Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 37:25 le a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33 a kaya gore le ka motlha Jehofa a ka se letle Mokeresete a nna a se na dijo tse di lekaneng?

Dafide o ne a re ‘ga a ise a ke a bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.’ Ka go rialo, o ne a akgela ka kakaretso fela go ya ka se se mo diragaletseng. O ne a itse sentle gore ka metlha Modimo o tlhokomela batlhanka ba gagwe. (Pes. 37:25) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Dafide ga a kaye gore ga go na moobamedi ope yo o kileng a tlhaela dilo tse a di tlhokang kgotsa yo o tla tsamayang a di tlhaela.

Go na le dinako dingwe tse Dafide ka boene a neng a lebana le maemo a a thata ka tsone. Nako nngwe ke fa a ne a tshabela Saulo. Dijo tsa ga Dafide di ne di fela, mme o ne a kopela ene le ba ba neng ba tsamaya le ene senkgwe. (1 Sam. 21:1-6) Ka jalo mo maemong ao, Dafide o ne a “batla senkgwe.” Le fa go ntse jalo, mo boemong joo jo bo thata, o ne a itse gore Jehofa o ne a sa mo latlha. Tota e bile, ga go na gope mo re balang teng gore Dafide o ne a tshwanelwa ke go tsamaya a kopa kopa dijo gore a tshele.

Mo go Mathaio 6:33, Jesu o tlhomamisa gore batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba dirang gore Bogosi bo tle pele mo matshelong a bone, Modimo o tla ba naya dilo tse ba di tlhokang. Jesu o ne a re: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe [go akaretsa dijo, dino le diaparo] lo tla di okelediwa.” Le fa go ntse jalo, gape Jesu o ne a bontsha gore ka ntlha ya pogiso, “bomorwarraagwe” ba ka nna ba tlhoka dijo. (Math. 25:35, 37, 40) Seo se ne sa diragalela moaposetoloi Paulo. Ka dinako tse dingwe o ne a tshwarwa ke tlala le lenyora.—2 Bakor. 11:27.

Jehofa a re re tla bogisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Gape a ka nna a re letla gore re tlhaele dilo dingwe fa re ntse re thusa go araba ditatofatso tsa ga Diabolo. (Jobe 2:3-5) Ka sekai, bangwe ba Bakeresete ka rona, jaaka ba ba neng ba tsenngwa mo dikampeng tsa pogisetso tsa Banasi, ba ne ba iphitlhela ba le mo dipharagobeng ka ntlha ya pogiso. Go se neye Basupi dijo tse di lekaneng e ne e le mokgwa o o setlhogo o o neng o dirisiwa go leka go fedisa bothokgami jwa bone. Basupi ba ba ikanyegang ba ne ba tswelela ba ikobela Jehofa; ga a ka a ba latlha. O ne a ba letla gore ba lekwe ka tsela eno, fela jaaka a letla Bakeresete botlhe go lebana le diteko tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore Jehofa o thusa botlhe ba ba bogang ka ntlha ya leina la gagwe. (1 Bakor. 10:13) Re ka nna re gopotse mafoko a a mo go Bafilipi 1:29: “Lo ne lwa newa tshiamelo mo boemong jwa ga Keresete, e seng fela ya go dumela mo go ene, mme le ya go boga mo boemong jwa gagwe.”

Jehofa o solofetsa gore o tla thusa batlhanka ba gagwe. Ka sekai, Isaia 54:17 ya re: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” Tsholofetso eno le tse dingwe tse di tshwanang le yone di tlhomamisa gore Modimo o tla sireletsa batho ba gagwe e le setlhopha. Le fa go ntse jalo, Mokeresete mongwe le mongwe a ka nna a lebana le diteko, le e leng go swa.