Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A “Itse Tsela”

O ne A “Itse Tsela”

GUY HOLLIS PIERCE, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka Labobedi, Mopitlwe 18, 2014. O ne a na le dingwaga di le 79 fa tsholofelo ya gagwe ya go nna mongwe wa bomorwarraagwe Keresete ba ba tsositsweng e ne e diragadiwa.—Baheb. 2:10-12; 1 Pet. 3:18.

Guy Pierce o tsholetswe kwa Auburn, California, U.S.A., ka Ngwanatsele 6, 1934, mme a kolobediwa ka 1955. O ne a nyala mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Penny ka 1977 mme ba nna le bana. Maitemogelo a gagwe a go nna rralelapa a ne a thusa gore a tshware ba bangwe ka lorato jaaka rraabone. Ka 1982 ene le Penny ba ne ba tshwarega mo tirong ya bobulatsela mme ka 1986 o ne a simolola tirelo ya dingwaga di le 11 e le molebedi wa potologo kwa United States.

Ka 1997, Guy le Penny Pierce ba ne ba simolola go direla e le maloko a lelapa la Bethele ya kwa United States. Mokaulengwe Pierce o ne a direla mo Lefapheng la Tirelo mme ka 1998 o ne a tlhomiwa go nna mothusi wa Komiti ya Badiri ya Setlhopha se se Laolang. Go tlhomiwa ga Mokaulengwe Pierce go nna leloko la Setlhopha se se Laolang go ne ga itsisiwe ka Diphalane 2, 1999, kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Mo dingwageng tsa bosheng, o ne a direla mo Komiting ya Badiri, ya Bokwadi, ya Kgatiso le ya Barulaganyi.

Mokaulengwe Pierce e ne e le motho yo o atamelesegang mo mefuteng e e farologaneng ya batho, ka gonne o ne a nyenya ka botsalano e bile a rata metlae. Le fa go ntse jalo, dinonofo tse di neng di dira gore batho ba bangwe ba mo rate thata e ne e le lorato lwa gagwe, boikokobetso jwa gagwe, go tlotla ga gagwe melao le melaometheo e e siameng le go nna le tumelo e e feletseng mo go Jehofa. Guy Pierce o ne a tlhomamisegile gore fela jaaka letsatsi le ka se ka la tlhoka go tlhaba, ditsholofetso tsa ga Jehofa di ka se nne di sa diragadiwe mme o ne a batla go itsise batho botlhe ka boammaaruri jono.

Mokaulengwe Pierce o ne a sa lapisiwe ke go direla Jehofa, a tsoga go sa le phakela mme gantsi a dira go fitlha bosigo. O ne a tsaya maeto go ralala lefatshe go ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete, mme o ne a se nke a tshwarega thata gore a ka ipha nako le maloko a lelapa la Bethele le ba bangwe ba ba neng ba batla go tlotla le ene, ba tlhoka kgakololo le thuso ya gagwe. Tota le badumedi ka ene ba ba mmoneng dingwagangwaga tse di fetileng ba gopola kafa a neng a rata batho ka teng, a le botsalano le kafa a neng a kgothatsa batho ka Dikwalo ka gone.

Mokaulengwe wa rona le tsala ya rona e e rategang o tlogela mosadi wa gagwe, bana ba gagwe ba barataro mmogo le ditlogolo le ditlogolwana. Gape o ne a na le bana ba le bantsi ba semoya. Puo ya phitlho ya ga Mokaulengwe Pierce e ne ya neelwa kwa Bethele ya Brooklyn ka Matlhatso, Mopitlwe 22, 2014, ke Mark Sanderson, yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. Dingwe tsa dilo tse a neng a bua ka tsone ke tsholofelo e Mokaulengwe Pierce a neng a na le yone ya go tshela kwa legodimong a bo a bala mafoko ano a ga Jesu: “Mo ntlong ya ga Rre go na le manno a le mantsi. . . . Fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke tla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone. Mme lo itse tsela ya kwa ke yang gone.”—Joh. 14:2-4.

Ruri re tla tlhologelelwa Mokaulengwe Pierce fela thata. Le fa go ntse jalo, re itumelela gore o ne a “itse tsela” ya go ya kwa ‘lefelong la gagwe la bonno’ la bosakhutleng.