Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Molao wa Sekagouta Fa o Le mo Bodireding

Dirisa Molao wa Sekagouta Fa o Le mo Bodireding

“Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—MATH. 7:12.

1. A tsela e re tshwarang batho ka yone mo bodireding e botlhokwa? Naya sekai. (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba le mo letsholong la go laletsa batho go tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Pula e ne ya simolola go na fa ba ntse ba bua le mosadi mongwe ka kwa ntle ga ntlo ya gagwe. Mokaulengwe o ne a naya mosadi yoo sekgele mme ene a tsena le mosadi wa gagwe mo go se sengwe. Banyalani bao ba ne ba itumela fa ba bona mosadi yoo a le gone kwa Segopotsong. O ne a re ga a gopole sepe se Basupi bao ba neng ba se bua fa ba mo etetse. Mme o ne a kgatlhiwa ke tsela e ba neng ba mo tshwara ka yone, a bo a tlhotlheletsega go tla Segopotsong. Ke eng se se dirileng gore ba itshware ka tsela eo? Ba ne ba dirisitse se gantsi se bidiwang Molao wa Sekagouta.

2. Molao wa Sekagouta ke eng, mme re ka o dirisa jang?

2 Molao wa Sekagouta ke eng? Ke kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Math. 7:12) Re ka dirisa jang molao ono? Re ka o dirisa ka dikgato tse pedi. Ya ntlha, re tshwanetse go ipotsa gore, ‘Fa e ka bo e le nna, ke ne ke tla batla  go tshwarwa jang?’ Go tswa foo, re tshwanetse go leka ka natla go tshwara motho yoo ka tsela eo.—1 Bakor. 10:24.

3, 4. (a) Tlhalosa lebaka la go bo Molao wa Sekagouta o sa dire fela fa re dirisana le badumedimmogo le rona. (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Gantsi re dirisa molao wa Sekagouta fa re dirisana le badumedimmogo le rona. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a re re dirise molao oo mo go ba re nang le bone mo tumelong fela. Tota e bile, o umakile Molao wa Sekagouta fa a ne a bua ka tsela e re tshwanetseng go tshwara batho botlhe ka yone, tota le baba ba rona. (Bala Luke 6:27, 28, 31, 35.) Fa re dirisa Molao wa Sekagouta mo babeng ba rona, a bo go tla bo go le molemo jang ne gore re o dirise le mo bathong ba re ba rerelang—ba bontsi jwa bone ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng”!—Dit. 13:48.

4 Gone jaanong re tla tlotla ka dipotso di le nnè tse re tshwanetseng go nna re di gakologetswe fa re le mo bodireding: Ke bua le bomang? Ke bua le bone kae? Nako e e molemo ya gore ke bue le batho ke leng? Ke tshwanetse go bua le bone jang? Jaaka re tla bona, dipotso tseno di ka re thusa go akanyetsa maikutlo a batho ba re ba rerelang mme re fetole molaetsa wa rona gore o ba tshwanele.—1 Bakor. 9:19-23.

KE BUA LE BOMANG?

5. Re ka ipotsa dipotso dife?

5 Fa re le mo bodireding, gantsi re bua le motho mongwe le mongwe. Motho mongwe le mongwe o na le tsela e a godileng ka yone le mathata a gagwe. (2 Ditir. 6:29) Fa o leka go rerela motho dikgang tse di molemo, ipotse jaana: ‘Fa e ka bo e le nna, ke ne ke tla batla gore motho yono a ntebe jang? A ke ne ke tla itumelela gore motho yoo a nkatlhole pele a nkitse? Kgotsa a ke ne ke tla lebelela gore a nkitse pele?’ Go akanya ka dipotso tseno go tla re gakolola gore re tseye mong wa ntlo mongwe le mongwe a le botlhokwa.

6, 7. Re tshwanetse go dira eng fa mongwe yo re kopanang le ene kwa bodireding a lebega a galefile?

6 Ga go ope yo o batlang go tsewa e le motho yo o bosula. Ka sekai: Rona Bakeresete, re leka ka natla go dirisa kgakololo e e mo Baebeleng ya gore ‘puo ya rona e nne ya bopelontle.’ (Bakol. 4:6) Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, ka dinako dingwe re bua sengwe se moragonyana re se ikwatlhaelang. (Jak. 3:2) Fa go ne go ka direga gore re bue sengwe se se sa itumediseng le mongwe—gongwe ka gonne re sa tsoga sentle—re ne re ka se batle gore a re tseye re le batho ba ba “makgakga” kgotsa “ba ba sa akanyetseng.” Re solofela gore motho yoo o tla tlhaloganya. A le rona ga re a tshwanela go akanyetsa batho ba bangwe?

7 Fa mongwe yo o kopanang le ene mo bodireding a lebega a galefile, a go tla bo go se molemo gore o tlhaloganye lebaka la go bo a ka tswa a itshwara jalo? A gongwe a ka tswa a na le kgatelelo kwa sekolong kgotsa kwa tirong? A gongwe o a lwala? Ka dinako dingwe, beng ba matlo ba kwa tshimologong ba neng ba galefile, ba ile ba gololesega fa batho ba ga Jehofa ba ne ba ba tshwara ka bopelonomi le go ba bontsha tlotlo.—Dia. 15:1; 1 Pet. 3:15.

8. Ke eng fa re sa tshwanela go ikgogona go bolelela ‘batho ba mefuta yotlhe’ molaetsa wa Bogosi?

8 Fa re le mo bodireding re fitlhela batho ba ba tswang mo maemong a a sa tshwaneng a botshelo. Ka sekai, mo dingwageng tse mmalwa tse di fetileng, go ile ga gatisiwa maitemogelo a a fetang 60 mo motseletseleng wa Tora ya Tebelo wa setlhogo se se reng, “Baebele e Fetola Matshelo a Batho.” Bangwe ba batho ba go buiwang ka bone mo ditlhogong tseno e ne e le magodu, matagwa, maloko a digongwana, kgotsa ba tshwakgotswe ke diokobatsi. Ba bangwe e ne e le baeteledipele ba dipolotiki kgotsa ba bodumedi, kgotsa ba tlhomile mogopolo mo ditirong tsa bone tsa boitshediso. Ba bangwe ba ne ba na le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, e rile batho bano botlhe ba utlwa dikgang tse di molemo, ba ne ba amogela thuto ya Baebele, ba fetola matshelo  a bone mme ba amogela boammaaruri. Ka jalo, ga re a tshwanela go akanya gore batho bangwe ba ka se ka ba amogela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Bala 1 Bakorintha 6:9-11.) Go na le moo, re lemoga gore, ‘batho ba mefuta yotlhe’ ba ka amogela dikgang tse di molemo.—1 Bakor. 9:22.

KE BUA LE BATHO KAE?

9. Ke eng fa re tshwanetse go tlotla magae a batho ba bangwe?

9 Re bua le batho kae fa re le mo bodireding? Gantsi re bua le bone kwa matlong a bone. (Math. 10:11-13) Re a itumela fa batho ba bontsha gore ba tlotla magae a rona le dilo tsa rona. Tota e bile, magae a rona a botlhokwa thata mo go rona. Re batla gore e nne lefelo le re ikutlwang re sireletsegile mo go lone. Le rona re tshwanetse go bontsha baagelani ba rona tlotlo e e ntseng jalo. Ka jalo, fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, go tla bo go le molemo gore re akanye ka gore re tshwara magae a batho ba bangwe jang.—Dit. 5:42.

10. Re ka tila jang go kgopisa batho ba bangwe mo bodireding jwa rona?

10 Mo lefatsheng la gompieno le le tletseng bokebekwa, beng ba matlo ba le bantsi ga ba tshepe batho ba ba sa ba itseng. (2 Tim. 3:1-5) Ga re a tshwanela go ba naya lebaka la gore ba re belaele. Ka sekai, a re re o atamela ntlo ya motho mme o kokota fa mojako. Fa go se ope yo o arabang, re ka nna ra raelesega go tlhodumela ka fensetere kgotsa go tsamayatsamaya mo jarateng, re batla mong wa ntlo. Mo lefelong le o nnang mo go lone, a go dira jalo go ka nna ga tshwenya mong wa ntlo? Baagelani ba gagwe ba ka akanya eng? Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go neela bosupi ka botlalo. (Dit. 10:42) Re tlhagafaletse go anamisa molaetsa o o itumedisang, mme maitlhomo a rona a molemo. (Bar. 1:14, 15) Le fa go ntse jalo, go tla bo go le botlhale gore re se ka ra dira sepe se se ka dirang gore batho ba re ba rerelang mo tshimong ya rona ba kgopisege go sa tlhokege. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa, gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato.” (2 Bakor. 6:3) Fa re bontsha gore re tlotla magae a batho ba mo tshimong ya rona, boitsholo jwa rona bo ka ngokela batho bangwe mo boammaaruring.—Bala 1 Petere 2:12.

A ka metlha re bontsheng gore re tlotla legae la mong wa ntlo le dilo tsa gagwe (Bona serapa 10)

KE BUA LE BATHO LENG?

11. Ke ka ntlha yang fa re anaanela go bo batho ba tlotla nako ya rona?

11 Bontsi jwa rona Bakeresete re nna re tshwaregile. Gore re kgone go fitlhelela se re batlang go se dira, re ipeela nako re bo re rulaganya dilo sentle. (Baef. 5:16; Bafil. 1:10) Fa sengwe se kgoreletsa thulaganyo ya rona re ka nna ra kgobega marapo. Ka jalo, re itumelela gore batho ba tlotle nako ya rona, ba bontshe go re akanyetsa fa ba bua le rona mme ba se ka ba bua le rona lobaka lo loleele. Re ntse re akantse ka Molao wa Sekagouta, re ka bontsha jang gore re tlotla batho ba re ba rerelang?

12. Re ka itse jang gore ke nako efe e e siametseng go rerela batho mo tshimong ya rona?

12 Re tshwanetse go leka go itse gore ke nako efe e e molemo ya go bua le beng ba matlo. Mo tshimong ya rona, gantsi ke leng batho ba ka tswang ba le teng mo gae? Ke leng mo ba ka nnang ba amogela molaetsa wa rona? Go tla bo go le molemo gore re batle ditsela tsa go fetola thulaganyo ya rona gore re kgone go ba fitlhelela. Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, gantsi re fitlhela batho mo tirong ya rona ya ntlo le ntlo fa re ya kwa go bone thapama kgotsa maitseboa. Fa e le gore go ntse jalo mo lefelong le o rerang mo go lone, a o ka rulaganya gore o rere ka ntlo le ntlo ka yone nako eo? (Bala 1 Bakorintha 10:24.) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa ka go bo re intsha setlhabelo gore re nne le seabe mo bodireding ka nako e e siametseng batho ba re ba rerelang.

13. Re bontsha jang gore re tlotla mong wa ntlo?

13 Re ka bontsha jang gape gore re tlotla motho? Fa re fitlhela motho yo o re amogelang,  re tshwanetse go mo naya bosupi jo bo molemo mme gone ga re a tshwanela go nna nako e telele. Mong wa ntlo a ka nna a bo a beetse nako kwa thoko gore a dire sengwe se a se tsayang se le botlhokwa. Fa a re o tshwaregile, re ka nna ra mmolelela gore re tla bua ka bokhutshwane—mme re tshwanetse go diragatsa tsholofetso ya rona. (Math. 5:37) Fa re fetsa motlotlo wa rona, go ka nna molemo gore re botse motho gore re ka boa gape leng go tla go mmona. Baboledi bangwe ba fitlhetse go le molemo go re: “Nka rata go go etela gape. A go ka nna botoka gore ke go leletse mogala kgotsa ke go romele molaetsa pele ga ke tla?” Fa re fetola dithulaganyo tsa rona gore re kgone go fitlhela batho mo tshimong ya rona, re tla bo re latela sekao sa ga Paulo, yo o neng a sa ‘ipatlele molemo mme a o batlela ba bantsi, gore ba bolokwe.’—1 Bakor. 10:33.

KE TSHWANETSE GO BUA LE BATHO JANG?

14-16. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tlhomamisa gore mong wa ntlo o tlhaloganya lebaka la go bo re mo etetse? Bontsha. (b) Molebedi mongwe yo o etang o fitlhetse tsela efe e le mosola?

14 Akanya letsatsi lengwe o amogela mogala mme o sa itse gore ke mang yo o leditseng. Ke motho yo o sa mo itseng, mme o go botsa dipotso malebana le dijo tse o di ratang. O ipotsa gore motho yoo ke mang le gore tota o batla eng. Ka ntlha ya botho, gongwe o ka nna wa bua le ene go se kae, mme gone o ka nna wa mmontsha gore o batla go kgaotsa motlotlo wa lona. Ka fa letlhakoreng le lengwe, a re re motho yo o leditseng o go bolelela gore ke mang, o go bolelela gore o bereka kwa lefapheng la dijo tsa dikotla, mme o go bolelela gore o tshwere tshedimosetso e e mosola. O ka nna wa batla go mo reetsa. Tota e bile, re a itumela fa batho ba tlhamalala mme gone  ba bua ka botlhale fa ba bua le rona. Re ka tshwara jang batho ba re kopanang le bone mo bodireding ka tsela e e ntseng jalo?

15 Mo mafelong a le mantsi, re tshwanetse go tlhalosetsa beng ba matlo lebaka la go bo re ba etetse. Gone ke boammaaruri gore re tshwere tshedimosetso e e mosola e mong wa ntlo a se nang yone, mme a re re ga re itlhalose sentle gore re bomang mme re simolola motlotlo wa rona ka go mmotsa potso e e reng: “Fa o ne o ka kgona go rarabolola bothata bongwe mo lefatsheng, ke bofe jo o neng o tla bo rarabolola?” Re a itse gore boikaelelo jwa potso eo ke go utlwa gore motho yoo o akanyang mme re bo re lebisa motlotlo wa rona mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, mong wa ntlo a ka nna a ipotsa gore: ‘Motho yono ke mang, mme ke ka ntlha yang a mpotsa potso eno? Tota o batla eng?’ Ka jalo, re tshwanetse go dira gore mong wa ntlo a wele makgwafo. (Bafil. 2:3, 4) Re ka dira seo jang?

16 Mokaulengwe mongwe yo e leng molebedi yo o etang o fitlhetse tsela e e latelang ya go simolola motlotlo e le molemo. Fa a sena go dumedisa, o naya mong wa ntlo pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? mme a bo a re: “Gompieno re naya mongwe le mongwe mo lefelong la lona pampitshana eno. E tlotla ka dipotso tse thataro tse batho ba le bantsi ba ipotsang tsone. Ya gago ke eno.” Mokaulengwe yono a re batho ba le bantsi ba wela makgwafo fa ba itse gore o tlile ka eng. Fa ba setse ba itse, gantsi go nna motlhofo go tswelela ka motlotlo. Go tswa foo, molebedi yo o etang o botsa motho jaana: “A o kile wa akanya ka nngwe ya dipotso tseno?” Fa mong wa ntlo a tlhopha potso, mokaulengwe yono o bula pampitshana eo a bo a tlotla ka se Baebele e se bolelang malebana le potso eo. Go seng jalo, mokaulengwe yoo o tlhopha potso a bo a tswelela ka motlotlo a sa dire gore mong wa ntlo a ikutlwe a tlhabiwa ke ditlhong. Gone ke boammaaruri gore go na le ditsela tse dintsi tsa go simolola motlotlo. Mo mafelong a mangwe, beng ba matlo ba lebeletse gore go latelwe ditlwaelo dingwe pele ga motho a bua gore o tlile ka eng. Sa botlhokwa ke gore re tshwanetse go fetofetola puisano ya rona gore batho ba amogele molaetsa wa rona.

TSWELELA O DIRISA MOLAO WA SEKAGOUTA MO BODIREDING JWA GAGO

17. Jaaka re tlotlile mo setlhogong seno, ke ditsela dife tse dingwe tse re ka dirisang Molao wa Sekagouta ka tsone?

17 Ka jalo, dingwe tsa ditsela tse re ka latelang Molao wa Sekagouta ka tsone mo bodireding ke dife? Re tsaya mong wa ntlo e le wa botlhokwa. Re bontsha gore re tlotla legae la mong wa ntlo le dilo tsa gagwe. Re leka go nna le seabe mo bodireding ka nako e beng ba matlo ba ka tswang ba le kwa gae ka yone e bile ba ka amogela molaetsa wa rona. Mme re simolola motlotlo wa rona ka tsela e e amogelesegang mo lefelong la rona.

18. Go tshwara batho ba bangwe jaaka re ka batla go tshwarwa fa re le mo bodireding go na le melemo efe?

18 Go tshwara batho ba ba mo tshimong ya rona jaaka re ka batla go tshwarwa, go na le melemo e mentsi. Fa re itshwara ke tsela e e molemo le e bontshang go akanyetsa, re phatsimisa lesedi la rona, re gatelela botlhokwa jwa melaometheo ya Dikwalo e bile re galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong. (Math. 5:16) Re ka gogela batho ba le bantsi mo boammaaruring ka tsela e re buang ka yone le bone. (1 Tim. 4:16) Go sa kgathalesege gore batho ba re ba rerelang ba amogela molaetsa wa Bogosi kgotsa nnyaa, re kgotsofalela go itse gore re dira sotlhe se re ka se kgonang go wetsa bodiredi jwa rona. (2 Tim. 4:5) E kete mongwe le mongwe wa rona a ka etsa moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala jaana: “Ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.” (1 Bakor. 9:23) Gore re kgone go dira seo, a ka metlha re diriseng Molao wa Sekagouta mo bodireding jwa rona.