Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata

Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata

MMOPI wa rona o neile batho tlotla ka go ba naya mpho e e tlhwatlhwakgolo ya go itlhophela. Mo godimo ga moo, o segofatsa batho ba ba dirisang kgololesego ya bone ka go rata go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri mmogo le ba ba itshepisang leina la gagwe le le boitshepo e bile ba ema nokeng maikaelelo a gagwe a magolo. Jehofa ga a batle gore re mo obamele fela ka gonne re ikutlwa re patelesega go dira jalo e bile re tshoga gore a ka re dira sengwe fa re sa mo ikobele. Go na le moo, o tseela kwa godimo thata batho ba ba ineelang ka go rata ba tlhotlhelediwa ke lorato lwa mmatota le kanaanelo e e tswang pelong.

Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng kwa Sinai, Jehofa o ne a ba laela gore ba age lefelo la kobamelo. O ne a re: “Tseelang Jehofa moneelo o o tswang mo go lona. A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang a o tlise jaaka moneelo wa ga Jehofa.” (Ekes. 35:5) Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ka ntsha sengwe le sengwe fela se a se kgonang mme moneelo mongwe le mongwe o o ntshiwang ka go rata—go sa kgathalesege gore ke eng kgotsa gore ke bokae—o ne o ka dirisiwa ka tsela e e tshwanetseng go diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Batho ba ile ba tsiboga jang?

“Mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa” le “mongwe le mongwe yo moya wa gagwe o neng o mo tlhotlheletsa” o ne a ntsha moneelo ka go rata, “mongwe le mongwe wa pelo e e ratang.” Banna le basadi ba ne ba ntsha sengwe go tshegetsa tiro ya ga Jehofa: mabenya a a kopelwang mo seaparong go se kgabisa, manyena, dipalamonwana, gouta, selefera, koporo, tlhale e e bobududu, boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bo hibitswana, letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase, leloba le le boleta, maodi a podi, matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu, matlalo a manyebi, logong lwa mokala, maje a onikise, balema le leokwane. Kgabagare, “dilwana di ne tsa itshupa di lekane tiro yotlhe e e neng e tshwanetse go dirwa, e bile di feta tekanyo.”—Ekes. 35:21-24, 27-29; 36:7.

Se se neng se itumedisa Jehofa thata, e ne e se ditshupelo go na le moo, e ne e le moya wa go ntsha ka go rata o ba ba neng ba ema nokeng kobamelo ya boammaaruri ba neng ba o bontsha. Gape ba ne ba tlhotlheletsega go dirisa nako ya bone le maatla a bone. Pego eo ya re, “Basadi botlhe ba ba neng ba na le pelo e e botlhale ba otlha ka diatla tsa bone.” Eleruri, “basadi botlhe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa ka botlhale ba otlha maodi a podi.” Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a naya Besalele ‘botlhale, tlhaloganyo le kitso mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe ya botswerere.’ Tota e bile Modimo o ne a naya Besalele le Oholiabe botswerere jo bo neng bo tlhokega go dira tiro yotlhe e ba neng ba laetswe go e dira.—Ekes. 35:25, 26, 30-35.

Fa Jehofa a ne a re Baiseraele ba ntshe moneelo, o ne a tlhomamisegile tota gore “mongwe le mongwe wa pelo e e ratang” o tla ema nokeng kobamelo ya boammaaruri. Mme ene o ne a segofatsa ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang ka go ba kaela le go ba naya boipelo jo bogolo. Ka jalo, Jehofa o ne a bontsha gore fa a segofatsa moya o batlhanka ba gagwe ba nang le one wa go intsha setlhabelo, o tlhomamisa gore ga ba tlhaele sepe le fa e le bokgoni jwa go dira se a se batlang. (Pes. 34:9) Fa o ntse o direla Jehofa ka go rata, tlhomamisega gore o tla segofatsa moya o o nang le one wa go ithaopa ka go rata.