Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Tlhaloganya Bokao’?

A o ‘Tlhaloganya Bokao’?

“A bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.”—LUKE 24:45.

1, 2. Jesu o ne a nonotsha barutwa ba gagwe jang mo letsatsing le a neng a tsosiwa ka lone?

E NE e sa ntse e le letsatsi le Jesu a tsositsweng ka lone mo baswing. Barutwa ba babedi ba ne ba tsamaya ba ya motseng o o neng o le sekgala sa dikilometara di ka nna 11,2 go tswa kwa Jerusalema. E re ka ba ne ba sa itse gore Jesu o ne a tsositswe, ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke ditiragalo tsa bosheng. Ka tshoganyetso, Jesu o ne a bonala mo go bone mme a simolola go tsamaya le bone. O ne a kgona go gomotsa barutwa bano. Jang? “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.” (Luke 24:13-15, 27) Ka nako eo, dipelo tsa bone di ne tsa simolola go tuka ka gonne o ne a ntse a ba “bulela Dikwalo ka botlalo” kgotsa a di ba tlhalosetsa sentle.—Luke 24:32.

2 Mo maitseboeng ao, barutwa bao ba babedi ba ne ba boela kwa Jerusalema. Ba ne ba fitlhela baaposetoloi mme ba ba bolelela se se ba diragaletseng. Fa ba ntse ba tlotla, Jesu o ne a bonala mo go bone botlhe. Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tshogile. Ba ne ba simolola go nna le dipelaelo. Jesu o ne a ba nonotsha jang? Re bolelelwa jaana: “A bula megopolo ya bone ka botlalo gore e tlhaloganye se se kaiwang ke Dikwalo.”—Luke 24:45.

3. Ke dikgwetlho dife tse re ka nnang ra lebana le tsone, mme ke eng se se ka re thusang gore re lebe bodiredi jwa rona ka tsela e e siameng?

3 Fela jaaka barutwa bao, ka dinako tse dingwe le rona re ka ikutlwa re imetswe fela thata. Gongwe re tshwaregile mo tirong ya Morena mme re kgobega marapo ka gonne re sa nne le diphelelo tse di molemo. (1 Bakor. 15:58) Kgotsa go ka nna ga bonala e kete batho ba re ithutang le bone ga ba gatele pele ka bonako. E bile ba bangwe ba re ba thusang ba ka nna ba tlogela Jehofa. Re ka dirang gore re lebe bodiredi jwa rona ka tsela e e tshwanetseng? Selo sengwe se se ka re thusang ke go tlhaloganya ka botlalo ditshwantsho tsa ga Jesu tse di mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Mma re sekasekeng di le tharo tsa tsone mme re bone gore re ka ithuta eng mo go tsone.

MOJADI YO O ROBALANG

4. Setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi yo o robalang se kaya eng?

4 Bala Mareko 4:26-29. Setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi yo o robalang se kaya eng? Monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o tshwantshetsa mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi. Peo ke molaetsa wa Bogosi o o rerelwang batho ba ba dipelo di ikanyegang. Mojadi o ‘robala bosigo a bo a tsoga motshegare.’ Go gola ga peo go diragala mo lobakeng lo lo rileng lwa nako, go simologa ka nako e a jalang ka yone go ya go fitlha ka nako ya thobo. Mo lobakeng loo, ‘peo e a tlhoga e bo e golela kwa godimo.’ Kgolo eno e itiragalela ‘ka boyone,’ ka iketlo, kgato ka kgato. Ka tsela e e tshwanang, kgolo ya semoya e direga ka iketlo, kgato ka kgato. Fa motho a gatela pele go ya bokgakaleng jwa gore a tlhotlheletsege go direla Modimo, o ungwa maungo ka tsela ya gore o ineela mo go Jehofa a bo a kolobediwa.

5. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa setshwantsho sa mojadi yo o robalang?

5 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a dirisa setshwantsho seno? Jesu o re thusa go lemoga gore Jehofa ke ene a dirang gore boammaaruri bo gole mo dipelong tsa batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng.” (Dit. 13:48; 1 Bakor. 3:7) Re a jala le go nosetsa mme ga se rona re laolang kgolo. Re ka se e pateletse e bile re ka se e potlakise. Fela jaaka monna wa mo setshwantshong, ga re itse gore kgolo e direga jang. Gantsi ga re e lemoge fa re tsweletse ka ditiro tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi. Mme fa nako e ntse e ya, peo ya Bogosi e ka nna ya ungwa. Go tswa foo, morutwa yo mosha o dira mmogo le rona mo tirong ya go roba mme re solegelwa molemo ke thuso ya gagwe.—Joh. 4:36-38.

6. Re tshwanetse go amogela eng malebana le kgang ya go gola semoyeng ga motho yo re ithutang le ene?

6 Re ka ithuta eng mo setshwantshong seno? Sa ntlha, re tshwanetse go amogela gore ga se rona re laolang kgolo ya semoya ya motho yo re ithutang Baebele le ene. Go nna boingotlo go tla re thusa go tila go raelesega go pateletsa motho yo re ithutang le ene gore a kolobediwe. Re dira sotlhe se re ka se kgonang le go ema motho yono nokeng, mme ka boikokobetso re amogela ntlha ya gore kgabagare ke ene a tshwanetseng go dira tshwetso ya go ineela mo Modimong. Motho o tshwanetse go ineela ka gonne a rata go dira jalo go tswa pelong mme a tlhotlhelediwa ke go bo a rata Modimo. Fa go se jalo, Jehofa ga a na go amogela boineelo joo.—Pes. 51:12; 54:6; 110:3.

7, 8. (a) Ke dithuto dife tse dingwe tse re di ithutang mo setshwantshong sa mojadi yo o robalang? Naya sekai. (b) Se re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

7 Sa bobedi, go tlhaloganya se setshwantsho seno se re rutang sone go tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo fa kwa tshimologong re sa bone diphelelo tse di molemo mo tirong ya rona. Re tlhoka go nna pelotelele. (Jak. 5:7, 8) Tota le fa peo e sa ungwe, fa re dirile sotlhe se re ka se kgonang go thusa motho yo re ithutang le ene, re lemoga gore seno ga se reye gore ga re a dira tiro ya rona ka botlalo. Jehofa o letlelela peo ya boammaaruri gore e gole mo pelong e e ikokobeditseng le e e iketleeleditseng go dira diphetogo. (Math. 13:23) Ka jalo, ga re a tshwanela go tsaya gore go nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding ke gone fela go bontshang gore re atlegile. Go ya ka Jehofa, go atlega ga rona mo bodireding ga go a ikaega ka gore batho ba re ba rutang ba arabela jang. Go na le moo, Modimo o anaanela thata maiteko a re a dirang ka boikanyegi go sa kgathalesege diphelelo tse di nnang gone.—Bala Luke 10:17-20; 1 Bakorintha 3:8.

8 Sa boraro, ga se ka dinako tsotlhe re kgonang go lemoga fa motho a dira diphetogo. Ka sekai, banyalani bangwe ba ba neng ba ithuta le morongwa mongwe ba ne ba ya kwa go ene mme ba mmolelela gore ba batla go nna baboledi ba ba sa kolobediwang. O ne a ba gakolola gore fa ba batla go tshwanelega ba tshwanetse go tlogela go goga motsoko. O ne a gakgamala fa ba ne ba mmolelela gore ba tlogetse motsoko dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tlogetse motsoko? Ba ne ba lemoga gore Jehofa o a ba bona fa ba goga motsoko le gore ga a rate boitimokanyi. Ka jalo, dipelo tsa bone di ne tsa ba tlhotlheletsa gore ba dire tshwetso—gore a ba tla goga motsoko fa pele ga morongwa kgotsa ba tla kgaotsa gotlhelele. E re ka ba ne ba sa tswa go simolola go rata Jehofa, seo se ne sa ba thusa go dira tshwetso e e siameng. Ba ne ba godile semoyeng le fa morongwa a ne a sa itse sepe ka diphetogo tse ba neng ba di dirile.

LETLOWA

9. Setshwantsho sa letlowa se kaya eng?

9 Bala Mathaio 13:47-50. Setshwantsho sa ga Jesu sa letlowa se kaya eng? Jesu o ne a re go rerela batho botlhe molaetsa wa Bogosi go tshwana le go latlhelwa ga letlowa le legolo mo lewatleng. Fela jaaka letlowa le sa tlhaole sepe mme le tshwara “ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe” di le dintsi, tiro ya rona ya go rera e gogela batho ba mefuta yotlhe ba le dimilionemilione. (Isa. 60:5) Bosupi jwa seno bo bonala mo palong ya batho ba bantsi ba ba nnang gone kwa dikopanong tsa rona le mo Segopotsong ngwaga le ngwaga. Dingwe tsa ditlhapi tseno tsa tshwantshetso ke tse di “siameng” mme di phuthelwa mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, go na le tse dingwe “tse di sa tshwanelang” mme ga se tsotlhe tse di phuthilweng tse Jehofa a di amogelang.

Fa o sena go bala Mathaio 13:47-50 . . .

10. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa setshwantsho sa letlowa?

10 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a dirisa setshwantsho seno? Go kgaoganngwa ka tsela ya tshwantshetso ga ditlhapi ga go tshwantshetse katlholo ya makgaolakgang e e dirwang ka nako ya pitlagano e kgolo. Go na le moo, go gatelela se se tla diregang mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno e e boikepo. Jesu o ne a bontsha gore ga se batho botlhe ba ba ratang boammaaruri ba ba tla dirang tshwetso ya go direla Jehofa. Batho ba le bantsi ba ile ba nna gone mo dipokanong tsa rona. Ba bangwe ba ile ba ikemisetsa go ithuta Baebele le rona mme gone ga ba batle go itlama. (1 Dikg. 18:21) Mme ba bangwe ga ba tlhole ba kopanela le phuthego ya Bokeresete. Basha bangwe ba ile ba godisiwa ke batsadi ba Bakeresete mme ga ba ise ba rate melao ya ga Jehofa. Go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, Jesu o ne a gatelela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso. Ba ba dirang tshwetso ya go obamela Jehofa, Jesu o ba leba e le “dilo tse di eletsegang” kgotsa “dilo tse di botlhokwatlhokwa” tsa “ditšhaba tsotlhe.”—Hag. 2:7, ntlha e e kwa tlase mo NW.

. . . sekaseka kafa o ka e dirisang ka gone mo motlheng wa rona

11, 12. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke setshwantsho sa letlowa? (b) Se re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

11 Re ka solegelwa molemo jang ke setshwantsho sa letlowa? Go tlhaloganya se re se ithutang mo setshwantshong seno go re thusa gore re tile go tshwenyega thata kgotsa go kgobega marapo ka tsela e e feteletseng fa motho yo re ithutang Baebele le ene kgotsa mongwe wa bana ba rona a sa amogele boammaaruri. Seno se ka direga le fa re dirile sotlhe se re ka se kgonang. Ga go reye gore fela ka gonne motho a dumela go ithuta Baebele le rona kgotsa a godiseditswe mo boammaaruring, seo se raya gore o tla nna le kamano e e atamalaneng thata le Jehofa. Ba ba sa batleng go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa kgabagare ba tla tlosiwa mo gare ga batho ba gagwe.

Batho bangwe ba ba ratang boammaaruri ba tla dira tshwetso ya go direla Jehofa (Bona serapa 9-12)

12 A seo se raya gore ba ba tlogetseng boammaaruri ba ka se tsoge ba letleletswe go boela mo phuthegong? Kgotsa fa motho a sa ineele mo go Jehofa, a o tla nna motho yo o “sa tshwanelang” go ya go ile? Nnyaa. Batho ba ba ntseng jalo ba sa ntse ba na le tshono pele sepitla se segolo se simologa. Go ntse jaaka e kete Jehofa o ba tlhaeletsa a re: “Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona.” (Mal. 3:7) Ntlha eno e gatelelwa ke setshwantsho se sengwe se Jesu a neng a se dira, sa morwa wa sesenyi.—Bala Luke 15:11-32.

MORWA WA SESENYI

13. Setshwantsho sa morwa wa sesenyi se kaya eng?

13 Setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi se kaya eng? Rre yo o pelotlhomogi yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o tshwantshetsa Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, Jehofa. Morwa yo o kopang karolo ya boswa jwa gagwe a bo a e ja ka bofafalele o tshwantshetsa ba ba ileng ba katogela kgakala le phuthego. Fa ba tlogela phuthego, go ntse jaaka e kete ba tsaya loeto ba ya kwa “nageng e e kgakala,” e leng lefatshe la ga Satane le le tlhoboganeng le Jehofa. (Baef. 4:18; Bakol. 1:21) Moragonyana bangwe ba a itharabologelwa, ba bo ba tsaya loeto lo lo boima lwa go boela mo phuthegong ya ga Jehofa. Batho bano ba ba ikokobeditseng ba ba ikwatlhayang ba boa ba amogelwa ka lorato ke Rraarona yo o itshwarelang.—Isa. 44:22; 1 Pet. 2:25.

14. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa setshwantsho sa morwa wa sesenyi?

14 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a dirisa setshwantsho seno? Jesu o bua ka tsela e e ikuelang go bontsha gore Jehofa o batla gore batho ba ba katogetseng kgakala ba boele mo go Ene. Rre yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno ga a ise a ko a kgaotse go solofela gore morwawe o tla boa. E rile a bona morwawe a boa, tota le fa a ne “a sa ntse a le kgakala thata,” o ne a tsaya kgato ka bonako go ya go mo amogela. Ruri seo se tshwanetse go tlhotlheletsa thata ba ba tlogetseng boammaaruri gore ba boele kwa go Jehofa ntle le go diega! Ba ka tswa ba lapile semoyeng, mme tsela ya go boela mo go Jehofa e ka nna ya lebega e le thata e bile e tlhabisa ditlhong. Mme gone, e tla bo e se matsapa a bophiri—tota le kwa magodimong go nna le boipelo jo bogolo fa ba boa.—Luke 15:7.

15, 16. (a) Ke dithuto dife tse re ithutang tsone mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi? Naya dikai. (b) Se re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

15 Re ka solegelwa molemo jang ke setshwantsho seno sa morwa wa sesenyi? Re tshwanetse go etsa sekao sa ga Jehofa. Le ka motlha re ka se batle go nna ba ba ‘siameng ka tsela e e feteletseng’ mo re ganang go amogela badiraphoso ba ba ikwatlhaileng ba ba boelang mo phuthegong. Seno se ka re bakela fela “tshenyego” ya semoya. (Mor. 7:16) Re ka ithuta thuto e nngwe gape mo setshwantshong seno. Ga re a tshwanela go tlhoboga motho yo o tlogetseng phuthego, go na le moo re tshwanetse go mo leba jaaka “nku e e latlhegileng.” (Pes. 119:176) Fa re ka kopana le motho yo o katogileng phuthego mme a sa kgaolwa, a re tla mo thusa ka lorato gore a boe? A re tla tsaya kgato ka bonako go bolelela bagolwane gore ba kgone go mo thusa? Re ka dira jalo fa ka botlhale re dirisa se re se ithutang mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi.

16 Ela tlhoko se se buiwang ke bangwe ba e neng e le barwa ba disenyi ba motlha wa gompieno fa ba tlhalosa tsela e ba anaanelang kutlwelobotlhoko le lorato lwa ga Jehofa ka yone mmogo le tshegetso ya phuthego. Mokaulengwe mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 25 a kgaotswe a re: “Fa e sa le ke busediwa mo phuthegong ke ntse ke itumela le go feta fa ke bona ‘dipaka tse di lapolosang’ tse di tswang kwa go Jehofa. (Dit. 3:19) Botlhe ba nkema nokeng e bile ba a nthata! Jaanong ke mo lelapeng le le itumetseng la semoya.” Kgaitsadi mongwe yo mosha yo o neng a katogela kgakala le Jehofa mme a boa morago ga dingwaga di le tlhano a re: “Ga ke kgone go tlhalosa ka botlalo kafa ke neng ka ikutlwa ka teng fa ke ne ke bontshiwa lorato lo Jesu a neng a bua ka lone. Ga go sepe se se ka tshwantshiwang le go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa!”

17, 18. (a) Re ithutile dithuto dife tsa botlhokwa mo ditshwantshong tse tharo tse re di sekasekileng? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

17 Ditshwantsho tseno tse tharo di re rutile dithuto dife tsa botlhokwa? Sa ntlha, re tshwanetse go amogela gore ga se rona ba re laolang kgolo ya batho ya semoya. Eo ke tiro ya ga Jehofa. Sa bobedi, ruri re ka se lebelele gore botlhe ba ba kopanelang le rona le ba re ithutang le bone ba dire tshwetso ya go direla Jehofa. Sa bofelo, le fa ba bangwe ba ka tlogela boammaaruri mme ba tlhanogela Jehofa, a le ka motlha re se ka ra tlogela go solofela gore ba tla boa. Mme fa ba boa, a re ba amogeleng ka tsela e Jehofa a ba amogelang ka yone.

18 E kete mongwe le mongwe wa rona a ka tswelela pele a batla kitso, go tlhaloganya le botlhale. Fa re ntse re bala ditshwantsho tsa ga Jesu, ipotse gore di kaya eng, ke ka ntlha yang fa di kwadilwe mo Baebeleng, re ka dirisa jang dithuto tse re di ithutang mo go tsone le gore di re ruta eng ka Jehofa le Jesu. Go dira jalo go tla bontsha gore ruri re tlhaloganya bokao jwa mafoko a ga Jesu.