Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Utlwa Lentswe la ga Jehofa Gongwe le Gongwe Kwa o Leng Gone

Utlwa Lentswe la ga Jehofa Gongwe le Gongwe Kwa o Leng Gone

“Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e.’”—ISA. 30:21.

1, 2. Jehofa o buisana jang le batlhanka ba gagwe?

GO RALALA motlha wa ditiragalo tsa Baebele, Jehofa o ne a dirisa ditsela tse di farologaneng go kaela batho. Fa Modimo a ne a bua le bangwe ba bone o ne a dirisa baengele, diponatshegelo kgotsa ditoro, ka jalo, a ba senolela se se tla diregang mo isagweng. Gape Jehofa o ne a ba naya dikabelo dingwe tse di kgethegileng. (Dipa. 7:89; Esek. 1:1; Dan. 2:19) Ba bangwe Jehofa o ne a ba kaela a dirisa baemedi ba gagwe ba e leng karolo ya phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng. Go sa kgathalesege gore batho ba ga Jehofa ba ne ba tsibogela molaetsa wa gagwe jang, ba ba neng ba latela ditaelo tsa gagwe ba ne ba segofadiwa.

2 Gompieno, Jehofa o kaela batho ba gagwe a dirisa Baebele, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya gagwe. (Dit. 9:31; 15:28; 2 Tim. 3:16, 17) Kaelo e a re nayang yone e utlwala sentle thata jaana mo e keteng “ditsebe tsa [rona] di utlwa lefoko kwa morago ga [rona] le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone.’” (Isa. 30:21) Tota e bile, Jesu le ene o re naya molaetsa wa ga Jehofa fa a ntse a kaela phuthego a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Re tshwanetse go tsaya kaelo eno masisi, ka gonne botshelo jo bo sa khutleng bo ikaegile ka gore re nne kutlo.—Baheb. 5:9.

3. Ke eng se se tla dirang gore re se ka ra tsibogela kaelo ya ga Jehofa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

3 Maikaelelo a ga Satane Diabolo ke go thibela gore re se ka ra bona kaelo e e bolokang matshelo e re e newang ke Jehofa. Mo  godimo ga moo, ‘pelo ya rona e e boferefere’ e ka dira gore re se ka ra tsibogela kaelo ya ga Jehofa. (Jer. 17:9) Ka jalo, mma re sekaseke kafa re ka fenyang ka gone dikgoreletsi tse di dirang gore go nne thata go reetsa lentswe la Modimo. Gape a re sekasekeng kafa go buisana le Jehofa go tla sireletsang kamano ya rona le ene ka teng, go sa kgathalesege gore re lebane le maemo afe.

GO FENYA MAANO A GA SATANE

4. Satane o leka jang go tlhotlheletsa tsela e batho ba akanyang ka yone?

4 Satane o leka go tlhotlheletsa tsela e batho ba akanyang ka yone ka go ba naya tshedimosetso ya maaka. (Bala 1 Johane 5:19.) Mo godimo ga tshedimosetso e e kwadilweng, lefatshe—go akaretsa le mafelo a a kgakala—le na le tshedimosetso e ntsi e e phasaladiwang ka radio, thelebishene le Internet. Le fa metswedi e e ntseng jalo ya tshedimosetso e ka tswa e bua ka dilo tse di kgatlhang, gantsi e buelela boitshwaro jo bo kgatlhanong le melao ya ga Jehofa. (Jer. 2:13) Ka sekai, metswedi ya tshedimosetso ya dikgang le boitlosobodutu e bua ka go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang e kete ke sengwe se se amogelesegang mme batho ba le bantsi ba akanya gore se Baebele e se buang ka bosodoma ke go feteletsa dilo.—1 Bakor. 6:9, 10.

5. Re ka tila jang go tlhotlhelediwa ke tshedimosetso ya maaka ya ga Satane?

5 Batho ba ba ratang tshiamo ya Modimo ba ka tila jang go tlhotlhelediwa ke tshedimosetso e ntsintsi ya maaka ya ga Satane? Ba ka farologanya jang se se molemo le se se bosula? ‘Ka go nna ba itebeletse kafa lefokong la Modimo’! (Pes. 119:9) Lefoko la Modimo le le kwadilweng le na le kaelo e e botlhokwa e e re thusang go farologanya tshedimosetso ya boammaaruri le e e tsietsang ya maaka. (Dia. 23:23) Fa Jesu a ne a nopola Dikwalo, o ne a re “motho o tshwanetse go tshela . . . ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Math. 4:4) Re tshwanetse go ithuta kafa re ka dirisang melaometheo ya Baebele ka gone mo botshelong jwa rona. Ka sekai, dingwaga tse dintsi pele Moshe a kwala ka molao wa ga Jehofa o o kgatlhanong le boaka, lekawana le le bidiwang Josefa le ne le tlhaloganya gore go itshwara ka tsela e e ntseng jalo e ne e le go leofela Modimo. Ga a ise a ko a akanye go tlola molao wa ga Jehofa fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go mo raela gore a dire se se sa siamang. (Bala Genesise 39:7-9.) Le fa a ne a mo gatelela ka nako e telele, Josefa ga a ka a letla mosadi yoo go mo dira gore a se ka a ikobela taelo ya Modimo. Sengwe se se botlhokwa se se ka re thusang go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang ke go reetsa lentswe la ga Jehofa le go gana go reetsa tshedimosetso ya maaka ya ga Satane.

6, 7. Re tshwanetse go dira eng gore re tile kgakololo ya ga Satane e e boikepo?

6 Lefatshe le tletse ka dithuto tse di ganetsanang tsa bodumedi mo e leng gore batho ba le bantsi ba akanya gore ke matsapa a bophiri go batla bodumedi jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirile gore kaelo ya gagwe e utlwale sentle gore e kgone go thusa batho ba ba batlang go e dirisa. Re tshwanetse go dira tshwetso ya gore re tla reetsa mang. E re ka go sa kgonege gore re reetse mantswe a mabedi ka nako e le nngwe, re tshwanetse go ‘itse lentswe’  la ga Jesu le go le reetsa. Ke ene yo Jehofa a mo tlhophileng go tlhokomela dinku tsa Gagwe.—Bala Johane 10:3-5.

7 Jesu o ne a re: “Tlhokomelang se lo se utlwang.” (Mar. 4:24) Kgakololo ya ga Jehofa e utlwala sentle e bile e siame mme re tshwanetse go e ela tlhoko le go e reetsa ka go baakanya dipelo tsa rona gore di e amogele. Fa re se kelotlhoko, re tla reetsa kgakololo ya ga Satane e e boikepo go na le gore re reetse kgakololo e e lorato ya Modimo. Le ka motlha o se ka wa letlelela mmino wa lefatshe, dibidio, dithulaganyo tsa thelebishene, dibuka, batho ba o ba itseng, barutisi kgotsa batho ba go tweng ke bomankge go laola botshelo jwa gago.—Bakol. 2:8.

8. (a) Dipelo tsa rona di ka dira jang gore re ineele mo maanong a ga Satane? (b) Ke eng se se ka diregang fa re itlhokomolosa matshwao a a re tlhagisang?

8 Satane o a itse gore re na le keletso ya go dira boleo mme o leka go re tlhotlheletsa gore re e kgotsofatse. Fa Satane a re tlhasela ka tsela eno, e nna kgwetlho e kgolo go nna re ikanyega. (Joh. 8:44-47) Re ka kgona jang go fenya kgwetlho eo ka katlego? Akanya ka motho yo o nnang a akantse thata ka monate wa nakwana mme a bo a feleletsa a dirile sengwe se se sa siamang se a neng a akanya gore a ka se se dire. (Bar. 7:15) Ke eng se se bakileng seemo seno se se hutsafatsang? Go ka direga gore ka bonya ka bonya motho yoo o ne a sa tlhole a reetsa lentswe la ga Jehofa. A ka tswa a ile a palelwa ke go lemoga matshwao a a mo tlhagisang ka se se mo pelong ya gagwe kgotsa a ka tswa a ile a tlhopha go a itlhokomolosa. Ka sekai, a ka tswa a tlogetse go rapela, a sa ye tshimong ka metlha kgotsa a simolotse go sa ye dipokanong. Kgabagare, o ne a ineela mo dikeletsong tsa gagwe mme a dira se a neng a itse gore ga se a siama. Re ka tila go dira phoso e kgolo jalo ka go nna re ntshitse matlho dinameng go bona matshwao ape a a re tlhagisang le go dira sengwe ka bonako go baakanya dilo. Mme fa re reetsa lentswe la ga Jehofa, re ka se ka ra reetsa dikgopolo dipe tsa botlhanogi.—Dia. 11:9.

9. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata go lemoga mekgwa e e sa siamang ka bonako?

9 Fa bolwetse bo lemogiwa ka bonako seo se ka boloka botshelo jwa motho. Ka tsela e e tshwanang, re ka katoga masetlapelo fa re lemoga ka bonako mekgwa e e ka dirang gore re raelesege. Fa re lemoga ditshekamelo tse di ntseng jalo, go ka nna botlhale fa re ka tsaya kgato ka bonako—pele ga ‘Satane a re tshwara re tshela a re tshwarela thato ya gagwe.’ (2 Tim. 2:26) Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re ile ra letlelela tsela e re akanyang ka yone le dikeletso tsa rona gore di katogele kgakala le se Jehofa a batlang gore re se dire? Ka bonako fela, re tshwanetse go boela mo go ene ka boikokobetso, re bule ditsebe tsa rona go reetsa kgakololo ya gagwe ka pelo  yotlhe. (Isa. 44:22) Re tshwanetse go lemoga gore go dira tshwetso e e sa siamang, go ka re gobatsa thata mo e leng gore re tshwanelwa ke go boga ditlamorago tse di masisi mo tsamaisong eno ya dilo. Go tla bo go le botoka tota go tila go fapoga ka go tsaya kgato ka bonako gore o se ka wa dira phoso e e masisi jalo!

Thulaganyo e e molemo ya semoya e ka go sireletsa jang mo maanong a ga Satane? (Bona serapa 4-9)

GO FENYA BOIKGOGOMOSO LE BOPELOTSHETLHA

10, 11. (a) O ka kgona go lemoga boikgogomoso jang? (b) Re ithuta eng ka kgato e e sa siamang e e tserweng ke Kora, Dathane le Abirame?

10 Re tshwanetse go lemoga gore dipelo tsa rona di ka re tsietsa. A bo dikeletso tsa rona tsa go dira boleo di le maatla jang ne! Ka sekai, akanya ka boikgogomoso le bopelotshetlha. Akanya kafa mekgwa eno e ka re kgoreletsang ka teng go reetsa lentswe la ga Jehofa e bile e ka dirang gore re latele tsela e e kotsi. Motho yo o boikgogomoso o itseela kwa godimo thata. A ka nna a akanya gore o na le tshwanelo ya go dira sengwe le sengwe fela se a se batlang mme ga go na ope yo a ka mmolelelang gore a dire eng. Ka jalo, a ka nna a akanya gore ga go ope yo o ka mo nayang kgakololo e ka tswa e le Bakeresete ka ene, bagolwane kgotsa tota le e leng phuthego ya Modimo. Mo mothong yo o ntseng jalo, modumo wa lentswe la ga Jehofa o utlwala kwa tlase thata.

11 Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng, Kora, Dathane le Abirame ba ne ba tsuologela bolaodi jwa ga Moshe le Arone. E re ka ba ne ba ikgogomosa, ba ne ba tsuologa mme ba itirela dithulaganyo tsa go obamela Jehofa. Jehofa o ne a tsiboga jang? O ne a ba bolaya. (Dipa. 26:8-10) A bo tiragalo eno e re ruta thuto e e botlhokwa jang ne! Go tsuologela Jehofa go felela ka masetlapelo. Gape a re gakologelweng gore “boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana.”—Dia. 16:18; Isa. 13:11.

12, 13. (a) Naya sekai sa kafa bopelotshetlha bo ka re bakelang masetlapelo ka teng. (b) Tlhalosa kafa bopelotshetlha bo ka golang ka bonako ka teng fa bo sa thibelwe.

12 Gape akanya ka kgang ya bopelotshetlha. Gantsi motho yo o pelotshetlha o ipagololela mogodu le go itlhokomolosa ditaelo tsa Modimo. Fa molaodi wa sesole sa Siria e bong Naamane a sena go alafiwa lepero, o ne a naya moporofeti Elisha dimpho mme o ne a di gana. Le fa go ntse jalo, motlhokomedi wa ga Elisha e bong Gehasi, o ne a tswela dimpho tseo pelo. Gehasi o ne a ipolelela jaana: “Jaaka Jehofa a tshedile, ke tla sianela kwa go [Naamane] mme ke tseye sengwe mo go ene.” O ne a taboga mo morago ga Naamane, Elisha a sa itse mme a bua maaka a kopa “talenta ya selefera le diaparo tse ba tla emisetsang tse dingwe ka tsone.” Go ne ga direga eng ka go bo Gehasi a ile a dira seno a bo a aketsa moporofeti wa ga Jehofa? Lepero la ga Naamane le ne la ngaparela Gehasi yo o pelotshetlha!—2 Dikg. 5:20-27.

13 Bopelotshetlha bo ka simolola ka selo se sennye mme fa bo sa thibelwe, bo ka gola ka bonako mme jwa fekeetsa motho. Pego ya Baebele e e buang ka Akane e bontsha kafa bopelotshetlha bo leng maatla ka gone. Ela tlhoko kafa bopelotshetlha jwa ga Akane bo ileng jwa gola ka bonako ka gone. O ne a re: “E rile ke bona seaparo se se kgethegileng se sentle mo thopong sa kwa Shinare, le dishekele di le makgolo a mabedi tsa selefera le setena se le sengwe sa gouta, bokete jwa sone e le dishekele di le masome a matlhano, foo ka di eletsa, mme ka di tsaya.” Go na le gore Akane a lwantshe keletso e e sa siamang, o ne a nna pelotshetlha mme a utswa dilo tseo a bo a di fitlha mo mogopeng wa gagwe. Fa boleo jwa ga Akane bo senoga, Joshua o ne a mo raya a re Jehofa o tla mo tlisetsa masetlapelo. Mo go lone letsatsi leo, Akane le ba lelapa la gagwe ba ne ba kgobotlediwa ka maje. (Josh. 7:11, 21, 24, 25) Bopelotshetlha ke nonofo e mongwe le mongwe wa rona a ka nnang le yone. Ka jalo, a re nneng re ‘itiseng kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.’ (Luke 12:15) Le fa gangwe le gape go ka direga gore re nne le dikakanyo tse di sa siamang kgotsa re akanya ka dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang, go botlhokwa gore re laole megopolo ya rona mme re se ka ra letla dikeletso tsa rona go gola go fitlha mo re dirang boleo.—Bala Jakobe 1:14, 15.

14. Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re na le ditshekamelo tsa boikgogomoso le bopelotshetlha?

 14 Boikgogomoso le bopelotshetlha di ka felela ka masetlapelo. Fa re akanya ka ditlamorago tsa go latela tsela e e sa siamang, seo se tla re thusa gore re se ka ra letla dikeletso tse di ntseng jalo go fekeetsa lentswe la ga Jehofa. (Dute. 32:29) Mo Baebeleng, Modimo wa boammaaruri ga a re bolelele fela gore tsela e e siameng ke efe mme gape o re tlhalosetsa melemo ya go tsamaya ka yone le ditlamorago tsa go tsamaya mo tseleng e e sa siamang. Fa dipelo tsa rona di re tlhotlheletsa go dira sengwe ka ntlha ya boikgogomoso kgotsa bopelotshetlha, a bo go tla nna molemo jang ne gore re akanye ka ditlamorago tsa gone! Re tshwanetse go akanya kafa go dira se se bosula go tla re amang ka gone, go tla amang batho ba re ba ratang mme segolobogolo kafa go tla amang kamano ya rona le Jehofa ka gone.

NNA O BUISANA LE JEHOFA

15. Sekao sa ga Jesu se re ruta eng ka puisano?

15 Jehofa o re batlela se se molemo. (Pes. 1:1-3) O re naya kaelo e e lekaneng ka nako e re e tlhokang ka yone. (Bala Bahebera 4:16.) Le fa Jesu a ne a itekanetse, o ne a tsaya go le botlhokwa gore a buisane ka metlha le Jehofa mme o ne a mo rapela ka dinako tsotlhe. Jehofa o ne a tshegetsa Jesu le go mo kaela ka ditsela tse di gakgamatsang. O ne a romela baengele gore ba mo direle, a romela moya wa gagwe o o boitshepo gore o mo thuse a bo a mo kaela go tlhopha baaposetoloi ba le 12. Lentswe la ga Jehofa le ne la utlwala go tswa kwa legodimong, a tlhalosa kafa a tshegetsang le go amogela Jesu ka teng. (Math. 3:17; 17:5; Mar. 1:12, 13; Luke 6:12, 13; Joh. 12:28) Fela jaaka Jesu, le rona re tlhoka go rapela Modimo re mmolelela se se mo dipelong tsa rona. (Pes. 62:7, 8; Baheb. 5:7) Thapelo e re thusa go atamalana le Jehofa le go tshela ka tsela e e bontshang gore re a mo tlotla.

16. Jehofa a ka re thusa jang go reetsa lentswe la gagwe?

16 Le fa go le motlhofo go bona kgakololo ya ga Jehofa, ga a pateletse ope go e latela. Re tshwanetse go kopa moya wa gagwe o o boitshepo mme o tla o re naya ka bopelotshweu. (Bala Luke 11:10-13.) Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re ‘tlhokomele kafa re reetsang ka gone.’ (Luke 8:18) Ka sekai, e tla bo e le boitimokanyi go kopa Jehofa gore a re thuse go tila boitsholo jo bo sa siamang mme ka fa letlhakoreng le lengwe re tswelela re lebelela tshedimosetso e e tsosang keletso ya thobalano kgotsa difilimi tsa boitsholo jo bo sa siamang. Tota e bile re tshwanetse go dira gore re nne mo mafelong kgotsa mo maemong a moya wa ga Jehofa o leng mo go one. Re a itse gore moya wa gagwe o gone kwa dipokanong tsa phuthego. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba tila masetlapelo ka go reetsa Jehofa ka nako ya dipokano. Ka jalo, ba ile ba lemoga fa ba simolola go nna le dikeletso tse di sa siamang mo dipelong tsa bone mme ba baakanya ditsela tsa bone.—Pes. 73:12-17; 143:10.

NNA O TLWAELANE LE LENTSWE LA GA JEHOFA

17. Ke ka ntlha yang fa go le kotsi go itshepa ka tsela e e feteletseng?

17 Akanya ka Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo. Fa a ne a le mosha, o ne a fenya mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe. Dafide o ne a nna lesole, kgosi, mosireletsi le motho yo o neng a direla setšhaba ditshwetso. Mme fa Dafide a ne a simolola go itshepa ka tsela e e feteletseng, pelo ya gagwe e ne ya mo tsietsa mme a dira boleo jo bo masisi le Bathesheba, a bo a rulaganya gore monna wa gagwe e bong Uria a bolawe. Fa Dafide a ne a otlhaiwa, o ne a amogela molato wa gagwe ka boikokobetso mme a boa a baakanya kamano ya gagwe le Jehofa.—Pes. 51:4, 6, 10, 11.

18. Ke eng se se ka re thusang go tswelela re reetsa lentswe la ga Jehofa?

18 A re tseyeng tsia kgakololo e e mo go 1 Bakorintha 10:12 mme re se ka ra itshepa ka tsela e e feteletseng. E re ka re sa kgone go ‘kaela dikgato tsa rona’ kgabagare re tla tlhopha go reetsa lentswe la ga Jehofa kgotsa lentswe la Moganetsi wa gagwe. (Jer. 10:23) A re rapeleng ka metlha, re latele kaelo ya moya o o boitshepo mme ka dinako tsotlhe re reetse lentswe la ga Jehofa.