Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Bokhutlo Jwa Lefatshe Leno re le Seoposengwe

Go Lebana le Bokhutlo Jwa Lefatshe Leno re le Seoposengwe

“Re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.”—BAEF. 4:25.

1, 2. Modimo o lebeletse eng mo baobameding ba gagwe, ba basha le ba bagolo?

A O MOSHA? Fa go le jalo, tlhomamisega gore e re ka o le karolo ya phuthego ya lefatshe lotlhe ya ga Jehofa, o anaanelwa fela thata. Mo dinageng di le dintsi, palo e e kwa godimo ya batho ba ba kolobediwang, ke basha. A bo go kgothatsa jang ne go bona basha ba le bantsi jaana ba kopanela mmogo le ba bangwe ba ba dirileng tshwetso ya go direla Jehofa!

2 E re ka o le mosha, a o itumelela go fetsa nako le basha ba bangwe? Gongwe go ntse jalo. Re a itumela fa re nna le dinako tse di monate le dithaka tsa rona. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a re basha kgotsa re bagolo le gore re godisitswe jang, Modimo o batla gore re mo obamele re le seoposengwe. Moaposetoloi Paulo o ne a re thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) Mo go Tshenolo 7:9, baobamedi ba Modimo ba tlhalosiwa e le ba ba tswang mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.”

3, 4. (a) Ke moya ofe o o tlwaelegileng thata mo basheng gompieno? (b) Ke boikutlo bofe jo bo dumalanang le se se tlhalosiwang mo go Baefeso 4:25?

3 A bo go na le pharologanyo e kgolo jang ne fa gare ga basha ba ba direlang Jehofa le basha ba lefatshe leno! Basha ba le bantsi ba ba sa direleng Jehofa ba tshela matshelo a boithati, ba tlhomile mogopolo fela mo go se ba se batlang. Babatlisisi bangwe ba re ke kokomana ya basha ba ba ikakanyetsang ba le bosi. Tsela e ba buang ka yone le e ba aparang ka yone e bontsha gore ba nyatsa bagolo, ba ba tsaya e le batho ba ba “fetilweng ke nako.”

4 Moya oo o aname gotlhe fela. Ka jalo, basha ba e leng batlhanka ba ga Jehofa ba lemoga gore go tlhokega matsapa a magolo gore motho a tile go akanya jalo mme a amogele tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. Tota le mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Paulo o ne a bona go tlhokega gore a kgothatse badumedi ka ene gore ba tile “moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo” o ‘ka nako nngwe ba neng ba tsamaya mo go one.’ (Bala Baefeso 2:1-3.) Basha ba ba tilang moya oo mme ba dira mmogo le bakaulengwe botlhe ba bone, ba akgolwa thata. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo dumalana le mafoko a ga Paulo a gore “re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.” (Baef. 4:25) Fa re ntse re atamela bokhutlo jwa lefatshe leno le legologolo, go tla nna botlhokwa le go feta gore re dire mmogo re le seoposengwe. Mma re sekasekeng dikai dingwe tse di mo Baebeleng tse di tla re thusang go lemoga botlhokwa jwa go nna seoposengwe le go dira mmogo ka kutlwano.

BA NE BA LE SEOPOSENGWE

5, 6. Ke thuto efe e e malebana le go nna seoposengwe e re e bonang mo pegong e e ka ga Lote le bomorwadie?

5 Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a itumelela go sireletsa batho ba gagwe fa ba ne ba dirisana mmogo ka kutlwano ba thusana mo dinakong tsa mathata. Batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno, ba basha kgotsa ba bagolo, ba ka ithuta mo dikaong tse di mo Baebeleng. Sengwe sa dikao tseo ke sa ga Lote.

6 Lote le ba lelapa la gagwe ba ne ba le mo seemong se se kotsi ka gonne motse o ba neng ba nna mo go one wa Sodoma o ne o tlile go senngwa. Baengele ba Modimo ba ne ba laela Lote gore a tswe mo motseng mme a tshabele kwa kgaolong e e dithaba, ba mo raya ba re: “Itlhaganele! Falolela gone.” (Gen. 19:12-22) Lote o ne a dira jaaka a laetswe mme bomorwadie ba babedi le bone ba ne ba mo ikobela ba tswa mo motseng. Ka maswabi, ba bangwe ba ba atamalaneng le bone ga ba a ka ba tswa. Makawana a a neng a beeleditse bomorwadie Lote, a ne a tsaya gore monnamogolo o ‘dira motlae.’ Seo se ne sa felela ka gore ba swe. (Gen. 19:14) Go ne ga falola fela Lote le bomorwadie ba ba neng ba tsamaya le ene.

7. Jehofa o ne a thusa jang ba ba neng ba bontsha moya wa kutlwano fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto?

7 Ela tlhoko sekao se sengwe gape. Fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto, ga ba a ka ba tswa ba le ditlhotshwana tse di ikemetseng, sengwe le sengwe se ikela fela kwa se batlang go ya gone. Fa Moshe a ne a “otlololela lewatle seatla sa gagwe,” mme Jehofa a bo a kgaoganya metsi a lewatle, ga go a ka ga kgabaganya Moshe fela kgotsa Baiseraele ba se kae. Go na le moo, Jehofa o ne a ba sireletsa mme phuthego yotlhe e ne ya kgabaganya. (Ekes. 14:21, 22, 29, 30) Ba ne ba bontsha moya wa kutlwano mme tswa mmogo le “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng” ba e neng e se Baiseraele, ba ba neng ba ba ema nokeng. (Ekes. 12:38) Go ka se ka ga bo go ile ga nna le batho ba le mmalwa, gongwe setlhotshwana sa basha, ba ba neng ba itsamaela ba le bosi, ba tsaya tsela e ba neng ba e bona e le botoka. E tla bo e le boeleele go dira jalo ka gonne motho a ka iphitlhela a sa tlhole a sireleditswe ke Jehofa.—1 Bakor. 10:1.

8. Mo motlheng wa ga Jehoshafate, batho ba Modimo ba ne ba bontsha kutlwano jang?

8 Mo motlheng wa ga Kgosi Jehoshafate, batho ba Modimo ba ne ba lebana le mmaba yo o boitshegang, e leng “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo dikgaolong tse di mabapi. (2 Ditir. 20:1, 2) Se se kgatlhang ke gore batlhanka ba Modimo ga ba a ka ba leka go fenya mmaba ka maatla a bone. Go na le moo, ba ne ba kopa thuso kwa go Jehofa. (Bala 2 Ditiragalo 20:3, 4.) Mme mongwe le mongwe o ne a sa dire fela se a se ratang kgotsa se a bonang se tshwanetse. Pego ya Baebele ya re: ‘Botlhe ba Juda ba ne ba ema fa pele ga ga Jehofa, le e leng ba bannye ba bone, basadi ba bone le bomorwaabone.’ (2 Ditir. 20:13) Botlhe ba ne ba bontsha tumelo le go latela kaelo ya ga Jehofa, e ka tswa e le basha kgotsa bagolo mme Jehofa o ne a ba sireletsa mo mmabeng wa bone. (2 Ditir. 20:20-27) A seno ga se sekao se se molemo sa kafa rona batho ba Modimo re ka lebanang ka teng le dikgwetlho?

9. Re ithuta eng ka go nna seoposengwe mo go se Bakeresete ba bogologolo ba ileng ba se dira le mo boikutlong jo ba neng ba na le jone?

9 Bakeresete ba bogologolo le bone ba ne ba itsiwe ka go dira mmogo ba le seoposengwe. Ka sekai, fa Bajuda ba le bantsi le basokologi ba sena go nna Bakeresete, ba ne ba ineela “mo thutong ya baaposetoloi le mo go abalaneng, mo go jeng dijo le mo dithapelong.” (Dit. 2:42) Kutlwano eno e ne ya bonala sentle segolobogolo ka nako ya pogiso, fa ba ne ba tlhokana thata. (Dit. 4:23, 24) A o dumela gore ka dinako tsa mathata, go botlhokwa gore re dire mmogo?

NNANG SEOPOSENGWE FA LETSATSI LA GA JEHOFA LE NTSE LE ATAMELA

10. Ke ka nako efe go tla bong go le botlhokwa thata gore re nne seoposengwe?

10 Nngwe ya dinako tse di letobo go di gaisa tsotlhe mo hisitoring ya batho e gaufi. Moporofeti Joele a re ke “letsatsi la lefifi le letobo.” (Joele 2:1, 2; Sefa. 1:14) E tla bo e le nako ya gore batho ba Modimo ba nne seoposengwe. Gopola mafoko ano a ga Jesu: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo kgaoganeng ka bojone bo a kgakgabala.”—Math. 12:25.

11. Batho ba Modimo gompieno ba ka tshwantshiwa le eng se go buiwang ka sone mo go Pesalema 122:3, 4? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

11 Re tla tlhoka go nna seoposengwe tota mo nakong e e tlang fa tsamaiso eno e tla bo e le mo mathateng. Kutlwano ya semoya e re tla tlhokang go nna le yone e ka tshwantshiwa le tsela e matlo a kwa Jerusalema wa bogologolo a neng a bapile thata ka yone. Matlo a motse oo a ne a bapile thata jaana mo mopesalema a neng a re Jerusalema ke “motse o o gokagantsweng mmogo mo bongwefeleng.” Seo se ne se dira gore baagi ba kgone go thusana le go sireletsana. Mo godimo ga moo, tsela e a neng a bapile thata ka yone e ka tshwantshetsa kutlwano ya semoya ya setšhaba sotlhe fa ‘ditso tsotlhe tsa ga Jah’ di ne di kopana go tla go obamela. (Bala Pesalema 122:3, 4.) Gone jaanong le mo malatsing a a thata a a tlang, le rona re tlhoka go nna re ‘gokagantswe mmogo mo bongwefeleng.’

12. Ke eng se se tla re thusang go falola tlhaselo e e tlelang batho ba Modimo?

12 Ke ka ntlha yang fa go ‘gokaganngwa mmogo’ ga rona go tla nna botlhokwa jaana ka nako eo? Esekiele kgaolo 38 e bolelela pele ka go tlhaselwa ga batho ba Modimo ke “Gogo wa lefatshe la Magogo.” Eo e tla bo e se nako ya go letla sepe go re kgaoganya. Ga go pelaelo gore re ka se batle go kopa thuso mo lefatsheng. Go na le moo, re tla batla go nna gaufi thata le bakaulengwe ba rona. Gone ke boammaaruri gore ga re kitla re falola fela ka gonne re le karolo ya setlhopha sa batho ba Modimo. Jehofa le Morwawe ba tla falotsa batho ba ba bitsang leina la ga Jehofa mo nakong eo ya masetlapelo. (Joele 2:32; Math. 28:20) Le fa go ntse jalo, a go a utlwala go akanya gore batho ba ba ileng ba se ka ba tswelela ba le seoposengwe le letsomane la Modimo—ba ba ileng ba ikgaoganya le ba bangwe—ba tla bolokwa?—Mik. 2:12.

13. Ke dithuto dife tse basha ba ba boifang Modimo ba ka ithutang tsone mo go se re se sekasekileng go fitlha jaanong?

13 Ka jalo, a ga go utlwale go dumela gore ke boeleele go latela ditsela tsa basha ba ba itlhaolang ba bo ba dira dilo ka tsela e bone ba e batlang? Re lebane le nako e ka yone re tla tlhokanang fela thata. Mme seo se re akaretsa rotlhe, basha mmogo le bagolo! Ee, jaanong ke nako ya gore re ithute go dirisana mmogo le go lwela go nna le kutlwano e e tla nnang botlhokwa thata mo malatsing a a larileng kwa pele.

“DITOKOLOLO TSA MONGWE GO YO MONGWE”

14, 15. (a) Gompieno Jehofa o thapisa basha le bagolo ka boikaelelo bofe? (b) Jehofa o re naya kgakololo efe go re kgothaletsa go nna seoposengwe?

14 Jehofa o re thusa gore re ‘mo direle re le seoposengwe.’ (Sefa. 3:8, 9) O re thapisa gore re kgone go nna karolo ya boikaelelo jwa gagwe jo bo nnelang ruri. Seo se akaretsa eng? Boikaelelo jwa gagwe ke go “phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete.” (Bala Baefeso 1:9, 10.) Ee, o ikaeletse go kopanya lobopo lotlhe, mme o tla kgona go dira jalo. A seo se thusa wena mosha go bona botlhokwa jwa go dira mmogo ka kutlwano le phuthego ya ga Jehofa?

15 Jehofa o re ruta gore re dire mmogo ka kutlwano gone jaanong, ka boikaelelo jwa go nna le kutlwano ka bosakhutleng. Gangwe le gape Dikwalo di re bolelela gore re “tlhokomelane ka tsela e e tshwanang,” re ‘bontshane lorato lwa bopelonomi,’ re ‘nne re gomotsane’ le gore re “agane.” (1 Bakor. 12:25; Bar. 12:10; 1 Bathes. 4:18; 5:11) Jehofa o a itse gore Bakeresete ga ba a itekanela, mme seo se ka dira gore go nna seoposengwe e nne kgwetlho, ka jalo re tlhoka go lwela go ‘itshwarelana re gololesegile.’—Baef. 4:32.

16, 17. (a) Boikaelelo bongwe jwa dipokano tsa Bokeresete ke bofe? (b) Basha ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu fa a ne a le mosha?

16 Gape Jehofa o re naya dipokano tsa Bokeresete go re thusa gore re ithute go nna seoposengwe. Gangwe le gape re bala kgakololo e e mo go Bahebera 10:24, 25. Boikaelelo bongwe jwa dipokano tseno ke go ‘akanyetsana gore re tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ Le fa go ntse jalo, ntlha ya botlhokwa ke gore dipokano di diretswe gore re kgone go “kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka [re] bona letsatsi le atamela.”

17 Fa Jesu a ne a le mosha, o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go anaanela dithulaganyo tse di ntseng jalo. Fa a le dingwaga di le 12, o ne a na le batsadi ba gagwe kwa kokoanong e kgolo ya kobamelo. Go na le nako e ka yone go neng go sa itsewe kwa a leng teng mme e se ka gonne a itsamaetse fela a ile kwa basheng ba bangwe. Go na le moo, Josefa le Marea ba ne ba mo fitlhela a bua ka dilo tsa semoya le barutisi kwa tempeleng.—Luke 2:45-47.

18. Dithapelo tsa rona di ka thusa jang gore go nne le kutlwano?

18 Mo godimo ga go bontshana lorato le go dirisa dipokano tsa Bokeresete go nonotsha kutlwano ya rona, re ka rapelelana. Fa re rapelela bakaulengwe ba rona re ba umaka ka tlhamalalo, re ikgopotsa kafa re amegang ka gone ka ba bangwe. Tseno ga se dilo tse di ka dirwang kgotsa tse di tshwanetseng go dirwa fela ke Bakeresete ba ba godileng. Fa o le mosha, a o dirisa dithulaganyo tseno go atamalana thata le ba lelapa la gago la semoya? Fa o dira jalo, seno se tla go thusa go tlhomamisa gore ga o ikamanye ka gope le lefatshe leno le legologolo fa le fedisiwa.

Rotlhe re ka rapelela bakaulengwe ba rona (Bona serapa 18)

GO BONTSHA GORE “RE DITOKOLOLO TSE NNGWE LE NNGWE YA TSONE E LENG YA E NNGWE”

19-21. (a) Re bontsha ka tsela efe e e tlhomologileng gore “re ditokololo tse nngwe le nngwe ya tsone e leng ya e nngwe”? Naya dikai. (b) O ithuta eng mo tseleng e bakaulengwe bangwe ba neng ba tsiboga ka yone fa go na le masetlapelo?

19 Batho ba ga Jehofa ba setse ba tshela go dumalana le molaomotheo o o mo go Baroma 12:5: “Re ditokololo tse nngwe le nngwe ya tsone e leng ya e nngwe.” Re bona bosupi jwa seno fa go na le masetlapelo. Ka Sedimonthole 2011, dipula tsa matsorotsoro di ne tsa baka merwalela e megolo mo setlhaketlhakeng sa kwa Philippines sa Mindanao. Mo bosigong bo le bongwe fela, magae a feta 40 000 a ne a khurumediwa ke metsi, go akaretsa le magae a mantsi a bakaulengwe ba rona. Le fa go ntse jalo, ofisi ya lekala e bega gore “tota le pele dikomiti tsa namolo di simolola go dira, Bakeresete ba mafelo a mangwe ba ne ba setse ba romela dithuso.”

20 Ka tsela e e tshwanang, fa thoromo e kgolo le tsunami di ne di itaya botlhaba jwa Japane, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa thata. Bangwe ba ne ba sala ba iphotlhere. Yoshiko, yo o neng a senyegelwa ke legae la gagwe, o ne a nna dikilometara di ka nna 40 go tswa kwa Holong ya Bogosi. A re: “Moragonyana re ne ra gakgamalela go utlwa gore letsatsi morago ga thoromo ya lefatshe, molebedi wa potologo le mokaulengwe yo mongwe ba ne ba tlile go re batla.” O bua jaana a nyenya: “Ruri re ne ra anaanela thata kafa phuthego e neng e re tlhokometse ka teng ka dilo tse re neng re di tlhoka semoyeng. Mo godimo ga moo, re ne ra newa dijase, ditlhako, dibeke le diaparo tsa go robala.” Mongwe wa komiti ya namolo a re: “Bakaulengwe mo nageng yotlhe ya Japane ba ne ba le seoposengwe, ba leka go thusana. E bile go ne ga tla le bakaulengwe ba ba tswang kgakala kwa United States go tla go thusa. Fa ba bodiwa gore ke ka ntlha yang fa ba tlile go tswa kgakala jaana, ba ne ba re, ‘Re seoposengwe le bakaulengwe ba rona ba mo Japane mme ba tlhoka thuso.’” A ga o motlotlo go nna karolo ya phuthego e e amegang thata jaana ka maloko a yone? O ka tlhomamisega gore Jehofa o itumelela thata go bona moya ono wa kutlwano.

21 Go nna le moya oo gone jaanong go tla re thusa go lebana le mathata a a larileng kwa pele re le seoposengwe tota le fa re le kgakala le bakaulengwe ba ba kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Tota e bile, moya oo wa kutlwano o re thapisa go lebana le mathata a a ka nnang a re tlhagela fa tsamaiso eno e kgologolo e ntse e ya kwa bokhutlong. Fumiko yo o ileng a falola setsokotsane kwa Japane a re: “Bokhutlo bo gaufi fela thata. Re tshwanetse go tswelela re thusa badumedi ka rona fa re ntse re lebile kwa nakong e ka yone masetlapelo a tla bong a sa tlhole a le gone.”

22. Kutlwano ya Bokeresete e ka nna le melemo efe e e nnelang ruri?

22 Basha le bagolo ba gone jaanong ba lekang ka natla gore go nne le kutlwano, ba ipaakanyetsa go falola bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo le le kgaoganeng. Fela jaaka mo dinakong tse di fetileng, Modimo wa rona o tla golola batho ba gagwe. (Isa. 52:9, 10) Nna o gopotse gore fa o dira ka natla go nna karolo ya batho ba ba seoposengwe ba Modimo, o tla kgona go nna mongwe wa ba ba golotsweng. Sengwe gape se se tla re thusang ke go anaanela le go feta se re setseng re se amogetse. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang eo.