Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Amogela ‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’?

A o Amogela ‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’?

RE TSHELA mo nakong e e thata tota mo hisitoring ya batho. (2 Tim. 3:1-5) Letsatsi le letsatsi lorato lo re ratang Jehofa ka lone le go ikemisetsa ga rona go tshela ka melao ya gagwe e e siameng, di a lekiwa. Jesu o ne a bonela pele nako eno e e thata mme a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore ba tla newa kgothatso e ba e tlhokang gore ba kgone go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. (Math. 24:3, 13; 28:20) O ne a tlhoma motlhanka yo o boikanyego gore a ba abele ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng,’ gore a ba nonotshe.—Math. 24:45, 46.

Fa e sa le motlhanka yo o boikanyego a tlhomiwa ka 1919, dimilione tsa “ba ntlo” ba dipuo tsotlhe ba ile ba phuthelwa mo phuthegong ya Modimo mme ba fepiwa ka dijo tsa semoya. (Math. 24:14; Tshen. 22:17) Le fa go ntse jalo, dikgatiso tseo ga di teng ka dipuo tsotlhe e bile ga se batho botlhe ba ba nang le didirisiwa tsa eleketeroniki go bona dikgatiso tseno. Ka sekai, batho ba le bantsi ga ba ise ba bone dibidio le dikgatiso tse di leng gone fela mo jw.org. A seo se raya gore bangwe ga ba bone dijo tse ba di tlhokang gore ba nne ba itekanetseng semoyeng? Go bona karabo e e siameng, sekaseka dikarabo tsa dipotso tse nnè tsa botlhokwa.

 1. Ke sedirisiwa sefe sa konokono se Jehofa a se dirisang mo dijong tse a re nayang tsone?

Fa Satane a ne a raela Jesu gore a fetole maje go nna senkgwe, Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Math. 4:3, 4) Mafoko a ga Jehofa a kwadilwe mo Baebeleng. (2 Pet. 1:20, 21) Ka jalo, Baebele ke sone sedirisiwa sa konokono se se dirisiwang mo dijong tsa rona tsa semoya.—2 Tim. 3:16, 17.

Phuthego ya ga Jehofa e dirile gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e nne gone e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone ka dipuo tse di fetang 120, mme ngwaga le ngwaga e ranolwa ka dipuo tse dingwe di le dintsi. Gape go na le dikhopi di le dibilione tsa dithanolo tse dingwe tsa Baebele ka dipuo di le diketekete mme di teng di feletse kgotsa bontlhanngwe jwa tsone. Seno se tsamaisana le boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Mme e re ka ‘go se na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya ga Jehofa,’ re ka tlhomamisega gore o tla gogela mo phuthegong ya gagwe batho ba ba “tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” mme a ba abele dijo tsa semoya.—Baheb. 4:13; Math. 5:3, 6; Joh. 6:44; 10:14.

2. Dikgatiso tsa rona di thusa jang mo go abiweng ga dijo tsa semoya?

Gore motho a nne le tumelo e e nonofileng, ga a tlhoke go bala Baebele fela. O tshwanetse go tlhaloganya se a se balang le go se dirisa. (Jak. 1:22-25) Moopafadiwa wa Moethiopia wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a tlhaloganya seno. O ne a bala Lefoko la Modimo fa moefangele Filipo a ne a mmotsa jaana: “A tota o itse se o se balang?” Moopafadiwa o ne a araba a re: “Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” (Dit. 8:26-31) Filipo o ne a tsibogela seo ka go thusa moopafadiwa go nna le kitso ya boammaaruri ka Lefoko la Modimo. Moopafadiwa o ne a anaanela thata se a se ithutileng mo a ileng a kolobediwa. (Dit. 8:32-38) Ka tsela e e tshwanang, dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di re thusitse go tlhaloganya boammaaruri. Di re amile maikutlo mme tsa re tlhotlheletsa gore re dirise se re se ithutang.—Bakol. 1:9, 10.

Jehofa o dirisa dikgatiso tseno go naya batlhanka ba gagwe dijo le dino tse dintsi tsa semoya. (Isa. 65:13) Ka sekai, makasine wa Tora ya Tebelo o o leng teng ka dipuo tse di fetang 210, o tlhalosa boporofeti jwa Baebele, o re thusa go tlhaloganya botoka dilo tse di boteng tsa dithuto tsa semoya e bile o re tlhotlheletsa go tshela ka melaometheo ya Baebele. Makasine wa Tsogang! o o leng teng ka dipuo di ka nna 100, o re thusa go itse go le gontsi ka popo ya ga Jehofa e bile o re bontsha kafa re ka dirisang kgakololo ya Baebele e e mosola ka teng. (Dia. 3:21-23; Bar. 1:20) Motlhanka yo o boikanyego o re naya tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng ka dipuo tse di fetang 680. A o ipha nako ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi? A o bala makasine mongwe le mongwe o mosha le dikgatiso tsotlhe tse dingwe tse disha tse di nnang teng ka puo ya gago ngwaga le ngwaga?

Kwantle ga dikgatiso tseo, phuthego ya ga Jehofa gape e baakanyetsa diaotlelaene tsa dipuo tse di tla neelwang kwa dipokanong tsa rona, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. A o itumelela dipuo, diterama, dipontsho le dipotsolotso tse di nnang teng kwa dikokoanong tseo? Ruri Jehofa o re direla mokete wa semoya!—Isa. 25:6.

 3. Fa dikgatiso tseo tsotlhe di seyo ka puo ya gago, a o tla bolawa ke tlala ya semoya?

Karabo ke nnyaa. Mme ga go a tshwanela go re gakgamatsa gore ka dinako dingwe batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ka nna ba bona dijo tse di oketsegileng tsa semoya go gaisa ba bangwe. Ka ntlha yang? Akanya ka baaposetoloi. Ba ne ba amogela ditaelo tse di oketsegileng go gaisa barutwa ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Mar. 4:10; 9:35-37) Le fa go ntse jalo, barutwa ba bangwe ba ne ba sa bolawe ke tlala ya semoya; ba ne ba amogela se ba se tlhokang.—Baef. 4:20-24; 1 Pet. 1:8.

Gape go botlhokwa go ela tlhoko gore dilo tse Jesu a neng a di bua fa a ne a le mo lefatsheng ga di a kwalwa tsotlhe mo dipegong tsa Diefangele. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Tota e bile, go na le dilo tse dingwe tse dintsi gape tse Jesu a di dirileng, tse, fa go ne go diregile gore dintlha tsotlhetsotlhe tsa tsone di kwalwe ka botlalo, ke tsaya gore, lefatshe ka bolone le ne le ka se ka la tshola dikwalo tsa momeno tse di kwadilweng.” (Joh. 21:25) Le fa gone balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le tshedimosetso e e oketsegileng ka monna yo o itekanetseng e bong Jesu go re feta, re filwe tshedimosetso e e lekaneng. Jehofa o ile a tlhomamisa gore re itse mo go lekaneng ka Jesu gore re kgone go latela dikgato tsa gagwe.—1 Pet. 2:21.

Akanya gape ka makwalo a baaposetoloi ba neng ba a romela kwa diphuthegong tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. Go na le lekwalo le le lengwe le Paulo a le kwadileng le le seyong mo Baebeleng. (Bakol. 4:16) A dijo tsa rona tsa semoya di a tlhaela ka go bo re se na lekwalo leo? Nnyaa. Jehofa o itse se re se tlhokang mme o re neile mo go lekaneng gore re nne re nonofile semoyeng.—Math. 6:8.

Jehofa o itse se re se tlhokang mme o re neile mo go lekaneng gore re nne re nonofile semoyeng

Gompieno, bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba kgona go bona dijo tsa semoya tse di oketsegileng go feta ba bangwe. A o bua puo e go nang le dikgatiso di le mmalwa fela ka yone? Fa go le jalo, itse gore Jehofa o amega ka wena. Bala tshedimosetso e o nang le yone, ya kwa dipokanong tse di tshwarwang ka puo e o e tlhaloganyang. Mme tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa gore o nne o nonofile semoyeng.—Pes. 1:2; Baheb. 10:24, 25.

4. Fa e le gore ga o kgone go bala tshedimosetso e e mo jw.org, a o tla koafala semoyeng?

Mo Web site ya rona, go na le dikhopi tsa dimakasine le dikgatiso tse dingwe tsa Baebele. Gape Web site eno e na le tshedimosetso e e thusang banyalani, basha le batho ba ba nang le bana ba bannye. Malapa a solegelwa molemo ke go sekaseka tshedimosetso eno ka nako ya bone ya Kobamelo ya Lelapa. Mo godimo ga moo, Web site ya rona e na le dipego tsa dithulaganyo tse di kgethegileng, tse di jaaka kalogo ya sekolo sa Gileade, pokano ya ngwaga le ngwaga e bile e itsise bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe ka masetlapelo a tlholego le ka dikgang tsa semolao tse di amang batho ba ga Jehofa. (1 Pet. 5:8, 9) Gape Web site eno ke sedirisiwa se se maatla sa go rera, e itsise dikgang tse di molemo le kwa dinageng tse tiro ya rona e sa dirweng ka kgololesego kgotsa e thibetsweng gone.

Le fa go ntse jalo, o ka kgona go nna o nonofile semoyeng le fa o ka tswa o kgona go tsena mo Web site ya rona kgotsa o sa kgone. Setlhopha sa motlhanka se dirile ka natla gore go nne le tshedimosetso e e lekaneng e e gatisitsweng go thusa ba ntlo gore ba nne ba fepilwe sentle semoyeng. Ka jalo, ga o a tshwanela go ikutlwa o patelesega go reka sedirisiwa se o ka se dirisang go tsena mo jw.org. Bangwe ba ka nna ba itirela dithulaganyo tsa gore ba printe tshedimosetso e e rileng e e mo go Web site ya rona mme ba bo ba e naya batho ba ba se nang Internet, mme diphuthego ga di tlhoke go dira jalo.

Re itumela go bo Jesu a ile a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang semoyeng. E re ka metlha eno e e thata e ntse e ya bofelong ka bonako, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela a re naya ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’