Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Direla Modimo ka Boikanyegi Le fa Go na Le “Dipitlagano di le Dintsi”

Direla Modimo ka Boikanyegi Le fa Go na Le “Dipitlagano di le Dintsi”

“Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”—DIT. 14:22.

1. Ke eng fa batlhanka ba Modimo ba sa gakgamadiwe ke gore ba tla lebana le dipitlagano?

A O GAKGAMADIWA ke go itse gore o ka nna wa lebana le “dipitlagano di le dintsi” pele o bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng? Go ka tswa go sa nna jalo. Le fa o ka tswa o le mosha mo boammaaruring kgotsa o sa bolo go direla Jehofa, o a itse gore re ka lebelela mathata mo lefatsheng la ga Satane.—Tshen. 12:12.

2. (a) Mo godimo ga mathata a a amang batho botlhe ba ba sa itekanelang, Bakeresete ba lebana le mofuta ofe wa pitlagano? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke mang yo o re bakelang dipitlagano, mme re itse seo jang?

2 Mo godimo ga mathata a a “tlwaelegileng mo bathong”—mathata a a amang batho botlhe ba ba sa itekanelang—Bakeresete ba lebana le mofuta o mongwe gape wa pitlagano. (1 Bakor. 10:13) Ke ofe oo? Go ganediwa botlhoko ka gonne ba ikemiseditse go ikobela melao ya Modimo. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Joh. 15:20) Pogiso eno e bakwa ke mang? Tota ke Satane, yo Baebele e reng ke “tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa” batho ba Modimo. (1 Pet. 5:8) Satane o tla dirisa sengwe le sengwe go leka go fedisa bothokgami jwa barutwa ba ga Jesu. Ela tlhoko se se diragaletseng moaposetoloi Paulo.

 PITLAGANO KWA LISETERA

3-5. (a) Paulo o ne a lebana le pitlagano efe kwa Lisetera? (b) Molaetsa wa gagwe o o kaga dipitlagano tse di tlang o ne o nonotsha ka tsela efe?

3 Paulo o ne a bogisediwa tumelo ya gagwe makgetlo a le mmalwa. (2 Bakor. 11:23-27) Lekgetlo lengwe ke fa a ne a le kwa Lisetera. Fa Paulo le Barenabase ba sena go fodisa monna yo o neng a tshotswe a golafetse, ba ne ba tlotlomadiwa go twe ke medimo. Ba ne ba tshwanelwa ke go ikuela mo boidiiding jo bo neng bo tseegile maikutlo gore bo se ka jwa ba obamela! Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae baganetsi ba Bajuda ba ne ba goroga mme ba ba senya leina, ka go dira jalo ba sokamisa tsela e batho ba neng ba ba leba ka yone. Ka bonako fela dilo di ne tsa tsaya phekelo e sele! Jaanong batho ba ne ba kgobotletsa Paulo ka maje go fitlha ba ithaya ba re o sule.—Dit. 14:8-19.

4 Fa Paulo le Barenabase ba sena go etela kwa Derebe, ba ne “ba boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka. Ba nonotsha meya ya barutwa, ba ba kgothaletsa gore ba nnele ruri mo tumelong ba re: ‘Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.’” (Dit. 14:21, 22) Kwa tshimologong, mafoko ano a ka utlwala a gakgamatsa. Aitsane, go itse gore o tla lebana le “dipitlagano di le dintsi” go ka go ngomola pelo, go na le go go kgothatsa. Mme go tla jang gore Paulo le Barenabase ba ‘nonotshe barutwa’ ka molaetsa o o buang ka dipitlagano di le dintsi?

5 Re ka bona karabo fa re sekaseka mafoko a ga Paulo ka kelotlhoko. Ga a ka a re fela: “Re tshwanetse go itshokela dipitlagano di le dintsi.” Go na le moo, o ne a re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” Ka jalo, Paulo o ne a nonotsha barutwa ka go gatelela diphelelo tse di molemo tsa go nna o ikanyega. Seo e ne e se go ijesa dijo tsa ditoro fela. Tota e bile, Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”Math. 10:22.

6. Ba ba itshokang ba tla bona tuelo efe?

6 Fa re itshoka, re tla bona tuelo. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla duelwa ka go tshelela ruri ba sa swe kwa legodimong e le babusimmogo le Jesu. Ba “dinku tse dingwe” bone ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’ (Joh. 10:16; 2 Pet. 3:13) Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo a ile a tlhalosa, fa nako eo e ise e tle, re tla lebana le dipitlagano tse dintsi. Ela tlhoko mefuta e mebedi ya diteko tse re ka lebanang le tsone.

GO TLHASELWA KA TLHAMALALO

7. Ke mofuta ofe wa pitlagano o o ka tlhalosiwang e le go tlhaselwa ka tlhamalalo?

7 Jesu o ne a bolelela pele a re: “Batho ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo leng mo go one, mme lo tla itewa mo disinagogeng lo bo lo emisiwa fa pele ga balaodi le dikgosi.” (Mar. 13:9) Jaaka mafoko ao a bontsha, Bakeresete bangwe ba tla lebana le pitlagano ya go bogisiwa ka tlhamalalo, gongwe e le ka tlhotlheletso ya baeteledipele ba bodumedi kgotsa ba dipolotiki. (Dit. 5:27, 28) Ela tlhoko sekao sa ga Paulo le mo lekgetlong leno. A o ne a boifa fa a akanya ka gore o tla bogisiwa jalo? Nnyaa, le e seng.—Bala Ditiro 20:22, 23.

8, 9. Paulo o ne a bontsha jang gore o ne a ikemiseditse go itshoka, mme bangwe mo metlheng ya gompieno ba bontshitse jang gore le bone ba ikemiseditse go dira jalo?

8 Paulo o ne a nna pelokgale, a se ka a ineela fa Satane a mo tlhasela ka tlhamalalo mme a re: “Ga ke tseye moya wa me e le o o botlhokwa o o rategang mo go nna, fa fela ke ka wetsa lobelo lwa me le bodiredi jo ke neng ka bo amogela jwa Morena Jesu, gore ke neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (Dit. 20:24) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a sa tshosiwe ke kgang ya gore o tla bogisiwa. Go na le moo, o ne a ikemiseditse go itshoka, le fa go ka diregang. O ne a amegile thata ka go ‘naya bosupi ka botlalo’ le fa a ka lebana le pitlagano epe fela.

 9 Gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le bantsi ba ile ba bontsha gore ba ikemiseditse go dira se se tshwanang. Ka sekai, kwa nageng nngwe, Basupi bangwe ba ile ba itshokela go nna kwa kgolegelong ka dingwaga di ka nna 20 ka ntlha ya go se tseye letlhakore mo ntweng. Kgetsi ya bone ga e a ka ya isiwa kwa kgotlatshekelong ka gonne naga eo e ne e se na melao e e malebana le batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone. Fa ba ntse ba le kwa kgolegelong, ba ne ba sa letlelelwa go nna le baeng, le fa e le ba malapa a bone tota, mme magolegwa mangwe a ne a itewa le go tlhokofadiwa ka ditsela tse di farologaneng.

10. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go boifa pitlagano e e tlang ka tshoganyetso?

10 Kwa mafelong a mangwe, bakaulengwe ba rona ba itshokela dipitlagano tse di tlang ka tshoganyetso. Fa seo se ka go diragalela, o se ka wa boifa. Akanya ka Josefa. O ne a rekisiwa gore e nne lekgoba, mme Jehofa o ne a “mo golola mo dipitlaganong tsotlhe tsa gagwe.” (Dit. 7:9, 10) Le wena Jehofa a ka go direla fela jalo. Le ka motlha o se ka wa lebala gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.” (2 Pet. 2:9) A o tla tswelela o ikanya Jehofa, o itse gore a ka go golola mo tsamaisong e e boikepo eno ya dilo mme a go letla gore o tshelele ruri mo pusong ya Bogosi jwa gagwe? O na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo le go lebana le pogiso ka bopelokgale.—1 Pet. 5:8, 9.

DITLHASELO TSE DI BOFITLHA

11. Ditlhaselo tse di bofitlha tsa ga Satane di farologana jang le fa a tlhasela ka tlhamalalo?

11 Mofuta o mongwe wa pitlagano e re ka lebanang le yone ke ditlhaselo tse di bofitlha. Yone e farologane jang le go tlhaselwa ka tlhamalalo ka go bogisiwa? Go tlhaselwa ka tlhamalalo go ka tshwantshiwa le setsuatsue se se ralalang motse se bo se senya ntlo ya gago ka ponyo ya leitlho. Ditlhaselo tse di bofitlha tsone di ka tshwantshiwa le motlhwa o o tsenang ka iketlo mo ntlong o bo o ja dipolanka tse ntlo e agilweng ka tsone go fitlha e gosomana. Motho a ka nna a se ka a o lemoga go fitlha go setse go le thari thata gore a ka tsaya kgato.

12. (a) Lengwe la maano a a bofitlha a ga Satane ke lefe, mme ke ka ntlha yang fa le atlega thata jaana? (b) Go kgobega marapo go ne ga ama Paulo jang?

12 Satane o batla go senya kamano ya rona le Jehofa, e ka tswa e le ka go re tlhasela ka tlhamalalo a re bogisa kgotsa ka go dira gore re latlhegelwe ke tumelo ka bonya ka bonya a dirisa ditlhaselo tse di bofitlha. Lengwe la maano a a bofitlha a Satane a atlegang thata fa a a dirisa ke go kgobega marapo. Moaposetoloi Paulo o ne a re le ene o ne a tle a ikutlwe a kgobegile marapo. (Bala Baroma 7:21-24.) Jaanong go tla jang gore Paulo—yo e neng e le “mokaloba” wa semoya e bile e ka tswa e ne e le leloko la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga—a ipitse “motho yo o tlhomolang pelo”? Paulo a re o ne a ikutlwa ka tsela eno ka ntlha ya makoa a gagwe. Tota o ne a batla go dira se se tshwanetseng, mme o ne a utlwa go na le maatla a a lwantshanang le ene. Fa e le gore o a tle o nne le maikutlo a a ntseng jalo, a ga o fitlhele go gomotsa go itse gore tota le moaposetoloi Paulo o ne a lebana le kgwetlho e e ntseng jalo?

13, 14. (a) Ke eng se se dirang gore bangwe ba batho ba Modimo ba kgobege marapo? (b) Ke mang yo o batlang go re bona re feletswe ke tumelo, mme ka ntlha yang?

13 Ka dinako tse dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba na le go kgobega marapo, go tlhobaela, gongwe e bile ba ikutlwa ba se na mosola. Ka sekai, mmulatsela mongwe yo o tlhagafetseng yo re tla mmitsang Deborah a re: “Ke na le go nnela go akanya ka phoso e ke e dirileng, mme nako le nako fa ke akanya ka yone pelo ya me e nna botlhoko le go feta. Fa ke akanya ka sengwe le sengwe se se phoso se ke se dirileng, seo se dira gore ke akanye gore ga go motho ope yo o ka nthatang, le fa e le Jehofa tota.”

14 Ke eng se se dirang gore batlhanka bangwe ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa, ba ba jaaka Deborah, ba kgobege marapo? Go ka  tswa go na le mabaka a le mmalwa. Bangwe ba ka tswa ba na le mokgwa wa go ipona e le batho ba ba bosula e bile ba itseela kwa tlase. (Dia. 15:15) Ba bangwe ba ka tswa ba ipona ba le bosula ka ntlha ya bolwetse bongwe jo bo amang maikutlo. Le fa maikutlo ano a ka tswa a bakwa ke eng, re tshwanetse go gopola gore tota ke mang yo o batlang go dirisa maikutlo ano go re tsietsa. Tota ke mang yo o batlang gore re kgobege marapo thata jaana mo re feleletsang re ineela? Ke mang yo o batlang gore le wena o utlwe bokete jwa kotlhao e e mo lebaneng? (Tshen. 20:10) Ee, ke Satane. Boammaaruri ke gore le fa Satane a ka tswa a re tlhasela ka tlhamalalo kgotsa a dirisa tlhaselo e e bofitlha, boikaelelo jwa gagwe bo bongwe fela—ke go dira gore re tlhobaele, re se ka ra tlhola re tlhagafala mme re tlogele go direla Modimo. Se lebale, batho ba Modimo ba mo ntweng ya semoya!

15. Re ka bontsha jang gore re ititeile sehuba gore re se ka ra fekeediwa ke go kgobega marapo?

15 Ititeye sehuba gore o se ka wa ineela. Nna o tlhomile mogopolo mo tuelong. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha a re: “Ga re ineele, mme le fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, eleruri motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi. Gone le fa pitlagano e le ya nakwana e bile e le motlhofo, e re bakela kgalalelo ya bokete jo bogolo thata e bile e le e e sa khutleng.”—2 Bakor. 4:16, 17.

IPAAKANYETSE PITLAGANO GONE JAANONG

Bakeresete ba basha mmogo le ba ba godileng ba ithapisetsa go buelela tumelo ya bone (Bona serapa 16)

16. Ke eng fa go le botlhokwa go ipaakanyetsa pitlagano gone jaanong?

16 Jaaka fa re bone, Satane o dirisa “maano a boferefere” a le mantsi. (Baef. 6:11) Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go latela kgakololo e e mo go 1 Petere 5:9: “Ganetsanang le ene, lo nonofile mo tumelong.” E le gore re dire jalo, re tshwanetse go baakanya pelo le mogopolo wa rona, re ithapise gone jaanong go dira se se siameng. Ka sekai: Gantsi mophato wa masole o ka dira ikatiso e e boima gangwe le gape go ise go nne le matshosetsi ape a ntwa. Go ntse jalo le ka rona  gompieno. Ga re itse gore re tla lebana le dintwa tse di ntseng jang mo isagweng. Ka jalo, a go tla bo go se botlhale go ithapisa sentle go sa ntse go na le kagiso? Paulo o ne a kwalela Bakorintha a re: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.”—2 Bakor. 13:5.

17-19. (a) Re ka itshekatsheka jang? (b) Basha ba ka ipaakanyetsa jang go buelela se ba se dumelang fa ba le kwa sekolong?

17 Tsela nngwe e re ka ikobelang kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo ka yone ke ka go itlhatlhoba ka kelotlhoko. Ipotse dipotso tse di jaaka tseno: ‘A ke nnela ruri mo thapelong? Fa ke lebane le kgatelelo ya dithaka, a ke ikobela Modimo bogolo go batho? A ke ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha? A ke nna pelokgale go bua ka se ke se dumelang? A ke leka ka natla go itshokela makoa a badumedi ka nna—fela jaaka le bone ba itshokela a me? A ke ikobela ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya gaetsho le ba ba nang le maikarabelo a go dira jalo mo phuthegong ya lefatshe lotlhe?’

18 Ela tlhoko gore dipotso tse pedi tse di fa godimo di amana le go nna pelokgale go bua ka se re se dumelang le go emelana le kgatelelo ya dithaka. Basha ba rona ba le bantsi ba ile ba tshwanelwa ke go dira jalo ba le kwa sekolong. Ba ithutile go se nne boi kgotsa go se tlhabisiwe ditlhong ke dilo tse ba di dumelang. Mo boemong jwa moo, ba bua ka bopelokgale. Go gatisitswe dintlha tse di ka thusang mo ntlheng eno mo dimakasineng tsa rona. Ka sekai, makasine wa Tsogang! wa July 2009 o akantsha gore fa mongwe yo o tsenang sekolo le ene a go botsa a re: “Ke ka ntlha yang fa o sa dumele mo thutong ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe?” o ka mo araba fela wa re: “Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go dumela thuto ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe? Baitsesaense ga ba dumalane ka gone mme ke bone ba tshwanetseng go ka bo e le bomankge!” Batsadi, tlhomamisang gore lo nna le nako ya go ikatisa le bana ba lona e le gore ba ipaakanyetse go lebana le dikgatelelo tse di ntseng jalo tse di tswang mo dithakeng tsa bone kwa sekolong.

19 Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go leng motlhofo go bua kgotsa go dira dilo tse dingwe tse Jehofa a reng re di dire. Morago ga go tlhola letsatsi lotlhe o dira ka natla kwa tirong, o ka nna wa tshwanelwa ke go ikgoga gore o ye dipokanong. Go ka tlhoka matsapa a magolo gore re tsoge mo mosong re ye bodireding re ne re robetse monate. Mme gakologelwa: Fa go tla diteko tse dikgolwane mo isagweng, o tla kgona go lebana le tsone fa e le gore o setse o na le thulaganyo e e siameng ya go dira dilo tsa semoya ka metlha.

20, 21. (a) Go tlhatlhanya ka thekololo go ka re thusa jang go lwantsha go kgobega marapo? (b) Re tshwanetse ra ikemisetsa eng malebana le dipitlagano?

20 Go tweng ka ditlhaselo tse di bofitlha? Ka sekai, re ka lwantsha jang maikutlo a go kgobega marapo? Nngwe ya ditsela tse di atlegang thata tsa go dira jalo ke go tlhatlhanya ka thekololo. Ke sone se moaposetoloi Paulo a ileng a se dira. O ne a itse kafa a neng a tle a ikutlwe ka teng—e se motho wa sepe. Mme gape o ne a itse gore Keresete ga a swela batho ba ba itekanetseng, o swetse baleofi. Mme Paulo e ne e le mongwe wa baleofi bao. Tota e bile o ne a kwala a re: “Ke . . . tshela ka tumelo e e ka ga Morwa Modimo, yo o nthatileng a ba a ineela ka ntlha ya me.” (Bagal. 2:20) Ee, Paulo o ne a amogetse thekololo. O ne a dumela gore thekololo e ama ene ka namana.

21 Go leba dilo ka tsela eo—go tsaya thekololo e le mpho ya gago e e tswang kwa go Jehofa—go ka go thusa thata. Seno ga se kaye gore go kgobega marapo go tla fela ka ponyo ya leitlho. Bangwe ba rona re ka nna ra tshwanelwa ke go lwantsha tlhaselo eno e e bofitlha go fitlha kwa lefatsheng le lesha. Mme gopola seno: Tuelo e tla bonwa ke ba ba sa ineeleng. Re gaufi thata le letsatsi le le galalelang le ka lone Bogosi jwa Modimo bo tla tlhomang kagiso mme batho botlhe ba ba ikanyegang ba boe ba itekanele gape. Ititeye sehuba gore o tsene mo Bogosing joo—le fa o ka tsena ka dipitlagano tse dintsi jang.