Loso lo Tla Nyelediwa, e le Mmaba wa Bofelo
“Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 BAKOR. 15:26.
1, 2. Kwa tshimologong Adame le Efa ba ne ba le mo maemong a a ntseng jang, mme go tsoga dipotso dife?
FA Adame le Efa ba ne ba bopiwa, ba ne ba se na mmaba ope. E ne e le batho ba ba itekanetseng ba ba neng ba nna mo paradaiseng. Ba ne ba atamalane le Mmopi wa bone e le bana ba gagwe. (Gen. 2:7-9; Luke 3:38) Taelo e Modimo a neng a ba e naya e ne e bontsha kafa botshelo jwa bone bo neng bo tlile go nna ka teng. (Bala Genesise 1:28.) Go ne go ka ba tsaya lobaka lo lo rileng lwa nako gore ‘ba tlatse lefatshe ba bo ba le fenye.’ Mme gore Adame le Efa ba tswelele ba ‘laola sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng,’ ba ne ba tla tshwanelwa ke go tshelela ruri ba sa swe gore Adame a se ka a felelwa ke taolo e a e neilweng.
2 Mme ke ka ntlha yang fa gompieno maemo a sa tshwane le a nako eo? Go tlile jang gore go nne le baba ba le bantsi jaana ba ba dirang gore batho ba se ka ba itumela, mmaba yo mogolo e le loso? Modimo o ne a tla dirang go fedisa baba bano? Dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe tse di tsamaisanang le tsone di teng mo pegong ya Baebele. Mma re sekaseke dikarolo dingwe tsa botlhokwa tsa yone.
TLHAGISO E E LORATO
3, 4. (a) Modimo o ne a naya Adame le Efa taelo efe? (b) Go ikobela taelo eo go ne go le botlhokwa go le kana kang?
3 Le fa Adame le Efa ba ne ba tla tshelela ruri, ba ne ba se na bosasweng. Gore ba tswelele ba tshela ba ne ba tshwanetse go hema, go nwa, go robala le go ja. Sa botlhokwa le go feta, ba ne ba tshwanetse go tswelela ba na le kamano le Moneibotshelo wa bone gore ba nne ba tshela. (Dute. 8:3) Gore ba tswelele ba itumelela botshelo, ba ne ba tshwanetse go amogela kaelo ya Modimo. Jehofa o ne a tlhalosetsa Adame ntlha eno sentle le pele Efa a bopiwa. Jang? “Jehofa Modimo o ne a naya monna taelo eno: ‘O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.’”—Gen. 2:16, 17.
4 “Setlhare sa kitso ya molemo le bosula” se ne se tshwantshetsa gore Modimo ke ene fela a nang le tshwanelo ya go laola gore ke eng se se molemo le se se bosula. Mme gone Adame o ne a setse a itse pharologanyo ya se se molemo le se se bosula; o ne a bopilwe mo setshwanong sa Modimo e bile a na le segakolodi. Setlhare seo se ne se tla gakolola Adame le Efa gore ba tla nna ba tlhoka kaelo ya ga Jehofa ka dinako tsotlhe. Fa ba ne ba ka ja mo setlhareng seo, go ne go tla kaya gore ba batla go itaola fa go tliwa mo dikgannyeng tsa boitsholo, mme seno se ne se tla bakela bone le lotsalo lwa bone mathata a magolo. Taelo ya Modimo mmogo le kotlhao ya go e tlola e ne e bontsha bomasisi jwa go dira jalo.
KAFA LOSO LO SIMOLOGILENG KA TENG MO BATHONG
5. Adame le Efa ba ne ba tlhotlhelediwa jang gore ba se ka ba nna kutlo?
5 Fa Efa a sena go bopiwa, Adame o ne a mmolelela ka taelo ya Modimo. Efa o ne a e itse sentle e bile o ne a kgona go e bua mo e batlileng e le fela jaaka e builwe. (Gen. 3:1-3) O ne a e bolelela jalo mongwe yo o neng a itirile e kete ke noga, sebopiwa se se botlhajana. Motho yo o neng a dirisa noga e ne e le Satane Diabolo, morwa wa Modimo wa semoya yo o neng a ile a letla gore keletso ya gagwe ya go ipusa le go nna le taolo e gole. (Bapisa Jakobe 1:14, 15.) E le gore a fitlhelele maikaelelo a gagwe a a bosula, o ne a latofatsa Modimo ka go re o bua maaka. O ne a tlhomamisetsa Efa gore fa a ka leka go ipusa, seno se ne se tla felela ka gore a tshwane le Modimo, e seng gore a swe. (Gen. 3:4, 5) Efa o ne a mo dumela, a bontsha ka go ja leungo gore tota o batla go ipusa mme a tlhotlheletsa Adame gore le ene a le je. (Gen. 3:6, 17) Diabolo o ne a buile maaka. (Bala 1 Timotheo 2:14.) Le fa go ntse jalo, Adame ‘o ne a reetsa lentswe la mosadi wa gagwe.’ Le fa noga e ka tswa e ne e lebega e kete ke tsala, tota Satane Diabolo e ne e le mmaba yo o setlhogo yo o neng a itse ditlamorago tse di kotsi tsa se a neng a se bolelela Efa.
6, 7. Jehofa o ne a atlhola badiraphoso jang?
6 Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo yo o neng a ba neile botshelo le sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone. Mme gone, Jehofa o ne a bone sengwe le sengwe se se diragetseng. (1 Ditir. 28:9; bala Diane 15:3.) O ne a letlile batho bao ba bararo go bontsha gore ba ikutlwa jang ka ene. E re ka Jehofa e le Rre, o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko thata. (Bapisa Genesise 6:6.) Go tswa foo o ne a tshwanelwa ke go nna Moatlhodi, a diragatsa se a neng a buile gore se tla diragala.
7 Modimo o ne a reile Adame a re: “Ka letsatsi le o jang mo go sone [setlhare sa kitso ya molemo le bosula] ruri o tla swa.” Adame a ka tswa a ile a tsaya gore letsatsi leo ke “letsatsi” la diura tse 24. Fa a sena go tlola taelo ya Modimo, a ka tswa a ile a lebelela gore Jehofa a tseye kgato, pele letsatsi le phirima. Jehofa o ne a ya go buisana le banyalani bano, “mo e ka nnang ka nako ya go foka ga phefonyana ya letsatsi leo.” (Gen. 3:8) Go ne ga nna jaaka e kete o tsentse tsheko, a batla boammaaruri ka go botsa Adame le Efa dipotso. (Gen. 3:9-13) Morago ga moo o ne a atlhola badiraphoso bao. (Gen. 3:14-19) Fa a ka bo a ba bolaile ka yone nako eo, boikaelelo jwa gagwe ka Adame le Efa le lotsalo lwa bone, bo ne bo ka se direge. (Isa. 55:11) Le fa a ile a ba tlhomamisetsa gore ba tla swa mme le ditlamorago tsa boleo di ile tsa simolola go direga ka yone nako eo, o ne a letla Adame le Efa go tshola bana ba ba neng ba tla solegelwa molemo ke dithulaganyo tse dingwe tse a neng a tla di dira. Ka jalo, Modimo o ne a tsaya Adame le Efa ba sule ka lone letsatsi le ba neng ba leofa ka lone, mme e re ka mo go Jehofa “letsatsi” le le lengwe le lekana le dingwaga di le 1 000, tota ba ne ba swa mo go lone letsatsi leo.—2 Pet. 3:8.
8, 9. Lotsalo lwa ga Adame lo ile lwa amiwa jang ke boleo jwa gagwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)
8 A bana ba ga Adame le Efa ba ne ba tla amiwa ke se batsadi ba bone ba se dirileng? Ee. Baroma 5:12 e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, [mme] loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” Motho wa ntlha go swa e ne e le Abele yo o ikanyegang. (Gen. 4:8) Mme bana ba bangwe ba ga Adame ba ne ba tsofala ba bo ba swa. A ba ne ba rua boleo mmogo le loso? Moaposetoloi Paulo o araba a re: “Ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe.” (Bar. 5:19) Ka jalo, boleo le loso lo lo ruilweng mo go Adame e ne ya nna baba ba ba setlhogo ba batho ba ba sa itekanelang, mme go ne go se na kwa ba ka ba tshabelang gone. Ga re ka ke ra tlhalosa ka botlalo gore boswa jo bo sa itumediseng bo ne jwa fetela jang mo baneng ba ga Adame le mo dikokomaneng tse di neng di tla latela, mme gone bo ile jwa fetela mo go bone.
9 Go a tshwanela go bo Baebele e tlhalosa boleo le loso tse di ruilweng e re ke “sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe.” (Isa. 25:7) Sebipo seno se se hupetsang kgotsa mologo ono o o raraaneng wa katlholo o apesitse batho botlhe. Ka jalo, boammaaruri ke gore “mo go Adame botlhe ba [a] swa.” (1 Bakor. 15:22) Potso e gantsi e salang ke eno e e bodiwang ke Paulo: “Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” A mongwe o ne a ka kgona go mo namola? *—Bar. 7:24.
BOLEO LE LOSO DI TLA NYELEDIWA
10. (a) Ke ditemana dife tsa Baebele tse di bontshang gore Jehofa o ne a tla fedisa loso lo lo bakilweng ke Adame? (b) Ditemana tseno di bontsha eng ka Jehofa le Morwawe?
10 Ee, Jehofa o ne a ka namola Paulo. Fela fa Isaia a sena go umaka “sebipo” o ne a re: “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isa. 25:8) Fela jaaka rre yo o tlosang selo se se dirang gore bana ba gagwe ba boge a bo a ba phimola dikeledi, Jehofa o itumelela thata go fedisa loso lo lo bakilweng ke Adame! Mme o na le yo o mo thusang go dira jalo. Temana ya 1 Bakorintha 15:22 ya re: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” Ka tsela e e tshwanang, fa Paulo a sena go botsa go re “Ke mang yo o tla nnamolang?” o ne a tswelela a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Bar. 7:25) Go bonala sentle gore lorato lo lo tlhotlheleditseng Jehofa gore a bope batho ga lo a ka lwa fela fa Adame le Efa ba ne ba mo tsuologela. Mme yo o neng a thusa Jehofa go bopa banyalani ba ntlha ga a ka a felelwa ke lorato lo lo kgethegileng lo a neng a rata lotsalo lwa banyalani bano ka lone. (Dia. 8:30, 31) Mme o ne a tla lo namola jang?
11. Jehofa o ne a dira thulaganyo efe go namola batho?
11 Loso le bosaitekanelang di ne tsa tsena mo bathong fa Adame a sena go leofa mme Jehofa a bo a diragatsa katlholo ya gagwe e e siameng. (Bar. 5:12, 16) Re bala jaana: “Ka tlolo e le nngwe batho ba mefuta yotlhe ba ne ba felela ka gore ba bonwe molato.” (Bar. 5:18) Jehofa o ne a ka namola batho jang mme a sa itlhokomolose melao ya gagwe? Re bona karabo mo mafokong ano a ga Jesu: “Morwa motho [o] ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Yo e neng e le morwa wa ga Jehofa wa ntlha wa semoya, o tlhalositse sentle gore e re ka a ne a tshotswe mo lefatsheng e le motho yo o itekanetseng, o ne a tla ntsha thekololo. Thekololo eno e ne e tla diragatsa tshiamiso jang?—1 Tim. 2:5, 6.
12. Thekololo e e lekanang e e neng ya diragatsa tshiamiso e ne e le eng?
12 E re ka Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng, o ne a ka tshelela ruri fela jaaka Adame le ene a ne a ka tshelela ruri pele a leofa. Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le go tlatsa lefatshe ka lotsalo lo lo itekanetseng lwa ga Adame. Ka jalo, e re ka Jesu a ne a rata Rraagwe le ditlogolwana tsa ga Adame thata, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. Ee, Jesu o ne a ntsha botshelo jo bo itekanetseng jo bo neng bo lekana le jo bo latlhegetseng Adame. Morago ga moo, Jehofa o ne a dira gore Morwawe a boe a tshele gape e le sebopiwa sa semoya. (1 Pet. 3:18) Jehofa o ne a ka diragatsa tshiamiso ka go amogela setlhabelo sa monna yoo yo o itekanetseng e bong Jesu e le thekololo, kgotsa tlhwatlhwa, gore a rekolole lelapa la ga Adame le go ba naya tsholofelo ya gore ba tshele botshelo jo Adame a neng a bo latlhile. Ka tsela nngwe, Jesu o ne a tsaya boemo jwa ga Adame. Paulo o tlhalosa jaana: “E bile go kwadilwe jalo ga twe: ‘Motho wa ntlha Adame o ne a nna moya o o tshelang.’ Adame wa bofelo o ne a nna moya o o nayang botshelo.”—1 Bakor. 15:45.
13. “Adame wa bofelo” o tla dirang go thusa baswi?
13 Kgabagare go tla tla nako ya gore “Adame wa bofelo” a nne “moya o o nayang botshelo” mo bathong botlhe. Bontsi jwa batho ba e leng lotsalo lwa ga Adame ba tla tsosiwa mo baswing. Ka ntlha yang? Ka gonne ba setse ba tshedile ba bo ba swa. Ba tla tlhoka go tsosiwa mo baswing gore ba boe ba tshele mo lefatsheng.—Joh. 5:28, 29.
14. Jehofa o ne a tla dirisa thulaganyo efe go dirolola bosaitekanelang jo Adame a bo fetiseditseng mo lotsalong lwa gagwe?
14 Batho ba ne ba tla gololwa jang mo seemong se ba se ruileng sa bosaitekanelang? Jehofa o ne a tlhoma puso ya Bogosi e mo go yone “Adame wa bofelo” a neng a tla busa le babusimmogo ba ba tlhophilweng mo bathong. (Bala Tshenolo 5:9, 10.) Ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong ba tla bo ba iponetse gore bosaitekanelang bo ntse jang. Ka dingwaga tse di sekete, puso ya bone e ba e kopanetseng e tla thusa batho ba ba mo lefatsheng go fenya bosaitekanelang jo ba neng ba ka se ka ba bo fenya ka bobone fela.—Tshen. 20:6.
15, 16. (a) Baebele e kayang fa e re ‘loso e le mmaba wa bofelo,’ mme lo tla nyelediwa leng? (b) Go ya ka 1 Bakorintha 15:28, Jesu o tla dirang fa nako e ntse e ya?
15 Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete tsa puso ya Bogosi, batho ba ba kutlo ba tla bo ba golotswe mo babeng botlhe ba ba nnileng gone ka ntlha ya go sa utlwe ga ga Adame. Baebele ya re: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa. Mme mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba e leng ba ga Keresete [babusimmogo le ene] mo nakong ya go nna gone ga gagwe. Morago ga moo, bokhutlo, fa a neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi, fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla. Gonne o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo a sena go baya baba botlhe kafa tlase ga dinao tsa gagwe. Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakor. 15:22-26) Ee, kgabagare loso lo re lo ruileng mo go Adame lo tla nyelediwa. “Sebipo” se se bipileng batho botlhe se tla bo se tlositswe ka bosakhutleng.—Isa. 25:7, 8.
16 Moaposetoloi Paulo o wetsa tshobokanyo ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ka mafoko ano: “Fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya gagwe, go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.” (1 Bakor. 15:28) Boikaelelo jwa puso ya Morwa bo tla bo bo diragaditswe. Go tswa foo, a kgotsofetse ka botlalo, o tla busetsa taolo ya gagwe mo go Jehofa a bo a mo naya lelapa la batho ba ba itekanedisitsweng.
17. Kgabagare go tla dirwang ka Satane?
17 Go tla diragalang ka Satane, yo e leng ene a simolotseng matlhotlhapelo otlhe a batho ba lebaneng le one? Tshenolo 20:7-15 e re naya karabo. Mo tekong ya bofelo e e tla tlelang batho botlhe ba ba itekanetseng, Satane o tla letlelelwa gore a leke go ba tsietsa. Diabolo le ba ba tla bong ba mo latela ba tla fedisediwa ruri ka “loso lwa bobedi.” (Tshen. 21:8) E re ka ba ba swang loso lono ba tla bo ba swetse ruri, loso lono lone lo ka se fedisiwe. Le fa go ntse jalo, “loso lwa bobedi” ga se mmaba wa batho ba ba ratang Mmopi wa bone e bile ba mo direla.
18. Taelo e Modimo a neng a e neile Adame e tla diragadiwa jang?
18 Go tswa foo batho ba ba itekanedisitsweng ba tla ema fa pele ga ga Jehofa, ba tshwanelega ka botlalo go bona botshelo jo bo sa khutleng, go se na mmaba ope. Taelo e e neng ya newa Adame e tla bo e diragaditswe a seyo. Lefatshe le tla tlala ka bana ba gagwe, ba ba tla itumelelang go le tlhokomela le go itumelela ditshedi tsa lone tse di farologaneng. E kete le ka motlha re ka se kgaotse go anaanela tsela e e lorato e Jehofa a fedisang mmaba wa bofelo e leng loso ka yone!
^ ser. 9 Fa Insight on the Scriptures e bua ka maiteko a baitsesaense a go tlhalosa se se bakang botsofe le loso ya re: “Ba tlhokomologa ntlha ya gore Mmopi ka boene o ne a atlholela banyalani ba ntlha loso, a diragatsa katlholo eo ka tsela e motho a sa e tlhaloganyeng ka botlalo.”—Vol. 2, ts. 247.