Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Kwana ya Tlolaganyo e ne e tshwanetse go tlhabiwa nako mang ka Nisane 14?

Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di re e ne e tshwanetse go tlhabiwa “fa gare ga maitseboa a mabedi,” se se kayang ka lotlatlana—fa letsatsi le sena go wela, mme e le pele go nna lefifi thata. (Ekes. 12:6)—12/15, tsebe 18-19.

Basha ba ka dirisa melaometheo efe go dira ditshwetso tse di botlhale?

E meraro eno (1) Batlang pele Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. (Math. 6:19-34) (2) Nnang le boitumelo ka ntlha ya go direla ba bangwe. (Dit. 20:35) (3) Itumeleleng go direla Jehofa mo bosheng jwa lona. (Mor. 12:1)—1/15, tsebe 19-20.

Ke bapalami bafe ba banè ba dipitse ba ba ntseng ba le mo tseleng fa e sa le ka 1914?

Jesu, ke mopalami wa pitse e tshweu, mme o tsere kgato go ntsha Satane le madimona a gagwe kwa legodimong. Mopalami wa pitse e khunou o tshwantshetsa dintwa tse di ntseng di bogisa batho. Mopalami wa pitse e ntsho, o emela leuba. Mme mopalami wa pitse e tshetlha ene o tlisa loso le sebetso se se bolayang dimilionemilione tsa batho. (Tshen. 6:2-8)—2/1, tsebe 6-7.

“Lenyalo la Kwana” le tla nna leng? (Tshen. 19:7)

“Lenyalo la Kwana” le tla nna fa Kgosi e bong Jesu Keresete a sena go wetsa phenyo ya gagwe, e leng, fa Babelona yo Mogolo a sena go fedisiwa morago ga ntwa ya Haramagedona.—2/15, tsebe 10.

Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba “letile” Mesia? (Luke 3:15)

Re ka se tlhomamisege gore Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhaloganya boporofeti jwa ga Daniele jo bo ka ga Mesia ka tsela e rona re bo tlhaloganyang ka yone. (Dan. 9:24-27) Le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba ne ba utlwile ka kitsiso e moengele a neng a e bolelela badisa bangwe, kgotsa ka se moporofeti wa mosadi e bong Ana a neng a se bolela fa a ne a bona lesea e bong Jesu kwa tempeleng. Mo godimo ga moo, balepadinaledi ba ne ba tla go bona “yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda.” (Math. 2:1, 2) Moragonyana, Johane Mokolobetsi o ne a bontsha gore Keresete o tla tloga a tla.—2/15, tsebe 26-27.

Re ka tila jang gore Ee wa rona e nne Nnyaa? (2 Bakor. 1:18)

Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe ka ntlha ya maemo a re sa kgoneng go a laola re palelwe ke go diragatsa tsholofetso ya rona. Mme fa re solofetsa mongwe sengwe kgotsa re dira tumalano nngwe, re tshwanetse go leka ka natla go e diragatsa.—3/15, tsebe 32.

Re ka tila jang thaelo ya go lebelela ditshwantsho tsa thobalano?

Dikgato tse tharo tse di ka thusang ke (1) Go leba go sele ka bonako fa re bona ditshwantsho tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo. (2) Go disa dikakanyo tsa rona ka go akanya ka dilo tse di siameng le go rapela Modimo. (3) Go disa dikgato tsa rona ka go tila difilimi kgotsa Web site e e bontshang ditshwantsho tsa thobalano.—4/1, tsebe 10-12.

Go ka nna le ditlamorago dife tse di sa lebelelwang fa Mokeresete a tlogela ba lelapa la gagwe go ya go dira madi kwa nageng e sele?

Fa batsadi ba sa nne mmogo le bana ba bone, go ka utlwisa bana botlhoko mme ga senya boitshwaro jwa bone. Go ka dira gore ba tlhoe batsadi ba bone. Mme batho ba ba nnang kgakala le balekane ba bone ba ka lebana le dithaelo tsa tlhakanelodikobo.—4/15, tsebe 19-20.

Goreng fa dikebekwa tse di neng di bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso, di ne di robiwa maoto?

Baroma ba ne ba bolaela dikebekwa dingwe mo koteng. Bajuda ba ne ba kopa gore maoto a dikebekwa tse di neng di le mo thoko ga Jesu di robiwe. Seo se ne se tla dira gore go nne thata gore batho bano ba kgone go hema mme seo se ne se tla dira gore ba swe ka bonako. Ka jalo, ba ne ba se kitla ba tlhoka go nna bosigo jotlhe mo koteng. (Dute. 21:22, 23)—5/1, tsebe 11.

Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go akanya ka tsone fa re bua le batho mo bodireding?

Ke bomang? Ke bua le bone kae? Ke bua le bone leng? Ke tshwanetse go bua jang le bone?—5/15, tsebe 12-15.

Go goga motsoko go nnile kotsi go le kana kang?

Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng go goga motsoko go bolaile batho ba ba ka nnang 100 000 000. Bosheng jaana, go bolaya batho ba ba ka nnang 6 000 000 ngwaga le ngwaga.—6/1, tsebe 3.