka gonne Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) Se Jesu a neng a se bolelela pele se ne sa direga. Ka ntlha ya go tsuologa ga Bajuda, masole a kwa Roma a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a ne a dikologa Jerusalema ka 66 C.E. Le fa go ntse jalo, masole ao a ne a boela morago go sa lebelelwa, mme seo se ne sa naya balatedi ba ga Jesu tshono ya go tswa kwa Jerusalema le kwa Judea. Go ya ka rahisitori e bong Eusebius, ba le bantsi ba ne ba tshaba ba kgabaganya Noka ya Joredane go ya kwa Pela kwa Perea. Ka 70 C.E., masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Mojenerale Titus a ne a boa mme a senya Jerusalema. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba falola ka gonne ba ne ba tsaya tsia tlhagiso ya ga Jesu.

15. Bokeresete bo ile jwa kgona go atlega go sa kgathalesege eng?

15 Le fa balatedi ba ga Keresete ba ne ba lebane le mathata, pogiso le diteko tse dingwe tsa tumelo, Bokeresete bo ne jwa atlega mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Dit. 11:19-21; 19:1, 19, 20) Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba gatela pele semoyeng ka gonne Modimo o ne a ba segofatsa.—Dia. 10:22.

16. E le gore Mokeresete mongwe le mongwe a gatele pele sentle semoyeng, o tshwanetse go dira eng?

16 E le gore Mokeresete mongwe le mongwe a gatele pele sentle semoyeng, o ne a tshwanetse go dira maiteko. Go ne go le botlhokwa go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo, go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa kobamelo le go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo tirong ya go rera ka Bogosi. Dilo tse di ntseng jalo di ne di thusa batho ba ga Jehofa ba nako eo gore ba itekanele mo semoyeng le gore ba nne seoposengwe, fela jaaka go ntse le gompieno. Batho ba ba neng ba kopanela mo phuthegong ya bogologolo e e neng e rulagantswe sentle ba ne ba solegelwa molemo thata ke maiteko a a neng a dirwa ke balebedi le batlhanka ba bodiredi ba a dira ka go rata le ka go bo ba batla go ba thusa. (Bafil. 1:1; 1 Pet. 5:1-4) Mme ruri go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa tota fa bagolwane ba ba etang ba ba jaaka Paulo ba ne ba etetse diphuthego! (Dit. 15:36, 40, 41) Kobamelo ya rona e tshwana thata le ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a rulagantse batlhanka ba gagwe ka nako eo le gone jaanong! *

17. Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Fa lefatshe leno la ga Satane le ntse le ya kwa bokhutlong jwa lone, karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa e ntse e gatela pele ka lobelo lo logolo thata. A o ntse o tsamaisana le yone? A o ntse o gatela pele semoyeng? Setlhogo se se latelang se tla bontsha kafa o ka dirang seo ka teng.

^ ser. 16 Bona ditlhogo tse di reng “Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri” le “Ba Tswelela ba Tsamaya mo Boammaaruring” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2002. Go ile ga gatisiwa tlhaloso e e tseneletseng malebana le karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo gompieno mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo.