Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Leba Makoa a Batho Jaaka Jehofa a a Leba?

A o Leba Makoa a Batho Jaaka Jehofa a a Leba?

“Ditokololo tsa mmele tse di bonalang di le bokoanyana di a tlhokega.”— 1 BAKOR. 12:22.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a utlwela ba ba bokoa botlhoko?

KA NAKO nngwe rotlhe re a tle re ikutlwe re le bokoa. Fuluu kgotsa dilo dingwe tse di ilwang ke mmele di ka nna tsa re koafatsa mo e leng gore ga re kgone go dira dilo tsa letsatsi le letsatsi. Jaanong akanya o sa ikutlwe o le bokoa beke e le nngwe fela mme o fetsa dikgwedi di le dintsi o ikutlwa o le bokoa. Mo maemong a a ntseng jalo, a o ne o ka se itumele fa ba bangwe ba ne ba ka bontsha gore ba a go akanyetsa?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore go ntse jang go amiwa kgotsa le e leng go koafadiwa ke dikgatelelo tse di kwa ntle ga phuthego le tse di mo teng ga phuthego. O ne a akanya gore o tla ineela ka makgetlhonyana a le mmalwa. (2 Bakor. 1:8; 7:5) Fa a akanya ka mathata a mantsi a a nnileng le one e le Mokeresete yo o ikanyegang, Paulo o ne a re: “Ke mang yo o bokoa, mme nna ke se bokoa?” (2 Bakor. 11:29) Mme fa a ne a bua ka maloko a a farologaneng a phuthego ya Bokeresete, a a tshwantshiwang le dikarolo tsa mmele wa motho, Paulo o ne a re ba ba ‘bonalang ba le bokoanyana ba a tlhokega.’ (1 Bakor. 12:22) O ne a kaya eng? Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba batho ba ba lebegang ba le bokoanyana jaaka Jehofa a ba leba? Mme go dira jalo go tla re solegela molemo jang?

 KAFA JEHOFA A LEBANG GO NNA BOKOA KA GONE

3. Ke eng se se ka tlhotlheletsang tsela e re lebang batho ba ba tlhokang thuso mo phuthegong ka yone?

3 Re tshela mo lefatsheng le le ratang go gaisana le gantsi go nna le maatla le go nna mosha go tseelwang kwa godimo. Ba le bantsi ba dira sengwe le sengwe gore ba bone se ba se batlang, gantsi ba sa akanyetse maikutlo a batho ba ba bokoa. Le fa gone re sa buelele boitshwaro jo bo ntseng jalo, fa re sa lemoge, re ka simolola go nna le boikutlo jo bo sa siamang ka batho ba ka metlha ba tlhokang thuso, tota le mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Modimo le rona re ka nna tekatekano mo tseleng e re lebang dilo ka yone.

4, 5. (a) Setshwantsho se se mo go 1 Bakorintha 12:21-23 se re thusa jang go tlhaloganya kafa Jehofa a lebang go nna bokoa ka gone? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke go thusa ba ba bokoa?

4 Re ka bona kafa Jehofa a lebang go nna bokoa ka gone mo setshwantshong sa ga Paulo mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Bakorintha. Mo go kgaolo 12, Paulo o re gakolola gore tota le karolo e e sa rategeng kgotsa e e bokoa thata mo mmeleng e na le se e se dirang. (Bala 1 Bakorintha 12:12, 18, 21-23.) Dintlha dingwe tse di malebana le kgang eno ya mmele wa motho di ne tsa ganediwa ke batho bangwe ba ba dumelang mo thutong ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso dingwe tsa thuto ya mmele wa motho di bontsha gore dikarolo tsa mmele tse di kileng tsa bo di tsewa di se na mosola di dira tiro e e botlhokwa. * Ka sekai, bangwe ba ile ba belaela mosola wa monwana o monnye wa lonao; le fa go ntse jalo, gone jaanong go lemogilwe gore monwana oo wa rona o thusa mmele otlhe go itsetsepela fa re eme.

5 Setshwantsho sa ga Paulo se bontsha gore maloko otlhe a phuthego ya Bokeresete a botlhokwa. Go farologana le Satane yo o tseelang batho seriti sa bone, Jehofa o leba batlhanka ba gagwe botlhe, go akaretsa le ba ba bonalang ba le bokoanyana ba “tlhokega.” (Jobe 4:18, 19) Kgopolo eo e tshwanetse go thusa mongwe le mongwe wa rona go itumelela seabe se re nang le sone mo phuthegong e re leng mo go yone le go nna karolo ya phuthego ya batho ba Modimo ba lefatshe lotlhe. Ka sekai, akanya ka nako ya fa o ne o thusa motho yo o godileng yo o neng a tlhoka thuso, gongwe o mo tshwara ka seatla. Kgotsa o ka tswa o ile wa tshwanelwa ke go fetola lobelo lo o tsamayang ka lone. A go mo thusa e ne e se sengwe se se mosola le se se neng sa dira gore o ikutlwe o itumetse? Ee, fa re thusa ba bangwe, re a itumela ka go bo re kgona go ba tlhokomela mme re nna pelotelele le go feta, lorato lwa rona lo a gola e bile re nna batho ba ba botoka. (Baef. 4:15, 16) Rraarona yo o lorato o itse gore phuthego e e anaanelang maloko otlhe a yone, go sa kgathalesege makoa a bone, e tekatekano e bile e lorato.

6. Ka dinako dingwe Paulo o ne a dirisa jang mafoko “bokoa” le “nonofileng”?

6 Se se kgatlhang ke gore, fa Paulo a kwalela Bakorintha, o ne a dirisa lefoko “bokoa” go bontsha kafa batho ba e neng e se badumedi ba neng ba leba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka teng le kafa ene ka boene a neng a ikutlwa ka teng. (1 Bakor. 1:26, 27; 2:3) Fa Paulo a ne a bua ka batho ba ba “nonofileng” e ne e se go dira gore Bakeresete bangwe ba ikutlwe ba le kwa godimo ga ba bangwe. (Bar. 15:1) Go na le moo, o ne a bolela gore Bakeresete ba ba nang le maitemogelo a a oketsegileng ba tshwanetse go nna pelotelele mo go ba ba neng ba ise ba nitame mo boammaaruring.

A RE TLHOKA GO FETOLA TSELA E RE LEBANG DILO KA YONE?

7. Ke eng se se ka re kgoreletsang go thusa batho ba ba tlhokang thuso?

7 Fa re thusa “motho wa maemo a a kwa tlase” re etsa Jehofa e bile re dira gore a re amogele. (Pes. 41:1; Baef. 5:1) Gone ke boammaaruri gore, fa re sa lebe batho ba ba tlhokang thuso ka tsela e e tshwanetseng, go ka nna ga re kgoreletsa  go ba thusa. Kgotsa fa re sa itse gore re ka reng, re ka nna ra ikutlwa re tlhabiwa ke ditlhong mme ra ikgogona mo bathong ba ba nang le mathata. Cynthia, * kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe a ileng a mo tlogela, a re: “Fa bakaulengwe ba go itlhokomolosa kgotsa ba sa dire se o neng o lebeletse gore ditsala tse o atamalaneng le tsone di se dire, go ka go utlwisa botlhoko. Fa o lebane le diteko, o tlhoka batho gaufi le wena.” Dafide wa bogologolo o ne a itse gore go ntse jang go ikutlwa o tlhokomologilwe.—Pes. 31:12.

8. Ke eng se se tla re thusang gore re nne kutlwelobotlhoko?

8 Gongwe re tla nna kutlwelobotlhoko thata fa re gakologelwa gore bokoa jwa bangwe ba bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba ba rategang bo ile jwa bakiwa ke maemo a a sa itumediseng—botsogo jo bo bokoa, go nna mo lelapeng le le kgaoganeng kgotsa ba lepalepana le go gatelelwa thata mo maikutlong. Le rona re ka nna ra iphitlhela re le mo boemong jo bo ntseng jalo ka letsatsi lengwe. Pele Baiseraele ba ba neng ba humanegile e bile ba le bokoa kwa nageng ya Egepeto ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba gakololwa gore ba se ka ba “kgwaralatsa [dipelo tsa bone]” mo go bomorwarraabone ba ba bogisiwang. Jehofa o ne a lebeletse gore ba tseye batho ba ba humanegileng e le batho ba ba tshwanelwang ke go thusiwa.—Dute. 15:7, 11; Lefi. 25:35-38.

9. Selo sa botlhokwa se re batlang go se dira fa re thusa batho ba ba lebaneng le mathata ke eng? Bontsha.

9 Go na le gore re tshwaye batho diphoso kgotsa re ba belaele, re tshwanetse go gomotsa ka Dikwalo batho ba ba lebaneng le maemo a a sa itumediseng. (Jobe 33:6, 7; Math. 7:1) Ka sekai: Fa mokgweetsi wa sethuthuthu yo o neng a le mo kotsing a fitlha kwa bookelong, a ba kalafi ba tla leka go utlwa gore a ke ene a bakileng kotsi kgotsa nnyaa? Le e seng, ba tla mo naya thuso ya kalafi e a e tlhokang ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, fa modumedi ka rona a ile a koafadiwa ke mathata mangwe a a nnileng le one, selo sa botlhokwa se re batlang go se dira ke go mo thusa semoyeng.—Bala 1 Bathesalonika 5:14.

10. Ke jang batho ba ba ka nnang ba lebega ba le bokoa ba ka tswang e le “bahumi mo tumelong”?

10 Fa re ipha nako go akanya ka maemo a bakaulengwe ba rona ba lebaneng le one, re ka kgona go leba makoa a go lebegang ba na le one ka tsela e sele. Akanya ka bokgaitsadi ba ba ileng ba itshokela go ganediwa ke ba malapa a bone ka dingwaga di le dintsi. Bangwe ba bone ba ka tswa ba lebega e le batho ba ba bokoa, mme gone, a ga ba bontshe gore ba na le tumelo e e tlhomologileng le gore ba nonofile? Fa o bona mmè yo o se nang molekane a tla dipokanong ka metlha le ngwana wa gagwe kgotsa bana ba gagwe, a ga o kgatlhiwe ke tumelo ya gagwe le boikemisetso jwa gagwe? Mme go tweng ka basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba ngaparelang boammaaruri le fa go na le ditlhotlheletso tse di bosula kwa sekolong? Re tshwanetse go lemoga gore batho ba ba ka nnang ba bonala ba le bokoanyana, ba ka tswa e le “bahumi mo tumelong” fela jaaka bangwe ba rona ba ba leng mo maemong a a molemo.—Jak. 2:5.

FETOLA TSELA E O LEBANG DILO KA YONE GORE E TSHWANE LE YA GA JEHOFA

11, 12. (a) Ke eng se se tla re thusang go fetola tsela e re lebang batho ba ba bokoa ka yone? (b) Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Arone ka yone?

11 Re thusiwa gore re fetole tsela e re lebang batho ba ba bokoa ka yone gore e tshwane le ya ga Jehofa, ka go sekaseka tsela e a ileng a tshwara bangwe ba batlhanka ba gagwe ka yone. (Bala Pesalema 130:3.) Ka sekai, fa o ka bo o na le Moshe fa Arone a ne a dira namane ya gouta, o ka bo o ile wa ikutlwa jang ka diipato tsa ga Arone tse di sa utlwaleng? (Ekes. 32:21-24) Kgotsa o ka bo ile wa akanya eng ka boikutlo jwa ga Arone fa kgaitsadie e bong Miriame a mo tlhotlheletsa go latofatsa Moshe ka go nyala mosadi wa moditšhaba? (Dipa. 12:1, 2) O ka bo o ile wa tsiboga jang fa Arone le Moshe ba ne ba palelwa ke go tlotlomatsa Jehofa, ka nako e a neng a ba naya metsi ka tsela ya kgakgamatso kwa Meriba?—Dipa. 20:10-13.

 12 Mo maemong ano otlhe, Jehofa a ka bo a ile a otlhaya Arone ka yone nako eo. Mme o ne a lemoga gore Arone e ne e se motho yo o bosula e bile o ne a se molato go le kalo. Go bonala Arone a ile a letla gore maemo kgotsa go tlhotlhelediwa ke ba bangwe go mo fapose mo tseleng e e siameng. Le fa go ntse jalo, fa a ne a bolelelwa ka diphoso tsa gagwe, o ne a di dumela ka bonako mme a tshegetsa dikatlholo tsa ga Jehofa. (Ekes. 32:26; Dipa. 12:11; 20:23-27) Jehofa o ne a tlhopha go tlhoma mogopolo mo tumelong ya ga Arone le go bo a na le boikutlo jwa go ikwatlhaya. Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Arone le ba losika lwa gagwe ba ne ba sa ntse ba gakologelwa e le batho ba ba boifang Jehofa.—Pes. 115:10-12; 135:19, 20.

13. Re ka sekaseka jang tsela e re lebang go nna bokoa ga batho ka yone?

13 E le gore re fetole tsela e re akanyang ka yone gore e tshwane le ya ga Jehofa, re tshwanetse go sekaseka tsela e re lebang ka yone batho ba ba lebegang ba le bokoa. (1 Sam. 16:7) Ka sekai, re itshwara jang fa mosha wa dingwaga tsa bolesome a sa nne kelotlhoko malebana le boitlosobodutu jo a bo tlhophang kgotsa fa a bontsha boikutlo jwa go sa kgathale? Go na le gore re mo tshwayatshwaye diphoso, ke eng fa re sa akanye ka se re tla se dirang go mo thusa gore a gole semoyeng? Fa re thusa motho yo o tlhokang thuso, re tla nna pelotelele le ene mme tsela e re mo ratang ka yone e tla gola.

14, 15. (a) Jehofa o ne a ikutlwa jang fa Elija a ne a kgobegile marapo ka nakwana? (b) Re ka ithuta eng ka se se diragaletseng Elija?

14 Gape re thusiwa go fetola tsela e re lebang ba bangwe ka yone ka go bapisa tsela e re akanyang ka yone le tsela e Jehofa a ileng a tsibogela ka yone bangwe ba batlhanka ba ba neng ba ngomogile pelo. Elija e ne e le mongwe wa bone. Le fa Elija a ile a nna pelokgale go gwetlha baporofeti ba ga Baale ba le 450, o ne a tshabela Kgosigadi Jesebele fa a utlwa gore o loga leano la go mmolaya. Fa a sena go tsamaya dikilometara di ka nna 150 go ya kwa Beere-sheba,  o ne a tsena kwa teng ga naga. E re ka moporofeti yono a ne a lapisitswe ke loeto lono lo loleele mo letsatsing le le mogote, o ne a nna fa fatshe kafa tlase ga setlhare mme a “kopa gore moya wa gagwe o swe.”—1 Dikg. 18:19; 19:1-4.

Jehofa o ne a akanya ka bokoa jwa ga Elija mme a roma moengele go ya go mo kgothatsa (Bona serapa 14, 15)

15 Jehofa o ne a ikutlwa jang fa a leba go tswa kwa legodimong mme a bona moporofeti wa gagwe yo o ikanyegang a kgobegile marapo? A o ne a tlogela motlhanka wa gagwe ka gonne a ne a gateletswe thata mo maikutlong e bile a kgobegile marapo ka nakwana? Le e seng! Jehofa o ne a akanya ka makoa a ga Elija mme a roma moengele. Moengele o ne a kgothaletsa Elija ka makgetlho a le mabedi gore a je. Ka jalo, loeto lwa gagwe lo lo latelang lo ne lo se kitla lo nna “thata mo go [ene].” (Bala 1 Dikgosi 19:5-8.) Ee, tota le pele ga Jehofa a neela moporofeti wa gagwe ditaelo dipe, o ne a mo reetsa le go tsaya dikgato tse di tshwanelang go mo thusa.

16, 17. Re ka etsa Jehofa jang malebana le tsela e a neng a tlhokomela Elija ka yone?

16 Re ka etsa jang Modimo wa rona yo o amegang? Ga re a tshwanela go itlhaganelela go neela motho kgakololo. (Dia. 18:13) Go ka nna botoka gore re iphe nako pele go bontsha gore re utlwela botlhoko batho ba ba ka tswang ba akanya gore ‘ga ba tlotlege thata’ ka ntlha ya maemo a bone. (1 Bakor. 12:23) Go tswa foo re tla kgona go tsaya kgato e e tshwanelang, go ya ka se tota motho a se tlhokang.

17 Ka sekai, akanya ka Cynthia, yo o umakilweng pelenyana, yo monna wa gagwe a ileng a mo tlogela le bomorwadie ba babedi. Ba ne ba iphitlhela ba le bosi. Basupi bangwe ba ile ba tsiboga jang? O tlhalosa jaana: “Fa re sena go ba leletsa mogala mme re ba itsise se se diragetseng, ba ne ba goroga kwa ntlong ya rona mo metsotsong e le 45. Ba ne ba lela. Ga ba a ka ba re tlogela re le rosi mo malatsing a ntlha a mabedi kgotsa a mararo. E re ka re ne re sa je sentle e bile re ngomogile pelo thata, ba ne ba re tsaya gore re ye go nna le bone, ba bo ba re naya dijo ka nakwana.” Seo se ka tswa se go gopotsa se Jakobe a neng a se bolela: “Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo, le fa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: ‘Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,’ mme lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele wa bone, go na le mosola wa eng? Ka gone, le tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule.” (Jak. 2:15-17) Ka ntlha ya thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi e e tlileng ka nako, Cynthia le bomorwadie ba ne ba kgothatsega mme ba nna babulatsela ba ba thusang dikgwedi di le thataro fela morago kutlobotlhoko e ba nnileng le yone.—2 Bakor. 12:10.

BA LE BANTSI BA SOLEGELWA MOLEMO

18, 19. (a) Re ka thusa jang batho ba ba bokoa ka nakwana? (b) Ke bomang ba ba solegelwang molemo fa re thusa batho ba ba ikutlwang ba le bokoa?

18 O ka tswa o itse gore go ka tsaya nako e telele gore o boe o nne le maatla morago ga bolwetse jo bo koafatsang. Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete yo o ileng a koafadiwa ke mathata kgotsa maemo a a boima thata a ka tswa a tlhoka nako gore a nonofe gape semoyeng. Gone ke boammaaruri gore modumedi ka rona o tla tlhoka go nonotsa tumelo ya gagwe ka boene ka go ithuta a le nosi, go rapela le ka go dira ditiro tse dingwe tsa Bokeresete. Mme a re tla nna pelotelele le ene go fitlha a nonofa gape? Mme ka nako ya fa a ntse a nonofa, a re tla mmontsha lorato re sa kgaotse? A re tla leka go thusa batho ba ba koafetseng ka nakwana go ikutlwa ba anaanelwa le go bona lorato lwa rona lwa Bokeresete?—2 Bakor. 8:8.

19 Le ka motlha re se ka ra lebala gore fa re ntse re tshegetsa bakaulengwe ba rona, re nna le boitumelo jo motho a bo bonang fela fa a aba. Gape re tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go bontsha kutlwelobotlhoko le bopelotelele. Mme ga go felele foo. Phuthego yotlhe e gola mo loratong. Se se botlhokwa le go feta, re etsa Jehofa, yo o tsayang mongwe le mongwe a le botlhokwa. Ee, rotlhe re na le mabaka a a utlwalang a go tsibogela kgothatso ya go “thusa ba ba bokoa.”—Dit. 20:35.

^ ser. 4 Mo bukeng ya gagwe ya The Descent of Man, Charles Darwin o tlhalosa dirwe dingwe tsa mmele e le tse di “se nang mosola.” Mongwe wa babueledi ba gagwe o ne a bolela gore go na le “dikarolo di le dintsintsi” mo mmeleng wa motho tse di sa tlhokegeng, tse di akaretsang appendix le thymus gland.

^ ser. 7 Leina le fetotswe.