Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Go Latlhegelwa ke Rre—Le go Bona Rre yo Mongwe

Go Latlhegelwa ke Rre—Le go Bona Rre yo Mongwe

RRE o ne a tsholelwa kwa Graz, Austria, ka 1899, ka jalo, e ne e le mosha ka nako ya Ntwa Lefatshe ya I. O ne a kwadisediwa sesole sa Jeremane ka bonako morago ga go runya ga Ntwa ya Lefatshe ya II ka 1939. O ne a bolawa ka 1943 fa ba ntse ba le mo ntweng kwa Russia. Ka maswabi, ke ne ka swelwa ke rre jalo ke le dingwaga di le pedi fela. Ga ke ise ke ko ke nne le tshono ya go mo itse mme ke ne ke eletsa thata go nna le rre, segolobogolo fa ke ne ke lemoga gore bontsi jwa basimane kwa sekolong ba na le borraabone. Moragonyana fa ke ne ke le mosha, ke ne ka gomodiwa ke go ithuta ka Rraarona yo o kwa legodimong, Rre yo mogolo yo o sa sweng.—Hab. 1:12.

MAITEMOGELO A ME FA KE NE KE LE MOSIMANE WA LESUPATSELA

Fa e sa le lekawana

Fa ke ne ke le dingwaga di le supa, ke ne ka nna leloko la mokgatlho wa basha wa Basimane ba Masupatsela. Basimane ba Masupatsela ke mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o tlhomilweng ka 1908 kwa Great Britain ke mojenerale wa lefotenente wa sesole sa kwa Boritane, e bong Robert Stephenson Smyth Baden-Powell. Ka 1916 o ne a tlhoma mokgatlho wa Wolf Cubs (kgotsa Cub Scouts) e leng setlhopha sa basimane ba babotlana ba ba neng ba lekana le nna.

Ke ne ke itumelela maeto a rona a go kampa ka mafelobeke mo nageng—re robala mo ditenteng, re apara diaparo tse di tshwanang re bo re gwanta re latela modumo wa meropa. Ke ne ke itumelela thata go fetsa nako le Masupatsela a mangwe, fa re opela re orile molelo maitseboa le fa re tshameka metshameko kwa sekgweng. Gape re ne ra ithuta go le gontsi ka tlhago, mme seo se ne sa dira gore ke anaanele tiro e ntle ya Mmopi wa rona.

Basimane ba Masupatsela ba kgothalediwa gore ba dire sengwe se se molemo letsatsi le letsatsi. Ke moano wa bone o o tlwaelegileng. Re ne re dumedisana ka mafoko a a reng “Ke Nna ke Iketleeditse.” Seno se ne se nkgatlha. Mo mophatong wa rona wa basimane ba ba fetang lekgolo, mo e ka nnang halofo ya bone e ne e le Bakatoliki, halofo e nngwe e ne e le Baporotesetanta mme a le mongwe e ne e le Mobuda.

Fa e sale ka 1920, dikokoano tsa lefatshe lotlhe tsa Masupatsela di ntse di tshwarwa gangwe le gape morago ga dingwaga di le mmalwa. Ke ne ka nna teng kwa Kokoanong ya bosupa ya Lefatshe Lotlhe ya Masupatsela kwa Bad Ischl, Austria, e e neng ya tshwarwa ka Phatwe 1951, le kwa Kokoanong ya borobongwe ya Lefatshe Lotlhe ya Masupatsela kwa Sutton Park, gaufi le Birmingham, kwa Engelane ka Phatwe 1957. Mo lekgetlhong leno la bofelo, go ne go na le Masupatsela a ka nna 33 000 go tswa kwa dinageng le kwa mafelong a le 85. Mme gape, re ne ra etelwa ke batho ba ka nna 750 000 kwa kokoanong eno, go akaretsa le Kgosigadi Elizabeth wa kwa Engelane. Ke ne ke ikutlwa ke le karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Ke ne ke sa itse gore go ise go ye kae ke tla bo ke kopanela le bokaulengwe jo bo kgatlhang le go feta—jwa semoya.

GO KOPANA LE MOSUPI WA GA JEHOFA KA LEKGETLHO LA NTLHA

Rudi Tschiggerl, yo tiro ya gagwe e neng e le go baka, e ne e le motho wa ntlha yo o neng a nthuta Baebele

Ka dikgakologo tsa 1958, ke ne ke tla tloga ke fetsa go ithutela tiro ya go nna weitara kwa Grand Hotel Wiesler ya kwa Graz, kwa Austria. Fa ke le koo, Rudolf  Tschiggerl, modirimmogo yo o neng a dira tiro ya go baka, o ne a bua le nna ka Baebele fa re le kwa tirong. Ke ne ke ise ke ko ke utlwe sepe ka boammaaruri. O ne a simolola go bua ka thuto ya Tharonngwe mme a mpolelela gore ga se thuto ya Baebele. Ke ne ka buelela Tharonngwe ke batla go mmontsha gore se a se buang ga se boammaaruri. Ke ne ke rata modirimmogo yono mme ke ne ke ikaeletse go mo tlhotlheletsa gore a boele Kerekeng ya Katoliki.

Rudolf, yo re neng re mmitsa Rudi, o ne a ntlela Baebele. Ke ne ka gatelela gore e tshwanetse go nna thanolo ya Katoliki. Ke ne ka simolola go e bala mme go ise go ye kae ka bona gore mo Baebeleng eo Rudi o ne a tsentse pampitshana nngwe e e neng e gatisitswe ke Mokgatlho wa Watchtower. Ke ne ke sa e batle ka gonne ke akanya gore dikgatiso tse di ntseng jalo di tshwanetse tsa bo di kwadilwe ka tsela e e lebegang e siame mme gongwe go sa nna jalo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke iketleeleditse go tlotla le ene ka Baebele. Rudi o ne a bontsha temogo mme a se ka a tlhola a nnaya dikgatiso dipe. Mo e ka nnang ka dikgwedi di le tharo, gangwe le gape re ne re nna le metlotlo ya Baebele e gantsi e neng e fela bosigo.

Fa ke sena go fetsa go ithutela tiro kwa hoteleng ya kwa toropong ya gaetsho ya kwa Graz, mmè o ne a ntuelela gore ke tsweletse dithuto tsa me kwa sekolong sengwe sa botsamaisi jwa dihotele. Ka jalo, ke ne ka fudugela kwa Bad Hofgastein, toropo nngwe e e mo mokgatsheng o o mo dithabeng tsa Alps, kwa sekolo seo se neng se le gone. Se ne se dirisana le Grand Hotel e e kwa Bad Hofgastein, mme ka dinako tse dingwe ke ne ke bereka koo gore ke nne le maitemogelo a a fetang se ke se ithutang mo tlelaseng.

FA KE NE KE ETELWA KE BOKGAITSADI BA BABEDI BA BARONGWA

Ilse Unterdörfer le Elfriede Löhr ba ne ba simolola go ithuta Baebele le nna ka 1958

Rudi o ne a rometse aterese ya me e ntšha kwa ofising ya lekala ya kwa Vienna, mme lekala lone la e naya bokgaitsadi ba babedi ba barongwa e bong Ilse Unterdörfer le Elfriede Löhr. * Letsatsi lengwe motho yo o amogelang baeng kwa hoteleng o ne a mpitsa mme a mpolelela gore go na le basadi ba babedi kwa ntle mo koloing ba ba batlang go bua le nna. Ke ne ke gakgametse ka gonne ke ne ke sa itse sepe ka bone. Mme ke ne ka tswa go ya go bona gore ke bomang. Moragonyana, ke ne ka utlwa gore ba ne ba tsamaisa poso ya Basupi kwa Jeremane ya Bonasi ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe pele ga Ntwa ya Lefatshe ya II. Tota le pele ga ntwa e simolola, ba ne ba tshwarwa ke mapodise a sephiri a kwa Jeremane (Gestapo) mme ba romelwa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Lichtenburg. Ka jalo, ka nako ya ntwa, ba ne ba isiwa kwa kampeng ya kwa Ravensbrück, gaufi le Berlin.

Bokgaitsadi bano ba ne ba lekana le mmè ka dingwaga, ka jalo ke ne ke ba tlotla. Ke gone ka moo ke neng ke sa batle go ba senyetsa nako ka go nna le metlotlo le bone mme gongwe morago ga dibeke kgotsa dikgwedi tse di rileng ke bo ke tshwanelwa ke go ba bolelela gore ga ke tlhole ke batla go tswelela. Ka jalo, ke ne ka ba kopa gore ba ntlisetse fela lenaane la ditemana tse di buang ka thuto ya Katoliki ya tatelano ya baaposetoloi. Ke ne ka ba bolelela gore ke tla isa lenaane leo kwa moruting mme ke bo ke tlotla le ene ka lone. Ke ne ke akanya gore fa ke dira jalo ke gone ke tla bonang gore boammaaruri ke bofe.

GO ITHUTA KA RRE WA BOAMMAARURI YO O BOITSHEPO YO O KWA LEGODIMONG

Thuto ya kereke ya Katoliki ya Roma ya tatelano ya baaposetoloi e tlhalosa gore go na le lenaane le leleele la  tatelano ya bomopapa e e simolotseng ka moaposetoloi Petere. (Kereke e sokamisa mafoko a ga Jesu a a nopotsweng mo go Mathaio 16:18, 19.) Mme e bile tumelo ya Katoliki e bolela gore mopapa a ka se ka a dira phoso mo dikgannyeng tsa dithuto fa a bua a le mo seemong sa ex cathedra, ke gore a dirisa maemo a gagwe a go nna mopapa. Ke ne ke dumela seno mme ke akanya gore fa e le gore mopapa, yo Bakatoliki ba reng ke Rara yo o Boitshepo, a ka se ka a dira diphoso fa go tla mo kgannyeng ya dithuto tsa kereke, a bolela gore thuto ya Tharonngwe e boammaaruri, go raya gore tota e boammaaruri. Mme fa e le gore o kgona go dira diphoso, go raya gore thuto eo e ka tswa e le ya maaka. Ga go gakgamatse go bo Bakatoliki ba le bantsi ba tsaya thuto ya tatelano ya baaposetoloi e le thuto e e botlhokwa thata ka gonne dithuto tse dingwe tsa Katoliki di ikaegile ka yone gore a di boammaaruri kgotsa nnyaa!

Fa ke etela moruti, ga a ka a kgona go araba dipotso tsa me, go na le moo, o ne a ntsha buka nngwe ya dithuto tsa Katoliki e e buang ka tatelano ya baaposetoloi mo shelofong ya gagwe ya dibuka. Ke ne ka tsamaya ka yone jaaka a ne a akantsha ka ba ka e bala, mme ke ne ka boa ke na le dipotso tse dingwe gape. Kwa bofelong, e re ka moruti a ne a sa kgone go araba dipotso tsa me, o ne a re: “Ga ke kgone go go tlhatswa pelo mme le wena o ka se kgone go ntlhatswa pelo. . . . Ke go eleletsa tsotlhe tse di molemo!” O ne a sa tlhole a batla go tlotla le nna.

Ka nako eo, ke ne ke siametse go ithuta Baebele le Ilse le Elfriede. Ba ne ba nthuta go le gontsi ka Rre wa boammaaruri yo o Boitshepo yo o kwa legodimong, e bong Jehofa Modimo. (Joh. 17:11) Ka nako eo go ne go ise go nne le phuthego mo lefelong leo, ka jalo, bokgaitsadi ba babedi bao ba ne ba tshwara dithuto mo legaeng la lelapa lengwe le le kgatlhegang. Go ne go tla batho ba le mmalwa fela. Bokgaitsadi bano ba babedi ba ne ba refosana go tlhalosa bontsi jwa tshedimosetso ya kwa dipokanong ka gonne go ne go se na mokaulengwe yo o kolobeditsweng yo o ka etelelang pele. Ka dinako dingwe go ne go hirwa lefelo mme go tle mokaulengwe mongwe yo o tswang kwa lefelong le lengwe a tla go neela puo ya phatlalatsa.

GO SIMOLOLA TIRO YA BODIREDI

Ilse le Elfriede ba ne ba simolola go ithuta Baebele le nna ka Diphalane 1958, mme ke ne ka kolobediwa dikgwedi di le tharo morago ga foo ka Ferikgong 1959. Pele ga ke kolobediwa, ke ne ka ba botsa gore a nka tsamaya le bone mo tirong ya ntlo le ntlo gore ke bone fela gore tiro ya go rera e dirwa jang. (Dit. 20:20) Fa ke sena go tsamaya le bone ka lekgetlho la ntlha, ke ne ka ba botsa gore a nka nna le tshimo e nka e berekang. Ba ne ba nkabela motsana mongwe mme ke ne ke ya go rera koo ke le nosi ke dira tiro ya ntlo le ntlo le go dira maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegang. Mokaulengwe wa ntlha yo ke neng ka tsamaya le ene mo tirong ya ntlo le ntlo e ne e le molebedi wa potologo yo o neng a re etela moragonyana.

Ka 1960, fa ke sena go fetsa dithuto tsa me kwa hoteleng, ke ne ka boela kwa toropong ya gaetsho go ya go leka go thusa ba losika go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Go fitlha le gone jaanong, ga go na ope wa bone yo o ileng a amogela boammaaruri le fa go ntse jalo ba bangwe ba bontsha kgatlhegonyana.

BOTSHELO JWA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bo20

Ka 1961, go ne ga balwa makwalo mo diphuthegong, a tswa kwa ofising ya lekala, mme a re kgothaletsa go tsenela tirelo ya bobulatsela. Ke ne ke sa nyala e bile ke na le botsogo jo bo siameng, ka jalo, ke ne ka akanya gore ga ke na seipato sepe sa gore ke se ka ka nna mmulatsela. Ke ne ka bua le molebedi wa potologo e bong Kurt Kuhn, ke mmotsa gore o akanyang ka gore ke dire tiro ya boitshediso ka dikgwedi tse dingwe di le mmalwa gore ke kgone go reka koloi e e tla nthusang go nna mmulatsela. O ne a reng? “A Jesu le baaposetoloi ba ne ba tlhoka koloi gore ba nne mo tirelong ya nako e e tletseng?” Seo se ne sa mpula matlho! Ke ne ka dira dithulaganyo tsa go simolola go nna mmulatsela ka bonako ka mo go ka kgonegang ka teng. Mme e re ka ke ne ke bereka diura di le 72 beke nngwe le nngwe mo  resetšhurenteng ya hotele, ke ne ka tlhoka go dira diphetogo dingwe pele.

Ke ne ka botsa mothapi wa me gore a nka bereka diura di le 60 fela. O ne a dumela mme a ntse a ntuela madi a a tshwanang. Nakwana morago ga foo, ke ne ka mo kopa gore a nka bereka diura di le 48 fela ka beke. O ne a dumela gape mme a ntse a ntuela madi a a tshwanang. Morago ga foo ke ne ka kopa gore ke letlelelwe go bereka diura di le 36 fela ka beke kgotsa diura di le 6 ka malatsi a le 6 mme o ne a dumela le seo. Se se gakgamatsang ke gore, ke ne ke sa ntse ke duelwa madi a a tshwanang! Go ne go lebega e kete mothapi wa me o ne a sa batle gore ke tsamaye. Thulaganyo eo e ne ya dira gore ke kgone go simolola go nna mmulatsela wa ka metlha. Ka nako eo, babulatsela ba ne ba tshwanetse go bereka diura di le 100 ka kgwedi.

Dikgwedi di le nnè moragonyana, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng le go nna motlhanka wa phuthego mo phuthegong e nnye kwa porofenseng ya Carinthia, kwa toropong ya Spittal an der Drau. Mo metlheng eo, babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba tshwanetse go bereka diura di le 150 ka kgwedi. E ne e le nna fela mmulatsela, mme ke ne ke anaanela go tshegediwa mo bodireding ke kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Gertrude Lobner, yo e neng e le mothusi wa motlhanka wa phuthego. *

GO NEWA DIKABELO TSE DISHA

Ka 1963, ke ne ka kopiwa go dira tiro ya potologo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tsamaya ka terena go tswa kwa phuthegong e nngwe go ya go e nngwe, ke tshwere disutukeisi tse di boima. Bakaulengwe ba bantsi ba ne ba se na dikoloi, ka jalo, go ne go se na ope yo o neng a kgona go tla go ntsaya kwa seteisheneng sa terena. E re ka ke ne ke sa batle go dira mponeng, ke ne ke sa tsamaye ka thekisi go ya kwa legaeng le ke neng ke gorogetse kwa go lone, ka jalo ke ne ke tsamaya ka dinao.

Ka 1965, ke sa ntse ke sa nyala, ke ne ka lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo41 ya Sekolo sa Gileade. Bontsi jwa batho ba ke neng ke na le bone mo tlelaseng le bone ba ne ba se mo lenyalong. Ke ne ka gakgamala fa ka nako ya fa ke aloga ke ne ke abelwa gape kwa nageng ya gaetsho kwa Austria gore ke ye go tswelela pele ka tiro ya potologo. Le fa go ntse jalo, pele ga ke tsamaya kwa United States, ke ne ka kopiwa gore ke tsamaye le molebedi wa potologo ka dibeke di le nnè. Ke ne ka itumelela thata go bereka le Anthony Conte, mokaulengwe yo o lorato yo le ene a neng a rata tirelo ya tshimo mme a atlega thata mo go yone. Re ne ra dira mmogo kwa karolong e e kwa bokone ya New York kwa motseng wa Cornwall.

Ka letsatsi la rona la lenyalo

Fa ke boela kwa Austria, ke ne ka abelwa potologo nngwe kwa ke neng ka kopana le Tove Merete, kgaitsadi mongwe yo montle o o sa nyalwang. O ne a godisitswe mo boammaaruri go tloga a le dingwaga di le tlhano. Fa bakaulengwe ba re botsa gore re kopane jang, re a tle re dire motlae re re: “Ofisi ya lekala e ile ya rulaganya gore re kopane.” Re ne ra nyalana ngwaga morago ga foo, ka Moranang 1967, mme re ne ra letlelelwa go tswelela re direla mmogo mo tirong ya go eta.

Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka lemoga gore Jehofa o mpontshitse bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang mme a nkamogela jaaka morwawe wa semoya. Kamano ya me e e kgethegileng e ne ya simolola ka tsela eo le Rre yo o kwa legodimong mmogo le botlhe ba go ya ka Baroma 8:15, ‘ba goang ba re: “Aba, Rara!”’

Nna le Merete re ne ra tswelela re direla mmogo mo tirong ya potologo le ya kgaolo go fitlha ka 1976. Ka dinako tse dingwe fa e le mariga re ne re tshwanelwa ke go robala mo dikamoreng tse di tsididi thata tse di se nang sethuthafatsi. Ka lekgetlho lengwe fa re tsoga, re  ne ra fitlhela gore karolo e e kwa godimo ya kobo ya rona e ne e omeletse e bile e le tshweu ka gonne mohemo wa rona o ne o gatsetse mo go yone! Kgabagare re ne ra swetsa ka gore re tsamaye ka hitara e nnye ya motlakase gore go se ka ga nna tsididi thata bosigo. Mo mafelong mangwe, gore re dirise ntlwana bosigo, re ne re tlhoka go tsamaya mo kapokong go ya kwa ntlwaneng e e kwa ntle, e gantsi e neng e na le moya o o tsididi thata. Mme e bile re ne re se na folete e re neng re ka nna kwa go yone, ka jalo, gantsi ka boMantaga re ne re nna mo go lone legae le re neng re le kwa go lone mo bekeng e e fetileng. Mme ka boLabobedi mo mosong re ne re ya kwa phuthegong e e latelang.

Ke itumelela go umaka gore go ralala dingwaga, mosadi wa me yo o rategang o ntse a ntshegetsa thata. O rata bodiredi jwa tshimo thata mme ga ke ise ke ko ke tshwanelwe ke go mo kgothatsa gore a ye tshimong. Mme gape o rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong e bile o amega thata ka ba bangwe. Seno se nthusitse thata.

Ka 1976 re ne ra lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Austria kwa Vienna mme ke ne ka tlhomiwa go nna leloko la Komiti ya Lekala. Ka nako eo, lekala la kwa Austria le ne le okamela tiro e e dirwang mo dinageng di le mmalwa tsa kwa Yuropa Botlhaba e bile le ne le rulaganya gore dikgatiso di isiwe kwa dinageng tseo. Mokaulengwe Jürgen Rundel e ne e le ene a etelelang tiro eno pele, e le motho yo o tsayang kgato ka bonako. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go bereka le ene mme moragonyana ke ne ka kopiwa go okamela tiro ya go ranolela mo dipuong di le lesome tsa kwa Yuropa Botlhaba. Jürgen le mosadi wa gagwe e bong Gertrude e sa ntse e e le babulatsela ba ba kgethegileng ba ba ikanyegang kwa Jeremane. Go simologa ka 1978, lekala la kwa Austria le ne la dirisa motšhine wa phototypeset go gatisa dimakasine ka dipuo di le thataro. Gape re ne re romela dipeeletso kwa dinageng tse di farologaneng tse di neng di kopa gore di di romelelwe. Otto Kuglitsch, yo gone jaanong a direlang le mosadi wa gagwe kwa ofising ya lekala ya kwa Jeremane, e ne e le ene a etelelang ditiro tseno pele.

Kwa Austria, ke ne ka kgona go rera ka ditsela tse di farologaneng, go akaretsa le go dira bodiredi jwa mmila

Gape bakaulengwe ba kwa Yuropa Botlhaba ba ne ba gatisa dikgatiso kwa dinageng tsa bone ba dirisa metšhini e e dirang dikhopi kgotsa ba gatisa dikgatiso ba dirisa filimi. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhoka tshegetso go tswa kwa mafelong a a ka kwa ntle ga dinaga tsa bone. Jehofa o ne a sireletsa tiro eno mme rona ba re neng re le kwa lekaleng re ne re rata bakaulengwe bano, ba ba neng ba dira ka fa tlase ga maemo a a thata ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe ka dingwaga di le dintsi.

KETELO E E KGETHEGILENG KWA ROMANIA

Ka 1989, ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsamaya le Mokaulengwe Theodore Jaracz, leloko la Setlhopha se  se Laolang, go ya kwa Romania. Boikaelelo e ne e le go ya go thusa setlhopha sengwe se segolo sa bakaulengwe gore se boe se kopanele le phuthego. Go simolola ka 1949, ba ne ba kgaogane le phuthego ka ntlha ya mabaka a a farologaneng mme ba itlhomela diphuthego tsa bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba rera le go kolobetsa batho. Gape ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete fela jaaka bakaulengwe ba e neng e le karolo ya phuthego e e amogelwang ke ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Tiro e ne e sa ntse e thibetswe kwa Romania, ka jalo, re ne re kopana mo sephiring kwa ntlong ya ga Mokaulengwe Pamfil Albu, mmogo le bagolwane ba le banè ba ba neng ba etelela tiro pele le baemedi ba Komiti ya Naga ya Romania e e neng e amogelwa ke mokgatlho. Gape re ne ra tsamaya le moranodi go tswa kwa Austria, e bong Rolf Kellner.

Mo bosigong jwa bobedi jwa motlotlo wa rona, Mokaulengwe Albu o ne a tlhotlheletsa bagolwane mmogo le ene ba le banè gore ba kopanele le rona fa a ne a re: “Fa re sa go dire gone jaanong, gongwe re ka se nne le tshono e nngwe gape.” Ka jalo, mo e ka nnang bakaulengwe ba le 5 000 ba ne ba kopanngwa le phuthego. Ruri e ne ya nna phenyo mo go Jehofa mme ya nna tatlhegelo mo go Satane!

Go ya kwa bofelong jwa 1989, pele ga go wa ga Bokomonisi kwa Yuropa Botlhaba, Setlhopha se se Laolang se ne sa laletsa nna le mosadi wa me go fudugela kwa ntlokgolong kwa New York. E ne e le sengwe se re neng re sa se lebelela gotlhelele. Re ne ra simolola tirelo ya rona kwa Bethele ya kwa Brooklyn ka Phukwi 1990. Ka 1992, ke ne ka tlhomiwa go nna mothusi mo Komiting ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang mme go tloga ka Phukwi 1994, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna mo Setlhopheng se se Laolang.

GO AKANYA KA DILO TSE DI FETILENG LE GO LEBELELA PELE MO ISAGWENG

Ke na le mosadi wa me kwa Brooklyn, New York

Nako ya fa ke ne ke le weitara mo hoteleng ga e bolo go fela. Gone jaanong ke na le tshiamelo ya go nna le seabe mo go baakanyetseng le mo go abeleng bakaulengwe ba lefatshe lotlhe dijo tsa semoya. (Math. 24:45-47) Fa ke akanya ka dingwaga tse di fetang 50 tsa tirelo ya nako e e tletseng, ke anaanela thata tsela e Jehofa a segofaditseng ka yone bokaulengweng jwa rona jwa lefatshe lotlhe e bile ke a e itumelela. Ke rata go ya kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba, tse kwa go tsone go gatelelwang gore re ithute ka Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa le ka boammaaruri jwa Baebele.

Ke rapela gore batho ba bangwe gape ba le dimilionemilione ba ithute Baebele, ba amogele boammaaruri mme ba direle Jehofa mmogo le bakaulengwe ba Bakeresete ba ba mo lefatsheng lotlhe. (1 Pet. 2:17) Gape ke lebeletse pele go bona tsogo ya baswi mo lefatsheng ke le kwa legodimong le gore kgabagare ke bone rre a tsosiwa. Ke solofela gore rre, mmè le ba bangwe ba losika ba ba rategang, botlhe ba tla batla go obamela Jehofa mo Paradaiseng.

Ke lebeletse pele go bona tsogo ya baswi mo lefatsheng ke le kwa legodimong le gore kgabagare ke bone rre a tsosiwa

^ ser. 15 Bona kgang ya bone ya botshelo mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 1979, ka Seesemane.

^ ser. 27 Gone jaanong, mo boemong jwa motlhanka wa phuthego le mothusi wa motlhanka wa phuthego, setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane se na le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane le mokwaledi.