Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Lefoko la Modimo—Le a Tshela!

Dirisa Lefoko la Modimo—Le a Tshela!

“Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—BAHEB. 4:12.

1, 2. Jehofa o ne a naya Moshe kabelo efe mme o ne a mo tlhomamisetsa eng?

AKANYA fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o tshwanelwa ke go ema fa pele ga mmusi yo o maatla thata mme o buelele batho ba ga Jehofa? Gongwe o ne o tla tshoga thata, o ikutlwa o sa tshwanelege e bile o inyatsa. O ne o tla baakanyetsa jang kgang e o neng o tlile go bua ka yone? E re ka o le moemedi wa Modimo Mothatayotlhe, o ne o tla dira eng gore mafoko a gago a utlwale sentle?

2 Moshe o ne a le mo seemong seo. Jehofa o ne a raya Moshe yo e neng e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe” a re o mo roma kwa go Faro gore a golole batho ba Modimo mo kgatelelong le mo bokgobeng jwa Egepeto. (Dipa. 12:3) Jaaka re tla bona, Faro e ne e le motho yo o lonyatso e bile a le boikgogomoso. (Ekes. 5:1, 2) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla gore Moshe a laele Faro gore a letle dimilione di se kae tsa makgoba a gagwe go tswa mo nageng ya gagwe. Go a utlwala go bo Moshe a ile a botsa Jehofa jaana: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro le gore ke ntshe bomorwa Iseraele kwa Egepeto?” Moshe o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa a sa tshwanelege e bile a se kitla a kgona go dira seo. Mme Modimo o ne a mo tlhomamisetsa gore o tla mo ema nokeng. Jehofa o ne a re: “Ke tla nna le wena.”—Ekes. 3:9-12.

3, 4. (a) Moshe o ne a boifa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa o ka tswa o ikutlwa ka tsela e Moshe a neng a ikutlwa ka yone?

 3 Moshe o ne a boifa eng? Ga go pelaelo gore o ne a boifa gore Faro a ka se amogele moemedi wa ga Jehofa Modimo e bile a ka se mo reetse. Gape Moshe o ne a boifa gore batho ba gagabo ba ka se dumele gore Jehofa o mo tlhophile go ba etelela pele go tswa kwa Egepeto. Ka jalo, Moshe o ne a raya Jehofa a re: “Mme a re tseye gore ga ba ntumele e bile ga ba reetse lentswe la me, ka gonne ba tlile go re, ‘Jehofa ga a ka a bonala mo go wena.’”—Ekes. 3:15-18; 4:1.

4 Mongwe le mongwe wa rona a ka ithuta thuto e e molemo mo tseleng e Jehofa a ileng a araba Moshe ka yone le mo ditiragalong tse di neng tsa direga morago ga moo. Gone ke boammaaruri gore gongwe o ka se tlhoke go ema fa pele ga modiredimogolo mongwe wa puso. Mme a o kile wa fitlhela go le thata go bua le batho ba o kopanang le bone letsatsi le letsatsi ka Modimo le Bogosi jwa gagwe? Fa e le gore go ntse jalo, akanya ka se re ka se ithutang mo maitemogelong a ga Moshe.

“KE ENG SEO SE SE MO SEATLENG SA GAGO?”

5. Jehofa o ne a tsenya eng mo seatleng sa ga Moshe, mme seo se ne sa fokotsa jang poifo ya gagwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

5 Fa Moshe a ne a tlhalosa gore o boifa gore mafoko a gagwe a ka se ka a tsewa masisi, Modimo o ne a mo thusa gore a kgone go lebana se se larileng kwa pele. Pego e e mo go Ekesodo ya re: “Jehofa a . . . raya [Moshe] a re: ‘Ke eng seo se se mo seatleng sa gago?’ Mme ene a re: ‘Ke thobane.’ Go tswa foo a re: ‘E latlhele fa fatshe.’ Ka jalo a e latlhela fa fatshe, mme ya fetoga noga; mme Moshe a simolola go tshaba fa go yone. Jaanong Jehofa a raya Moshe a re: ‘Ntsha seatla o e tshware ka mogatla.’ Ka jalo a ntsha seatla a e tshwara, mme ya fetoga thobane mo legofing la gagwe. ‘E le gore, . . . ba tle ba dumele gore Jehofa . . . o bonetse mo go wena.’” (Ekes. 4:2-5) Ee, Jehofa o ne a tsenya mo seatleng sa ga Moshe sengwe se se tla bontshang gore molaetsa wa gagwe o tswa kwa go ene. Se mo bathong ba bangwe se neng se lebega e le thobane fela se ne sa tshela ka ntlha ya maatla a Modimo! Ruri kgakgamatso eo e ne e bontsha gore Moshe o ne a romilwe ke Jehofa le gore o ne a mo neile taolo! Ka jalo, Jehofa o ne a mo raya a re: “O tseye thobane eno ka seatla sa gago gore o tle o dire ditshupo ka yone.” (Ekes. 4:17) E re ka Moshe a ne a na le bosupi jwa gore Modimo o mo neile taolo, o ne a ka kgona go tsamaya a le pelokgale go ya go emela Modimo mo pele ga batho ba gagabo le mo pele ga Faro.—Ekes. 4:29-31; 7:8-13.

6. (a) Re tshwanetse ra bo re tshwere eng fa re rera, mme ka ntlha yang? (b) Tlhalosa kafa ‘lefoko la Modimo le tshelang’ ka gone le kafa le ‘nayang maatla’ ka teng.

6 Le rona re ka bodiwa potso eo fa re ya go bolelela ba bangwe ka molaetsa wa Baebele: “Ke eng seo se se mo seatleng sa gago?” Gantsi, re tla bo re tshwere Baebele re letetse fela go e dirisa. Le fa bangwe ba ka tswa ba leba Baebele e le buka fela, Jehofa o bua le rona ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng le le tlhotlheleditsweng. (2 Pet. 1:21) Lefoko la Modimo le na le ditsholofetso tsa Modimo tse di ka ga dilo tse di tla diregang mo pusong ya Bogosi jwa gagwe. Ke ka moo moaposetoloi Paulo a neng a ka re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Bala Bahebera 4:12.) Ka metlha Jehofa o dira gore ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe di nne di diragadiwa. (Isa. 46:10; 55:11) Fa motho a setse a lemoga seno ka Lefoko la ga Jehofa, se a se balang mo Baebeleng se ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jwa gagwe.

7. Re ka ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ jang?

7 Ee ruri, Jehofa o tsentse mo diatleng tsa rona Lefoko la gagwe le le tshelang le le kwadilweng le re ka kgonang go le dirisa go naya bosupi jwa gore molaetsa wa rona o a ikanyega le gore o tswa kwa go ene. Ga go gakgamatse go bo fa Paulo a sena go kwalela Bahebera, a ile a rotloetsa moithuti wa gagwe wa semoya  e bong Timotheo gore a ‘dire bojotlhe jwa gagwe go tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Tim. 2:15) Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo? Ka go balela kwa godimo ditemana tse re di tlhophileng sentle tse di ka amang dipelo tsa batho ba ba re reeditseng. Dipampitshana tse di golotsweng ka 2013 di diretswe go re thusa go dira jalo.

BALA TEMANA E E TLHOPHILWENG SENTLE!

8. Molebedi mongwe wa tirelo o ne a reng ka dipampitshana tse disha?

8 Dipampitshana tsotlhe tse disha di dirilwe ka tsela e e tshwanang. Ka jalo, fa re ithutile go dirisa nngwe ya tsone, re ithutile go di dirisa tsotlhe. A go motlhofo go di dirisa? Molebedi mongwe wa tirelo wa kwa Hawaii, U.S.A., o ne a re: “Re ne re sa lemoge gore didirisiwa tseno di ka nna mosola jang mo tirong ya ntlo le ntlo le mo tirong ya go rera phatlalatsa.” O lemogile gore tsela e dipampitshana tseno di kwadilweng ka yone di tlhotlheletsa batho go tsiboga ka bonako mme gantsi seno se felela ka metlotlo e e kgatlhang. O akanya gore seno ke ka ntlha ya potso le dikarabo tse di farologaneng tse di ka fa ntle ga dipampitshana tseno. Mong wa ntlo ga a tlhoke go tshwenyega ka gore o tla neela karabo e e phoso.

9, 10. (a) Dipampitshana tsa rona di re tlhotlheletsa jang go dirisa Baebele? (b) Ke dipampitshana dife tse o ileng wa atlega go di dirisa mme ka ntlha yang?

9 Pampitshana nngwe le nngwe e re tlhotlheletsa go bala temana e e tlhophilweng sentle. Ka sekai, lebelela pampitshana ya A Pogo e Tla Fela? Go sa kgathalesege gore mong wa ntlo o araba potso eo ka “ee”, “nnyaa” kgotsa “gongwe”, bula tsebe e e ka fa gare mme kwantle ga go bua sepe se sengwe, mo reye o re: “Utlwa se Baebele e se rutang.” Go tswa foo bala Tshenolo 21:3, 4.

10 Ka tsela e e tshwanang, fa o dirisa pampitshana ya O Leba Baebele Jang? ga go re sepe gore mong wa ntlo o tlhopha karabo efe mo go tse tharo tse di mo tsebeng e e ka fa ntle ya pampitshana. Bula tsebe e e ka fa gare mme o bo o re: “Baebele ya re ‘Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.’” O ka oketsa ka go re, “Totatota, temana eno ga e felele foo.” Go tswa foo, bula Baebele ya gago mme o bale 2 Timotheo 3:16, 17 yotlhe.

11, 12. (a) Bodiredi bo go kgotsofatsa jang? (b) Dipampitshana di ka go thusa jang go ipaakanyetsa go dira maeto a go boela?

11 Tsela e mong wa ntlo a tsibogang ka yone e tla bontsha gore o ka tswelela o bala le go sekaseka pampitshana eo go le kana kang. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga go naya batho dipampitshana, o kgotsofalela go bo o kgonne go ba  balela Lefoko la Modimo go sekae—le fa o ka bala fela temana e le nngwe kgotsa di le pedi mo loetong lwa gago lwa ntlha. Moragonyana, o ka kgona go tsweletsa motlotlo.

12 Tsebe e e ka fa morago ya pampitshana nngwe le nngwe e na le potso kafa tlase ga setlhogo se se reng “Se o Ka Akanyang ka Sone” le ditemana tse lo ka tlotlang ka tsone mo loetong lwa go boela. Mo pampitshaneng ya O Leba Isagwe Jang? o ka sekaseka potso eno mo loetong lo lo latelang: “Modimo o tla tokafatsa jang lefatshe la rona?” Go umakilwe Mathaio 6:9, 10 le Daniele 2:44. Mo pampitshaneng ya A Tota Baswi ba ka Tshela Gape? go na le potso e e reng: “Ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa?” Go umakilwe Genesise 3:17-19 le Baroma 5:12.

13. Tlhalosa kafa o ka dirisang dipampitshana ka teng go simolola dithuto tsa Baebele.

13 Dirisa dipampitshana go go thusa go simolola dithuto tsa Baebele. Fa motho a skena Khouto ya QR * e e ka fa morago ga pampitshana, e tla mo lebisa mo go sengwe se se rileng mo Web site ya rona mme seo se ka mo kgothaletsa go ithuta Baebele. Gape dipampitshana tseno di buelela boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! mme di go lebisa kwa thutong e e rileng. Ka sekai, pampitshana ya Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe? e go isa kwa go thuto 5 ya boroutšhara jono. Pampitshana ya Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise? e go isa kwa go thuto 9. Fa o dirisa dipampitshana tseno ka tsela e di tshwanetseng go dirisiwa ka yone, o tla bo o latela mokgwa o o molemo wa go dirisa Baebele mo lekgetlhong la ntlha le ka nako ya maeto a go boela. Mme seo se ka felela ka gore o simolole dithuto tse di oketsegileng. O ka dira eng gape go dirisa Lefoko la Modimo ka tsela e e nang le mosola mo bodireding jwa gago?

TLOTLA KA DILO TSE BATHO BA TSHWENYEGILENG KA TSONE

14, 15. Re ka etsa jang Paulo mo bodireding?

14 Paulo o ne a eletsa thata go tlhaloganya “bontsi jwa batho” mo bodireding jwa gagwe. (Bala 1 Bakorintha 9:19-23.) Ela tlhoko gore Paulo o ne a batla ‘go gapa Bajuda, go gapa ba ba kafa tlase ga molao le go gapa ba ba se nang molao le ba ba bokoa.’ Ee, o ne a batla go fitlhelela ‘batho ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone a boloke bangwe.’ (Dit. 20:21) Re ka etsa jang Paulo fa re ntse re ipaakanyetsa go bolelela “batho ba mefuta yotlhe” boammaaruri mo tshimong ya rona?—1 Tim. 2:3, 4.

15 Kgwedi le kgwedi go na le dikakantsho tsa dipuisano mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Leka go di dirisa. Mme fa go na le dilo tse dingwe tse batho ba ba mo tshimong ya lona ba tshwenyegileng ka tsone, dira gore puisano ya gago e nne e e tsosang kgatlhego gore e ba solegele molemo. Akanya ka lefelo le o nnang mo go lone, batho ba bangwe ba ba nnang moo le ka dilo tse ba tshwenyegileng thata ka tsone. Go tswa foo, akanya ka temana e e buang ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. Molebedi mongwe wa potologo o bolela jaana malebana le tsela e ene le mosadi wa gagwe ba tlhomang mogopolo mo Baebeleng ka teng: “Beng ba matlo ba le bantsi ba re letla go bala temana e le nngwe fa fela re bua ka bokhutshwane e bile re tlhamalala mo ntlheng e re batlang go bua ka yone. Fa re sena go ba dumedisa re ntse re tshwere Dibaebele tsa rona ka seatla, re bala temana eo.” Sekaseka ditlhogo, dipotso le ditemana dingwe tse di kileng tsa dirisiwa mo tshimong mme o leke go di dirisa mo tshimong ya lona.

A o dirisa Baebele le dipampitshana ka tsela e e mosola mo bodireding? (Bona serapa 8-13)

16. Tlhalosa kafa Isaia 14:7 e ka dirisiwang ka teng mo bodireding.

16 Fa o nna mo lefelong le gantsi go se nang kagiso mo go lone, o ka nna wa botsa motho jaana: “A o kile wa ipotsa gore go ne go tla nna jang fa setlhogo se segolo sa dikgang se ne se re: ‘Ga go na dikhuduego mo lefatsheng lotlhe jaanong. Batho ba itumetse thata’? Ke se Baebele e se bolelang mo go Isaia 14:7. Tota e bile, Baebele e bua ka ditsholofetso tse dintsi tsa Modimo tsa nako e go tla bong go na le kagiso mo isagweng.” Go tswa foo, mmolelele gore  o tla mmalela nngwe ya ditsholofetso tseo mo Baebeleng.

17. O ka buelela jang Mathaio 5:3 mo motlotlong?

17 A go thata gore banna ba le bantsi ba ba mo lefelong la lona ba bone tiro? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa simolola motlotlo ka go botsa jaana: “Monna o tlhoka madi a le kana kang gore lelapa la gagwe le itumele?” Fa motho yoo a sena go araba, mo reye o re: “Banna ba le bantsi ba amogela madi a a fetang ao mme malapa a bone a sa ntse a sa itumela. Ka jalo, tota go tlhokega eng?” Go tswa foo bala Mathaio 5:3 mme o bo o kopa go ithuta Baebele le ene.

18. O ka dirisa jang Jeremia 29:11 go gomotsa batho ba bangwe?

18 A batho ba lefelo la lona ba a boga ka ntlha ya masetlapelo a tlholego a a sa tswang go direga? O ka simolola puisano ya gago ka go re: “Ke go etetse go tla go go gomotsa. (Bala Jeremia 29:11.) A o etse tlhoko dilo tse tharo tse Modimo a batlang go re tlisetsa tsone? ‘Kagiso,’ ‘isagwe’ le ‘tsholofelo.’ A ga go itumedise go itse gore o batla gore re itumelele botshelo? Mme seo se ka kgonega jang?” Go tswa foo mmontshe thuto e e tsamaisanang le ntlha eo mo boroutšhareng jwa Dikgang Tse di Molemo.

19. Tlhalosa kafa Tshenolo 14: 6, 7 e ka dirisiwang ka teng fa o bua le batho ba ba ratang bodumedi.

19 A o nna mo lefelong le mo go lone batho ba kgatlhegelang bodumedi? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa simolola motlotlo ka go botsa jaana: “Fa moengele a ka bua le wena, a o ne o tla mo reetsa? (Bala Tshenolo 14:6, 7.) E re ka moengele yono a re ‘boifa Modimo,’ a ga go botlhokwa gore o itse gore o bua ka Modimo ofe? Moengele o re naya lesedinyana fa a re ke ‘Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe.’ E ne e le mang?” Go tswa foo bala Pesalema 124:8 e e reng: “Thuso ya rona e mo leineng la ga Jehofa, Modiri wa legodimo le lefatshe.” Morago ga foo mmolelele gore o tla rata go mo tlhalosetsa mo go oketsegileng ka Jehofa Modimo.

20. (a) Diane 30:4 e ka dirisiwa jang go ruta mongwe leina la Modimo? (b) A go na le temana nngwe e o e dirisang e e nang le diphelelo tse di itumedisang?

20 Fa o bua le mosha, o ka simolola motlotlo ka go re: “Nka rata go go balela temana e e botsang potso e e botlhokwa. (Bala Diane 30:4.) Ga go motho ope yo o tshwanelang tlhaloso eno, ka jalo, e tshwanetse ya bo e bua ka Mmopi wa rona. * Re ka itse jang gore leina la gagwe ke mang? Nka rata go go bontsha mo Baebeleng.”

LETLA LEFOKO LA MODIMO GO GO NONOTSHA MO BODIREDING

21, 22. (a) Temana e e tlhophilweng sentle e ka fetola botshelo jwa motho jang? (b) O ikemiseditse go dira eng fa o ntse o diragatsa bodiredi jwa gago?

21 O ka se itse gore batho ba tla tsibogela jang temana e e tlhophilweng sentle. Ka sekai, Basupi ba le babedi ba kwa Australia ba ne ba etela mosadi mongwe yo mosha. Mongwe wa bone o ne a mmotsa a re: “A o itse leina la Modimo?” go tswa foo a bala temana e le nngwe—Pesalema 83:18. Mosadi yoo a re: “Ke ne ka gakgamala! Fa ba sena go tsamaya ke ne ka kgweetsa dikilometara di le 56 go ya kwa lebenkeleng le le rekisang dibuka go ya go sekaseka dithanolo tse dingwe tsa Baebele mme ka ba ka lebelela leina leo mo dikishinaring. Fa ke sena go tlhatswega pelo gore leina la Modimo ke Jehofa, ke ne ka ipotsa gore ke eng se ke sa ntseng ke sa se itse.” Moragonyana fela ga foo, ene le monna yo a tlileng go mo nyala ba ne ba simolola go ithuta Baebele mme ba ne ba kolobediwa.

22 Lefoko la Modimo le fetola matshelo a batho ba ba le balang le ba ba dumelang mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. (Bala 1 Bathesalonika 2:13.) Molaetsa wa Baebele o maatla go gaisa sepe fela se re ka se buang go leka go fitlhelela pelo ya motho. Ke ka moo re tshwanetseng go dirisa tshono nngwe le nngwe go dirisa Lefoko la Modimo. Le a tshela!

^ ser. 13 Khouto ya QR ke letshwao le le kwadisitsweng semolao la Denso Wave Incorporated.

^ ser. 20 Bona setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 15, 1987, tsebe 31.