Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna le Temogo le sa Bopelokgale

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna le Temogo le sa Bopelokgale

“Le fa lo ise lo ke lo mmone, lo a mo rata. Le fa lo sa mo leba gone jaanong, le fa go ntse jalo lo dumela mo go ene.” —1 PETERE 1:8.

1, 2. (a) Re tshwanetse go dira eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo loetong lwa rona?

FA RE nna Bakeresete, go nna jaaka e kete re simolola go tsaya loeto. Fa re tswelela re ikanyega mo Modimong, re tla atlega mo loetong lwa rona e bile re tla tshelela ruri. Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Ka jalo, gore re kgone go wetsa loeto lwa rona, re tshwanetse go nna re ikanyega mo Modimong go fitlha kwa “bokhutlong,” e ka tswa e le bokhutlo jwa botshelo jwa rona kgotsa jwa lefatshe leno le le boikepo. Mme gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore lefatshe leno le se ka la re itaya tsebe. (1 Johane 2:15-17) Re ka nna re tlhomile mogopolo jang mo loetong lwa rona?

2 Jesu o re tlhometse sekao se se molemo. Fa re ithuta se Baebele e se buang ka loeto lwa ga Jesu kgotsa tsela ya gagwe ya botshelo, re kgona go lemoga gore e ne e le motho yo o ntseng jang. Mme re tla mo rata le go bontsha tumelo mo go ene. (Bala 1 Petere 1:8, 9.) Moaposetoloi Petere o ne a re Jesu o re tlogeletse sekao se re tshwanetseng go se latela gaufiufi. (1 Petere 2:21) Mme fa re latela sekao sa ga Jesu ka botlalo, re tla kgona go itshoka go ya bokhutlong. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile kafa re ka etsang ka gone sekao sa ga Jesu sa boikokobetso le sa bopelonomi. Mo setlhogong seno, re tla ithuta kafa re ka etsang ka gone sekao sa gagwe sa bopelokgale le sa temogo.

JESU O PELOKGALE

3. Bopelokgale ke eng, mme re ka nna le jone jang?

3 Bopelokgale bo kgona go re nonotsha le go re thusa gore re itshokele mathata. Gape bo re thusa go emela se se siameng. Bo ka re thusa gore re nne re ritibetse e bile re ikanyega mo Modimong le fa re lebana le diteko. Bopelokgale bo amanngwa le poifo, tsholofelo le lorato. Jang? Fa re boifa go utlwisa Modimo botlhoko, ga re kitla re boifa batho. (1 Samuele 11:7; Diane 29:25) Tsholofelo e re nang le yone mo go Jehofa e re thusa gore re tlhome mogopolo mo isagweng mme e seng mo ditekong tse re lebanang le tsone. (Pesalema 27:14) Lorato lwa go intsha setlhabelo lo re tlhotlheletsa gore re bontshe bopelokgale tota le fa re bogisiwa. (Johane 15:13) Re nna pelokgale fa re ikanya Modimo e bile re latela sekao sa ga Jesu.—Pesalema 28:7.

4. Jesu o ne a bontsha jang bopelokgale fa a ne a le kwa tempeleng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo.)

4 Fa Jesu a ne a le dingwaga di le 12, o ne a bontsha bopelokgale fa a le kwa “tempeleng, a ntse mo gare ga barutisi.” (Bala Luke 2:41-47.) Barutisi bao ba bodumedi ba ne ba itse Molao wa ga Moshe sentle e bile ba itse le dingwao tsa Sejuda. Dingwao tseo di ne di dira gore go nne thata go ikobela Molao. Mme Jesu ga a ka a letla gore kitso e ba nang le yone e dire gore a tlogele go bua le bone. O ne a sa boife sepe. O ne a nna a “ba botsa dipotso.” Ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa botse dipotso tse di a tleng di bodiwe ke bana ba dingwaga tsa gagwe. Go na le moo, re kgona go mmona fa a ntse a botsa dipotso tse di kwa teng tse di neng di dira gore barutisi bano ba mo reetse le go akanya ka se a neng a se bua. Mme fa e le gore barutisi ba ne ba leka go tsietsa Jesu ka go mmotsa dipotso tse di neng di tla tsosa dikganetsano, ba ne ba itaya se fololetse. Batho botlhe ba ba neng ba reeditse, go akaretsa le barutisi bano, ba ne ba gakgamadiwa ke “tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” Ruri Jesu o ne a nna pelokgale le go emela boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo!

5. Jesu o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela dife ka nako ya bodiredi jwa gagwe?

5 Jesu o ne a bontsha bopelokgale ka ditsela tse di farologaneng, tota le ka nako ya bodiredi jwa gagwe. Ka sekai, o ne a bolelela batho gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ba tsietsa ka dithuto tsa bone tsa maaka. (Mathaio 23:13-36) Gape Jesu ga a ka a letla gore lefatshe le senye kamano ya gagwe le Modimo. (Johane 16:33) O ne a tswelela a rera go sa kgathalesege dikganetso tse a neng a lebana le tsone. (Johane 5:15-18; 7:14) Mo makgetlong a le mabedi, o ne a phepafatsa tempele ka go leleka batho ba ba neng ba leswafatsa kobamelo ya boammaaruri.—Mathaio 21:12, 13; Johane 2:14-17.

Jesu o ne a bontsha bopelokgale fa a ne a bolelela kgotlatshekelokgolo ya Bajuda gore ke ene Keresete le gore ke Morwa Modimo

6. Jesu o ne a bontsha jang bopelokgale mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa gagwe mo lefatsheng?

6 A re sekasekeng kafa Jesu a neng a bontsha bopelokgale ka gone mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Jesu o ne a itse se se tla diregang fa Judase a sena go mo oka. Le fa go ntse jalo, ka nako ya dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a raya Judase a re: “Se o se dirang se dire ka bonako thata.” (Johane 13:21-27) Mme go tswa foo, kwa tshimong ya Gethesemane, Jesu o ne a bontsha bopelokgale fa a ne a bolelela masole a a neng a tlile go mo tshwara gore ke ene yo ba mmatlang. Tota le fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing, o ne a sireletsa barutwa ba gagwe fa a ne a raya masole a re: “Lesang bano ba tsamaye.” (Johane 18:1-8) Moragonyana fa kgotlatshekelokgolo ya Bajuda e ne e mmotsolotsa, Jesu o ne a bontsha bopelokgale fa a ne a ba bolelela gore ke ene Keresete le gore ke Morwa Modimo. O ne a sa boife le fa gone moperesiti yo mogolo a ne a batla mabaka a go mmolaya. (Mareko 14:60-65) Jesu o ne a nna a ikanyega mo Modimong mme a swela mo koteng ya tlhokofatso. O ne a goa jaana pele a swa: “Go diragaditswe!”—Johane 19:28-30.

ETSA BOPELOKGALE JWA GA JESU

7. Basha, lo ikutlwa jang ka go nna Basupi ba ga Jehofa mme lo ka bontsha jang gore lo pelokgale?

7 Re ka etsa jang bopelokgale jwa ga Jesu? Kwa sekolong. Basha, lo tla bo lo bontsha bopelokgale fa lo bolelela baithutimmogo le lona le batho ba bangwe gore lo Basupi ba ga Jehofa. Fa lo dira jalo, lo bontsha gore lo motlotlo go bidiwa ka leina la ga Jehofa tota le fa go dira jalo go ka nna ga dira gore lo jewe ditshego. (Bala Pesalema 86:12.) Bangwe ba ka nna ba batla gore lo dumele thuto ya gore ditshedi di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe. E re ka lo dumela gore se Baebele e se buang ka popo se boammaaruri, lo ka dirisa boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking go araba ba ba batlang go itse “lebaka la tsholofelo e e mo go lona.” (1 Petere 3:15) Mme fa lo dira jalo, lo tla ikutlwa lo itumetse ka gonne lo itse gore lo bontshitse bopelokgale ka go emela boammaaruri jwa Baebele!

8. Re na le mabaka afe a go rera ka bopelokgale?

8 Mo bodireding jwa rona. E re ka re le Bakeresete ba boammaaruri, re tlhoka go nna re “bua ka bopelokgale ka taolo ya ga Jehofa.” (Ditiro 14:3) Ke ka ntlha yang fa re kgona go rera ka bopelokgale? Sa ntlha, re a itse gore se re se rerang se tswa mo Baebeleng. Se boammaaruri. (Johane 17:17) Sa bobedi, “re badirimmogo le Modimo” e bile o re neile moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa. (1 Bakorintha 3:9; Ditiro 4:31) Sa boraro, re rata Jehofa le batho, ka jalo, re tlhotlheletsega go dira sotlhe se re ka se kgonang go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. (Mathaio 22:37-39) E re ka re le pelokgale, ga re kitla re emisa go rera. Re ikemiseditse go ruta batho boammaaruri jo bo mo Baebeleng, e re ka ba ‘foufaditswe’ kgotsa ba tsieditswe ke baeteledipele ba bodumedi. (2 Bakorintha 4:4) Mme re tla tswelela re rera dikgang tse di molemo le fa ba bangwe ba gana molaetsa wa rona kgotsa ba re bogisa.—1 Bathesalonika 2:1, 2.

9. Re ka bontsha jang bopelokgale fa re lebana le diteko?

9 Fa re lebana le diteko. Fa re ikanya Modimo, o tla re naya tumelo le bopelokgale jo re bo tlhokang gore re itshokele mathata. Fa mongwe yo re atamalaneng le ene a tlhokafala, re a hutsafala mme gone ga re felelwe ke tsholofelo. Re tlhomamisegile gore “Modimo wa kgomotso yotlhe” o tla re nonotsha. (2 Bakorintha 1:3, 4; 1 Bathesalonika 4:13) Fa re lwala kgotsa re gobetse, re ka tswa re le mo ditlhabing le fa go ntse jalo, ga re kitla re amogela kalafi e e tla kgopisang Modimo. (Ditiro 15:28, 29) Fa re gateletswe mo maikutlong, ‘dipelo tsa rona di ka re bona molato’ mme gone ga re ineele. Re ikanya Jehofa yo o “gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.” * (Bona ntlha e e kwa tlase.)—1 Johane 3:19, 20; Pesalema 34:18.

JESU O NA LE TEMOGO

10. Temogo ke eng mme Mokeresete a ka e bontsha jang ka se a se buang le ka tsela e a dirang dilo ka yone?

10 Temogo ke fa o tlhaloganya pharologanyo fa gare ga se se siameng le se se sa siamang mme go tswa foo o bo o tlhopha go dira se se siameng. (Bahebera 5:14) Mokeresete yo o nang le temogo o dira ditshwetso tse di tla nonotshang kamano ya gagwe le Modimo. O kelotlhoko thata gore a se ka a bua dilo tse di tla utlwisang ba bangwe botlhoko go na le moo o itumedisa Jehofa ka go bua le ba bangwe ka tsela e e ba agang. (Diane 11:12, 13) O “bonya go galefa.” (Diane 14:29) O tsamaya a ‘tlhamaletse,’ ke gore, o dira ditshwetso tse di molemo mo botshelong jwa gagwe. (Diane 15:21) Re ka ithuta jang go nna le temogo? Re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo le go dirisa se re se ithutileng. (Diane 2:1-5, 10, 11) Gape re ka ithuta le go latela sekao se se molemo sa ga Jesu sa go nna le temogo.

11. Jesu o ne a bontsha jang temogo mo mafokong a a neng a a bua?

11 Jesu o ne a bontsha temogo mo dilong tsotlhe tse a neng a di bua le go di dira. Se a neng a se bua. Fa Jesu a ne a rera dikgang tse di molemo, o ne a dirisa mafoko a bopelonomi a a neng a gakgamatsa bareetsi ba gagwe. (Mathaio 7:28; Luke 4:22) Gantsi o ne a bala Lefoko la Modimo kgotsa a nopola go tswa mo go lone. O ne a itse dikwalo tse a ka di dirisang mo maemong otlhe. (Mathaio 4:4, 7, 10; 12:1-5; Luke 4:16-21) Gape, batho ba ba neng ba reeditse Jesu fa a tlhalosa Dikwalo ba ne ba amiwa thata ke mafoko a gagwe. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a bua le barutwa ba le babedi ba ba neng ba le mo tseleng e e yang kwa Emao. O ne a tlhalosa bokao jwa dikwalo tse di neng di bua ka ene. Moragonyana barutwa ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?”—Luke 24:27, 32.

12, 13. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o ne a le bonya go galefa e bile a le tekatekano?

12 Kafa a neng a tshwara batho ka gone. Temogo e ne ya thusa Jesu gore a nne “bonya go galefa.” (Diane 16:32) O ne a kgona go laola maikutlo a gagwe e bile a le “bonolo.” (Mathaio 11:29) Ka dinako tsotlhe Jesu o ne a le pelotelele mo barutweng ba gagwe go sa kgathalesege diphoso tsa bone. (Mareko 14:34-38; Luke 22:24-27) Mme o ne a nna a ritibetse tota le fa a ne a tshwarwa makgwakgwa.—1 Petere 2:23.

13 Temogo e ne ya thusa Jesu gore a nne tekatekano. O ne a tlhaloganya se se kaiwang ke Molao wa ga Moshe mme seo se ne se ama tsela e a neng a tshwara ba bangwe ka yone. Ka sekai, akanya ka mosadi yo o neng a na le “kelelo ya madi.” (Bala Mareko 5:25-34.) Mosadi yono o ne a tsamaya mo gare ga boidiidi jwa batho, a tshwara seaparo sa ga Jesu mme a fola. Go ya ka Molao, o ne a itshekologile, ka jalo, o ne a sa tshwanela go tshwara ope. (Lefitiko 15:25-27) Mme Jesu ga a ka a mo garumela. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a itse gore dinonofo tse di jaaka “kutlwelobotlhoko le boikanyegi” di ne di le botlhokwa thata go feta go ikobela Molao. (Mathaio 23:23) Jesu o ne a bua jaana ka bopelonomi: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.” A bo seo e le sekai se se molemo jang ne sa kafa temogo e neng ya tlhotlheletsa Jesu ka gone gore a bontshe bopelonomi!

14. Jesu o ne a tlhopha go dira eng mme o ne a kgona jang go tlhoma mogopolo mo bodireding jwa gagwe?

14 Tsela e a neng a tshela ka yone. Jesu o ne a bontsha temogo ka tsela e a neng a tshela ka yone. O ne a dira gore bodiredi e nne tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. (Luke 4:43) Gape Jesu o ne a dira ditshwetso tse di neng tsa mo thusa gore a tlhome mogopolo mo tirong eo le go wetsa kabelo ya gagwe. Ka sekai, o ne a tshela botshelo jo bo sa raraanang e le gore a kgone go dirisa nako le maatla a gagwe mo bodireding. (Luke 9:58) O ne a itse gore go botlhokwa go thapisa ba bangwe gore ba kgone go tsweletsa pele tiro ya go rera morago ga loso lwa gagwe. (Luke 10:1-12; Johane 14:12) E bile, o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba thusa mo bodireding “go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Mathaio 28:19, 20.

ETSA TEMOGO YA GA JESU

Temogo e re thusa go tlhaloganya dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang le gore re tlhophe mafoko a rona ka botlhale (Bona serapa 15)

15. Re ka bontsha jang temogo mo go se re se buang?

15 Re ka etsa jang temogo ya ga Jesu? Se re se buang. Fa re bua le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re batla go bua le bone ka tsela e e kgothatsang go na le go ba kgoba marapo. (Baefeso 4:29) Fa re bua le batho ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo, mafoko a rona a tshwanetse go nna a a ‘lokilweng ka letswai,’ ke gore, re tshwanetse go bua ka tsela e e bontshang temogo. (Bakolosa 4:6) Re leka go tlhaloganya se batho ba se tlhokang le se ba se kgatlhegelang mme go tswa foo re bo re tlhopha mafoko a rona ka botlhale. Fa re dirisa mafoko a bopelonomi, batho ba ka nna ba batla go re reetsa e bile molaetsa wa rona o ka ba ama dipelo. Gape, fa re tlhalosa dilo tse re di dumelang, re leka ka natla go bala ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng ka gonne Lefoko la Modimo le na le maatla. Re a itse gore molaetsa wa Baebele o maatla thata go feta sepe fela se re ka lekang go se bua.—Bahebera 4:12.

16, 17. (a) Re ka bontsha jang gore re bonya go galefa le gore re tekatekano? (b) Re ka nna re tlhomile mogopolo jang mo bodireding jwa rona?

16 Kafa re tshwarang ba bangwe ka gone. Temogo e re thusa gore re laole maikutlo a rona fa re gatelelwa e bile e re thusa gore re nne “bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Fa batho ba re kgopisa, re leka go tlhaloganya lebaka la go bo ba bua kgotsa ba dira dilo ka tsela e ba di dirang ka yone. Fa re dira jalo, go nna motlhofo gore re ba itshwarele go na le go ba galefela. (Diane 19:11) Gape, temogo e re thusa gore re nne tekatekano. Re a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ga ba itekanela. Ka jalo, re gakologelwa gore ba ka tswa ba na le mathata a re sa a tlhaloganyeng ka botlalo. Re iketleeleditse go ba reetsa fa ba bua. Mme fa go kgonega, re a ineela, se se rayang gore ga re kitla re pateletsa gore dilo di dirwe ka tsela e rona re e batlang.—Bafilipi 4:5.

17 Tsela e re tshelang ka yone. Re a itse gore go rera dikgang tse di molemo ke tlotla e kgolo go gaisa epe fela. Ka jalo, re batla go dira ditshwetso tse di tla re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo bodireding jwa rona. Re tlhopha go dira gore Jehofa a tle pele mo matshelong a rona. Re tshela matshelo a a sa raraanang gore re kgone go dirisa nako le maatla a rona mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo pele bokhutlo bo tla.—Mathaio 6:33; 24:14.

18. Re ka kgona jang go tswelela re le mo loetong lwa rona lo lo isang kwa botshelong jo bo sa khutleng mme wena o ikemiseditse go dira eng?

18 Ruri re itumeletse go ithuta ka dinonofo dingwe tse dintle tsa ga Jesu! Akanya fela kafa re neng re tla solegelwa molemo ka gone ke go ithuta ka dinonofo tse dingwe tsa gagwe le go ithuta kafa re ka mo etsang ka gone. Ka jalo, a re ikemisetseng go etsa sekao sa ga Jesu. Fa re dira jalo, re tla tswelela re le mo loetong lwa rona lo lo isang kwa botshelong jo bo sa khutleng e bile re tla atamalana gaufi le Jehofa.

^ ser. 2 Lekwalo la 1 Petere 1:8, 9 le ne le kwaletswe Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Petere a ka dira le mo Bakereseteng ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.

^ ser. 9 Go bona dikao tsa batho ba ba neng ba nna pelokgale fa ba lebane le diteko, bona makasine wa Tora ya Tebelo ya December 1, 2000, tsebe 24-28; Tsogang! ya April 22, 2003, tsebe 18-21; le Tsogang! ya January 22, 1995, tsebe 11-15, ka Seesemane.