Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A ‘Kgaratlha’?

A o A ‘Kgaratlha’?

FERNANDO * o ne a tshogile. Bagolwane ba le babedi ba ne ba kopile go bua le ene kwa thoko. Bosheng jaana, nako le nako fa molebedi wa potologo a sena go etela phuthego ya bone, bagolwane ba ne ba mo tlhalosetsa se a tlhokang go se dira gore a tshwanelegele go bona ditshiamelo tse di oketsegileng mo phuthegong. Fa nako e ntse e feta, Fernando o ne a simolola go ipotsa gore a o tla tsamaya a tlhomiwa go nna mogolwane. Jaanong molebedi wa potologo o ne a sa tswa go etela phuthego ya bone gape. Bagolwane ba ne ba tla reng mo lekgetlong leno?

Fernando o ne a reetsa fa mongwe wa bagolwane a bua le ene. Mokaulengwe yoo o ne a umaka 1 Timotheo 3:1 mme a re bagolwane ba phuthego ba amogetse lekwalo le le tlhalosang gore o sa tswa go tlhomiwa go nna mogolwane. Fernando o ne a thaakanya ditsebe mme a re, “A ke go utlwile sentle?” Mokaulengwe o ne a boeletsa mafoko a gagwe mme Fernando a nyenya. Morago ga moo, fa phuthego e ne e itsisiwe ka go tlhomiwa ga gagwe, botlhe mo phuthegong ba ne ba itumela.

A go phoso go eletsa go nna le ditshiamelo mo phuthegong? Nnyaa le e seng. Go ya ka 1 Timotheo 3:1, “fa monna ope a kgaratlhela tiro ya bolebedi, o eletsa tiro e e molemo.” Banna ba le bantsi ba Bakeresete ba dirisa kgothatso eo e bile ba gatela pele semoyeng gore ba tshwanelegele go newa ditshiamelo mo phuthegong. Seo se felela ka gore batho ba Modimo ba segofadiwe ka diketekete tsa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba nang le bokgoni. Mme e re ka go nna le koketsego mo diphuthegong, go tlhokega gore bakaulengwe ba ba oketsegileng ba kgaratlhe. Tsela e e siameng ya go dira jalo ke efe? Mme a ba ba eletsang go nna balebedi ba tshwanetse go tshwenyega jaaka Fernando?

GO ‘KGARATLHA’ GO KAYANG?

Polelwana e e mo Baebeleng e e reng ‘go kgaratlha’ e ranotswe go tswa mo lediring la Segerika le le kayang go eletsa ka tlhoafalo, go otlolola seatla go tshwara sengwe. Seo se ka dira gore o akanye ka motho a ikgoletsa a leka go kgetla leungo le le rokotsang mathe le le lepeletseng mo setlhareng. Mme go kgaratlha ga go kaye go leka ka bopelotshetlha gore o bone tshiamelo ya go ‘nna molebedi.’ Ka ntlha yang? Ka gonne mokgele  wa ba ba eletsang ka tlhoafalo go direla e le bagolwane e tshwanetse ya nna go dira “tiro e e molemo,” e seng go nna le maemo.

Bontsi jwa dilo tse di tlhokegang gore motho a tshwanelegele tiro eno e e molemo di thathamisitswe mo go 1 Timotheo 3:2-7 le Tito 1:5-9. Raymond, yo o sa bolong go nna mogolwane ka lobaka lo loleele, o tlhalosa jaana malebana le ditekanyetso tseo tse di kwa godimo: “Go ya ka nna, selo sa botlhokwatlhokwa ke gore re batho ba ba ntseng jang. Go bua le go ruta go botlhokwa, mme le fa o na le bokgoni jono, o sa ntse o tlhoka go nna motho yo o se nang se a ka tshwaiwang phoso ka sone, yo o tekatekano mo mekgweng, yo o itekanetseng sentle mo mogopolong, yo o dirang dilo ka thulaganyo, a tshola baeng e bile a le tekatekano.”

‘Kgaratlha’ ka go dira mmogo le phuthego mo ditirong tse di farologaneng

Mokaulengwe yo tota a kgaratlhang o bontsha gore ga a na se a ka tshwaiwang phoso ka sone ka go tila mofuta ope fela wa go sa ikanyege le boitsholo bope jo bo leswe. O tekatekano mo mekgweng, o itekanetse sentle mo mogopolong, o dira dilo ka thulaganyo e bile o fetofetoga le maemo; ka jalo badumedi ka ene ba a mo ikanya gore o tla ba etelela pele le go ba thusa ka mathata a bone. E re ka a rata batho, o kgona go kgothatsa basha le ba ba sa tswang go tsena mo boammaaruring. O gomotsa le go thusa ba ba lwalang le ba ba godileng ka gonne ke morati wa se se molemo. O nna le dinonofo tseno gore a thuse ba bangwe e seng gore a tle a tlhomiwe. *

Setlhopha sa bagolwane se itumelela go naya kgakololo le go kgothatsa, mme motho yo o kgaratlhang ke ene a tshwanetseng go fitlhelela dilo tse di batlegang tse di theilweng mo Dikwalong. Molebedi mongwe yo o nang le maitemogelo e bong Henry, a re: “Fa e le gore o a kgaratlha, dira ka natla go bontsha gore o a tshwanelega.” O tlhalosa jaana a umaka Moreri 9:10: “‘Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago.’ Kabelo nngwe le nngwe e bagolwane ba go e abelang e dire ka bojotlhe jwa gago. Rata tiro yotlhe e o abelwang go e dira mo phuthegong, go akaretsa le go feela mo holong. Fa nako e ntse e ile, tiro ya gago le matsapa a o a tsayang a tla lemogwa.” Fa o eletsa gore letsatsi lengwe o nne mogolwane, dira ka natla mme o ikanyege mo dikarolong tsotlhe tsa tirelo e e boitshepo. O tshwanetse go nna motho yo o ikokobeditseng e seng yo o gagamalelang go nna le maemo ka boikgogomoso.—Math. 23:8-12.

 GANA DIKGOPOLO LE DITIRO TSE DI SA SIAMANG

Bakaulengwe bangwe ba ba eletsang go nna le ditshiamelo mo phuthegong ba ka nna ba raelesega go umaka e se ka tlhamalalo gore ba batla go nna bagolwane kgotsa ba ka leka go tlhotlheletsa setlhopha sa bagolwane ka tsela nngwe. Ba bangwe ga ba itumele fa bagolwane ba ba gakolola. Batho ba ba dirang jalo ba tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke amegile fela ka se nna ke se batlang kgotsa ke batla go tlhokomela dinku tsa ga Jehofa ka boikokobetso?’

Ba ba kgaratlhang ga ba a tshwanela go lebala selo se sengwe gape se bagolwane ba tshwanetseng go se dira, e leng “go nna dikao mo letsomaneng.” (1 Pet. 5:1-3) Motho yo e leng sekao mo phuthegong o tila dikakanyo le ditiro tsa boferefere. O leka ka natla go itshoka ka bopelotelele e ka ne a setse a tlhomilwe kgotsa a ise a tlhomiwe. Fa motho a tlhomiwa go nna mogolwane ga go kaye gore jaanong ga a tlhole a na le makoa a batho ba nang le one. (Dipa. 12:3; Pes. 106:32, 33) Gape mokaulengwe a ka tswa ‘a sa lemoge sepe se se sa itumediseng ka ene’ mme go ka tswa go na le sengwe se se phoso se ba bangwe ba se bonang mo go ene. (1 Bakor. 4:4) Ka jalo, fa bagolwane ba go gakolola ka bopeloephepa ba dirisa Baebele, leka go ba reetsa ntle le go kgopisega. Go tswa foo o leke go dirisa kgakololo ya bone.

GO TWENG FA O LETILE LOBAKA LO LOLEELE?

Bakaulengwe bangwe ba leta lobaka lo go ya ka bone lo leng loleele pele ba tlhomiwa. Fa e le gore o na le dingwaga di le mmalwa o “kgaratlhela tiro ya bolebedi,” a o a tle o tlhobaele? Fa go le jalo, ela tlhoko mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo, mme selo se se eletsegang ke setlhare sa botshelo fa se tla.”—Dia. 13:12.

Motho a ka ngomoga pelo fa go lebega a sa fitlhelele mokgele o a o ratang thata. Aborahame o ne a ikutlwa jalo. Jehofa o ne a mo solofetsa ngwana mme go ne ga feta dingwaga ene le Sara ba se na ngwana. (Gen. 12:1-3, 7) Fa Aborahame a ntse a tsofala, o ne a ikuela jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa, o tla nnaya eng, e re ka ke ntse fela ke se na ngwana . . . Ga o a nnaya losika lope.” Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore tsholofetso ya Gagwe ya go mo naya morwa e ne e tla direga. Mme go ne ga feta dingwaga tse dingwe di ka nna 14 pele Modimo a diragatsa se a se buileng.—Gen. 15:2-4; 16:16; 21:5.

Fa Aborahame a ntse a letile, a o ne a se ka a tlhola a itumelela go direla Jehofa? Nnyaa. Le ka motlha ga a ise a ke a belaele tsholofetso ya Modimo. O ne a tswelela a lebelela pele go bona diphelelo tse di molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Fa Aborahame a sena go bontsha bopelotelele, o ne a amogela tsholofetso eno.” (Baheb. 6:15) Kwa bofelong, Modimo Mothatayotlhe o ne a segofatsa monna yoo yo o ikanyegang go feta kafa a neng a lebeletse ka gone. O ka ithutang mo go Aborahame?

Fa o eletsa go nna mogolwane mme go fetile dingwaga seo se ise se direge, nna o ikanya Jehofa. Tswelela o mo direla o itumetse. Warren, yo o thusitseng bakaulengwe ba le bantsi go gatela pele semoyeng o tlhalosa lebaka la seo: “Go tsaya nako pele go ka bonala gore a mokaulengwe o tshwanelega go tlhomiwa. Fa nako e ntse e ya, tsela e mokaulengwe a itshwarang ka yone le e a dirang dikabelo tsa gagwe ka yone, e senola ka iketlo bokgoni jwa gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone. Bangwe ba dumela gore ba tla bo ba atlegile mo tirelong  fa fela ba bona tshiamelo nngwe kgotsa ba newa kabelo nngwe. Go leba dilo ka tsela eno go phoso mme motho a ka feleletsa a akanya ka gone ka selekanyo se se feteletseng. Fa o direla Jehofa ka boikanyegi go sa kgathalesege gore o mo direla kae le gore o dira eng, o atlegile.”

Mokaulengwe mongwe o ne a tlhomiwa go nna mogolwane morago ga go leta dingwaga di feta lesome. O tlhalosa se a se ithutileng, a umaka tlhaloso e e itsegeng thata e e mo bukeng ya Esekiele, kgaolo 1: “Jehofa o kgweetsa kara ya gagwe, e e leng phuthego ya gagwe, ka lobelo lo a lo batlang. Ka jalo, sa botlhokwa ke gore Jehofa ene o go bona o tshwanelega leng. Mo kgannyeng ya go batla go nna mogolwane, selo sa botlhokwa ga se nna—gore ke batla eng kgotsa ke eletsa go nna eng. Se ke se batlang e ka tswa e se se Jehofa a itseng ke se tlhoka.”

Fa o eletsa go dira tiro e e molemo ya go nna molebedi wa Mokeresete letsatsi lengwe, kgaratlha ka go thusa gore go nne le boitumelo mo phuthegong. Fa go lebega nako e tsamaya ka bonya, lwantsha go tlhobaela le go fela pelo. Raymond yo o umakilweng pelenyana a re: “Fa o na le keletso e e feteletseng ya go atlega, o ka se kgotsofale. Batho ba ba nnang ba tshwenyegile, ga ba itumelele go direla Jehofa.” Lwela go tokafatsa dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang mo botshelong jwa gago, segolobogolo bopelotelele. Leka go tokafatsa kamano ya gago le Modimo ka go ithuta Dikwalo. Oketsa seabe sa gago mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo le go ithuta Baebele le batho ba ba kgatlhegang. Etelela lelapa la gago pele mo ditirong tsa semoya le mo kobamelong ya lelapa. Itumelele tshono nngwe le nngwe e o nang le yone ya go fetsa nako o na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Fa o ntse o fitlhelela mokgele wa gago, o tla itumelela go direla Jehofa.

Go leka ka natla go tshwanelegela go nna le ditshiamelo mo phuthegong ke tshono e e tswang kwa go Jehofa; ene le phuthego ya gagwe ga ba batle gore ba ba kgaratlhang ba kgobege marapo kgotsa ba se ka ba itumela mo tirelong ya gagwe. Modimo o ema nokeng le go segofatsa botlhe ba ba mo direlang ba na le maitlhomo a a siameng. Fela jaaka go ntse ka ditshegofatso tsotlhe tsa gagwe, tshegofatso eno le yone “ga a e oketse ka botlhoko.”—Dia. 10:22.

Tota le fa o na le lobaka lo loleele o kgaratlha, o sa ntse o ka dira go le gontsi go tokafatsa kamano ya gago le Jehofa. Fa o ntse o leka ka natla go nna le dinonofo tse di tlhokegang e bile o dira ka natla mo phuthegong mme o sa itlhokomolose ba lelapa la gago, Jehofa a ka se lebale sotlhe se o se mo diretseng. E kete ka metlha o ka itumelela go direla Jehofa mo kabelong le fa e ka nna efe fela e o e newang.

^ ser. 2 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 8 Melaometheo e e tlhalosiwang mo setlhogong seno e ka thusa le ba ba eletsang go nna batlhanka ba bodiredi. Dilo tse di lebeletsweng mo go bone di mo go 1 Timotheo 3:8-10, 12, 13.