Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Rethefatsa Tsela ya Lonao Lwa Gago” Gore o Gatele Pele

“Rethefatsa Tsela ya Lonao Lwa Gago” Gore o Gatele Pele

FA BATHO ba Modimo ba ne ba tswa kwa Babelona ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a kgatlhegela tsela e ba tla tsamayang mo go yone go ya Jerusalema. O ne a ba bolelela jaana: “Bulelang batho tsela. Koaganyang, koaganyang tsela e kgolo. Tlosang maje mo go yone.” (Isa. 62:10) Akanya fela kafa Bajuda bangwe ba ka tswang ba ile ba dira seo ka gone. Ditlhopha tse di tsamaileng pelenyana di ka tswa di ile tsa aga tsela, gongwe di thiba mangope le go rethefatsa mafelo a a makgawekgawe. Go dira jalo go ne go tla thusa thata bomorwarraabone ba ba neng ba tla ba latela mo tseleng eo e e isang kwa nagagaeng ya bone.

Re ka nna ra tsaya seo e le setshwantsho sa tsela e e isang kwa mekgeleng ya rona ya semoya. Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe botlhe ba tsamaye mo tseleng eo go se na sepe se se sa tlhokegeng se se ba kgoreletsang. Lefoko la gagwe le re laela jaana: “Rethefatsa tsela ya lonao lwa gago, mme e kete ditsela tsotlhe tsa gago di ka tlhomamisiwa thata.” (Dia. 4:26) Le fa o ka tswa o le mosha kgotsa o godile, o ka lemoga botlhale mo kgakololong eo e e tswang kwa Modimong.

BAAKANYA TSELA KA GO DIRA DITSHWETSO TSE DI SIAMENG

O ka tswa o ile wa utlwa batho ba bua mafoko a a jaaka ano ka mosha mongwe: ‘Isagwe ya gagwe e a phatsima’ kgotsa ‘Ruri o tlile go atlega.’ Gantsi basha ba na le botsogo jo bo siameng, ba akanya ka bonako e bile ba eletsa go atlega. Go a tshwanela go bo Baebele e bua jaana: “Bontle jwa makau ke maatla a bone.” (Dia. 20:29) Mosha yo o dirisang bokgoni jwa gagwe le maatla a gagwe go direla Jehofa a ka fitlhelela mekgele ya semoya mme a bona boitumelo jwa mmatota.

Le fa go ntse jalo, jaaka o ka tswa o lemogile, lefatshe le kgatlhegela thata bokgoni jo basha ba nang le jone. Fa Mosupi wa mosha a dira sentle kwa sekolong, morutisi wa gagwe kgotsa moithutimmogo le ene a ka nna a mo gatelela gore a latelele thuto e e kwa godimo mme a atlege mo tsamaisong eno ya dilo. Mme mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo mosha yo o nang le bokgoni jwa diatleletiki a ka nna a raelwa gore a tsenele metshameko e le tiro ya gagwe ya boitshediso. A o kile wa iphitlhela o le mo boemong jo bo ntseng jalo, kgotsa a o itse  mongwe yo o ileng a lebana le kgatelelo e e ntseng jalo? Ke eng se se tla thusang Mokeresete go dira tshwetso e e botlhale?

Dithuto tsa Baebele di ka thusa motho gore a ipaakanyetse go tsamaya mo tseleng e e molemolemo mo botshelong. Moreri 12:1 ya re: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” Wena kgotsa mongwe yo o mo itseng yo o sa ntseng a le mosha a ka kgona jang go ‘gakologelwa Mmopi wa gagwe yo Mogolo’?

Akanya ka se se neng sa diragalela Eric * wa kwa Afrika Bophirima. O ne a rata go tshameka kgwele ya dinao. Fa Eric a le dingwaga di le 15, o ne a setse a tlhophilwe go tshamekela setlhopha sa naga. Seno se ne se kaya gore go ise go ye kae a ka solofela go bona thapiso ya maemo a a kwa godimo kwa Yuropa, gongwe a feleletse e le motshameki wa porofeshenale. Le fa go ntse jalo, kgakololo ya go ‘gopola Mmopi wa gagwe yo Mogolo’ e ne e tla mo thusa jang? Mme wena kgotsa tsala nngwe ya gago ya mosha e ka ithuta eng mo go seno?

Fa Eric a sa ntse a tsena sekolo o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, o ne a simolola go ithuta gore Mmopi wa gagwe o tla rarabolola mathata a batho ka bosakhutleng. Eric o ne a lemoga botlhokwa jwa go dirisa nako ya gagwe le maatla a gagwe go dira thato ya Modimo. E re ka Eric a ne a leba dilo ka tsela eo e e botlhale, ga a ka a latelela mokgele wa go nna motshameki wa porofeshenale. Go na le moo, o ne a kolobediwa mme a gatela pele semoyeng. Fa nako e ntse e ya, o ne a nna motlhanka wa bodiredi mme moragonyana a lalediwa kwa Sekolong sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang.

Fa Eric a ka bo a lateletse mokgele wa go nna motshameki wa porofeshenale, a ka bo a ile a tuma a bo a huma . Le fa go ntse jalo, o ile a lemoga boammaaruri jwa molaomotheo ono wa Baebele: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa mohumi ke motse wa gagwe o o nonofileng, mme di ntse jaaka lobota lo lo sireletsang mo mogopolong wa gagwe.” (Dia. 18:11) Ee ruri, tshireletsego e go ka bonalang motho a na le yone ka go bo a humile, tota ke sengwe se se mo mogopolong wa gagwe fela. Mo godimo ga moo, ba ba latelelang dikhumo, gantsi ba ‘itlhabakaka ka ditlhabi tse dintsi.’—1 Tim. 6:9, 10.

Se se itumedisang ke gore, basha ba le bantsi ba bone boitumelo le tshireletsego e e nnelang ruri ka go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Eric a re: “Ke kopanela le setlhopha se segolo sa batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng. Seo ke setlhopha se se molemolemo se ke leng mo go sone, mme ke leboga Jehofa go bo a ile a mpontsha tsela e le yosi fela ya go bona boitumelo jwa mmatota le go atlega mo botshelong.”

Go tweng ka wena? Go na le gore o latelele mekgele ya lefatshe, ke eng fa o sa tlhomamise “ditsela tsa gago” fa pele ga ga Jehofa ka go tsenela tirelo ya bobulatsela?—Bona lebokose le le reng “ Melemo E o Ka se E Boneng Kwa Yunibesithing.”

TLOSA DIKGORELETSI MO TSELENG YA GAGO

Fa banyalani bangwe ba etetse ofisi ya lekala kwa United States ba ne ba lemoga gore batho ba ba direlang Jehofa kwa legaeng leo la Bethele ba itumetse tota. Moragonyana kgaitsadi yoo o ne a kwala jaana: “Re ne re setse re tlhabile kgobe ka mmutlwa mo botshelong jwa rona.” Banyalani bano ba ne ba dira tshwetso ya gore ba tla ithekela nako gore ba oketse tirelo ya bone.

Nako nngwe, diphetogo tse banyalani bano ba neng ba batla go di dira di ne di lebega di le dikgolo thata. Le fa go ntse jalo, ka letsatsi lengwe ba ne ba bala temana ya Dikwalo ya letsatsi leo. E ne e tserwe mo go Johane 8:31, mo Jesu a reng: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me.” Ba akantse ka one mafoko ao, ba ne ba re: “Sengwe le sengwe se re se dirang go tlhofofatsa botshelo, e tla bo e se matsapa a bophiri.” Ba ne ba rekisa ntlo ya bone e kgolo, ba tlosa mekgweleo e mengwe e ba neng ba na le yone mme ba fudugela kwa phuthegong e e neng e tlhoka thuso. Gone jaanong ke babulatsela, mme gape ba thusa mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi, e bile ba ithaopa mo dikopanong tsa kgaolo. Ba ikutlwa jang? Ba re: “Re gakgamalela boitumelo jo re bo bonang ka ntlha ya go tshela botshelo jo bo motlhofo re dira se phuthego ya ga Jehofa e re kgothaletsang go se dira.”

NNA MO TSELENG E E DIRANG GORE O GATELE PELE SEMOYENG

Solomone o ne a kwala jaana: “Fa e le matlho a gago, a tshwanetse go leba kwa pele, ee, matlho a gago a a phatsimang a lebe kwa pele fa pele ga gago.” (Dia. 4:25) Fela jaaka mokgweetsi a tlhoma mogopolo mo tseleng, le rona re tshwanetse go tila sengwe le sengwe se se ka re itayang tsebe se se ka dirang gore re palelwe ke go ipeela mekgele ya semoya le go e fitlhelela.

O ka ipeela mekgele efe le go kgaratlhela go e fitlhelela? Go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ke mongwe wa mokgele o o ka o ipeelang one. O mongwe e ka nna go direla le phuthego e e gaufi e e tlhokang bareri ba ba  nang le maitemogelo go ba thusa go rera mo tshimong e kgolo. Kgotsa phuthego nngwe e ka tswa e na le baboledi ba le bantsi ba ba dirang sentle mme e se na bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba lekaneng. A o ka thusa ka nngwe ya ditsela tseno? Ke eng fa o sa bue le molebedi wa potologo go bona kafa o ka thusang ka gone? Fa e le gore o kgatlhegela go thusa kwa lefelong le le kgakala, o ka nna wa kopa tshedimosetso e e malebana le diphuthego tse di tlhokang thuso tse di kgakala. *

A re boeleng kwa boemong jo bo tlhalositsweng mo go Isaia 62:10. Bajuda bangwe ba ne ba bereka ka natla go baakanya tsela e e boelang kwa nagagaeng ya bone gore batho ba Modimo ba kgone go fitlha kwa lefelong le ba yang kwa go lone. Fa e le gore o kgaratlhela go fitlhelela mekgele mengwe mo tirelong e e boitshepo, o se ka wa itlhoboga. Modimo a ka go thusa go fitlhelela mekgele eo. Tswelela o kopa Jehofa go go naya botlhale mme o leke go tlosa dikgoreletsi dipe fela. Fa nako e ntse e ya, gongwe o ka bona kafa Modimo a ka go thusang ka gone go “rethefatsa tsela ya lonao lwa gago.”—Dia. 4:26.

^ ser. 8 Leina le fetotswe.

^ ser. 18 Bona Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 111-112.