Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Jehofa a re Atamelang ka Teng

Kafa Jehofa a re Atamelang ka Teng

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—JAK. 4:8.

1. Ke keletso efe e batho ba nang le yone mme ke mang yo a ka kgonang go e kgotsofatsa?

BATHO ba eletsa thata go atamalana le ba bangwe. Ga twe batho “ba atamalana thata fa ba ratana le fa ba itsane sentle.” Gantsi re a itumela fa re na le kamano le ba lelapa le ditsala tse di re ratang, tse di re anaanelang le tse di re tlhaloganyang. Le fa go ntse jalo, Motho yo re tshwanetseng go nna le botsalano jo bogolo le ene ke Mmopi wa rona yo Mogolo.—Mor. 12:1.

2. Jehofa o re solofetsa eng mme ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba sa dumele tsholofetso eo?

2 Mo Lefokong la gagwe, Jehofa o re kgothaletsa gore re mo ‘atamele’ mme o solofetsa gore fa re dira jalo ‘le ene o tla re atamela.’ (Jak. 4:8) A bo mafoko ao a nametsa pelo jang ne! Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore ga go utlwale go dumela gore Modimo o batla go atamalana le bone; ba akanya gore ga ba tshwanelege go mo atamela kgotsa gore o kgakala thata le bone. A tota re ka kgona go atamalana le Jehofa?

3. Ke ntlha efe e re tshwanetseng go e lemoga ka Jehofa?

3 Ntlha ke gore, Jehofa ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona” yo o batlang go mmona; re ka kgona go mo itse. (Bala Ditiro 17:26, 27; Pesalema 145:18.) Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba ba sa itekanelang le bone ba kgone go atamalana le  ene mme o iketleeleditse go ba amogela gore e nne ditsala tsa gagwe tse di gaufi. (Isa. 41:8; 55:6) Ka ntlha ya se se mo diragaletseng, mopesalema o ne a kgona go kwala jaana ka Jehofa: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena. Go itumela yo o mo tlhophang o bo o mo dira gore a [go] atamele.” (Pes. 65:2, 4) Pego ya Baebele e e buang ka Kgosi Asa wa kwa Juda e tlhalosa ka sekai sa mongwe yo o neng a atamela Modimo e bile e bontsha kafa Jehofa a ileng a tsiboga ka teng. *

ITHUTE MO SEKAONG SA BOGOLOGOLO

4. Kgosi Asa o ne a tlhomela batho ba kwa Juda sekao sefe?

4 Kgosi Asa o ne a tlhagafalela kobamelo e e itshekileng, a tlosa boaka jwa kwa tempeleng le medingwana e e neng e tletse mo nageng. (1 Dikg. 15:9-13) O ne a kgona go rotloetsa batho gore ba “batle Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane le go dira molao le taelo.” Jehofa o ne a segofatsa Asa ka gore go nne le kagiso mo dingwageng tsa ntlha tse di lesome tsa puso ya gagwe. Mme Asa o ne a re kagiso eo e tswa kae? O ne a raya batho a re: “Lefatshe le sa ntse le le mo taolong ya rona, ka gonne re batlile Jehofa Modimo wa rona. Re batlile, mme o re naya boikhutso mo tikologong yotlhe.” (2 Ditir. 14:1-7) Ela tlhoko gore go ile ga direga eng morago ga foo.

5. Ke boemo bofe jo bo neng jwa dira gore Asa a bontshe gore o ikanya Modimo go le kana kang, mme diphelelo e ne ya nna dife?

5 Ipeye mo boemong jwa ga Asa. Sera wa Moethiopia o ne a ya go tlhasela Juda a na le banna ba le 1 000 000 le dikara di le 300. (2 Ditir. 14:8-10) O ne a tla ikutlwa jang fa o bona mophato o mogolo jalo wa masole o gwantela mo nageng ya lona? Lona lo na le masole a le 580 000 fela! E re ka seo se ne se raya gore lesole le le lengwe la Juda le ne le tla lwa le masole a le mabedi a Ethiopia, o ne o ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela tlhaselo eo go direga? Fa o lebane le boemo joo, a o ne o tla leka go rarabolola kgang eno ka go dirisa botlhale jwa gago? Tsela e Asa a neng a tsiboga ka yone e bontsha kafa a neng a ikanya Jehofa ka teng e bile a atamalane le ene. O ne a rapela jaana ka tlhoafalo: “Re thuse, tlhe Jehofa Modimo wa rona, gonne re ikaegile ka wena, mme re tsogologetse boidiidi jono ka leina la gago. Wena Jehofa, o Modimo wa rona. O se ka wa letla gore motho yo o nang le go swa a nne le maatla kgatlhanong le wena.” Modimo o ne a araba jang thapelo ya ga Asa e e tswang pelong? “Jehofa a fenya Baethiopia.” Ga go na ope wa baba bano yo o neng a falola mo ntweng eno!—2 Ditir. 14:11-13.

6. Re tshwanetse go etsa Asa jang?

6 Ke eng se se neng sa thusa Asa gore a ikanye kaelo ya Modimo le tshireletso ya gagwe ka botlalo? Baebele ya re “Asa a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa” le gore ‘pelo ya gagwe ya itshupa e feletse mo go Jehofa.’ (1 Dikg. 15:11, 14) Le rona re tshwanetse go direla Modimo ka pelo e e feletseng. Go botlhokwa thata gore re dire jalo fa e le gore re batla go nna le kamano e e gaufi le ene gone jaanong le mo nakong e e tlang. A bo re leboga jang ne go bo Jehofa a ile a tsaya kgato pele go re atametsa mo go ene le go re thusa go nna le kamano e e gaufi le ene le go tswelela re na le yone! Akanya ka ditsela tse pedi tse Modimo a dirang seo ka tsone.

JEHOFA O DIRISITSE THEKOLOLO GO RE ATAMETSA GAUFI LE ENE

7. (a) Ke eng se Jehofa a se dirileng se se dirang gore re mo atamele? (b) Ke tsela efe e e botlhokwa thata e ka yone Modimo a re atametsang mo go ene?

7 Jehofa o ne a bontsha gore o a re rata ka go re direla lefatshe le lentle. O sa ntse a bontsha gore o a re rata ka go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi. (Dit. 17:28; Tshen. 4:11) Se se botlhokwa le go feta, Jehofa o re tlhokomela ka dilo tsa semoya tse  re di tlhokang. (Luke 12:42) Gape o re tlhomamisetsa gore o a re reetsa fa re rapela. (1 Joh. 5:14) Le fa go ntse jalo, tsela e e botlhokwa thata e Modimo a ileng a re atametsa mo go ene ka yone, ke lorato lo a re bontshitseng lone ka go re naya thekololo. (Bala 1 Johane 4:9, 10, 19.) Jehofa o ne a romela “Morwawe yo o tsetsweng a le esi” mo lefatsheng gore re tle re gololwe mo boleong le mo losong.—Joh. 3:16.

8, 9. Seabe sa ga Jesu ke sefe mo boikaelelong jwa ga Jehofa?

8 Jehofa o dirile gore go kgonege gore tota le batho ba ba neng ba tshela pele ga motlha wa ga Keresete ba solegelwe molemo ke thekololo. Go tloga ka nako e Jehofa a neng a bolelela pele ka yone gore go tla tla Mmoloki wa batho mo isagweng, mo go ene thekololo e ne e setse e duetswe ka gonne o ne a itse gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragala. (Gen. 3:15) Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, moaposetoloi Paulo o ne a leboga Modimo ka “go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.” Paulo o ne a oketsa ka go re: “[Modimo] o ne a re itshwarela maleo a a neng a dirwa mo nakong e e fetileng fa Modimo a ne a ntse a supa bopelotelele.” (Bar. 3:21-26) Ruri Jesu o na le seabe se se botlhokwa mo go re thuseng go atamela Modimo!

9 Jesu ke ene fela tsela ya gore batho ba ba ikokobeditseng ba itse Jehofa le go nna le kamano e e gaufi le ene. Dikwalo di gatelela jang ntlha eno? Paulo o ne a re: “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Bar. 5:6-8) Re ile ra newa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu e se ka go bo re tshwanelega mme e le ka gonne re ratiwa thata. Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” Mo lekgetlhong lengwe o ne a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Joh. 6:44; 14:6) Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go gogela batho mo go ene a dirisa Jesu mme o ba thusa go nnela ruri mo loratong lwa gagwe gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Bala Jude 20, 21.) Ela tlhoko tsela e nngwe gape e Jehofa a dirang gore re mo atamele ka yone.

JEHOFA O DIRISA LEFOKO LA GAGWE LE LE KWADILWENG GO RE ATAMETSA KWA GO ENE

10. Baebele e re ruta eng se se re thusang gore re atamalane thata le Modimo?

10 Mo setlhogong seno, re setse re nopotse kgotsa re umakile ditemana go tswa mo dibukeng di le 14 tsa Baebele. Fa e ka bo e se ka Baebele, re ka bo re ile ra itse jang gore re ka kgona go atamela Mmopi wa rona? Fa e ne e se ka yone, re ne re ka itse jang ka thekololo le gore Jehofa o dirisa Jesu go re gogela mo go ene? Jehofa o ile a dirisa moya wa gagwe go tlhotlheletsa gore Baebele e kwalwe, mme e re senolela botho jwa gagwe jo bo kgatlhang mmogo le boikaelelo jwa gagwe jo bo itumedisang. Ka sekai, mo go Ekesodo 34:6, 7, Jehofa o ne a itlhalosa mo go Moshe gore ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.” Ke mang yo o se kitlang a batla go atamela motho yo o ntseng jalo? Jehofa o a itse gore fa re ntse re ithuta ka ene mo Baebeleng, re tla mo leba e le motho wa mmatota le go feta e bile re tla ikutlwa re atamalane thata le ene.

11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go ithuta ka dinonofo tsa Modimo le ka ditsela tsa gagwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

11 Ketapele ya buka ya Atamalana le Jehofa e bua jaana fa e tlhalosa kafa re ka nnang le kamano e e gaufi le Modimo ka teng: “Mo botsaleng bope fela jo re nnang le jone, kamano eo e ikaega thata ka go itse motho yoo, go kgatlhwa ke mekgwa ya gagwe e e mo tlhaolang le go mo anaanela. Ka gone, go botlhokwa thata gore re ithute dinonofo tsa Modimo le ditsela tsa gagwe tse di tlhalosiwang  mo Baebeleng.” Ka jalo, a bo re leboga jang ne go bo Jehofa a dirile gore Lefoko la gagwe le kwalwe ka tsela e rona batho re ka kgonang go le tlhaloganya ka yone!

12. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a dirisa batho go kwala Baebele?

12 Jehofa a ka bo a ile a dira gore baengele e nne bone ba kwalang Dikwalo. Kana e bile ba kgatlhegela thata batho le dilo tse ba di dirang. (1 Pet. 1:12) Ga go pelaelo gore baengele ba ka bo ba kwaletse batho molaetsa wa Modimo. A mme gone ba ne ba tla kgona go tlhaloganya dilo ka tsela e batho ba di lebang ka yone? A ba ne ba tla kgona go tlhaloganya dilo tse re di tlhokang, makoa a rona le dikeletso tsa rona? Nnyaa, Jehofa o ne a itse gore ba ne ba se kitla ba kgona go dira jalo. Jehofa o ile a dirisa batho go kwala Baebele, ke ka moo re kgonang go e tlhaloganya botoka. Re kgona go tlhaloganya tsela e bakwadi ba Baebele le ba bangwe ba ba umakilweng mo Dikwalong ba neng ba akanya le go ikutlwa ka yone. Re kgona go tlhaloganya fa ba ne ba kgobegile marapo, ba na le dipelaelo, ba boifa le makoa a bone mmogo le boipelo jo ba neng ba na le jone fa ba ne ba atlega. Jaaka moporofeti Elija, bakwadi botlhe ba bangwe ba Baebele ba ne ba na le “maikutlo a a tshwanang le a rona.”—Jak. 5:17.

Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Jona le Petere ka yone e re atamalanya jang le Ene? (Bona serapa 13, 15)

13. Thapelo ya ga Jona e go ama jang?

13 Ka sekai, ipotse gore a moengele o ne a ka bo a ile a tlhalosa ka botlalo tsela e moporofeti Jona a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a tshabela kabelo e Modimo a neng a mo neile yone. A bo go utlwala jang ne go bo Jehofa a ile a dira gore Jona e nne ene a kwalang pego ya gagwe go akaretsa le thapelo e a neng a e rapela Modimo fa a ne a le kwa tlase ga lewatle! Jona o ne a re: “E rile moya wa me o koafala mo teng ga me, Jehofa ya nna Ene yo ke mo gakologelwang.”—Jona 1:3, 10; 2:1-9.

14. Ke ka ntlha yang fa o kgona go tlhaloganya se Isaia a neng a se kwala?

14 Akanya gape ka se Jehofa a ileng a dira gore Isaia a se kwale. Fa moporofeti yono  a sena go bona ponatshegelo ya kgalalelo ya Modimo, o ne a tlhotlheletsega go kwala jaana ka boleo jwa gagwe: “A bo go latlhega nna! Gonne ke tshwana le fa ke didimaditswe, ka gonne ke motho wa dipounama tse di seng phepa, mme ke nna mo gare ga batho ba dipounama tse di seng phepa; gonne matlho a me a bone Kgosi, Jehofa wa masomosomo ka boene!” (Isa. 6:5) Ke moengele ofe yo o neng a tla tlhotlheletsega go kwala mafoko a a ntseng jalo? Isaia o ne a ka kgona go dira jalo mme rona re kgona go tlhaloganya tsela e a neng a ikutlwa ka yone.

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa re kgona go tlhaloganya tsela e batho ba bangwe ba ikutlwang ka yone? Neela dikai. (b) Ke eng se se tla re thusang go atamalana thata le Jehofa?

15 A baengele ba ne ba ka kgona go bolela gore ga ba “tshwanelwe” jaaka Jakobe a ne a bolela kgotsa ba re “ke monna yo o nang le boleo” jaaka Petere a ne a ikutlwa? (Gen. 32:10; Luke 5:8) A baengele ba ba siameng ba ne ba tla “boifa” jaaka barutwa ba ga Jesu kgotsa a ba ne ba tla tlhoka go “nna pelokgale” fa ba ganediwa go bolela dikgang tse di molemo jaaka Paulo le bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go dira? (Joh. 6:19; 1 Bathes. 2:2) Nnyaa, baengele ba itekanetse ka ditsela tsotlhe mme ba na le maatla a a fetang a batho. Le fa go ntse jalo, fa batho ba ba sa itekanelang ba nna le maikutlo a a ntseng jalo, re tlhaloganya ka bonako ka gonne le rona re tshwana le bone. Fa re bala Lefoko la Modimo, ruri re ka kgona go ‘ipela le batho ba ba ipelang; go lela le batho ba ba lelang.’—Bar. 12:15.

16 Fa re tlhatlhanya ka se Baebele e se bolelang ka tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng, re tla ithuta dilo tse dintsi tse di itumedisang ka Modimo wa rona, yo ka bopelotelele le ka lorato a ileng a dira gore batho ba ba sa itekanelang ba mo atamele. Ka gone, re tla kgona go itse Jehofa sentle e bile re tla mo rata fela thata. Ka ntlha ya seo, re tla kgona go atamalana le ene.—Bala Pesalema 25:14.

NNA LE KAMANO E E GAUFIUFI LE MODIMO

17. (a) Asaria o ne a naya Asa kgakololo efe e e molemo? (b) Asa o ne a itlhokomolosa jang kgakololo ya ga Asaria mme seo se ne sa felela ka eng?

17 Fa Kgosi Asa a sena go fenya masole a Baethiopia, moporofeti wa Modimo e bong Asaria o ne a bolelela ene mmogo le batho ba gagwe mafoko a a botlhale. Asaria o ne a re: “Jehofa o na le lona fa fela lo na le ene; mme fa lo mmatla, o tla dira gore lo mmone, mme fa lo mo tlogela o tla lo tlogela.” (2 Ditir. 15:1, 2) Le fa go ntse jalo, moragonyana Asa o ne a palelwa ke go reetsa kgakololo eo e e molemo. Fa Asa a ne a tshosediwa ke bogosi jwa kwa bokone jwa Iseraele, o ne a ya go kopa thuso kwa Baasirieng. Go na le gore a kope thuso gape mo go Jehofa, o ne a dira botsala le baheitane. Ke ka moo Asa a neng a bolelelwa jaana: “O dirile ka boeleele mo go seno, gonne go tloga jaanong go ya pele go tla nna le dintwa tse di go tsogologelang.” Go ne ga nna le dintwa di le dintsi mo dingwageng tsa bofelo tsa puso ya ga Asa. (2 Ditir. 16:1-9) Re ithuta eng mo go seno?

18, 19. (a) Re tshwanetse go dira eng fa e le gore re ile ra katogela kgakala le Modimo? (b) Re ka atamalana jang le Jehofa?

18 Le ka motlha ga re a tshwanela go fularela Jehofa. Fa e le gore re ile ra katogela kgakala le ene, re tshwanetse go dira se se bolelwang mo go Hosea 12:6 e e reng: ‘Boelang mo Modimong wa lona, o boloka bopelonomi jwa lorato le tshiamiso; mme lo solofele mo Modimong wa lona ka metlha.’ Ka gone, a re atamalaneng gaufi thata le Jehofa ka go anaanela thekololo le ka go ithuta Lefoko la gagwe, Baebele ka tlhoafalo.—Bala Duteronome 13:4.

19 Mopesalema o ne a kwala jaana: “Go atamela Modimo go molemo mo go nna.” (Pes. 73:28) E kete rotlhe re ka tswelela re ithuta dilo tse disha ka Jehofa mme re anaanele le go feta mabaka a le mantsi a re nang le one a go mo rata. Mme e kete Jehofa a ka atamalana le rona gaufi thata gone jaanong le ka bosakhutleng!

^ ser. 3 Bona setlhogo se se buang ka Asa se se reng “Tiro ya Lona E na Le Maduo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2012.