Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Tlhagafaletse Bodiredi Jwa Gago

Nna o Tlhagafaletse Bodiredi Jwa Gago

GO RERA dikgang tse di molemo ke tiro e e botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng gompieno. Ke tlotla e e seng kana ka sepe go emela Jehofa mo tirong eno ya go ruta. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe babulatsela mmogo le baboledi ba fitlhela go le thata go nna ba tlhagafetse mo bodireding. Ka ntlha yang?

Ke eng se se ka go thusang gore o nne o tlhagafetse mo bodireding?

Baboledi bangwe ba re fa ba rera ka ntlo le ntlo, ga ba fitlhele batho ba le bantsi mo matlong a bone. Mme fa batho bao ba le gone mo matlong a bone, ba ka nna ba bo ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi e bile ba ka nna ba re galefela. Baboledi bangwe ba na le tshimo e kgolo thata mme ba boifa gore ga ba kitla ba kgona go rerela mongwe le mongwe mo tshimong eo. Mo godimo ga moo, ba bangwe ba na le dingwagangwaga ba ntse ba rera mme ba kgobega marapo ka gonne bokhutlo bo ise bo tle.

Ga go pelaelo gore re tla lebana le dikgwetlho tse di ka amang tsela e re tlhagafetseng ka yone mo bodireding. Re lebeletse gore go rera dikgang tse di molemo go tla nna thata e re ka re tshela mo lefatsheng le le laolwang ke “yo o boikepo” e bong Satane Diabolo.—1 Johane 5:19.

Go sa kgathalesege dikgwetlho tse o lebanang le tsone mo bodireding jwa gago, tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa gore o di fenye. Mme gone, ke eng se o ka se dirang gore o tlhagafale le go feta mo bodireding? Mma re tlotle ka dikakantsho dingwe di le mmalwa.

THUSA BABOLEDI BA BA SA TSWANG GO KOLOBEDIWA

Ngwaga le ngwaga go kolobediwa batho ba le diketekete. Fa o le mmoledi yo o sa tswang go kolobediwa, o ka ithuta go le gontsi go tswa mo go ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba ntse ba rera. Mme fa e le gore o mmoledi yo o nang le dingwagangwaga o ntse o rera, a o ka thusa ba ba sa tswang go kolobediwa? Go dira jalo go ka go itumedisa fela thata.

Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tlhoka go kaelwa gore ba nne barutisi ba ba molemo, mme o ne a ba bontsha kafa ba tshwanetseng go rera ka gone. (Luke 8:1) Gompieno baboledi ba ba sa tswang go kolobediwa le bone ba tlhoka thapiso e e tshwanang gore ba kgone go nna bareri ba ba molemo.

Ga re a tshwanela go akanya gore fela ka gonne mmoledi yo o sa tswang go kolobediwa a ya tshimong, tota ke gone fa a ithuta go ruta ba bangwe. O tlhoka go thapisiwa ke motho yo o pelonomi le yo o lorato. Mmoledi yo o nang le maitemogelo o tshwanetse go mo ruta go (1) baakanyetsa se a tla se buang le mong wa ntlo, (2) go tlotla le batho mo tshimong, (3) go tsamaisa dikgatiso tsa rona, (4) go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego le (5) go simolola thuto ya Baebele. Mmoledi yo o sa tswang go kolobediwa a ka nna morutisi yo o molemo fa a ela tlhoko le go etsa tsela e mmoledi yo o nang le maitemogelo a rutang ka yone. (Luke 6:40) Mme mmoledi yo o sa tswang go kolobediwa o tla itshepa le go feta fa a itse gore go na le mongwe yo o iketleeleditseng go mo thusa. Gape go akgola mmoledi yono le go mo naya dikakantsho tse a ka di dirisang go ka mo thusa fela thata.—Moreri 4:9, 10.

TLOTLA LE MOTHO YO O TSAMAYANG LE ENE MO BODIREDING

Le fa o ka tswa o tsaya matsapa go bua le batho mo tshimong, ka dinako tse dingwe o ka itumelela go tlotla monate le motho yo o tsamayang le ene mo bodireding. Gopola gore fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe go ya go rera, o ne a ba aba gore ba tsamaye “ka bobedi.” (Luke 10:1) Fa ba ntse ba bereka mmogo, ba ne ba ka kgothatsana le go rotloetsana. Fa re bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo bodireding, re nna le tshono e e molemo ya go ‘kgothatsana.’—Baroma 1:12.

Ke dilo dife tse lo ka nnang lwa tlotla ka tsone? A bosheng jaana mongwe wa lona o ile a nna le maitemogelo a a kgothatsang? A go na le ntlha nngwe e e kgatlhang e o e boneng fa o ne o ithuta o le nosi kgotsa lo le lelapa? A o kgothaditswe ke sengwe se o se utlwileng kwa dipokanong? Ka dinako tse dingwe o ka nna wa bereka le mmoledi yo o sa mo itseng sentle. Gongwe o ka nna wa mmotsa gore o amogetse boammaaruri jang. Ke eng se se neng sa mo tlhatswa pelo gore phuthego eno ke ya ga Jehofa? O ile a nna le ditshiamelo dife kgotsa gore o nnile le maitemogelo afe? Gongwe o ka mmolelela maitemogelo a gago. Go sa kgathalesege gore batho ba tsiboga jang mo tshimong, fa o bereka le mmoledi yo mongwe, lo nna le tshono ya go ‘agana.’—1 Bathesalonika 5:11.

TOKAFATSA TSELA E O ITHUTANG KA YONE

Gore re tswelele re tlhagafetse mo bodireding, re tshwanetse go tokafatsa tsela e re ithutang ka yone. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o gatisitse tshedimosetso ya ditlhogo tse di farologaneng tse re ka nnang ra ithuta tsone. (Mathaio 24:45) A re sekasekeng sekai sa setlhogo se le sengwe se re ka se dirisang fa re ithuta re le rosi: Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e le botlhokwa jaana? Lebokose le le reng “ Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Nna o Tlhagafaletse Bodiredi?” le tlhalosa mangwe a mabaka.

Go sekaseka dintlha tse di mo lebokoseng leno, go ka go tlhotlheletsa gore o tswelele o rera ka tlhagafalo. Fa o sekaseka lebokose leno, leka go kwala mabaka a mangwe a Dikwalo a go bo o tshwanetse go rera ka tlhagafalo. Go tswa foo, tlhatlhanya ka one. Fa o dira jalo, o tla tlhagafala le go feta mo bodireding.

IKETLEELETSE GO LEKA DIKAKANTSHO TSE DISHA

Nako le nako phuthego ya ga Jehofa e re naya dikakantsho tse di ka re thusang go tokafatsa bodiredi jwa rona. Ka sekai, ntle le bodiredi jwa ntlo le ntlo, gape re ka nna ra leka go kwala makwalo, go neela bosupi ka thelefouno, go rera phatlalatsa kgotsa mo mafelong a batho botlhe, go neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang kgotsa go rerela batho kwa mafelong a bone a tiro. Gongwe re ka nna ra leka go rulaganya gore re ye go rera kwa mafelong a go nang le Basupi ba le mmalwa fela kwa go one kgotsa kwa go se nang Basupi gotlhelele.

A o iketleeleditse go leka dikakantsho tse disha? Baboledi ba le bantsi ba ba ileng ba leka go dirisa dikakantsho tseno ba ile ba atlega. Ela tlhoko dikao tseno tse tharo.

Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang April o ne a leka go dirisa kakantsho nngwe e a neng a e bala mo Tirelong ya Bogosi e e tlhalosang kafa re ka simololang dithuto tsa Baebele ka gone. O ne a kopa badirimmogo le ene ba bararo gore ba ithute Baebele le ene. April o ne a gakgamala le go itumela fa boraro joo bo ne bo dumela gore a ithute le bone mme ba simolola go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego.

Gape re ile ra kgothalediwa gore re batle batho ba ba ka tswang ba na le kgatlhego mo ditlhogong tse di rileng tse di mo dimakasineng tsa rona. Molebedi mongwe wa potologo kwa United States o ne a swetsa ka gore a tsamaisetse bomanejara ba mabenkele a dithaere makasine wa Tsogang! Gape ene le mogatse ba ne ba tlogela dimakasine tse di nang le motseletsele wa ditlhogo tse di reng, “Go Tlhaloganya Ngaka ya Gago,” kwa diofising tse di fetang 100 tsa dingaka. A re maeto ano a ile a thusa batho gore ba itse ka tiro ya rona ya go rera le ka dikgatiso tsa rona. Fa molebedi wa potologo le mogatse ba sena go tlwaela batho ba mo tshimong eo, ba ile ba kgona go dira maeto a go boela a a oketsegileng.

Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Judy o ne a kwalela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe a lebogela kgothatso ya go naya bosupi ka thelefouno. A re mmaagwe, yo o neng a na le dingwaga di le 86 e bile a na le mathata a mantsi a botsogo, ka metlha o ne a rerela batho a dirisa thelefouno. Ka ntlha ya seo, o ne a simolola go tshwara thuto ya Baebele le mosadi yo o neng a na le dingwaga di le 92!

Dikakantsho tse di mo dikgatisong tsa rona ruri di a dira. Di leke! Di ka go thusa gore o nne o tlhagafetse le gore o ipelele bodiredi jwa gago.

IPEELE MEKGELE E O KA E FITLHELELANG

Ke eng se se dirang gore re atlege mo bodireding jwa rona? Ga se palo ya dikgatiso tse re di tsamaisang, palo ya batho ba re ba tshwarelang dithuto tsa Baebele kgotsa batho ba le bantsi ba re ba thusitseng go nna Basupi ba ga Jehofa. Akanya ka Noa. Ke batho ba le kae, ntle le ba losika lwa gagwe, ba Noa a ileng a ba thusa go nna baobamedi ba ga Jehofa? Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore e ne e le moreri yo o atlegileng thata. Sa botlhokwa ke gore, re direle Jehofa ka boikanyegi.—1 Bakorintha 4:2.

Baboledi ba le bantsi ba lemogile gore fa ba ipeela mekgele e ba ka e fitlhelelang, ba itumelela bodiredi jwa bone. Mengwe ya mekgele eo ke efe? Lebokose le le reng, “ Ipeele Mekgele E o Ka e Fitlhelelang” le na le dikakantsho di le mmalwa.

Kopa Jehofa gore a go thuse gore bodiredi jwa gago bo nne le diphelelo tse di molemo le gore o bo itumelele. Fa o fitlhelela mekgele ya gago, o tla ikutlwa o kgotsofetse ka gonne o itse gore o dira sotlhe se o ka se kgonang go rera dikgang tse di molemo.

Ke boammaaruri gore go rera dikgang tse di molemo, e ka nna kgwetlho. Mme go na le dilo tse o ka di dirang gore o nne o tlhagafetse mo bodireding jwa gago. Tlotla ka dilo tse di kgothatsang le motho yo o berekang le ene mo tshimong, dira gore go ithuta o le nosi e nne selo se o se dirang ka metlha e bile e nne selo se o se itumelelang, leka go dirisa dikakantsho tsa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale mme o ipeele mekgele e o ka e fitlhelelang. Sa botlhokwa le go feta, gopola gore e re ka o le Mosupi wa ga Jehofa, Modimo o go neile tshiamelo ya go rera dikgang tse di molemo. (Isaia 43:10) Ke boammaaruri gore, o tla ipela fela thata fa o nna o tlhagafetse mo bodireding jwa gago!