Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Eureka Drama” e Thusitse ba le Bantsi go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

“Eureka Drama” e Thusitse ba le Bantsi go Ithuta Boammaaruri Jwa Baebele

“EUREKA!” Lefoko leo le kaya “Ke e bone!” Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, fa batho ba le bantsi ba ne ba thologela kwa California, U.S.A., ba ya go batla gouta, fa modiri wa moepo a ne a bone gouta o ne a goa mafoko ao. Le fa go ntse jalo, Charles Taze Russell mmogo le Baithuti ba Baebele ba bangwe, ba ne ba bone sengwe se se botlhokwa go feta seo—boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Mme ba ne ba tlhagafaletse go bo bolelela ba bangwe.

Ka paka ya selemo ka 1914, dimilione tsa batho ba ba tswang kwa ditoropong tse dikgolo ba ne ba thologela go ya go leba “Photo-Drama of Creation,” kgatiso e e kgatlhang e e tsayang diura di le robedi e e neng e gatisitswe ke Lekgotla la Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba [International Bible Students Association (I.B.S.A.)]. Kgatiso eno ya Baebele e e neng e na le ditshwantsho tse dintle, diselaete tsa mebala e e bonalang sentle, moanedi yo o anelang monate le mmino wa classic, e ne e dira gore babogedi ba bone se se neng se direga ka nako ya popo go ralala hisitori yotlhe ya batho go ya go fitlha kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete.—Tshen. 20:4. *

Mme go tweng ka batho ba ba nnang kwa ditoropong tse dinnye le kwa metseselegaeng? E le gore batho ba ba nyoretsweng boammaaruri ba se ka ba foswa, ka Phatwe 1914, I.B.S.A. e ne ya golola “Eureka Drama”—kgatiso e e batlileng e tshwana le ya “Photo-Drama” mme gone go le motlhofo go e rwala e bile e bontsha direkoto le diselaete fela. Motho o ne a ka itlhophela go tswa mo mefuteng e le meraro ya yone, nngwe le nngwe ya yone e le gone ka dipuo di le mmalwa: Sete ya “Eureka X” e ne e na le moanedi le mmino. Sete ya “Eureka Y” e ne e na le dilo tsotlhe tse di rekotilweng mmogo le diselaete tse dintle tsa mebalabala. Sete ya “Eureka Family Drama,” e e neng e diretswe gore motho a e dirise kwa gae, e ne e na le dikarolo tse di rileng tsa moanedi le difela di le mmalwa. Gape ba ne ba kgona go reka difonokerafa le diporojeketara tse di sa jeng madi a le mantsi.

Go ne go dirisiwa porojeketara go bontsha diselaete tsa mebalabala

E re ka go ne go sa tlhokege gore Baithuti ba Baebele ba nne le porojeketara e e dirisang filimi kgotsa sekirini se segolo, ba ne ba kgona go ya kwa metseselegaeng, ba isa molaetsa wa Bogosi kwa tshimong e ntšha. Sete ya “Eureka X” e e tshamekang mantswe fela e ne e kgona go tshamekiwa bosigo le motshegare. Porojeketara ya “Eureka Y” e e bontshang diselaete, e ne e ka kgona go dirisiwa kwantle ga motlakase, go dirisiwa lobone lwa gase. Pego nngwe ya Tora ya Tebelo ya Se-Finland e ne ya re: “Re kgona go bontsha batho ditshwantsho tseno mo lefelong lepe fela.” Seo se ne se le boammaaruri tota!

Go na le gore Baithuti ba Baebele ba ba neng ba leka go somarela madi ba hire mafelo a magolo a bobogelo, gantsi ba ne ba batla mafelo a a sa duelelweng a a jaaka diphaposi tsa sekolo, meago ya kgotlatshekelo, diteishene tsa diterena  le e leng diphaposi tsa baeng mo matlong a magolo. Gantsi batho ba ne ba bogela kgatiso eo ba le kwa ntle, ba lebile mo “sekirining” se se dirilweng ka shiti e e tshweu e e pegilweng mo leboteng la bojelo jwa diphologolo. Anthony Hambuch a re: “Balemirui ba ne ba baya magong mo masimong a bone gore ba kgone go nna mo go one le go itumelela thulaganyo.” Setlhopha sa batho ba ba neng ba tsamaya ka “Eureka” se ne se dirisa “kolotsana ya Drama” go tsenya didirisiwa tsa bone, dithoto, dilo tsa go kampa le tsa go apaya.

Palo ya batho ba ba neng ba tla go bogela “Eureka” e ne e farologane go tswa go ba le mmalwa fela go ya go ba le makgolokgolo. Kwa United States, go ne ga tla batho ba le 400 kwa holong ya sekolo se se mo torotswaneng e e nang le batho ba le 150. Kwa mafelong a mangwe, batho bangwe ba ne ba tsamaya sekgala sa dikilometara di le robedi go ya le go boa, ba ya go bona “Eureka Drama.” Kwa Sweden, baagelani ba ga Charlotte Ahlberg ba ba neng ba kokoane kwa ntlong ya gagwe e nnye ba ne ba amiwa thata ke se ba se utlwileng mo kgatisong eno. Batho ba ka nna 1 500 ba ne ba tla go bogela kgatiso eno kwa motseng o o kgakala wa moepo kwa Australia. Tora ya Tebelo e ne ya bega gore kwa dikolong tse dikgolo le kwa dikholetšheng, “boporofesa le baithuti ba ne ba kgatlhwa ke ditshwantsho le ke direkoto tsa fonokerafa.” “Eureka Drama” e ne e tumile thata tota le kwa go nang le mafelo a go bogela difilimi gone.

GO JALA DIPEO TSA BOAMMAARURI

“Eureka Drama” e ne ya nna sediriswa se se mosola se Baithuti ba Baebele ba neng ba se dirisa go simolola ditlelase tse disha tsa go ithuta Baebele. Go thata go tlhomamisa gore ke batho ba le kae ba ba ileng ba bona “Eureka Drama.” Disete tse dingwe tsa kgatiso eno di ne di dirisiwa ka makgetlho a le mantsi. Le fa go ntse jalo, ka 1915 mo ditlhopheng di le 86 tse di bontshang “Eureka Drama,” ke di le 14 fela tse di neng di bega ka metlha. Le fa pego e e dirwang kwa bokhutlong jwa ngwaga e ne e bontsha go sa itumelele dipalo tse di sa felelang, e ne ya bega gore ke batho ba feta milione ba ba neng ba bona “Eureka Drama.” Batho ba ka nna 30 000 ba ne ba kopa dikgatiso tsa Baebele.

“Eureka Drama” e ka tswa e ne ya se ka ya nna nngwe ya ditiragalo tse di sa lebalesegeng tsa hisitori, mme gone go tswa kwa Australia go ya kwa Argentina, go tswa kwa Afrika Borwa go ya kwa Ditlhaketlhakeng tsa Boritane, India le Caribbean, batho ba le dimilionemilione ba ne ba bona kgatiso eno e e kgatlhang. Ba le bantsi ba bone ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele—jo bo tlhwatlhwakgolo go gaisa gouta—mme ba ne ba ka goa ba re “Eureka!”

^ ser. 4 Bona “Go Tswa mo Mabolokelong a Rona”—Baesekopo e e Agang Tumelo ya Dingwaga di le 100” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya Tlhakole 15, 2014, tsebe 30-32.