Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlhatswegile Pelo Gore o mo Boammaaruring? Ka Ntlha Yang?

A o Tlhatswegile Pelo Gore o mo Boammaaruring? Ka Ntlha Yang?

“Iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—BAR. 12:2.

1. Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ile ba dirang ka nako ya ntwa?

A KE thato ya Modimo gore Bakeresete ba boammaaruri ba ye ntweng mme ba bolaye batho ba setšhaba se sengwe? Seo ke se se ileng sa dirwa ke batho ba le bantsi ba ba ipitsang Bakeresete mo dingwageng di le 100 tse di fetileng. Baruti ba sesole ba Bakatoliki ba ile ba segofatsa masole le dibetsa tsa bone fa ba ya ntweng kgatlhanong le Bakatoliki ba naga e sele. Baruti ba Baporotesetanta le bone ba dirile se se tshwanang. Ntwa ya Lefatshe ya II ke sekai se se tlhomologileng sa kafa seno se felelang ka dipolao tse dintsi ka gone.

2, 3. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itshwara jang ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II le morago ga moo, mme ka ntlha yang?

2 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirang ka nako eo ya ntwa? Se se diragetseng mo hisitoring se bontsha gore ba ile ba nna ba sa tseye letlhakore ka gonne e le Bakeresete. Ba ne ba tlhotlhelediwa ke eng go dira jalo? Selo sa konokono e ne e le sekao sa ga Jesu le dithuto tsa gagwe. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:35) Gape ba ne ba gopola melaometheo e e mo mafokong a moaposetoloi Paulo a neng a a kwaletse Bakeresete ba kwa Korintha, ba bo ba e dirisa.—Bala 2 Bakorintha 10:3, 4.

 3 Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri, ba segakolodi sa bone se thapisitsweng ka Baebele, ga ba ithute ntwa e bile ga ba nne le seabe mo go yone. Ka ntlha ya go se tseye letlhakore jalo ka gonne e le Bakeresete, diketekete tsa Basupi, basha le bagolo, banna le basadi, ba ile ba bogisiwa. Ba le bantsi ba ile ba boga kwa dikampeng tse batho ba patelediwang go dira tiro e e boima kwa go tsone le kwa dikgolegelong. Mo motlheng wa Banasi kwa Jeremane, bangwe ba ile ba bo ba bolawa. Le fa Basupi ba ile ba bogisiwa mo go setlhogo kwa Yuropa, ga ba a ka ba lebala taelo e ba e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa. Ba ne ba tswelela ba rera ba sa kgaotse—kwa dikgolegelong, kwa dikampeng tsa pogisetso le fa ba ne ba tshabetse kwa dinageng di sele. * Moragonyana, Basupi ga ba a ka ba nna le seabe mo kgailong ya merafe kwa Rwanda ka 1994. Gape ga ba a ka ba tsaya letlhakore mo dipolaong tse dintsintsi tse di diregileng bosheng fa go ne go na le kgotlhang kwa Balkans ka nako ya fa naga e pele e neng e le Yugoslavia e ne e kgaogana.

4. Go se tseye letlhakore ga Basupi ba ga Jehofa go amile batho ba bangwe jang?

4 Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba sa tseyeng letlhakore gotlhelele ka yone, e bontshitse batho ba le diketekete mo lefatsheng lotlhe gore Basupi ba rata Modimo le moagelani ka lorato lwa mmatota. Ka mafoko a mangwe, ke Bakeresete ba boammaaruri. Mme go na le dikarolo tse dingwe tsa kobamelo ya rona tse di bontshitseng batho ba le bantsi gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri.

TIRO E KGOLO GO GAISA TSOTLHE YA GO RUTA MO HISITORING

5. Balatedi ba ntlha ba ga Keresete ba ne ba lebana le phetogo efe?

5 Go tloga fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a gatelela botlhokwa jwa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. O ne a tlhopha barutwa ba le 12 gore ba simolole bodiredi jo bo neng bo tla dirwa mo lefatsheng lotlhe; morago ga moo o ne a thapisa setlhopha sa barutwa ba le 70. (Luke 6:13; 10:1) Ba ne ba iketleeleditse go isa dikgang tse di molemo kwa bathong ba bangwe, sa ntlha kwa Bajudeng. Morago ga moo, go ne ga nna le phetogo e e neng e sa lebelelwa! Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla di isa kwa bathong ba ba sa rupang ba ditšhaba. Ruri eo e tshwanetse ya bo e ne e le phetogo e kgolo mo barutweng ba Bajuda ba ba tlhagafetseng!—Dit. 1:8.

6. Ke eng se se dirileng gore Petere a lemoge gore Jehofa ga a na tlhaolele?

6 Moaposetoloi Petere o ne a romelwa kwa ntlong ya ga Korenelio, Moditšhaba yo o sa rupang. Ka nako eo Petere o ne a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele. Korenelio le ba ntlo ya gagwe ba ne ba kolobediwa. Jaanong Bokeresete bo ne bo anamela kwa bathong ba bangwe; batho ba ditšhaba tsotlhe ba ne ba ka utlwa boammaaruri mme ba bo amogela. (Dit. 10:9-48) Jaanong tshimo e ne e le lefatshe lotlhe.

7, 8. Phuthego ya ga Jehofa e tsere kgato efe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

7 Mo hisitoring ya bosheng ya Basupi ba ga Jehofa, ba ba etelelang pele mo go bone ba ntse ba rotloetsa tiro ya go rera le go ruta dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Gompieno, mo e ka nnang Basupi ba ba tlhoafetseng ba le dimilione di le robedi ba dira bojotlhe jwa bone go anamisa molaetsa wa ga Keresete ka dipuo di feta 600, mme ba sa ntse ba tla di anamisa mo dipuong tse dingwe gape! Basupi ba ga Jehofa ba itsege sentle ka tiro ya bone ya go rera ka ntlo le ntlo le mo mebileng, ka dinako tse dingwe ba dirisa ditafole le dikolotsana tsa go bontsha dikgatiso.

8 Baranodi ba feta 2 900 ba neilwe thapiso e e kgethegileng gore ba ranole Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Ga ba ranolele fela mo dipuong tse go tsewang e le tsone tse dikgolo. Ba ranolela le mo dipuong di le makgolokgolo tse di sa itsegeng thata mme di buiwa ke batho ba le dimilionemilione.  Ka sekai, kwa Spain Ba-Catalan ba le dimilionemilione ba bua puo e ba e antseng e leng Se-Catalan letsatsi le letsatsi. Bosheng jaana puo ya Se-Catalan e ne ya tsosolosiwa mmogo le mefuta e e farologaneng ya yone kwa Andorra, Alicante, Ditlhaketlhake Tsa Baleares le kwa Valencia. Jaanong Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka Se-Catalan mme dipokano tsa Bokeresete di tshwarwa ka puo e e fitlhelelang dipelo tsa Ba-Catalan.

9, 10. Ke eng se se bontshang gore phuthego ya Modimo e batla gore batho botlhe ba itse ka Modimo?

9 Mokgwa ono wa go ranola le go ruta o dirwa le mo ditsong tse dingwe di le dintsi. Mexico ke naga e go buiwang Se-Spain mo go yone mme e na le ditlhopha tse dikgolwane tsa batho ba ba tlholegang koo ba ba buang dipuo tse dingwe. Sengwe sa ditlhopha tseo ke Ba-Maya. Lekala la kwa Mexico le ne la abela setlhopha sa baranodi ba Se-Maya gore ba ye go nna kwa karolong ya naga e kwa go yone ba neng ba ka kgona go bua le go utlwa puo eo letsatsi le letsatsi. Sekai se sengwe ke Se-Nepal, nngwe ya dipuo tse di buiwang kwa Nepal, naga e e nang le baagi ba feta dimilione di le 29. Go buiwa dipuo di ka nna 120 mo nageng eo, mme batho ba feta dimilione di le lesome ba bua Se-Nepal mme ba bangwe ba bantsi ba se dirisa e le puo ya bone ya bobedi. Dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di gatisiwa le ka puo eno.

10 Phuthego ya ga Jehofa e tsaya masisi thata taelo ya gore go rerwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe, jaaka go bontshiwa ke tsela e ditlhopha di le dintsi tsa baranodi di engwang nokeng ka yone mo lefatsheng lotlhe. Go anamisitswe dimilionemilione tsa dipampitshana, diboroutšhara le dimakasine mo matsholong a a neng a dirwa mo lefatsheng lotlhe, mme batho ba sa duedisiwe. Ditshenyegelo di duelwa ka meneelo e Basupi ba ga Jehofa ba e ntshang ka go rata e bile ba latela taelo eno ya ga Jesu: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.”—Math. 10:8.

Setlhopha sa baranodi ba ranola dikgatiso ka puo ya Low German (Bona serapa 10)

Dikgatiso tsa puo ya Low German di dirisiwa kwa Paraguay (Bona le setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno)

11, 12. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera mo lefatsheng lotlhe e thusitse batho ba bangwe jang?

11 E re ka Basupi ba ga Jehofa e le bareri le barutisi ba ba ineetseng ba Bakeresete, ba tlhatswegile pelo thata gore ba mo boammaaruring e bile ba ithontsha dilo tse dintsi gore ba bolelele batho ba ditšhaba le ditso tse dingwe molaetsa wa Bogosi. Ba le bantsi ba ithutile go tshela matshelo a a sa raraanang, ba ithutile puo e nngwe le go itlwaelanya le setso se sengwe gore ba dire tiro eno e e botlhokwa ya Bokeresete. Tiro eno ya go rera le go ruta mo ditšhabeng tse di farologaneng ke ntlha e  nngwe e e tlhatswang batho ba le bantsi pelo gore Basupi ba ga Jehofa ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete Jesu.

12 Basupi ba dira seno sotlhe ka gonne ba tlhatswegile pelo gore ba bone boammaaruri. Mme ke eng gape se se tlhatswitseng dimilione tsa batho pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba mo boammaaruring?—Bala Baroma 14:17, 18.

LEBAKA LA GO BO BA DUMELA

13. Basupi ba dirile jang gore phuthego e nne e le phepa?

13 Re ka solegelwa molemo ke dikakgelo tsa Bakeresete ba ba ineetseng ba motlha wa rona, ba ba tlhatswegileng pelo gore ba bone boammaaruri. Mongwe yo o sa bolong go nna motlhanka wa ga Jehofa ka lobaka lo loleele a re: “Go tsewa matsapa tota go leka gore phuthego ya ga Jehofa e nne e le phepa e bile e sa kgotlelwa mo boitsholong, go sa kgathalesege gore ke mang yo o tshwanelwang ke go gakololwa kgotsa go kgalemelwa.” Ba kgona jang go tshela ka melao e e kwa godimo jalo ya boitsholo? Ka go latela melao e e mo Lefokong la Modimo le sekao sa ga Jesu le balatedi ba gagwe. Ka jalo, mo palong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno, ke ba se kae fela ba ba ileng ba tshwanelwa ke go ntshiwa mo phuthegong ya Bokeresete ka gonne ba sa batle go tshela go dumalana le melao ya Modimo. Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa—go akaretsa bangwe ba ba kileng ba bo ba tshela ka tsela e Modimo a sa e amogeleng mme ba fetoga—ba tshela botshelo jo bo phepa e bile ba tlhoma sekao se se molemo.—Bala 1 Bakorintha 6:9-11.

14. Batho ba le bantsi ba ba neng ba kgaotswe ba tsere kgato efe, mme ga felela ka eng?

14 Go tweng ka ba ba neng ba tshwanelwa ke go ntshiwa mo phuthegong ka gonne go latelwa kaelo ya Dikwalo? Ba le diketekete ba ile ba ikwatlhaela ditiro tsa bone tse e seng tsa Bokeresete mme ba amogelwa gape mo phuthegong. (Bala 2 Bakorintha 2:6-8.) Go tshegetsa melao e e kwa godimo ya boitshwaro e e mo Baebeleng go feletse ka gore phuthego ya Bokeresete e nne e le phepa le gore batho ba e tshepe ba bo ba e ikanye. Lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba latela melao ya Modimo—go fapaana gotlhelele le mokgwa wa go letlelela sengwe le sengwe o o tlwaelegileng mo dikerekeng tse dintsi—ka bolone fela le tlhatswitse batho ba le bantsi pelo gore batho bano ba mo boammaaruring.

15. Ke eng se se neng sa tlhatswa mokaulengwe mongwe pelo gore o mo boammaaruring?

15 Basupi ba bangwe ba ba nang le maitemogelo ba na le mabaka afe a go dumela gore ba mo boammaaruring? Mokaulengwe mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50 o ne a tlhalosa jaana: “Ga ke bolo go dumela ke sa le mosha gore tumelo ya me e theilwe mo dipilareng kgotsa mo dintlheng tse tharo tsa konokono: (1) gore Modimo o gone; (2) gore o tlhotlheleditse Baebele; le (3) gore o dirisa phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa gompieno e bile o a e segofatsa. Fa dingwaga di ntse di ya ke ithuta, ke ile ka leka dipilara tseo le go ipotsa gore a ruri ga di reketle. Bosupi jwa nngwe le nngwe ya tsone bo ntse bo oketsega thata fa dingwaga di ntse di feta, bo nonotsha tumelo ya me le go ntlhatswa  pelo le go feta gore eleruri re mo boammaaruring.”

16. Kgaitsadi mongwe o ne a kgatlhiwa ke eng ka boammaaruri?

16 Kgaitsadi mongwe yo o nyetsweng yo o direlang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa New York o ne a akgela jaana ka phuthego ya ga Jehofa: “Ke yone fela e itsiseng leina la ga Jehofa e sa etsaetsege. Ruri seo se a utlwala ka gonne leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Baebeleng! Ke rata kgothatso eno e e mo go 2 Ditiragalo 16:9: ‘Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.’” Gape a re: “Boammaaruri bo mpontshitse gore nka dira jang gore ke nne le pelo e e feletseng mo go Jehofa gore a tle a mpontshe nonofo ya gagwe ka botlalo. Kamano ya me le Jehofa e botlhokwa thata mo go nna. Gape ke anaanela seabe sa ga Jesu ka go re naya kitso e e boteng ka Modimo mme kitso eo e a nnonotsha.”

17. Ke eng se mongwe yo e kileng ya bo e le molatolamodimo a tlhatswegileng pelo ka sone, mme ka ntlha yang?

17 Mongwe yo e kileng ya bo e le molatolamodimo o ne a re: “Popo e mpontsha gore Modimo o batla gore batho ba itumelele botshelo mme ka jalo a ka se letlelele gore ba boge go ya go ile. Gape, fa lefatshe le ntse le nwelelela mo ditirong tse di bosula, batho ba ga Jehofa ba ntse ba bontsha tumelo, tlhagafalo le lorato go ya pele. Moya wa ga Jehofa ke one fela o neng o ka dira kgakgamatso eno ya motlha wa gompieno.”—Bala 1 Petere 4:1-4.

18. O ikutlwa jang ka se se builweng ke bakaulengwe bangwe ba babedi?

18 Mokaulengwe yo mongwe gape yo o sa bolong go nna Mosupi o ne a tlhalosa mabaka a gagwe a go dumela boammaaruri jo re bo rerang a re: “Se ke se ithutileng fa dingwaga di ntse di feta se ntlhatswitse pelo gore Basupi ba tsere matsapa tota gore ba boe ba latele sekao sa Bokeresete jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Fa ke ntse ke etela dinaga tse dingwe mo lefatsheng ke iponetse kafa Basupi ba ga Jehofa ba leng seoposengwe ka teng mo lefatsheng lotlhe. Boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng bo dirile gore ke kgotsofale le gore ke itumele.” Fa mokaulengwe yo o nang le dingwaga di feta 60 a ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri, o ne a tlhalosa jaana a bua ka Jesu Keresete: “Re ithutile ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ka kelotlhoko mme jaanong re anaanela sekao sa gagwe. Re dirile diphetogo mo matshelong a rona gore re atamalane le Modimo ka Keresete Jesu. Re dumetse gore re ka bona poloko ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Mme re itse gore o ne a tsosiwa mo baswing. Re na le bosupi jwa batho ba ba ka ikanngwang ba ba iponetseng seo ka matlho.”—Bala 1 Bakorintha 15:3-8.

RE TSHWANETSE GO DIRANG KA BOAMMAARURI?

19, 20. (a) Paulo o ne a gatelela boikarabelo bofe mo phuthegong ya kwa Roma? (b) E re ka re le Bakeresete ba ba ineetseng, re na le tshiamelo efe?

19 E re ka re le Bakeresete ba ba ratang baagelani ba rona, re ka se ipolokele kitso e e botlhokwatlhokwa ya boammaaruri. Paulo o ne a beela bakaulengwe ba gagwe ba phuthego ya Roma mabaka a re: “Fa o bolela ‘lefoko leo le le mo molomong wa gago’ phatlalatsa, gore Jesu ke Morena, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, o tla bolokwa. Gonne motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.”—Bar. 10:9, 10.

20 E re ka re le Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa, re tlhatswegile pelo gore re mo boammaaruring e bile re lemoga tshiamelo e re nang le yone ya go ruta ba bangwe dikgang tse di molemo tsa go busa ga Bogosi jwa Modimo. Fa re ntse re dira tiro ya rona ya go rera, e kete batho ba ka kgatlhiwa e seng fela ke se re se rutang go tswa mo Baebeleng mme le ke tsela e re bontshang ka yone gore re tlhatswegile pelo gore re mo boammaaruring.

^ ser. 3 Bona Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 191-198, 448-454.