Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tlhomiwa jang mo diphuthegong?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga  C.E., moaposetoloi Paulo o ne a raya bagolwane ba ba neng ba direla mo phuthegong ya Efeso a re: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Dit. 20:28) Moya o o boitshepo o na le seabe sefe mo go tlhomiweng ga bagolwane le batlhanka ba bodiredi gompieno?

Sa ntlha, moya o o boitshepo o ne wa tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go kwala dilo tse motho a tlhokang go di dira gore a tshwanelegele go nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi. Dilo di ka nna 16 tse motho a tlhokang go di dira gore a tlhomiwe go nna mogolwane di thathamisitswe mo go 1 Timotheo 3:1-7. Tse dingwe di bonwa mo ditemaneng tse di jaaka Tito 1:5-9 le Jakobe 3:17, 18. Ditshwanelego tsa batlhanka ba bodiredi di tlhalositswe mo go 1 Timotheo 3:8-10, 12, 13. Sa bobedi, ba ba buelelang bakaulengwe le ba ba ba tlhomang ba rapelela moya wa ga Jehofa gore o ba kaele fa ba ntse ba sekaseka gore a bakaulengwe bano ba tshwanelega ka selekanyo se se rileng go ya ka Dikwalo. Sa boraro, motho yo o buelelwang o tshwanetse go bontsha dinonofo tse moya o o boitshepo wa Modimo o di tlhagisang mo botshelong jwa gagwe. (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, moya wa Modimo o na le seabe mo dikarolong tsotlhe tsa go tlhomiwa ga motho.

Mme tota ke mang yo o tlhomang bakaulengwe bao? Mo nakong e e fetileng, maina a batho botlhe ba ba buelelwang go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi a ne a romelwa kwa ofising ya lekala. Kwa lekaleng, bakaulengwe ba ba tlhomilweng ke Setlhopha se se Laolang ba ne ba abelwa go sekaseka bakaulengwe bano ba ba bueletsweng le go tlhoma ba ba tshwanelegang. Go tswa foo, ofisi ya lekala e ne e itsise setlhopha sa bagolwane. Mme bagolwane bone ba ne ba itsise banna bao gore ba tlhomilwe, ba ba botsa gore a ba amogela kabelo eno le gore a ba ipona ba tshwanelega. Morago ga moo go ne go itsisewe phuthego.

Mme bakaulengwe ba ne ba tlhomiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Ka dinako tse dingwe, baaposetoloi ba ne ba tlhoma bakaulengwe go dira dikabelo dingwe, jaaka ka nako ya fa go ne go tlhomiwa banna ba le supa gore ba tlhokomele tiro ya go abela batlholagadi dijo letsatsi le letsatsi. (Dit. 6:1-6) Le fa go ntse jalo, banna bao ba ka tswa ba ne ba setse ba direla e le bagolwane, ke gore, pele ba newa kabelo eo.

Le fa Dikwalo di sa tlhalose ntlha nngwe le nngwe malebana le gore batho ba ne ba tlhomiwa jang mo metlheng eo, re kgona go nna le lesedinyana la gore  seo se ne se dirwa jang. Re bolelelwa gore fa Paulo le Barenabase ba ne ba boela gae go tswa loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa, “ba ne ba ba tlhomela banna ba bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe mme, ya re ba rapela e bile ba itima dijo, ba ba naya Jehofa yo jaanong ba neng ba le badumedi mo go ene.” (Dit. 14:23) Dingwaga moragonyana, Paulo o ne a kwalela Tito yo o neng a tsaya maeto le ene, a re: “Ka lebaka leno ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana, jaaka ke ne ka go naya ditaelo.” (Tito 1:5) Ka tsela e e tshwanang, Timotheo, yo o neng a tsaya maeto a mantsi le moaposetoloi Paulo, go lebega le ene a ne a newa maikarabelo a a tshwanang. (1 Tim. 5:22) Go bonala sentle gore balebedi ba ba etang ke bone ba neng ba tlhoma bakaulengwe bano, e seng baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema.

Go dumalana le tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se fetotse tsela e bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tlhomiwang ka yone. Go simolola ka Lwetse 1, 2014, bakaulengwe ba tlhomiwa ka tsela e e latelang: Molebedi mongwe le mongwe wa potologo o sekaseka ka kelotlhoko banna ba ba bueletsweng mo potologong ya gagwe. Fa a ntse a etela diphuthego, o tla leka ka bojotlhe go itse bakaulengwe bano ba ba bueletsweng, a dira le bone mo bodireding fa go kgonega. Fa molebedi wa potologo a sena go tlotla le setlhopha sa bagolwane ba phuthego ka banna ba ba bueletsweng, o na le maikarabelo a go tlhoma bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo diphuthegong tse di mo potologong ya gagwe. Ka tsela eno, thulaganyo eno e tsamaisana thata le ya lekgolo la ntlha la dingwaga.

Bagolwane ba sekaseka gore a mokaulengwe o tshwanelega go ya ka Dikwalo ba na le molebedi wa potologo (Malawi)

Ke bomang ba ba nang le maikarabelo a a farologaneng mo thulaganyong eno? Jaaka tlwaelo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke ene a nang le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go fepa ba ntlo. (Math. 24:45-47) Seno se akaretsa gore a dire dipatlisiso mo Dikwalong a thusiwa ke moya o o boitshepo, gore a neye kaelo ya kafa melaometheo ya Baebele, e e malebana le tsela e phuthego e rulagantsweng ka yone, e ka dirisiwang ka teng. Gape motlhanka yo o boikanyego o tlhoma balebedi botlhe ba potologo le maloko a Komiti ya Lekala. Mme ofisi nngwe le nngwe ya lekala e thusa gore kaelo e e newang e diragadiwe. Setlhopha sengwe le sengwe sa bagolwane se na le boikarabelo jwa botlhokwa jwa go sekaseka ka kelotlhoko ditshwanelego tsa Dikwalo tsa bakaulengwe ba ba ba buelelang gore ba tlhomiwe mo phuthegong ya Modimo. Molebedi mongwe le mongwe wa potologo o na le boikarabelo jo bo masisi jwa go sekaseka ka kelotlhoko le ka thapelo banna ba ba bueletsweng ke bagolwane go tswa foo a bo a tlhoma ba ba tshwanelegang.

Fa re tlhaloganya kafa bakaulengwe ba tlhomiwang ka gone, re tlhaloganya botoka se moya o o boitshepo o se dirang mo thulaganyong eno. Seo se dira gore re ikanye le go tlotla ba ba tlhomilweng mo phuthegong ya Bokeresete.—Baheb. 13:7, 17.

 Basupi ba babedi ba go buiwang ka bone mo go Tshenolo kgaolo 11 ke bomang?

Tshenolo 11:3 e bua ka basupi ba le babedi ba ba neng ba tla porofeta malatsi a le 1 260. Go tswa foo pego eo ya re sebatana sa naga se ne se tla ba ‘fenya se ba bolaye.’ Mme morago ga “malatsi a le mararo le sephatlo,” basupi bano ba babedi ba ne ba tla boa ba tshela gape, e leng se se neng se tla gakgamatsa thata batho ba ba lebileng tiragalo eo.—Tshen. 11:7, 11.

Basupi bano ba babedi ke bomang? Dintlha tsa pego eo di re thusa go ba lemoga. Sa ntlha, re bolelelwa gore “ba tshwantshediwa ke ditlhare tse pedi tsa motlhware le ditlhomo tse pedi tsa lobone.” (Tshen. 11:4) Seno se re gopotsa setlhomo sa lobone le ditlhare di le pedi tsa motlhware tse di tlhalosiwang mo boporofeting jwa ga Sekarea. Boporofeti joo jwa re ditlhare tseo tsa motlhware di tshwantshetsa “batlodiwa ba babedi,” Mmusi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua, ‘ba eme fa thoko ga Morena wa lefatshe lotlhe.’ (Seka. 4:1-3, 14) Sa bobedi, basupi bano ba babedi ba tlhalosiwa ba dira ditshupo tse di tshwanang le tse di neng tsa dirwa ke Moshe le Elija.—Bapisa Tshenolo 11:5, 6 le Dipalo 16:1-7, 28-35 le 1 Dikgosi 17:1; 18:41-45.

Ditlhaloso tseno di tshwana ka eng? Pego nngwe le nngwe e bua ka batlodiwa ba Modimo ba ba neng ba eteletse pele ka nako e e thata ya teko. Ka jalo, Tshenolo kgaolo 11 e ne ya diragadiwa fa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba eteletse pele ka nako ya fa Bogosi jwa Modimo bo ne bo tlhomiwa kwa legodimong ka 1914, ba ne ba rera “ba apere letsela la kgetsi” ka dingwaga di le tharo le sephatlo.

Fa batlodiwa bano ba sena go wetsa go rera ba apere letsela la kgetsi, ba ne ba bolawa ka tsela ya tshwantshetso fa ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka nako e khutshwane, ka malatsi a tshwantshetso a le mararo le halofo. Baba ba batho ba Modimo ba ne ba akanya gore tiro ya batho ba Modimo e ne e bolailwe, ke gore e emisitswe gotlhelele, se se neng sa dira gore baganetsi bano ba itumele fela thata.—Tshen. 11:8-10.

Le fa go ntse jalo, fela jaaka boporofeti bo ne bo boletse, morago ga malatsi a mararo le sephatlo, basupi ba babedi ba ne ba tsosiwa mo baswing. Batlodiwa bano ga ba a ka ba gololwa fela mo kgolegelong mme gape ba ba neng ba nna ba ikanyega ba ne ba tlhomiwa ka tsela e e kgethegileng ke Modimo a dirisa Morena wa bone Jesu Keresete. Ka 1919 ba ne ba tlhomiwa go nna bangwe ba ba ba neng ba direla e le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore ba tlamele batho ba Modimo ka se ba se tlhokang semoyeng mo metlheng eo ya bofelo.—Math. 24:45-47; Tshen. 11:11, 12.

Se se kgatlhang ke gore Tshenolo 11:1, 2 e amanya ditiragalo tseo le nako ya fa tempele ya semoya e ne e lekanngwa kgotsa e tlhatlhobiwa. Malaki kgaolo 3 e umaka go tlhatlhobiwa mo go ntseng jalo ga tempele ya semoya mo go latelwang ke nako ya go phepafatsa. (Mal. 3:1-4) Tiro ya go tlhatlhoba le ya go phepafatsa e ne ya tsaya lobaka lo lo kae? E ne ya simolola ka 1914 go fitlha kwa masimologong a 1919. Lobaka lono lwa nako lo akaretsa malatsi a le 1 260 (dikgwedi di le 42) le malatsi a tshwantshetso a le mararo le sephatlo a a umakwang mo go Tshenolo kgaolo 11.

A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a rulagantse tiro eno ya go ntlafatsa ka tsela ya semoya gore a ntlafatse batho ba ba kgethegileng go dira ditiro tse di molemo! (Tito 2:14) Mo godimo ga moo, re anaanela sekao se se tlhomilweng ke batlodiwa ba ba ikanyegang ba ba neng ba etelela pele ka nako ya go lekwa mme ka go dira jalo ba nna bone basupi ba babedi ba tshwantshetso. *

^ ser. 18 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2013, tsebe 22, serapa 12.