TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG September 2014

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tse di tla ithutiwang ka Diphalane 27 go ya go Ngwanatsele 30, 2014.

A o A ‘Kgaratlha’?

O ka go dira jang ka tsela e e siameng?

A o Tlhatswegile Pelo Gore o mo Boammaaruring? Ka Ntlha Yang?

Setlhogo seno se tla tlotla ka mangwe a mabaka a go bo batho ba le bantsi ba dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba mo boammaaruring. Gape re tla tlotla ka mabaka a go bo Basupi ka bobone ba tlhatswegile pelo gore ba mo boammaaruring.

Direla Modimo ka Boikanyegi Le fa Go na Le “Dipitlagano di le Dintsi”

Mongwe le mongwe o lebana le dipitlagano ka ntlha ya go tshela mo lefatsheng la ga Satane. Dingwe tsa ditsela tse Satane a tlhaselang ka tsone ke dife? Re ka di ipaakanyetsa jang?

Batsadi—Nnang Badisa ba Bana ba Lona

Batsadi ba na le boikarabelo jwa go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Setlhogo seno se tlotla ka ditsela tse tharo tse batsadi ba ka di dirisang go disa bana ba bone le go ba thusa go rata Jehofa.

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 37:25 le a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33 a kaya gore le ka motlha Jehofa a ka se letle Mokeresete a bolawa ke tlala?

Loso lo Tla Nyelediwa, e le Mmaba wa Bofelo

Loso le dilo tsotlhe tse di felelang ka lone di baka pogo e e botlhoko. Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo” leng? (1 Bakorintha 15:26) Bona kafa dikarabo tsa dipotso tseno di bontshang ka teng tshiamiso, botlhale mme segolobogolo lorato lwa ga Jehofa.

Gopolang Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng

Baobamedi ba le bantsi ba ga Jehofa ba dira ka natla mo tirelong ya nako e e tletseng. Re ka dirang go gopola ‘tiro ya bone ya go nna le tumelo’ le “ya lorato”?—1 Bathesalonika 1:3.