Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Boa Mme o Nonotshe Bakaulengwe ba Gago’

‘Boa Mme o Nonotshe Bakaulengwe ba Gago’

PETERE o ne a lela botlhoko fa a sena go itatola gore o itse Jesu. Le fa moaposetoloi yono a ne a tshwanelwa ke go kgaratlha gore a boe a nonofe semoyeng, Jesu o ne a batla go mo dirisa gape gore a thuse ba bangwe. Ka jalo, Jesu o ne a mo raya a re: “Fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32, 54-62) Petere o ne a nna nngwe ya dipilara tsa phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. (Bagal. 2:9) Ka tsela e e tshwanang, monna yo o kileng a nna mogolwane a ka tswa a ka kgona go rwala boikarabelo joo gape mme a itumelele go nonotsha badumedi ka ene semoyeng.

Bakaulengwe bangwe ba ba kileng ba nna balebedi ba ile ba tseelwa ditshiamelo mme seo se ka tswa se ile sa dira gore ba ikutlwe ba kgobegile marapo. Julio * yo e kileng ya bo e le mogolwane ka dingwaga di le 20 kwa Amerika Borwa, o ne a re: “Go baakanyetsa dipuo, go etela bakaulengwe le go dira maeto a bodisa mo phuthegong e ne e le dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa me! Ka tshoganyetso fela dilo tseo di ile tsa fela mme ka sala ke se na sepe se ke se dirang. Boammaaruri ke gore eno e ne e le nako e e boima thata.” Gompieno, Julio ke mogolwane gape.

“GO TSEYENG E LE BOIPELO FELA”

Morutwa Jakobe o ne a re: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng.” (Jak. 1:2) Jakobe o ne a bua ka diteko tse di nang teng ka ntlha ya go sa itekanelang ga rona le ka go bo re bogisiwa. O ne a umaka dikeletso tsa bogagapa, go tlhaola batho, jalo le jalo. (Jak. 1:14; 2:1; 4:1, 2, 11) Fa Jehofa a re otlhaya, seo se ka utlwisa botlhoko. (Baheb. 12:11) Mme diteko tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go dira gore re felelwe ke boitumelo.

Le fa re ile ra tseelwa boikarabelo bongwe mo phuthegong, re sa ntse re na le tshono ya go sekaseka gore tumelo ya rona e nonofile go le kana kang le go bontsha gore re rata Jehofa. Gape re ka sekaseka lebaka  la go bo re ne re na le maikarabelo a go direla. A e ne e le gore rona re solegelwe molemo kgotsa a re ne re kgaratlhela tshiamelo eo ka gonne re rata Modimo e bile re tlhatswegile pelo gore ke phuthego ya gagwe mme e tlhoka go tlhokomelwa ka lorato? (Dit. 20:28-30) Bakaulengwe ba e kileng ya bo e le bagolwane, ba ba tswelelang ba dira tirelo e e boitshepo ba bontsha botlhe, go akaretsa le Satane gore ba rata Jehofa go tswa pelong.

Fa Kgosi Dafide a ne a otlhaelwa go dira boleo jo bo masisi, o ne a amogela kgalemelo mme a itshwarelwa. Dafide o ne a opela jaana: “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng. Go itumela motho yo Jehofa a sa mmaleleng tlolo e le molato, le yo mo moyeng wa gagwe go se nang tsietso.” (Pes. 32:1, 2) Ga go pelaelo gore kotlhao e ile ya dira gore Dafide e nne motho yo o botoka mme seo se ile sa dira gore a nne modisa yo o molemo wa batho ba Modimo.

Gantsi bakaulengwe ba ba nnang bagolwane gape ba nna badisa ba ba botoka go gaisa kafa ba neng ba ntse ka teng pele. Mogolwane mongwe yo seo se mo diragaletseng o ne a re: “Gone jaanong ke tlhaloganya botoka kafa ke tshwanetseng go dirisana ka gone le batho ba ba ileng ba dira phoso.” Mogolwane yo mongwe o ne a re: “Gone jaanong ke anaanela thata tshiamelo ya me ya go direla bakaulengwe.”

A O KA DIRELA GAPE?

Mopesalema o ne a re: “[Jehofa] ga a kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng.” (Pes. 103:9) Ka jalo, ga re a tshwanela go akanya gore Modimo a ka se tlhole a tshepa motho yo o kileng a dira phoso e e masisi. Ricardo yo a ileng a latlhegelwa ke tshiamelo morago ga go nna mogolwane ka dingwaga di le dintsi, a re: “Ke ne ka swabisiwa thata ke phoso e ke e dirileng. Ke ne ka fetsa nako e telele ke ikutlwa ke sa tshwanelege mme seo se ile sa nkgoreletsa gore ke se ka ka boa ke direla bakaulengwe ke le molebedi. Ke ne ke sa dumele gore ke tla kgona go itshupa gape gore ke a ikanyega. Mme e re ka ke rata go thusa batho ba bangwe, ke ne ka kgona go tshwara dithuto tsa Baebele, ke kgothatsa bakaulengwe kwa Holong ya Bogosi le go bereka le bone mo bodireding jwa tshimo. Seo se ne sa nthusa gore ke boe ke itshepe mme gone jaanong ke mogolwane gape.”

Jehofa o ile a thusa banna gore ba boe ba itumele le go nna gape le keletso ya go etelela pele mo phuthegong

 Go boloka sekgopi go ka kgoreletsa mokaulengwe gore a nne mogolwane. A bo go le botoka jang go tshwana le motlhanka wa ga Jehofa e bong Dafide, yo o neng a tshabela Kgosi Saulo yo o lefufa! Dafide o ne a gana go ipusolosetsa mo go Saulo, tota le fa a ne a na le tshono ya go dira jalo. (1 Sam. 24:4-7; 26:8-12) Fa Saulo a ne a swela mo ntweng, Dafide o ne a hutsafalela loso lwa gagwe, a bitsa ene le morwawe e bong Jonathane a re ke batho “ba ba rategang.” (2 Sam. 1:21-23) Dafide ga a ka a boloka sekgopi.

Fa o akanya gore dilo ga di a ka tsa tsamaisiwa sentle kgotsa gore o ile wa direlwa tshiamololo, o se ka wa dira gore go boloka sekgopi go sire tlhaloganyo ya gago. Ka sekai, morago ga dingwaga di ka nna 30 William a ntse a le mogolwane kwa Boritane, o ne a tseelwa boikarabelo joo mme seo sa dira gore a galefele bagolwane bangwe. Ke eng se se neng sa thusa William gore a boe a lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng? A re: “Ke ne ka kgothala fa ke bala buka ya ga Jobe. Fa e le gore Jehofa o ile a thusa Jobe go itshwarela ditsala tsa gagwe tse tharo, ruri le nna o tla nthusa go itshwarela bagolwane bao ba Bakeresete!”—Jobe 42:7-9.

MODIMO O SEGOFATSA BAKAULENGWE BA BA NNANG BADISA GAPE

Fa e le gore o ile wa tlhopha gore o se ka wa tlhola o disa letsomane la Modimo, go tla nna molemo gore o ipotse gore ke ka ntlha yang fa o dirile jalo. A o ne o na le mathata a mantsi? A go na le dilo tse dingwe tse di ileng tsa nna botlhokwa thata mo botshelong jwa gago? A go sa itekanelang ga ba bangwe go ile ga go kgoba marapo? Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, gakologelwa gore o ne o kgona go thusa ba bangwe ka ditsela tse dintsi fa o ne o le mogolwane. Dipuo tsa gago di ne di ba nonotsha, sekao sa gago se ne se ba kgothatsa mme maeto a bodisa a o neng o a dira a ne a ba thusa go itshokela diteko. Go bo o ne o le mogolwane yo o ikanyegang go ne go itumedisa pelo ya ga Jehofa fela jaaka le wena go ne go go itumedisa.—Dia. 27:11.

Bontsha kafa o ratang Jehofa ka teng ka go nna le seabe ka botlalo mo tirelong e e boitshepo

Jehofa o ile a thusa banna gore ba boe ba itumele le go nna gape le keletso ya go etelela pele mo phuthegong. Fa e le gore o ile wa tlogela go nna mogolwane kgotsa o ile wa tseelwa tshiamelo eo, o ka kgona go boa o ‘kgaratlhela go nna molebedi.’ (1 Tim. 3:1) Paulo ‘ga a ka a kgaotsa go rapelela’ Bakeresete ba kwa Kolosa gore ba nne le kitso ya boammaaruri ka thato ya Modimo ‘gore ba tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore ba mo itumedise ka botlalo.’ (Bakol. 1:9, 10) Fa o ka nna le tshiamelo ya go nna mogolwane gape, kopa Jehofa gore a go nonotshe, a go neye bopelotelele le boipelo. Mo metlheng eno ya bofelo, batho ba Modimo ba tlhoka thuso ya semoya ya badisa ba ba lorato. A o ka kgona go nonotsha bakaulengwe ba gago e bile a o ikemiseditse go dira jalo?

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.