Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna Boikokobetso le sa Bopelonomi

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna Boikokobetso le sa Bopelonomi

“Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.”—1 PETERE 2:21.

1. Ke ka ntlha yang fa go etsa sekao sa ga Jesu go re atametsa gaufi le Jehofa?

GANTSI re leka go etsa batho ba re ba ratang. Mo bathong botlhe ba ba kileng ba tshela, Jesu Keresete ke ene motho wa botlhokwa yo re ka mo etsang. Ka ntlha yang? Nako nngwe Jesu o ne a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Seno ke ka gonne Jesu o etsa botho jwa ga Rraagwe ka botlalo. Ka jalo, fa re ithuta ka Jesu, tota re a bo re ithuta ka Jehofa. Mme fa re etsa sekao sa ga Jesu, re kgona go atamalana gaufi le Jehofa, yo e leng ene Motho yo mogolo go ba gaisa botlhe mo lobopong. A bo eo e le tlotla e kgolo jang ne!

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a re naya dintlha ka botlalo malebana le botshelo jwa ga Jesu, mme Modimo wa rona o lebeletse gore re dire eng? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

2 Mo Baebeleng, Jehofa o re neile dintlha ka botlalo malebana le botshelo jwa ga Jesu. Goreng a ne a dira jalo? Ka gonne Modimo wa rona o batla gore re itse Morwaawe gore re tle re kgone go latela sekao sa gagwe gaufiufi. (Bala 1 Petere 2:21.) Mo Baebeleng, sekao se Jesu a re tlogeletseng sone se tshwantshiwa le dikgato tsa gagwe. Seo se kaya eng? Jehofa o batla gore re latele dikgato tsa Morwaawe, ke gore, re etse sengwe le sengwe se Jesu a neng a se dira. Ke boammaaruri gore Jesu o ne a itekanetse, ka jalo, Jehofa ga a lebelela gore re etse sekao sa Morwaawe ka botlalo. Go na le moo, Modimo o batla gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go etsa sekao sa ga Jesu.

3 Mma re sekasekeng dinonofo dingwe tse di molemo tsa ga Jesu. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka nonofo ya boikokobetso le ya bopelonomi. Mme mo go se se latelang, re tla sekaseka nonofo ya bopelokgale le ya temogo. Re tla araba dipotso di le tharo tse di malebana le dinonofo tseno: Nonofo eno e kaya eng? Jesu o ne a e bontsha jang? Re ka mo etsa jang?

JESU O BOIKOKOBETSO

4. Go nna boikokobetso go kaya eng?

4 Boikokobetso ke eng? Batho ba le bantsi ba ba ikgogomosang ba akanya gore go nna boikokobetso go bontsha gore motho o bokoa kgotsa gore ga a itshepe. A mme seo se boammaaruri? Tota e bile, gore re nne boikokobetso, re tlhoka go nna batho ba ba pelokgale le ba ba itshepang. Boikokobetso ga bo tshwane le boikgogomoso le mabela. Mo Baebeleng, lefoko “boikokobetso” le ka nna la ranolwa e le go nna le “mogopolo o o ikokobeditseng.” (Bafilipi 2:3) Gore re kgone go ikokobetsa, sa ntlha re tshwanetse go tila go itseela kwa godimo. Ka sekai, dikishinare nngwe ya Baebele ya re: “Go nna boikokobetso ke fa re ipona re se batho ba sepe fa re ipapisa le Modimo.” Gape, fa re le boikokobetso ga re kitla re akanya gore re botoka go feta batho ba bangwe. (Baroma 12:3) Ga go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba bontshe nonofo eno. Mme gone, fa re tlhatlhanya ka bogolo jwa ga Jehofa e bile re latela sekao sa ga Jesu, re ka kgona go ithuta go nna boikokobetso.

Fa re le boikokobetso, ga re kitla re akanya gore re botoka go feta batho ba bangwe

5, 6. (a) Mikaele moengele yo mogolo ke mang? (b) Mikaele o ne a bontsha jang boikokobetso?

5 Jesu o ne a bontsha jang boikokobetso? Morwa Modimo ga a bolo go nna boikokobetso, tota le fa a na le maemo a a kwa godimo kwa legodimong mmogo le fa e ne e le motho yo o itekanetseng mo lefatsheng. Mma re bone dikai di le mmalwa.

6 Kafa a ileng a bontsha boikokobetso ka gone. Buka ya Baebele ya Jude e umaka tiragalo nngwe e e ileng ya direga pele Jesu a tla mo lefatsheng. (Bala Jude 9.) E re ka Jesu e le Mikaele, moengele yo mogolo, o ne a “ganetsana le Diabolo” le go “nganga” le yo o boikepo “ka setopo sa ga Moshe.” Fa Moshe a sena go tlhokafala, Jehofa o ile a fitlha setopo sa gagwe mo lefelong le go seng ope yo o neng a ka se bona. (Duteronome 34:5, 6) Gongwe Diabolo o ne a batla go raela Baiseraele gore ba dirise setopo sa ga Moshe mo kobamelong ya maaka. Go sa kgathalesege gore Diabolo o ne a batla go dira eng se se bosula ka setopo seo, ka bopelokgale Mikaele o ne a mo thibela. Buka nngwe ya re mafoko a a reng, “a ganetsana” le a a reng go “nganga,” gape a dirisediwa go tlhalosa “kganetsano ya semolao” mme a ka tswa a akantsha gore “Mikaele ‘o ne a gwetlha Diabolo gore ga a na tshwanelo’ ya go tsaya setopo sa ga Moshe.” Mme gone, moengele yono yo mogolo o ne a itse gore taolo ya gagwe e lekanyeditswe. Ka jalo, o ne a isa kgang eno kwa Moatlhoding yo Mogolo e bong Jehofa, ene fela yo o neng a na le tshwanelo ya go atlhola Satane. A bo Jesu a ile a bontsha boikokobetso jang ne!

Jesu ene o ne a bontsha boikokobetso ka go dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se mo laela, tota le “go fitlha losong”

7. Jesu o ne a bontsha jang boikokobetso mo go se a neng a bua le ka tsela e a neng a tshela ka yone?

7 Gape fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha boikokobetso mo go se a neng a se bua le tsela e a neng a tshela ka yone. Se a neng a se bua. Jesu o ne a sa batle gore batho ba mo galaletse go sa tlhokege. Go na le moo, o ne a batla gore ba galaletse Rraagwe. (Mareko 10:17, 18; Johane 7:16) Jesu ga a ise a ko a bue le barutwa ba gagwe ka tsela e e neng e dira gore ba ikutlwe e le dieleele kgotsa e se batho ba sepe. Go na le moo, o ne a ba tlotla le go ba bontsha gore o a ba ikanya ka go ba akgolela dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone. (Luke 22:31, 32; Johane 1:47) Tsela e a neng a tshela ka yone. Jesu o ne a tlhopha go tshela botshelo jo bo sa raraanang a se na dithoto tse dintsi. (Mathaio 8:20) O ne a iketleeleditse go dira tiro ya maemo a a kwa tlase e batho ba bangwe ba neng ba sa batle go e dira. (Johane 13:3-15) Gape o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go nna boikokobetso ka go nna kutlo. (Bala Bafilipi 2:5-8.) Go farologana le batho ba ba ikgogomosang ba ba sa rateng go ikobela ba bangwe, Jesu ene o ne a bontsha boikokobetso ka go dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se mo laela, tota le “go fitlha losong.” Ga go pelaelo gore Jesu Morwa motho o ne a le “boikokobetso mo pelong.”—Mathaio 11:29.

ETSA BOIKOKOBETSO JWA GA JESU

8, 9. Re ka bontsha boikokobetso jang?

8 Re ka etsa boikokobetso jwa ga Jesu jang? Kafa re ka bontshang boikokobetso ka gone. Fa re le boikokobetso, re a itse gore taolo ya rona e lekanyeditswe. Ka jalo, re a itse gore ga re na tshwanelo ya go atlhola batho ba bangwe. Ga re ka ke ra ba tshwayatshwaya diphoso kgotsa ra belaela maitlhomo a bone. (Luke 6:37; Jakobe 4:12) Boikokobetso bo dira gore re tile go “siama ka tsela e e feteletseng.” Seno se raya gore ga re kitla re akanya gore re botoka go gaisa batho ba bangwe ba ba se nang bokgoni kgotsa ditshiamelo tse re nang le tsone. (Moreri 7:16) Bagolwane ba ba ikokobeditseng ga ba akanye gore ba botoka go feta badumedimmogo le bone. Go na le moo, badisa bano ba ba lorato ba ‘tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga bone,’ mo go rayang gore ba tsaya ba bangwe ba le botlhokwa thata go ba feta.—Bafilipi 2:3; Luke 9:48.

9 Akanya ka W. J. Thorn, yo e neng e le molebedi wa potologo go simologa ka 1894. Morago ga dingwaga di le dintsi, o ne a newa kabelo ya go tlhokomela dikgogo kwa Kingdom Farm, kwa New York. Fela fa Mokaulengwe Thorn a ne a akanya gore o tshwanetse go dira tiro nngwe e e botlhokwa go feta e a neng a na le yone, o ne a re: “Wena lerolenyana ke wena. O na le eng se o ka ikgogomosang ka sone?” (Bala Isaia 40:12-15.) A bo seo e le go bontsha boikokobetso jang ne!

10. Re ka bontsha boikokobetso jang mo go se re se buang le ka tsela e re tshelang ka yone?

10 Se re se buang. Fa e le gore ruri re ikokobeditse, seo se tla bonala mo go se re se buang. (Luke 6:45) Fa re bua le batho ba bangwe, ga re kitla re bua thata ka ditshiamelo tse re nang le tsone kgotsa dilo tse re di fitlheletseng. (Diane 27:2) Go na le moo, re tla akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka dilo tse dintle tse ba di dirang le go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse ba nang le tsone le mo bokgoning jwa bone. (Diane 15:23) Tsela e re tshelang ka yone. Bakeresete ba ba ikokobeditseng ga ba rate go tuma kgotsa go tsewa ba le botlhokwa. Go na le moo, ba tlhopha go tshela botshelo jo bo sa raraanang, ba dira ditiro tsa maemo a a kwa tlase e le gore ba kgone go direla Jehofa kafa ba ka kgonang ka gone. (1 Timotheo 6:6, 8) Se se botlhokwa le go feta, re ka bontsha boikokobetso ka go nna kutlo. Re tshwanetse go nna boikokobetso gore re tle re ‘utlwe ba ba etelelang pele’ mo phuthegong le gore re amogele le go latela ditaelo tse phuthego ya ga Jehofa e re nayang tsone.—Bahebera 13:17.

JESU O PELONOMI

11. Bopelonomi ke eng?

11 Bopelonomi ke eng? Lefoko “bopelonomi” le kaya go nna bonolo le go amega ka batho. Go nna pelonomi ke go bontsha ba bangwe lorato e bile go tshwana le go ba bontsha kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi. Baebele e bua ka “bopelotlhomogi jo bo pelonomi,” “mautlwelobotlhoko a manana” le ka “lorato lwa bopelonomi.” (Luke 1:78; 2 Bakorintha 1:3; Bafilipi 1:8) Buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re go bontsha bopelonomi ga se fela go utlwela botlhoko batho ba ba tlhokang thuso. Ya re go nna pelonomi ke go “amega thata ka batho ba bangwe e bile re batla go ba thusa” ka go dira sengwe se se tla dirang gore matshelo a bone a nne botoka. Bopelonomi ke nonofo e e tlhotlheletsang motho gore a fetole matshelo a batho ba bangwe.

12. Ke eng se se neng se bontsha gore Jesu o ne a utlwela batho ba bangwe botlhoko mme bopelonomi bo ne jwa mo tlhotlheletsa go dira eng?

12 Jesu o ne a bontsha jang bopelonomi? Kafa Jesu a ileng a bontsha bopelonomi ka gone. Jesu o ne a utlwela batho ba bangwe botlhoko. E rile Jesu a bona tsala ya gagwe e bong Marea le ba bangwe ba lela ka gonne Lasaro a ne a sule, o ne a lela le bone. (Bala Johane 11:32-35.) Ka jalo, kutlwelobotlhoko e e neng ya dira gore a tsose morwa wa motlholagadi, e ne ya mo tlhotlheletsa gore a tsose Lasaro mo baswing. (Luke 7:11-15; Johane 11:38-44) Bopelonomi jono bo ka tswa bo ile jwa dira gore Lasaro a nne le tshiamelo ya go ya go tshela kwa legodimong. Pelenyana ga foo, Jesu o ne a “tlhomogela pelo” boidiidi jo bo neng bo tlile kwa go ene. Bopelonomi bo ne jwa mo tlhotlheletsa “go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:34) Go dira jalo go ile ga fetola matshelo a batho ba ba neng ba latela dithuto tsa gagwe! Jesu o ne a sa tlhomogele batho pelo fela. Gape o ne a tlhotlheletsega go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang.—Mathaio 15:32-38; 20:29-34; Mareko 1:40-42.

13. Jesu o ne a bontsha bopelonomi jang fa a ne a bua le ba bangwe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo.)

13 Mafoko a gagwe a bopelonomi. Kutlwelobotlhoko e ne ya tlhotlheletsa Jesu go bua le batho ba bangwe ka bopelonomi, segolobogolo ba ba neng ba gateletswe. Fa moaposetoloi Mathaio a nopola Isaia, o ne a bua jaana ka Jesu: “Ga go na lotlhaka lope lo lo phitsegileng lo a tla lo tšhwetlang, e bile ga go na mogala ope wa lodi o o ntshang mosi fela o a tla o timang.” (Mathaio 12:20; Isaia 42:3) Seo se kaya eng? Jesu o ne a sa sotle batho kgotsa a ba tshwara ka tsela e e sa siamang. Go na le moo, o ne a bua le bone ka tsela e e neng e ba lapolosa. O ne a rerela batho “ba ba dipelo di phatlogileng” molaetsa wa tsholofelo. (Isaia 61:1) O ne a laletsa batho ba ba neng ‘ba dira ka natla le ba ba imelwang’ gore ba tle kwa go ene e le gore ba tle ba ‘bone tapologo.’ (Mathaio 11:28-30) Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe go akaretsa le “ba bannye,” kgotsa ba lefatshe le ba tsayang ba se botlhokwa.—Mathaio 18:12-14; Luke 12:6, 7.

ETSA BOPELONOMI JWA GA JESU

14. Re ka bontsha ba bangwe bopelonomi jang?

14 Re ka etsa bopelonomi jwa ga Jesu jang? Kafa re ka bontshang bopelonomi ka gone. Baebele e re bolelela gore re lwele go bontsha “lorato lwa bopelotlhomogi,” tota le fa go dira jalo go sa itiragalele fela. Maikutlo ano ke karolo ya “botho jo bosha” jo Jehofa a solofetseng gore Bakeresete botlhe ba bo apare. (Bala Bakolosa 3:9, 10, 12.) O ka bontsha jang bopelonomi? Baebele ya re: “Pitlologang.” (2 Bakorintha 6:11-13) Reetsa ka kelotlhoko fa mongwe a go bulela mafatlha le fa a go bolelela ka dilo tse a tshwenyegileng ka tsone. (Jakobe 1:19) Akanya ka seo mme o ipotse jaana: ‘Fa nkabo ke le mo boemong jwa gagwe, ke ne ke tla ikutlwa jang? Ke ne ke tla tlhoka eng?’—1 Petere 3:8.

15. Ke eng se re ka se dirang go thusa ba ba ka tswang ba hutsafetse kgotsa ba boga?

15 Ditiro tsa rona tsa bopelonomi. Bopelonomi bo tla re tlhotlheletsa go thusa ba bangwe, segolobogolo ba ba hutsafetseng kgotsa ba ba bogang. Re ka ba thusa jang? Baroma 12:15 ya re: “Lelang le batho ba ba lelang.” Gantsi batho ba tlhoka go gomodiwa go na le gore o leke go rarabolola mathata a bone. Ba tlhoka tsala e e ba kgatlhegelang le e e tla ba reetsang. Kgaitsadi mongwe yo o neng a ikutlwa a gomoditswe ke bakaulengwe le bokgaitsadi morago ga go tlhokafalelwa ke morwadie, a re: “Ke ne ke anaanela thata fa ditsala tsa me di ne di tlile go lela le nna.” Gape, re ka nna ra bontsha bopelonomi ka go direla batho bangwe dilo dingwe tse di ka ba thusang. Gongwe go na le motlholagadi mongwe yo o tlhokang go baakanyediwa ntlo. Kgotsa gongwe go na le Mokeresete yo o godileng yo o tlhokang thuso ya go ya dipokanong, go ya bodireding kgotsa go ya ngakeng. Tota le go bontsha bopelonomi ka tsela e nnye go ka dira phetogo e kgolo mo botshelong jwa motho. (1 Johane 3:17, 18) Sa botlhokwa le go feta, re ka bontsha ba bangwe bopelonomi ka go dira sotlhe se re ka se kgonang go rera dikgang tse di molemo. Eo ke tsela e e molemolemo e ka yone re ka dirang gore matshelo a batho ba ba ikanyegang a nne botoka!

A o bontsha gore ruri o amega ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago? (Bona serapa 15)

16. Ke eng se re ka se buang fa re kgothatsa batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong?

16 Mafoko a rona a bopelonomi. Bopelonomi bo re tlhotlheletsa gore re bue “ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.” (1 Bathesalonika 5:14) Ke eng se re ka se buang go ba kgothatsa? Re ka ba bolelela gore re amegile thata ka bone. Re ka ba akgola le go ba thusa gore ba lemoge dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone le bokgoni jo ba nang le jone. Re ka ba gopotsa gore Jehofa o ne a ba thusa gore ba bone boammaaruri, ka jalo o ba tsaya ba le botlhokwa thata. (Johane 6:44) Re ka ba tlhomamisetsa gore Jehofa o amega thata ka batlhanka ba gagwe ba ba “pelo e phatlogileng” kgotsa ba ba “moya o pitlaganeng.” (Pesalema 34:18) Mafoko a rona a bopelonomi ruri a ka lapolosa batho ba ba tlhokang go gomodiwa.—Diane 16:24.

17, 18. (a) Jehofa o lebeletse gore bagolwane ba tshware jang letsomane la gagwe? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Bagolwane, Jehofa o lebeletse gore lo tshware letsomane la gagwe ka bopelonomi. (Ditiro 20:28, 29) Gakologelwang gore ke boikarabelo jwa lona go ruta, go kgothatsa le go lapolosa letsomane la gagwe. (Isaia 32:1, 2; 1 Petere 5:2-4) Ka jalo, mogolwane yo o pelonomi a ka se leke go laola bakaulengwe ba gagwe, ke gore, go ba beela melao kgotsa go dira gore ba ikutlwe ba le molato ka go ba gatelela gore ba dire mo go oketsegileng le fa maemo a bone a sa ba letle go dira jalo. Go na le moo, mogolwane o batla gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba nne ba itumetse e bile o solofela gore lorato lo ba ratang Jehofa ka lone lo tla ba tlhotlheletsa gore ba direle Modimo ka bojotlhe jwa bone.—Mathaio 22:37.

18 Fa re ntse re tlhatlhanya ka boikokobetso le bopelonomi jwa ga Jesu, re tla tlhotlheletsega go latela sekao sa gagwe. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka kafa re ka etsang ka gone bopelokgale le temogo ya ga Jesu.