Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Japane e Newa Mpho E e Sa e Lebelelang

Japane e Newa Mpho E e Sa e Lebelelang

KWA pokanong e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe kwa Nagoya, kwa Japane, ka Moranang 28, 2013, Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang o ne a itsise go gololwa ga kgatiso e ntšha ya setlhogo se se reng The Bible—The Gospel According to Matthew, ka puo ya Sejapane. Go ne go na le batho ba ba fetang 210 000 ba ba neng ba le gone mo pokanong eo go akaretsa le ba ba neng ba gokagantswe ka Internet. Fa bareetsi ba sena go utlwa kitsiso eo, ba ne ba opa diatla lobaka lo loleele ba itumetse.

Buka eno ya Efangele ya Mathaio e tshotswe go tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Le fa go ntse jalo, buka eno ya ditsebe di le 128 e tlhomologile. Mokaulengwe Morris o ne a tlhalosa gore e diretswe go thusa batho ba tshimo ya kwa Japane. Buka eno e farologane jang le tse dingwe? Goreng e ne e tlhokega? Mme batho ba ile ba e tsibogela jang?

BUKA ENO E FAROLOGANE JANG LE TSE DINGWE?

Batho ba le bantsi ba ne ba gakgamaditswe ke tsela e buka eno ya Matthew e kwadilweng ka yone. Ditlhaka tsa puo ya Sejapane di kgona go kwalwa go tswa kwa godimo go ya kwa tlase kgotsa go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng mme dikgatiso tse dintsi, go akaretsa le tsa rona, di kwalwa go tswa kafa molemeng go ya ka fa mojeng. Le fa go ntse jalo, ditlhaka tse di mo bukeng eno di kwadilwe go tswa kwa godimo go ya kwa tlase, e leng mokgwa o o dirisiwang ke makwalodikgang le dikgatiso di le dintsi tsa kwa Japane. Bajapane ba le bantsi ba tsaya mokgwa ono wa go kwala o balega motlhofo. Gape, ditlhogo tse gantsi di fitlhelwang fa godimo ga tsebe ya buka di tsentswe mo serapeng mme tsa dirwa ditlhogwana e le gore go nne motlhofo gore babadi ba kgone go bona dintlha tsa konokono.

Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Japane ba sena go amogela buka ya Matthew, ba ne ba simolola go e bala ka bonako. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo80 o ne a re: “Ke badile buka ya Matthew makgetlo a le mantsi mme mokgwa o e kwadilweng ka one le ditlhogwana tsa yone di nthusitse gore ke tlhaloganye Thero ya kwa Thabeng ka botlalo.” Kgaitsadi mongwe yo mosha o ne a kwala jaana: “Ke badile buka yotlhe ya Matthew. Ke tlwaetse mokgwa wa go kwala go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng, mme batho ba le bantsi ba mo Japane ba rata mokgwa wa go kwala go tswa kwa godimo go ya kwa tlase.”

E DIRETSWE TSHIMO YA KWA JAPANE

Ke ka ntlha yang fa buka eno ya Baebele e le mosola segolobogolo mo tshimong ya kwa Japane? Le fa gone batho ba le bantsi ba kwa Japane ba sa itse go le gontsi ka Baebele, ba iketleeleditse go e bala. Batho ba le bantsi ba ba iseng ba bone Baebele, gone jaanong ba tla kgona go nna le karolo nngwe ya yone e bile ba tla kgona le go e bala.

Goreng go ile ga tlhophiwa buka ya Mathaio? Bajapane ba le bantsi fa ba utlwa lefoko “Baebele” ba akanya ka Jesu Keresete. Ka jalo, go tlhophilwe buka ya Mathaio ka gonne e umaka pego ya losika lwa ga Jesu le go tsalwa ga gagwe, Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng le boporofeti jo bo kgatlhang jo bo malebana le metlha ya bofelo. Tseno ke ditlhogo tse di kgatlhang batho ba le bantsi ba kwa Japane.

Baboledi ba kwa Japane ba ne ba simolola go tsamaisa buka eno e ntšha fa ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo le fa ba dira maeto a go boela. Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Gone jaanong ke na le ditshono di le dintsi tsa go tsamaisetsa batho ba ba leng mo tshimong ya rona Lefoko la Modimo. Tota e bile, ke ne ka kgona go tsamaisa buka ya Matthew mo thapameng ya letsatsi la pokano eo e e kgethegileng!”

BATHO BA E TSIBOGETSE JANG?

Baboledi ba tsamaisa jang buka eno e ntšha mo tshimong? Batho ba le bantsi kwa Japane ba itse dipolelwana tse di jaaka tseno, “kgoro e tshesane,” “latlhela diperela . . . fa pele ga dikolobe” le “lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang.” (Mathaio 6:34; 7:6, 13) Ba a gakgamala fa ba utlwa gore mafoko ano a ne a buiwa ke Jesu Keresete. Fa ba bona mafoko ano mo bukeng ya Matthew, ba le bantsi ba re: “Ga ke bolo go batla go bala Baebele bobotlana gangwe fela.”

Fa baboledi ba boela kwa bathong ba ba ba neileng buka ya Matthew, gantsi beng ba matlo ba re ba ile ba sala ba bala karolo ya yone kgotsa le e leng go e bala yotlhe. Monna mongwe yo o mo dingwageng tsa bo60 o ne a bolelela mmoledi mongwe jaana: “Ke e badile makgetlo a le mantsi mme e nkgomoditse. Tsweetswee nthute mo go oketsegileng ka Baebele.”

Gape buka ya Matthew e tsamaisiwa le mo bodireding jwa phatlalatsa. Fa kgaitsadi mongwe a ntse a rera, o ne a naya mosadi mongwe yo mosha yo a neng a amogetse buka eno aterese ya gagwe ya e-mail. Moragonyana fela ga ura, mosadi yono o ne a romelela kgaitsadi e-mail a mmolelela gore o setse a badile karolo ya buka eno e bile o batla go itse mo go oketsegileng. Beke morago ga moo, mosadi yono o ne a tshwarelwa thuto ya Baebele lekgetlo la ntlha, mme go ise go ye kae o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong.

Diphuthego tsa kwa Japane di setse di romeletswe dikhopi tse di fetang 1 600 000 tsa buka ya Matthew. Kgwedi le kgwedi, Basupi ba tsamaisetsa batho ba le diketekete dikhopi tsa buka eno. Ketapele ya buka eno e tlhalosa maikutlo a bagatisi ba yone fa e re: “Re solofela gore go bala buka eno go tla dira gore o kgatlhegele Baebele le go feta.”