Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seabe sa Basadi ke Sefe mo Boikaelelong Jwa ga Jehofa?

Seabe sa Basadi ke Sefe mo Boikaelelong Jwa ga Jehofa?

“Basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.”—PES. 68:11.

1, 2. (a) Modimo o ne a naya Adame mpho efe? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a naya Adame mosadi? (Bona setshwantsho se se mo tshimologong ya setlhogo seno.)

JEHOFA o ne a na le lebaka la go bopa lefatshe. O ‘le bopetse go nniwa.’ (Isa. 45:18) Motho wa ntlha yo o neng a bopiwa e bong Adame o ne a itekanetse, mme Modimo o ne a mo naya legae le lentle thata—tshimo ya Edene. Ruri Adame o ne a itumelela ditlhare tsa yone tse dintlentle, melatswana ya yone e e elelang le diphologolo tse di itumetseng thata! Mme gone, Adame o ne a tlhaela sengwe sa botlhokwa thata. Jehofa o ne a se tlhalosa fa a ne a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” Modimo o ne a dira gore Adame a welwe ke boroko jo bogolo, a tsaya longwe lwa dikgopo tsa gagwe mme “a dira logopo . . . go nna mosadi.” Fa Adame a tsoga mo borokong, ruri o ne a itumetse! O ne a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me. Yono o tla bidiwa Mosadi, ka gonne o ntshitswe mo monneng.”—Gen. 2:18-23.

2 Mosadi yono e ne e le mpho e e kgethegileng e e tswang kwa Modimong ka gonne o ne a tlile go nna mothusi yo o itekanetseng wa monna wa gagwe. Gape o ne a tla nna le tshiamelo e e kgethegileng ya go tshola bana. Tota e bile, “Adame a raya mosadi wa gagwe leina a re Efa, ka gonne o ne a tshwanetse go nna mmabatshedi botlhe.” (Gen. 3:20) Ruri Modimo o ile a naya banyalani bao ba ntlha mpho e  e molemo tota! Ba ne ba ka kgona go tshola bana ba ba itekanetseng. Ka ntlha ya seo, kgabagare lefatshe le ne le tla tlala ka batho ba ba itekanetseng ba ba neng ba tla laola ditshedi tse dingwe.—Gen. 1:27, 28.

3. (a) Adame le Efa ba ne tshwanetse go dira eng gore Modimo a ba segofatse, mme go ile ga diragalang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

3 Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go ikobela Jehofa le go amogela bolaodi jwa gagwe gore ba kgone go itumelela masego a a neng a ba solofeditse one. (Gen. 2:15-17) Eo e ne e le yone fela tsela e ba neng ba tla kgona go diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka yone. Ka maswabi, ba ne ba tlhotlhelediwa ke “noga ya kwa tshimologong,” e bong Satane, mme ba leofela Modimo. (Tshen. 12:9; Gen. 3:1-6) Botsuolodi joo bo ne jwa ama jang basadi? Basadi ba ba ikobelang Modimo ba nako e e fetileng ba ne ba fitlhelela eng? Ke ka ntlha yang fa basadi ba Bakeresete ba motlha wa rona ba ka bidiwa “lesomo le legolo”?—Pes. 68:11.

SE BOTSUOLODI BO SE DIRILENG

4. Ke mang yo o neng a pegwa molato ka ntlha ya boleo jwa banyalani ba ntlha?

4 Fa Adame a ne a bodiwa ka botsuolodi joo jwa gagwe, o ne a ntsha seipato seno se se sa utlwaleng: “Mosadi yo o mo nneileng gore a nne le nna, o ne a nnaya leungo le le tswang mo setlhareng mme ka ja.” (Gen. 3:12) Adame ga a ka a palelwa fela ke go rwala maikarabelo a boleo jo a bo dirileng mme gape o ile a pega Modimo—Monei yo o lorato—molato ka ntlha ya mosadi yo a neng a mo neile ene! Le fa Adame le Efa ba ne ba leofile, Adame ke ene yo o neng a pegwa molato wa phoso e ba e dirileng. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a kwala jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo.”—Bar. 5:12.

5. Ke eng se se ileng sa bontshiwa ke go bo Modimo a ile a letlelela batho gore ba ipuse ka lobakanyana?

5 Banyalani ba ntlha ba ne ba raelwa gore ba akanye gore ba ne ba sa tlhoke gore Jehofa e nne Mmusi wa bone. Seo se ne sa tsosa potso ya botlhokwa malebana le bolaodi: Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go busa? Go araba potso eo ka botlalo, Modimo o ne a tlogelela batho ka lobakanyana gore ba ipuse. O ne a itse gore go tla direga dilo tse di tla bontshang gore batho ba ka se kgone go ipusa kwantle ga gagwe. Go ralala makgolokgolo a dingwaga, go ipusa ga batho go ile ga dira gore ba welwe ke masetlapelo a a sa feleng. Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng fela, mo e ka nnang batho ba le 100 000 000 ba ile ba swela mo dintweng—palo eno e akaretsa banna, basadi le bana ba ba se nang molato. Ka jalo, go na le bosupi jo bo seng kana ka sepe jo bo bontshang gore “ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jer. 10:23) Go lemoga seno go re thusa gore re amogele gore Jehofa ke Mmusi wa rona.—Bala Diane 3:5, 6.

6. Mo dinageng tse dintsi, basadi ba tshwarwa jang?

6 Banna le basadi ba ile ba tshwarwa setlhogo mo lefatsheng leno le le namaletseng mo maatleng a ga Satane. (Mor. 8:9; 1 Joh. 5:19) Dingwe tsa ditiro tseo tsa bosetlhogo di akaretsa go sotlwa ga basadi. Lefatshe ka bophara mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa basadi, ba bega gore ba ile ba tlhaselwa ke balekane ba bone. Mo ditšhabeng tse dingwe banna ba tseelwa kwa godimo ka gonne go dumelwa gore fa ba gola ba tla tsweledisa pele losika lwa bone le go tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng le borremogolo le bommèmogolo. Mo dinageng dingwe, bana ba basetsana ga ba ratiwe mme palo ya bana ba basetsana ba ba bolawang ka go ntsha mpa e feta ya basimane.

7. Modimo o ne a thusa jang monna le mosadi gore ba nne le motheo o o molemo?

7 Boammaaruri ke gore Modimo ga a itumedisiwe ke tsela e e setlhogo e basadi ba tshwarwang ka yone. O tlotla basadi le go ba tshwara sentle. Lebaka la go bo Jehofa a ile a bopa Efa a itekanetse e bile a na le dinonofo tse di neng di dira gore a se ka a nna lekgoba mme a nne mothusi yo o molemo wa ga Adame, le bontsha tsela e Jehofa a lebang basadi ka yone. Ke ka moo mo letsatsing la borataro la popo, Modimo a neng “a bona sengwe le sengwe se  a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.” (Gen. 1:31) Ee, “sengwe le sengwe” se Jehofa a neng a se bopile se ne se le “molemo tota.” O ne a dira gore monna le mosadi ba nne le motheo o o molemo!

BASADI BA JEHOFA A NENG A BA EMA NOKENG

8. (a) Tlhalosa boitshwaro jwa batho ka kakaretso. (b) Go ralala hisitori, ke bomang ba Modimo a neng a ba amogela?

8 Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, boitshwaro jwa banna le basadi ka kakaretso bo ne jwa senyega mme mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, dilo di ile tsa nna maswe le go feta. Baebele e ile ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo” go tla nna le boitshwaro jo bo sa siamang. Bosula jwa batho bo ile jwa ata thata jaana mo e leng gore ruri re kgona go bona gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata.’ (2 Tim. 3:1-5) Le fa go ntse jalo, go ralala hisitori, “Morena Molaodimogolo Jehofa” o ile a bontsha gore o amogela banna le basadi ba ba mo ikanyang, ba ba ikobelang melao ya gagwe le ba ba mo amogelang e le Mmusi wa bone.—Bala Pesalema 71:5.

9. Ke batho ba le kae ba ba ileng ba falola Morwalela mme ka ntlha yang?

9 Mo motlheng wa ga Noa, fa Modimo a ne a dirisa Morwalela go fedisa lefatshe la bogologolo le le neng le tletse thubakanyo, go ne ga falola batho ba le mmalwa fela. Fa e le gore bomorwarraagwe Noa le bokgaitsadie ba ne ba sa ntse ba tshela ka nako eo, le bone ba ne ba bolawa ke morwalela. (Gen. 5:30) Mme palo ya banna le basadi ba ba neng ba falola Morwalela e ne e lekana. E ne e le Noa, mosadi wa gagwe, bomorwawe ba le bararo le basadi ba bone. Ba ne ba bolokwa ka gonne ba ne ba boifa Modimo e bile ba dira thato ya gagwe. Batho ba ba dibilione ba ba tshelang gone jaanong ba tswa mo bathong ba ba robedi bao ba Jehofa a neng a ba ema nokeng.—Gen. 7:7; 1 Pet. 3:20.

10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a ema nokeng basadi ba ditlhogo tsa lotso ba ba neng ba mmoifa?

10 Dingwaga moragonyana, basadi ba ditlhogo tsa lotso ba ba neng ba boifa Modimo le bone o ne a ba ema nokeng. Modimo o ne a se kitla a ba ema nokeng fa e ka bo e le batho ba ba ratang go ngongorega ka seemo sa bone sa botshelo. (Jude 16) Mosadi wa ga Aborahame yo o neng a bontsha tlotlo e bong Sara, ga a ka a ngongorega fa ba ne ba laelwa gore ba tlogele manobonobo a bone a kwa Ure mme ba ye go nna banni ba nakwana ba ba nnang mo ditenteng kwa nageng e sele. Go na le moo, ‘Sara o ne a utlwa Aborahame, a mmitsa morena.’ (1 Pet. 3:6) Akanya gape ka Rebeka yo e neng e le mpho e e molemo e e tswang kwa go Jehofa mme o ne a nna mosadi yo o molemo. Ga go gakgamatse go bo monna wa gagwe e bong Isake a ile “a mo rata, mme . . . a gomotsega morago ga loso lwa ga mmaagwe.” (Gen. 24:67) Ruri re a itumela go bo gompieno re na le basadi ba ba tshwanang le Sara le Rebeka!

11. Basadi ba babedi ba Bahebera ba babelegisi ba ne ba bontsha jang bopelokgale?

11 Ka dingwaga tse Baiseraele ba neng ba le mo bokgobeng kwa Egepeto, palo ya bone e ne ya oketsega mme Faro o ne a laela gore masea otlhe a basimane a Bahebera a bolawe fa ba tsholwa. Le fa go ntse jalo, akanya ka babelegisi ba Bahebera e bong Shifera le Pua, ba ba ka tswang ba ne ba okametse tiro eno ya go belegisa. Ba ne ba gana ka bopelokgale go bolaya masea ka gonne ba ne ba boifa Jehofa. Ka jalo, o ne a ba segofatsa ka go dira gore le bone ba nne le malapa.—Ekes. 1:15-21.

12. Ke eng se se neng sa dirwa ke Debora le Jaele?

12 Mo motlheng wa baatlhodi ba kwa Iseraele, mongwe yo Modimo a neng a mo ema nokeng e ne e le moporofeti wa mosadi e bong Debora. O ne a kgothatsa Moatlhodi Barake le go nna le seabe mo go thuseng Baiseraele go tswa mo kgatelelong, mme o ne a bolelela pele gore kgalalelo ya go fenya Bakanana e ka se newe Barake. Go na le moo, Modimo o ne a tla tsenya molaodi wa sesole wa kwa Kanana e bong Sisera “mo seatleng sa mosadi.” Seo se ile sa direga fa Sisera a ne a bolawa ke mosadi yo e seng Moiseraele e bong Jaele.—Baatlh. 4:4-9, 17-22.

13. Baebele e re bolelela eng ka Abigaile?

 13 Abigaile e ne e le mosadi yo o ikanyegang yo o neng a tshela mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E. O ne a na le temogo, mme monna wa gagwe e bong Nabale, o ne a le setlhogo, a se na molemo ope e bile e le seeleele. (1 Sam. 25:2, 3, 25) Dafide le banna ba gagwe ba ne ba sireletsa dithoto tsa ga Nabale ka nakwana mme fa ba mo kopa dijo “o ne a ba kgalema a goa” mme a se ka a ba naya sepe. Seno se ne sa galefisa Dafide thata mo a neng a batla go bolaya Nabale le banna ba gagwe. Fa Abigaile a utlwa seno, o ne a isetsa Dafide le banna ba gagwe dijo le dino, ka go dira jalo a thibela tshololo ya madi. (1 Sam. 25:8-18) Moragonyana Dafide o ne a mo raya a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha!” (1 Sam. 25:32) Fa Nabale a sena go swa, Dafide o ne a nyala Abigaile.—1 Sam. 25:37-42.

14. Bomorwadia Shalume ba ne ba nna le seabe mo tirong efe, mme basadi ba Bakeresete ba dira jang se se tshwanang gompieno?

14 Banna, basadi le bana ba le bantsi ba ne ba swa fa masole a Babelona a senya Jerusalema le tempele ya yone ka 607 B.C.E. Nehemia o ne a kaela tiro ya go aga sesha dipota tsa motse oo ka 455 B.C.E. Bangwe ba batho ba ba neng ba thusa go aga dipota tseo e ne e le bomorwadia Shalume, kgosana ya karolo ya kgaolo ya Jerusalema. (Neh. 3:12) Ba ne ba dira tiro ya maemo a a kwa tlase ka go rata. A bo re anaanela jang ne basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ba itumelelang go dira ditiro tse di farologaneng go tshegetsa tiro ya go aga e e dirwang mo phuthegong ya Modimo!

BASADI BA BA BOIFANG MODIMO MO LEKGOLONG LA NTLHA LA DINGWAGA

15. Modimo o ne a naya mosadi mongwe yo o bidiwang Marea tshiamelo efe?

15 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. kgotsa nako nngwe pele ga foo, Jehofa o ne a naya basadi ba le bantsi ditshiamelo tse di molemo. Mongwe wa bone e ne e le lekgarebana lengwe le le neng le bidiwa Marea. Ka nako ya fa a ne a beeleditswe ke Josefa, moya o o boitshepo o ne wa mo imisa ka tsela ya kgakgamatso. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a mo tlhopha go nna mmaagwe Jesu? Ga go pelaelo gore e ne e le ka gonne a ne a na le dinonofo tsa semoya tse di neng di tlhokega gore a godise morwawe yo o itekanetseng. Ruri e ne e le tshiamelo go nna mmaagwe monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng!—Math. 1:18-25.

16. Neela sekai sa kafa Jesu a neng a tshwara basadi ka teng.

16 Jesu o ne a bontsha basadi bopelonomi. Ka sekai, akanya ka mosadi mongwe yo o neng a na le kelelo ya madi ka dingwaga di le 12. O ne a atamela Jesu mo gare ga boidiidi, a tswa kwa morago mme a ama seaparo sa gagwe. Go na le gore Jesu a mo kgalemele, o ne a mmolelela jaana ka bopelonomi: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”—Mar. 5:25-34.

17. Ke tiragalo efe ya kgakgamatso e e ileng ya direga ka Pentekosete ya 33 C.E.?

17 Basadi bangwe ba e neng e le barutwa ba ga Jesu ba ne ba direla ene le baaposetoloi ba gagwe. (Luke 8:1-3) Mme ka Pentekosete ya 33 C.E., banna le basadi ba ba ka nnang 120 ba ne ba amogela moya wa Modimo ka tsela e e kgethegileng. (Bala Ditiro 2:1-4.) Go tshololwa ga moya o o boitshepo go ile ga bolelelwa pele jaana: ‘Nna Jehofa ke tla tshololela moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta. Mme ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng.’ (Joele 2:28, 29) Modimo o ne a dirisa tiragalo eo ya kgakgamatso ka letsatsi la Pentekosete, go bontsha gore ga a tlhole a ema nokeng Iseraele wa motlhanogi go na le moo, o ema nokeng “Iseraele wa Modimo” yo o akaretsang banna le basadi. (Bagal. 3:28; 6:15, 16) Bomorwadia Filipi wa moefangedi ba banè e ne e le bangwe ba basadi ba Bakeresete ba ba neng ba nna le seabe mo bodireding mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Dit. 21:8, 9.

 “LESOMO LE LEGOLO” LA BASADI

18, 19. (a) Modimo o neile banna le basadi tshiamelo efe mo kobamelong ya boammaaruri? (b) Mopesalema a reng ka basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo?

18 Kwa bofelong jwa bo1800, banna le basadi ba le mmalwa ba ne ba kgatlhegela kobamelo ya boammaaruri fela thata. Ba ne ba etelela pele batho ba gone jaanong ba nnang le seabe mo go diragatseng mafoko ano a boporofeti a ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Math. 24:14.

19 Setlhopha se sennye sa Baithuti ba Baebele se ile sa gola sa nna Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 8 000 000 gompieno. Batho bangwe ba ba fetang 11 000 000 ba bontsha kgatlhego mo Baebeleng le mo tirong ya rona ka go nna teng kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu. Mo dinageng di le dintsi, bontsi jwa batho ba ba nnang gone kwa segopotsong seo ke basadi. Lefatshe ka bophara go na le baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng ba ba fetang 1 000 000 mme bontsi jwa bone ke basadi. Ruri Modimo o neile basadi ba ba ikanyegang tshiamelo ya go nna le seabe mo bo diragatseng mafoko ano a mopesalema: “Jehofa ka boene o ntsha lefoko; basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.”—Pes. 68:11.

Ruri basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke “lesomo le legolo” (Bona serapa 18, 19)

MASEGO A MAGOLO A A LETETSENG BASADI BA BA BOIFANG MODIMO

20. Ke ditlhogo dife tse re ka di sekasekang?

20 Fa re ka bua ka basadi ba bantsi ba ba ikanyegang ba ba umakilweng mo Baebeleng, le ka tlhaba la bo la dikela. Mme rotlhe re kgona go bala ka bone mo Lefokong la Modimo le mo ditlhogong tse di gatisiwang mo dikgatisong tsa rona. Ka sekai, re ka kgona go tlhatlhanya ka boikanyegi jwa ga Ruthe. (Ruthe 1:16, 17) Tumelo ya rona e a nonofa fa re bala buka e e bidiwang ka leina la ga Kgosigadi Esethere le ditlhogo tse di buang ka ene. Tshedimosetso eno e ka re solegelwa molemo fa re ka rulaganya go e sekaseka ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa. Fa e le gore o nna o le nosi, o ka nna wa sekaseka ditlhogo tse di ntseng jalo ka nako ya fa o ithuta.

21. Basadi ba ba boifang Modimo ba ile ba bontsha jang gore ba ineetse mo go Jehofa mo dinakong tsa mathata?

21 Ga go pelaelo gore Jehofa o segofatsa tiro ya go rera e e dirwang ke basadi ba Bakeresete e bile o ba ema nokeng mo dinakong tsa mathata. Ka sekai, Modimo o ne a thusa basadi ba ba mmoifang gore ba nne ba ikanyega ka nako ya puso ya Bonasi le ya Bokomonisi fa ba le bantsi ba bone ba ne ba bogisiwa mme bangwe ba bolawa ka ntlha ya go ikobela Modimo. (Dit. 5:29) Fela jaaka mo nakong e e fetileng, le gompieno bokgaitsadi ba rona le baobamedi mmogo le bone ba bangwe botlhe ba tshegetsa bolaodi jwa Modimo. Tota e bile, jaaka Jehofa a ne a dira ka Baiseraele ba bogologolo, o tshwara seatla sa bone sa moja mme a bo a re: “O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.”—Isa. 41:10-13.

22. Ke ditshiamelo dife tse re ka lebelelang pele go di bona mo isagweng?

22 Gautshwane, banna le basadi ba ba boifang Modimo ba tla fetola lefatshe leno go nna paradaise le go thusa batho ba ba dimilione ba ba tsositsweng go ithuta ka boikaelelo jwa ga Jehofa. Go sa kgathalesege gore a o monna kgotsa o mosadi, a re anaaneleng tshiamelo ya rona ya go direla Modimo re le “seoposengwe,” go fitlha nako eo e goroga.—Sefa. 3:9.