Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Baakanyetsa Ditšhaba “Thuto ya ga Jehofa”

Go Baakanyetsa Ditšhaba “Thuto ya ga Jehofa”

“Molaodi wa kgaolo ya puso . . . a nna modumedi, ka a ne a tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya thuto ya ga Jehofa.”—DITIRO 13:12.

1-3. Ke ka ntlha yang fa go ne go se motlhofo gore barutwa ba ga Jesu ba rere dikgang tse di molemo mo “ditšhabeng tsotlhe”?

JESU KERESETE o ne a naya balatedi ba gagwe tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira. O ne a ba laela gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” Ba ne ba tshwanetse go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ mo lefatsheng lotlhe “le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.”—Mathaio 24:14; 28:19.

2 Barutwa ba ne ba rata Jesu e bile ba rata dikgang tse di molemo. Mme ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore, ‘Re tla kgona jang go dira se Jesu a re laetseng sone?’ Sa ntlha, ba ne ba le mmalwa fela ka palo. Gape, ba ne ba ruta gore Jesu ke Morwa Modimo mme gone batho ba ne ba itse gore Jesu o bolailwe. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba re barutwa ke banna ba ba sa ‘rutegang e bile ke batho fela.’ (Ditiro 4:13) Go farologana le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, barutwa bone ba ne ba sa rutiwa mo dikolong tsa bodumedi. E bile molaetsa o ba neng ba o rera o ne o sa dumalane le dingwao tsa Bajuda tse go fetileng makgolokgolo a dingwaga baeteledipele ba bodumedi ba ntse ba di ruta batho. E re ka barutwa ba ne ba nyadiwa mo Iseraele, ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore a tota go na le mongwe mo Mmusomogolong o o maatla wa Roma yo o neng a tla ba reetsa.

3 Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba ne ba tla tlhoiwa le go bogisiwa le gore bangwe ba bone ba tla bolawa. (Luke 21:16, 17) Ba ne ba tla okiwa ke ditsala le ba masika a bone. Gape, batho bangwe ba ba neng ba tla ipitsa balatedi ba ga Keresete, ba ne ba tla ruta dithuto tsa maaka. Barutwa ba ne ba tla rera mo mafelong a a tletseng bokebekwa le thubakanyo. (Mathaio 24:10-12) Ka jalo, ba ne ba tla kgona jang go rera kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe”? (Ditiro 1:8) Barutwa ba tshwanetse ba bo ba ne ba ipotsa gore ba tla dira jang tiro eno le fa ba lebana le mathata.

4. Tiro ya go rera e ne ya nna le diphelelo dife?

4 Le fa gone barutwa ba ne ba itse gore go dira tiro eo go ne go se kitla go nna motlhofo, ba ne ba ikobela taelo ya ga Jesu mme ba rera kwa Jerusalema, kwa Samarea le kwa dinageng tse dingwe. Morago ga dingwaga di ka nna 30, ba ne ba setse ba etetse mafelo a le mantsi jaana mo moaposetoloi Paulo a neng a re ba ile ba ‘rera mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’ E bile batho ba ba tswang mo ditšhabeng di le dintsi ba ne ba nna barutwa. (Bakolosa 1:6, 23) Ka sekai, fa Paulo a ne a rera kwa setlhaketlhakeng sa Kupero, mmusi wa kwa Roma kgotsa molaodi wa masole, o ne a nna morutwa ka gonne “a ne a tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya thuto ya ga Jehofa.”—Bala Ditiro 13:6-12.

Jesu o ne a ba solofeditse gore o tla nna le bone le gore moya o o boitshepo o tla ba thusa go rera

5. (a) Jesu o ne a solofetsa barutwa eng? (b) Buka nngwe ya hisitori ya reng ka lekgolo la ntlha la dingwaga?

5 Barutwa ba ne ba itse gore ba ka se kgone go rera mo lefatsheng lotlhe ka maatla a bone fela. E bile ba ne ba itse gore Jesu o ne a ba solofeditse gore o tla nna le bone le gore moya o o boitshepo o tla ba thusa. (Mathaio 28:20) Gape go ne ga nna le maemo mangwe a a ka tswang a ile a thusa barutwa ka nako eo. Tota e bile, buka nngwe ya hisitori ya re lekgolo la ntlha la dingwaga le ka tswa le ile la nna nako e e molemo thata e ka yone Bakeresete ba neng ba ka simolola go rera e bile ya re moragonyana Bakeresete ba ne ba akanya gore Modimo o ne a ba buletse tsela.

6. (a) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

6 A mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o ne a fetola ditiragalo tsa lefatshe gore Bakeresete ba kgone go rera? Baebele ga e tlhalose. Mme gone, re a itse gore Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba rere dikgang tse di molemo le gore Satane ga a ka a kgona go ba thibela. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo dingwe tsa lekgolong la ntlha la dingwaga tse di ka tswang di ile tsa dira gore go nne motlhofo gore barutwa ba kgone go rera. Mme mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dilo dingwe tse bosheng jaana di ileng tsa re thusa gore re kgone go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe.

KAGISO YA KWA ROMA

7. Kagiso ya kwa Roma e ne e le eng mme e ne e farologana jang le dinako tse dingwe?

7 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, nako ya kagiso e e neng ya nna gone mo Mmusomogolong wa Roma e ile ya dira gore go nne motlhofo gore barutwa ba kgone go rera. Nako eo e ne ya bidiwa Kagiso ya kwa Roma kgotsa Pax Romana ka Selatine. Ka nako eo, puso ya kwa Roma e ne e le kgatlhanong le botsuolodi bope fela. Mme gone, go ne ga nna le dintwa fela jaaka Jesu a ne a boleletse pele. (Mathaio 24:6) Ka ngwaga wa 70, Baroma ba ne ba senya Jerusalema le go lwa mo dintweng tse di potlana gaufi le melelwane ya mmusomogolo oo. Mme go ne go na le kagiso mo karolong e kgolo ya mmusomogolo oo e bile go le motlhofo gore barutwa ba tseye maeto le go rera. Nako eo ya kagiso e ne ya tsaya lobaka lwa dingwaga di ka nna 200. Buka nngwe ya re ga go ise go ke go nne le lobaka lo loleele jalo lwa kagiso mo hisitoring ya batho.

8. Kagiso ya kwa Roma e ne ya thusa barutwa jang?

8 Dingwaga di ka nna 250 morago ga motlha wa ga Keresete, mokanoki mongwe yo o bidiwang Origen o ne a kwala malebana le nako eo ya kagiso. A re go ne go le motlhofo gore barutwa ba rere mo dinageng di le dintsi ka gonne Baroma ba ne ba busa mo go tsone. Batho ba ne ba sa lwele go sireletsa naga ya bone go na le moo, ba ne ba itshelela ka kagiso mo metseng ya bone. Ka jalo, Origen a re ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ne ba nna le tshono ya go reetsa barutwa fa ba ne ba rera molaetsa wa lorato le wa kagiso. Le fa barutwa ba ne ba bogisiwa, ba ne ba dirisa nako eo ya kagiso ka tsela e e molemo gore ba kgone go rera dikgang tse di molemo gongwe le gongwe.—Bala Baroma 12:18-21.

GO NNA MOTLHOFO GO TSAYA MAETO

9, 10. Ke dilo dife tse di neng di dira gore go nne motlhofo gore barutwa ba tseye maeto?

9 Baroma ba ne ba aga ditsela tsa boleele jwa dikilometara di feta 80 000, tse di neng di gokaganya mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya mmusomogolo wa bone. Masole a puso eo e e maatla ya Roma a ne a kgona go ya gongwe le gongwe ka bonako a dirisa ditsela tseno go sireletsa naga ya bone le go laola babusiwa ba bone. Bakeresete le bone ba ne ba dirisa ditsela tseno go kgabaganya dikgwa, dikaka le dithaba ba ya go rera kwa mafelong a le mantsi.

Ditsela tse Baroma ba neng ba di agile di ne di dira gore go nne motlhofo gore barutwa ba rere kwa mafelong a le mantsi

10 Mo godimo ga moo, gape Baroma ba ne ba tsaya maeto ka mekoro. Ba ne ba tsamaya ka mekoro mo dinokeng, mo meseleng kgotsa mo lewatleng go ya kwa maemakepeng a le makgolokgolo a a neng a le mo mmusomogolong oo. Tota e bile, Baroma ba ne ba dirisa ditsela tsa mo lewatleng di feta 900. Ka jalo, Bakeresete ba ne ba kgona go dirisa mekoro go ya kwa mafelong a le mantsi. Ba ne ba sa tlhoke makwalo a mosepele fa ba batla go tsena mo nageng e e rileng. E re ka Baroma ba ne ba otlhaya dikebekwa botlhoko, go ne go se na dikebekwa di le dintsi mo ditseleng. Mme e re ka go ne go na le dikepe di le dintsi tsa sesole sa Roma mo lewatleng, batho ba ba neng ba tsamaya ka ditsela tseo ba ne ba sa boife go tlhaselwa ke magodu a mo lewatleng. Le fa Baebele e re Paulo o ne a tsamaya ka mekoro e e neng ya thubega le gore o ne a amega mo kotsing nako nngwe mo lewatleng, ga e bue sepe ka gore o ne a tlhaselwa ke magodu a mo lewatleng. Ka jalo, gantsi go ne go sireletsegile go tsamaya mo ditseleng le go tsaya maeto ka mekoro.—2 Bakorintha 11:25, 26.

PUO YA SEGERIKA

Go ne go le motlhofo thata gore o bone temana mo bukeng (Bona serapa 12)

11. Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ne ba dirisa puo ya Segerika?

11 Mafelo a le mantsi a a neng a laolwa ke Baroma a ne a gapilwe ke mmusi wa Mogerika e bong Alexander yo Mogolo. Ka jalo, batho ba mafelo ao ba ne ba ithutile puo nngwe ya Segerika e e bidiwang Se-Koine. Ka ntlha ya seo, barutwa ba ne ba kgona go ba rerela ba dirisa puo eo. E bile ba ne ba kgona go ba nopolela go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera ka gonne di ne di ranoletswe mo Segerikeng. Batho ba le bantsi ba ne ba itse ka thanolo eno e e bidiwang Septuagint, e e neng e ranotswe ke Bajuda ba ba neng ba nna kwa Egepeto. Bakwadi ba Baebele le bone ba ne ba dirisa Segerika go kwala karolo e e setseng ya Baebele. Puo ya Segerika e na le mafoko a le mantsi, ka jalo, e ne e thusa thata go tlhalosa boammaaruri jo bo kwa teng jwa Baebele. Mme e re ka diphuthego di ne di dirisa puo eno, di ne di kgona go nna seoposengwe.

12. (a) Codex ke eng mme ke ka ntlha yang fa go ne go le motlhofo go e dirisa go na le momeno? (b) Bakeresete ba le bantsi ba ne ba simolola leng go dirisa dibuka?

12 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dirisa eng fa ba ruta batho Lefoko la Modimo? Kwa tshimologong, ba ne ba dirisa memeno. Mme gone, go ne go se motlhofo go dirisa memeno eo kgotsa go tsamaya ka yone. Nako le nako fa Bakeresete ba batla temana nngwe, ba ne ba tshwanetse go menolola momeno oo mme go tswa foo ba bo ba o mena gape. Gantsi memeno e ne e kwalwa ka fa teng fela. Efangele ya ga Mathaio e ne e tlala yotlhe mo teng ga momeno o le mongwe fela. Go tswa foo, batho ba ne ba simolola go dirisa mofuta mongwe wa buka e e bidiwang codex. Mmadi o ne a kgona go bula buka eo mme a bo a phetlha ditsebe tsa yone motlhofo fela go bona temana e a e batlang. Baitsehisitori ba re ka bonako fela Bakeresete ba ne ba simolola go dirisa dibuka mme morago ga ngwaga wa 100, bontsi jwa bone ba ne ba tswelela go di dirisa.

MOLAO WA KWA ROMA

13, 14. (a) Paulo o ne a sireletsega jang ka gonne e ne e le moagi wa Roma? (b) Molao wa Roma o ne o solegela Bakeresete molemo jang?

13 Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba solegelwa molemo ke molao wa kwa Roma. Ka sekai, Paulo e ne e le moagi wa kwa Roma mme gantsi molao o ne o mo sireletsa fa a ne a tsaya maeto. Fa masole a Roma a ne a tshwara Paulo kwa Jerusalema e bile a ne a tla tloga a mo itaya, o ne a ba bolelela gore ke moagi wa Roma. O ne a gakolola molaodi gore moagi wa Roma o tshwanetse go sekisiwa le go bonwa molato pele a ka itewa. Ka jalo, “banna ba ba neng ba tloga ba mmotsolotsa ka go mo tlhokofatsa ba tswa mo go ene; mme molaodi wa sesole a boifa fa a lemoga gore [Paulo] e ne e le Moroma le gore o ne a mmofile.”—Ditiro 22:25-29.

Bakeresete ba ne ba dirisa molao wa kwa Roma go ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao’

14 E re ka Paulo e ne e le moagi wa kwa Roma, seo se ne sa ama tsela e a neng a tshwarwa ka yone Kwa Filipi. (Ditiro 16:35-40) Fa segongwana sengwe se se neng se galefile se ne se batla go itaya Bakeresete kwa Efeso, molaodi mongwe wa puso o ne a tlhagisa batho bao gore ba ne ba tlola molao wa Roma. (Ditiro 19:30-41) Moragonyana fa Paulo a ne a le kwa Kaesarea, o ne a dirisa tshwanelo ya gagwe ya go batla go bona mmusimogolo kwa Roma. Fa a le koo, o ne a femela dikgang tse di molemo. (Ditiro 25:8-12) Ka jalo, Bakeresete ba ne ba dirisa molao wa Roma go ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.’—Bafilipi 1:7.

BAJUDA BA NE BA NNA KWA DINAGENG DI LE DINTSI

15. Bajuda ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba nna kae?

15 Go na le sengwe gape se se ka tswang se thusitse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba rere mo lefatsheng lotlhe. Ka nako eo, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna kwa dinageng di le dintsi mme e seng kwa Iseraele fela. Ka ntlha yang? Makgolokgolo a dingwaga pele ga moo, Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Asiria mme dingwaga morago ga moo, ba bangwe ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Fa Baperesia ba ne ba busa Babelona, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna kwa Mmusomogolong wa Peresia. (Esethere 9:30) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna kwa dinageng tse di neng di busiwa ke Roma tse di jaaka Egepeto le dikarolo tse dingwe tsa Afrika Bokone mmogo le Gerika, Asia Minor (e jaanong e leng Turkey) le Mesopotamia (e jaanong e leng Iraq). Ga twe mo bathong ba le dimilione di le 60 ba ba neng ba nna mo mmusomogolong oo, ba le dimilione di feta nnè ba bone e ne e le Bajuda. Le fa Bajuda ba ne ba aname mo mafelong a le mantsi, ga ba a ka ba tlogela kobamelo ya bone.—Mathaio 23:15.

16, 17. (a) E re ka Bajuda ba ne ba nna mo dinageng di le dintsi, batho ba e seng Bajuda ba ne ba solegelwa molemo jang? (b) Bakeresete ba ne ba latela sekao sa Bajuda ka ditsela dife?

16 E re ka Bajuda ba ne ba nna mo dinageng di le dintsi jalo, batho ba le bantsi ba e seng Bajuda ba ne ba itse Dikwalo Tsa Sehebera mme ba ithuta ditumelo tsa Bajuda. Ka sekai, ba ne ba ithuta gore go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri le gore botlhe ba ba batlang go mo direla ba tshwanetse go ikobela melao ya gagwe. Ba ne ba ithuta gore Dikwalo Tsa Sehebera di ne di tlhotlheleditswe ke Modimo e bile di ne di na le boporofeti bo le bontsi jo bo neng bo bua ka Mesia. (Luke 24:44) Ka jalo, fa Bakeresete ba ne ba rera dikgang tse di molemo, Bajuda mmogo le batho ba e seng Bajuda ba ne ba setse ba itse dilo dingwe tse Bakeresete ba neng ba di ruta. Paulo o ne a batla go kopana le batho ba ba neng ba tla reetsa dikgang tse di molemo. Gantsi o ne a tsena mo disinagogeng, kwa Bajuda ba neng ba obamela gone, mme a bo a beelana mabaka le bone a dirisa Dikwalo.—Bala Ditiro 17:1, 2.

17 Bajuda ba ne ba kopana mmogo ka metlha go tla go obamela Jehofa, e ka tswa e le kwa disinagogeng kgotsa mo mafelong a a bulegileng. Ba ne ba opela, ba rapela le go sekaseka Dikwalo. Bakeresete ba ne ba latela sekao sa bone mme le gompieno re dira fela jalo mo diphuthegong tsa rona.

JEHOFA O NE A BA THUSA GORE BA RERE

18, 19. (a) Maemo a a neng a le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga a ne a thusa Bakeresete jang? (b) Setlhogo seno se dira gore o ikutlwe jang ka Jehofa?

18 Lekgolo la ntlha la dingwaga le ne la nna nako e e tlhomologileng mo hisitoring. Go ne go na le kagiso mo Mmusomogolong wa Roma, batho ba le bantsi ba ne ba bua puo e le nngwe e bile molao o ne o ba sireletsa. Go ne go le motlhofo go tsaya maeto e bile batho mo dinageng di le dintsi ba ne ba itse ka Bajuda le ka Dikwalo Tsa Sehebera. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa thusa Bakeresete gore ba tswelele ba dira tiro e Modimo a neng a ba neile yone.

19 Rafilosofi wa Mogerika e bong Plato a re dingwaga di ka nna 400 pele Jesu a tla mo lefatsheng, go ne go le thata gore batho ba itse ka Mmopi e bile go sa kgonege gore ba bolelele mongwe le mongwe mo lefatsheng ka Ene. Mme Jesu o ne a re: “Dilo tse di sa kgonegeng mo bathong di a kgonega mo Modimong.” (Luke 18:27) Ke boammaaruri gore Jehofa ke ene a re thusang gore re kgone go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Modimo o batla gore “batho ba ditšhaba tsotlhe” ba utlwe dikgang tse di molemo le gore ba mo itse. (Mathaio 28:19) Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa kafa dikgang tse di molemo di rerwang ka gone mo lefatsheng lotlhe gompieno.