Gopolang Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
“Re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse.” —1 BATHES. 1:3.
1. Paulo o ne a ikutlwa jang ka ba ba direlang Jehofa ka tlhoafalo?
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a gopola batho ba ba neng ba dira ka natla ka ntlha ya dikgang tse di molemo. Paulo o ne a kwala mafoko ano: “Re gopola tiro ya lona ya go nna le tumelo, re sa kgaotse, le tiro ya lona ya bonatla ya lorato le boitshoko jwa lona ka ntlha ya tsholofelo ya lona mo Moreneng wa rona Jesu Keresete fa pele ga Modimo wa rona le Rara.” (1 Bathes. 1:3) Eleruri Jehofa o gopola ditiro tse di bontshang lorato tsa batho botlhe ba ba mo direlang ka boikanyegi, go sa kgathalesege gore a maemo a bone a botshelo a ba letla go dira go le gontsi kgotsa go le gonnye.—Baheb. 6:10.
2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
2 Batlhanka ka rona ba le bantsi—ba nako e e fetileng le ba gone jaanong—ba itimile dilo di le dintsi gore ba direle Jehofa ka nako e e tletseng. A re sekasekeng kafa bangwe ba ileng ba direla ka teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Gape re tla sekaseka mefuta mengwe ya tirelo ya nako e e tletseng e e leng teng gompieno mme re bone kafa re ka gopolang ka teng ba ba rategang ba ba ithaopetseng go direla ka ditsela tse di kgethegileng.
BAKERESETE BA LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA
3, 4. (a) Bangwe ba ne ba direla Jehofa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Ba ne ba bona jang dilo tse ba di tlhokang?
3 Moragonyana fela fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a simolola tiro e e neng e tla anama lefatshe lotlhe. (Luke 3:21-23; 4:14, 15, 43) Fa a sena go swa, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba etelela pele mo go anamiseng tiro eno ya go rera. (Dit. 5:42; 6:7) Bakeresete bangwe, jaaka Filipo, e ne e le bareri le barongwa kwa Palesetina. (Dit. 8:5, 40; 21:8) Paulo le ba bangwe ba ne ba tsaya mesepele go ya kwa mafelong a a kwa kgakala. (Dit. 13:2-4; 14:26; 2 Bakor. 1:19) Bangwe—ka sekai, Silefano (Silase), Mareko le Luke—gape e ne e le bakwalolodi kgotsa bakwadi. (1 Pet. 5:12) Bokgaitsadi ba Bakeresete ba ne ba dira mmogo le bakaulengwe bano ba ba ikanyegang. (Dit. 18:26; Bar. 16:1, 2) Maitemogelo a bone a a itumedisang a dira gore go nne monate go bala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme a bontsha gore Jehofa o gopola batlhanka ba gagwe ka tsela e e molemo.
4 Batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba thusiwa jang ka dilo tse ba di tlhokang? Ka dinako tse dingwe Bakeresete ka bone ba ne ba ba amogela mo magaeng a bone le go ba thusa ka ditsela tse dingwe, mme ba ne ba sa ba pateletse gore ba ba thuse. (1 Bakor. 9:11-15) Batho bangwe le diphuthego dingwe di ne di ba ema nokeng ka go rata. (Bala Ditiro 16:14, 15; Bafilipi 4:15-18.) Paulo le ba a neng a tsaya maeto le bone ba ne ba dira tiro ya boitshediso kwa thoko gore ba ituelele ditshenyegelo.
BADIREDI BA NAKO E E TLETSENG BA MOTLHA WA RONA
5. Banyalani bangwe ba ne ba tlhalosa maikutlo a bone jang ka tsela e ba neng ba tshela ka yone mo tirelong ya nako e e tletseng?
5 Gompieno le gone, batho ba le bantsi ba dira ka natla mo mefuteng e e farologaneng ya tirelo ya nako e e tletseng. (Bona lebokose le le reng “ Mefuta ya Tirelo ya Nako e e Tletseng.”) Ba ikutlwa jang ka tiro e ba e tlhophileng? Eo ke potso e o ka ba botsang yone mme gongwe o ka solegelwa molemo ke go dira jalo. Akanya ka sekai seno: Mokaulengwe mongwe yo o kileng a nna mmulatsela wa ka metlha, a nna mmulatsela yo o kgethegileng, a nna morongwa a ba a nna leloko la lelapa la Bethele kwa nageng e sele a re: “Ke dumela gore go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ke sengwe sa dilo tse di molemolemo tse nkileng ka tlhopha go di dira. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 18, go ne go le thata go tlhopha fa gare ga go ya yunibesithing, go dira tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng le go nna mmulatsela. Se se ntiragaletseng se mpontshitse gore Jehofa ga a lebale dilo tse o itimileng tsone gore o mo direle ka nako e e tletseng. Ke kgonne go dirisa ditalente kgotsa bokgoni bope fela jo Jehofa a mphileng jone ka ditsela tse ke neng nka se ka ka kgona go di dirisa ka tsone fa nkabo ke tlhophile go bereka kwa lefatsheng.” Mosadi wa gagwe a re: “Kabelo nngwe le nngwe e ile ya nthusa gore ke gole. Gangwe le gape re bone kaelo le tshireletso ya ga Jehofa ka ditsela tse di ka bong di sa direga fa re ka bo re ile ra tswelela fela re tshela botshelo jo re bo tlwaetseng. Ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya tirelo ya rona ya nako e e tletseng.” A le wena o ka rata go ikutlwa jalo ka botshelo jwa gago?
6. Rotlhe re tshwanetse ra tlhomamisega ka eng malebana le tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone?
6 Gone ke boammaaruri gore maemo a batho bangwe ga a ba letle gore gone jaanong ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Re ka tlhomamisega gore le bone Jehofa o anaanela maiteko a bone a go mo direla ka pelo yotlhe. Akanya ka bangwe ba Paulo a neng a ba umaka mo go Filemone 1-3, go akaretsa botlhe ba ba neng ba le mo phuthegong ya kwa Kolosa. (E bale.) Paulo o ne a ba anaanela, mme Jehofa le ene o ne a ba anaanela. Ka tsela e e tshwanang, Rraarona yo o kwa legodimong o anaanela tirelo ya gago. Mme o ka ema nokeng jang ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng?
GO THUSA BABULATSELA
7, 8. Tirelo ya bobulatsela e akaretsa eng, mme ba bangwe mo phuthegong ba ka thusa babulatsela jang?
7 Fela jaaka bareri ba lekgolo la ntlha la dingwaga, babulatsela ba ba tlhagafetseng ba kgothatsa diphuthego fela thata. Ba le bantsi ba leka go dirisa diura di le 70 mo bodireding kgwedi le kgwedi. O ka ba thusa jang?
8 Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Shari o ne a re: “Babulatsela ba lebega ba nonofile semoyeng, ka gonne ba ya tshimong letsatsi le letsatsi. Mme le bone ba tlhoka go kgothadiwa.” (Bar. 1:11, 12) Kgaitsadi yo mongwe yo o neng a kgona go nna mmulatsela ka dingwaga di le mmalwa o ne a bua jaana ka babulatsela ba mo phuthegong ya gabone: “Ba dira ka natla ba sa kgaotse. Ba anaanela thata fa ba bangwe ba ithaopa go dirisa dikoloi tsa bone mo tirelong, ba ba laletsa go tla go ja le bone, ba ba naya madinyana a lookwane kgotsa a a ka ba thusang ka dilo tse dingwe. Seo se ba bontsha gore ruri o amega ka bone.”
9, 10. Bangwe ba ile ba dirang go thusa babulatsela ba mo phuthegong ya bone?
9 A o ka rata go thusa babulatsela mo bodireding? Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Bobbi o ne a ikuela jaana: “Re tlhoka batho ba re ka berekang le bone, bogolo jang mo gare ga beke.” Mongwe yo le ene e leng mmulatsela mo phuthegong eo o ne a oketsa ka go re: “Go thata go bona batho ba o ka tsamayang le bone mo tshimong thapama.” Kgaitsadi mongwe yo jaanong a direlang kwa Bethele ya kwa Brooklyn, o bua jaana a itumetse fa a tlhalosa nako ya fa e ne e le mmulatsela: “Kgaitsadi mongwe yo o neng a na le koloi o ne a re, ‘Nako nngwe le nngwe fela fa o tlhoka mongwe yo o ka tsamayang le ene mo tshimong, o nteletse mme ke tla tsamaya le wena.’ Eleruri o ile a nthusa gore ke tswelele ke le mmulatsela.” Mme Shari o tlhalosa se a se lemogileng jaana: “Morago ga tshimo, gantsi babulatsela ba ba seng mo lenyalong ba a bo ba le bosi fela. O ka laletsa bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong gore ba nne le lona mo kobamelong ya lelapa gangwe le gape. Go ba akaretsa le mo ditirong tse dingwe le gone go ba thusa gore ba nne ba nonofile.”
10 Fa kgaitsadi mongwe yo o ntseng a le mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwaga di ka nna 50 a gopola nako ya fa e ne e le mmulatsela le bokgaitsadi ba bangwe ba ba seng mo lenyalong, a re: “Bagolwane ba phuthego ya rona ba ne ba etela babulatsela morago ga dikgwedi dingwe le dingwe di le mmalwa. Ba ne ba re botsa ka botsogo jwa rona le ka tiro ya boitshediso le go tlhola gore a go na le sengwe se re tshwenyegileng ka sone. Ruri ba ne ba amega ka rona. Ba ne ba tle ba etele kwa re nnang gone go bona gore a re tlhoka thuso nngwe.” Seno se ka go gopotsa mafoko a kanaanelo a Paulo a neng a a bua malebana le thuso e a neng a e newa ke monna mongwe wa lelapa kwa Efeso.—2 Tim. 1:18.
11. Go nna mmulatsela yo o kgethegileng go akaretsa eng?
11 Diphuthego dingwe di segofaditswe ka babulatsela ba ba kgethegileng. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba leka go dirisa diura di le 130 kgwedi le kgwedi ba le mo bodireding jwa tshimo. E re ka ba dirisa nako e ntsi mo bodireding e bile ba thusa ka ditsela tse dingwe, ga ba dirise nako e kalo mo tirong ya boitshediso kgotsa ga ba e dire gotlhelele. Ofisi ya lekala e ba thusa ka madinyana kgwedi le kgwedi gore ba kgone go tlhoma mogopolo mo bodireding.
12. Bagolwane le ba bangwe ba ka thusa babulatsela ba ba kgethegileng jang?
12 Re ka thusa babulatsela ba ba kgethegileng jang? Mogolwane mongwe kwa ofising nngwe ya lekala yo a tleng a buisane le bone a re: “Bagolwane ba tlhoka go bua le bone, ba utlwe gore maemo a bone a ntse jang go tswa foo ba bone kafa ba ka ba thusang ka gone. Basupi bangwe ba tsaya gore babulatsela ba ba kgethegileng ba tlhokometswe ka dilo tsotlhe ka gonne ba newa madinyana a go reka se ba se tlhokang mme gone bakaulengwe ba phuthego e ba leng mo go yone ba ka ba thusa ka ditsela tse dintsi.” Fela jaaka babulatsela ba ka metlha, babulatsela ba ba kgethegileng le bone ba itumelela go nna le batho ba ba ka berekang le bone mo bodireding jwa tshimo. A o ka ba thusa mo ntlheng eno?
GO THUSA BALEBEDI BA BA ETANG
13, 14. (a) Re tshwanetse go gopola eng ka balebedi ba potologo? (b) O akanya gore o ka dirang go thusa balebedi ba ba etang le basadi ba bone?
13 Gantsi go tsewa gore balebedi ba potologo le basadi ba bone ke batho ba ba nonofileng semoyeng le ba ba kgonang go itshoka. Gone go ntse jalo, mme le bone ba tlhoka go kgothadiwa, ba tlhoka ba ba ka dirang le bone mo bodireding le go akarediwa mo boitlosobodutung. Go tweng fa ba lwala ba bo ba robadiwa kwa bookelong ka gonne ba tlhoka go ariwa kgotsa go okiwa? A bo go ba itumedisa jang ne fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba diphuthego tse ba leng mo go tsone ba ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang e bile ba ba bontsha gore ba a ba kgatlhegela. Re ka akanya fela kafa “ngaka e e rategang” e bong Luke, mokwadi wa buka ya Ditiro, a tshwanetseng a bo a ile a bontsha ka gone gore o amega ka Paulo le ba bangwe ba ba neng ba tsere loeto le ene.—Bakol. 4:14; Dit. 20:5–21:18.
14 Balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba tlhoka ditsala tse ba ka atamalanang le tsone e bile ba a di anaanela. Molebedi mongwe wa potologo o ne a kwala a re: “Go lebega ditsala tsa me di lemoga fa ke tlhoka go kgothadiwa. Ba botsa dipotso ka botlhale mme seo se dira gore ke kgone go bua ka dilo tse di ntshwenyang. E re ka e le bareetsi ba ba molemo, ba nthusa fela thata.” Balebedi ba potologo le basadi ba bone ba anaanela thata kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bontshang ka teng gore ba amega ka bone.
GO THUSA MALOKO A LELAPA LA BETHELE
15, 16. Maloko a Bethele le ba ba direlang kwa Diholong Tsa Dikopano ba dira ditiro dife, mme re ka ba ema nokeng jang?
15 Mo lefatsheng lotlhe, ba ba direlang mo Bethele le kwa Diholong Tsa Dikopano ba thusa thata mo tirong ya go rera ka Bogosi mo dinageng tse di tlhokometsweng ke ofisi ya lekala la bone. Fa go na le maloko a Bethele mo phuthegong kgotsa mo potologong ya ga lona, o ka bontsha jang gore o a ba gopola?
16 Fa e le gone ba gorogang kwa Bethele, ba ka nna ba tlhologelelwa gae thata, ka gonne ba tlogetse ba malapa a bone le ditsala tse di rategang. A bo ba leboga jang ne fa maloko a mangwe a Bethele le ba phuthego ya bone e ntšha ba itsalanya le bone! (Mar. 10:29, 30) Thulaganyo ya bone e e tlwaelegileng ya tiro e ba letla gore ba kgone go ya dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo beke le beke. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape maloko a Bethele a ka abelwa ditiro tse di oketsegileng kwa Bethele. Fa diphuthego di tlhaloganya seno e bile di bontsha gore di anaanela maloko a Bethele le tiro e ba e dirang, mongwe le mongwe o solegelwa molemo.—Bala 1 Bathesalonika 2:9.
GO THUSA BADIREDI BA NAKO E E TLETSENG BA BA KWA DINAGENG DI SELE
17, 18. Ke dikabelo dife tse di dirwang ke badiredi ba nako e e tletseng ba ba kwa dinageng di sele?
17 Ba ba amogelang kabelo ya go direla kwa nageng e sele ba ka fitlhela gore dijo tsa koo, puo, dingwao le maemo a koo a farologane gotlhelele le a ba a tlwaetseng. Ke ka ntlha yang fa ba dumela go lebana le dikgwetlho tseno?
18 Bangwe ke barongwa ba gantsi ba direlang mo tirelong ya tshimo kwa batho ba le bantsi ba ka solegelwang molemo ke thapiso e e kgethegileng e ba e filweng. Ofisi ya lekala e naya barongwa lefelo le le tshwanetseng la bonno le madinyana a a lekaneng go reka dilo tse ba di tlhokang. Ba bangwe ba ba direlang kwa dinageng di sele ba abelwa go direla kwa ofising ya lekala kgotsa ba thusa ka go aga dikago tsa lekala, diofisi tsa baranodi, Diholo Tsa Dikopano kgotsa Diholo Tsa Bogosi. Ba newa dijo, bonno jo bo tshwanelang le ditirelo tse dingwe. Fela jaaka maloko a lelapa la Bethele, le bone ba nna gone ka metlha kwa dipokanong e bile ba nna le seabe mo bodireding mo lefelong le ba leng mo go lone, ka jalo ba thusa ka ditsela di le dintsi.
19. Re tshwanetse go nna re gopotse eng ka ba ba direlang kwa dinageng di sele?
19 O ka bontsha jang gore o nna o gopotse badiredi bao ba nako e e tletseng? Gopola gore ba ka tswa ba sa tlwaela dijo dingwe tsa lefelo le ba gorogetseng mo go lone—segolobogolo fa e le gone ba fitlhang. O ka akanyetsa seno fa o ba laletsa go tla dijong; o ka ba botsa pele gore ba ka rata go ja eng kgotsa ba ka rata go lekeletsa go ja eng. Se ba felele pelo fa ba ntse ba ithuta puo le dingwao tsa mo lefelong le ba leng mo go lone. Go ka nna ga tsaya lobakanyana gore ba tlhaloganye sengwe le sengwe se o se buang, mme nna pelontle o ba rute go bitsa mafoko sentle. Ba batla go ithuta!
20. Re ka gopola badiredi ba nako e e tletseng le batsadi ba bone ka tsela efe e e molemo?
20 Badiredi ba nako e e tletseng ba a tsofala, mme le batsadi ba bone fela jalo. Fa batsadi ba bone e le Basupi, ga go pelaelo gore batsadi bano ba eletsa thata gore bana ba bone ba nne ba le mo dikabelong tsa bone. (3 Joh. 4) Gone ke boammaaruri gore fa batsadi ba badiredi ba nako e e tletseng ba tlhoka thuso, ba tla dira sotlhe se ba ka se kgonang e bile ba tla tla go ba thusa gantsi ka mo ba ka kgonang ka teng. Le fa go ntse jalo, ba ba leng kwa gae ba ka thusa ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ka go nna ba iketleeleditse go tlhokomela batsadi ba ba tsofalang fa ba tlhoka thuso. Se lebale gore badiredi ba nako e e tletseng ba na le maikarabelo a magolo mo tirong ya botlhokwa go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa mo lefatsheng. (Math. 28:19, 20) A wena kgotsa phuthego ya ga lona lo ka thusa fa batsadi ba badiredi ba nako e e tletseng ba tlhoka thuso?
21. Ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba ikutlwa jang ka thuso le kgothatso e ba bangwe ba ba nayang yone?
21 Ba ba tsenelang tirelo ya nako e e tletseng ba dira jalo e se ka gonne ba batla go dira madi mme e le ka gonne ba batla go abela Jehofa le batho ba bangwe. Ba anaanela thata thuso epe fela e o ka ba nayang yone. Kgaitsadi mongwe yo o direlang kwa nageng e sele o ikutlwa ka tsela e ba le bantsi ba ikutlwang ka yone: “Tota le fa ba bangwe ba ka go kwalela molaetsanyana fela wa kanaanelo, seo se bontsha gore ba akanya ka wena e bile ba itumelela se o se dirang.”
22. O ikutlwa jang ka tirelo ya nako e e tletseng?
22 Ruri go direla Jehofa ka nako e e tletseng ke tsela e e molemolemo ya botshelo. Go na le dikgwetlho, go a ruta e bile go a kgotsofatsa. Mme ke tsela e e molemo thata ya go ipaakanyetsa tirelo e e itumedisang e e nnelang ruri e batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla e bonang mo Bogosing jwa Modimo. E kete rotlhe re ka nna re ‘gopola tiro ya go nna le tumelo le ya lorato’ ya ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng.—1 Bathes. 1:3.