Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo nakong e e fetileng, gantsi dikgatiso tsa rona di ne di bua ka dilo tse di tshwantshetsang (batho, dilo dingwe kgotsa ditiragalo dingwe) le tse di tshwantshediwang (batho, dilo dingwe kgotsa ditiragalo dingwe tsa mo isagweng). Le fa go ntse jalo, bosheng jaana re dira jalo ka sewelo. Ka ntlha yang?

Ntlha eno e e fa godimo e ile ya sekasekiwa mo makasineng wa The Watchtower wa September 15, 1950 ka Seesemane.

Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa gore banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba jaaka Debora, Elihu, Jefetha, Jobe, Rahabe, Rebeka le ba bangwe ba bantsi ba ne ba tshwantshetsa Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa “boidiidi jo bogolo.” (Tshenolo 7:9) Ka sekai, re ne re re Jefetha, Jobe le Rebeka ba tshwantshetsa Bakeresete ba ba tloditsweng le gore Debora le Rahabe ba tshwantshetsa boidiidi jo bogolo. Mme gone, bosheng jaana ga re ise re tshwantshanye dilo ka tsela e e ntseng jalo. Goreng go ntse jalo?

TSHWANTSHETSO

Kwana e e neng ya tlhabiwa ka nako ya Tlolaganyo ya bogologolo ya Baiseraele e ne e tshwantshetsa sengwe se se tla diregang mo isagweng.—Dipalo 9:2

SE SE TSHWANTSHEDIWANG

Paulo a re Keresete e ne e le ‘tlolaganyo ya rona e e ntshitsweng setlhabelo.’—1 Bakorintha 5:7

Baebele e ruta gore batho bangwe ba ba umakilweng mo go yone, ba tshwantshetsa mongwe kgotsa sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng. Ka sekai, mo go Bagalatia 4:21-31, moaposetoloi Paulo o umaka “tiragalo ya tshwantshetso” e mo go yone go buiwang ka basadi ba babedi. Mosadi wa ntlha ke Hagare, yo e neng e le lelata la ga Aborahame. Paulo o tlhalosa gore Hagare o ne a tshwantshetsa setšhaba sa Iseraele, se Jehofa a neng a se neile Molao wa gagwe a dirisa Moshe. Mosadi wa bobedi ke mogatsaa Aborahame e bong Sara, yo Baebele e mmitsang “mosadi yo o gololesegileng.” O ne a tshwantshetsa mosadi wa Modimo, e leng karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo. Gape Paulo o umaka dilo di le dintsi tse kgosi ya moperesiti e bong Melekisedeke a tshwanang le Jesu ka tsone. (Bahebera 6:20; 7:1-3) Mo godimo ga moo, a re Jesu le Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwana le moporofeti Isaia le barwa ba gagwe. (Bahebera 2:13, 14) Jehofa ke ene a neng a tlhotlheletsa Paulo gore a kwale ka dilo tseno, ka jalo, re ka tlhomamisega gore go bapisa dilo ka tsela eo go ne go tshwanela sentle.

Le fa go ntse jalo, tota le fa Baebele e tlhalosa gore motho mongwe o tshwantshetsa sengwe, ga re a tshwanela go swetsa ka bonako fela gore botshelo jotlhe jwa motho yoo bo tshwantshetsa selo sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng. Ka sekai, Paulo a re Melekisedeke o tshwantshetsa Jesu. Mme gone, ga a bue sepe ka tiragalo ya fa Melekisedeke a ne a naya Aborahame senkgwe le beine fa Aborahame a sena go fenya dikgosi di le nnè. Ka jalo, ga go na ditemana dipe tsa Baebele tse re ka reng di tlhalosa bokao bongwe jo bo fitlhegileng fa go tla mo kgannyeng eno.—Genesise 14:1, 18.

Bakwadi bangwe ba ba neng ba tshela dingwaga di le makgolokgolo morago ga loso lwa ga Keresete, ba ne ba dira phoso e kgolo. Ba ne ba dira gore go utlwale jaaka e kete pego nngwe le nngwe e e mo Baebeleng e emela selo sengwe se se tla diregang mo isagweng. The International Standard Bible Encyclopaedia e bua jaana fa e tlhalosa dilo tse Origen, Ambrose, le Jerome ba neng ba di ruta batho: “Tiragalo nngwe le nngwe e ba neng ba bala ka yone mo Baebeleng, le fa e ne e se botlhokwa go le kalo, ba ne ba batla tsela ya go dira gore e nne e kete e tshwantshetsa sengwe se se tla diregang mo isagweng mme ba ile ba atlega go dira jalo. Tota le dilo fela tse di sa reng sepe tse batho ba neng ba di tlwaetse, ba ne ba dira gore di lebege e kete di na le masaitseweng mangwe a a [fitlhegileng] . . . , ba leka seo tota le mo palong ya ditlhapi tse barutwa ba neng ba di tshwara mo bosigong jwa fa Mmoloki a ne a tla kwa go bone—batho bangwe ba ile ba leka go batlana le bokao bongwe mo palong eo ya 153!”

Mokwadi mongwe e bong Augustine wa kwa Hippo, o ne a tlhalosa gore pego ya Baebele e e buang ka nako ya fa Jesu a ne a fepa banna ba le 5 000 ka dinkgwe di le tlhano tsa mabele le ditlhapi di le pedi, e na le bokao bongwe. A re dinkgwe di le tlhano tsa mabele di ne di emela dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. E re ka mabele a ne a le tlhwatlhwatlase go na le korong, a re seo se raya gore “Tesetamente e Kgologolo” ga e botlhokwa thata go na le “Tesetamente e Ntšha.” Gape a re ditlhapi tse pedi di tshwantshetsa kgosi le moperesiti. Mokwadi mongwe ene a re ntlha ya go bo Jakobe a ile a reka tshwanelo ya go nna leitibolo mo go Esau ka lerito le lehibidu, e tshwantshetsa madi a ga Jesu a a tshologileng fa a swa, e le go rekolola batho gore ba ye go tshela kwa legodimong.

Fa e le gore go thata gore o tlhaloganye ditlhaloso tseno, a ga go reye gore go na le sengwe se se phoso ka tsone? Batho ga ba na bokgoni jwa go itse gore ke pego efe ya Baebele e e tshwantshetsang sengwe sa botlhokwa se se tla diregang mo isagweng. Jaanong, ke eng se re tshwanetseng go se dira? Fa Baebele e ruta gore motho, tiragalo kgotsa gore selo sengwe se tshwantshetsa tiragalo nngwe ya botlhokwa e e tla diregang mo isagweng, rona re tshwanetse go amogela se se kwadilweng. Mme ga re a tshwanela gore fa re bala pego nngwe ya Baebele re bo re swetsa ka go re e na le bokao bongwe mme gone re se na ditemana tse di tshegetsang kgang eo.

Ka jalo, re ka solegelwa molemo jang fa re bala ditiragalo le dipego tse di mo Baebeleng? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba mo motlheng wa gagwe a ba bolelela kafa ba ka solegelwang molemo ka gone ke dipego tse di mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, fa e sa le go tloga ka nako eo, Bakeresete botlhe, go akaretsa le ba “dinku tse dingwe,” le bone ba solegelwa molemo ke dithuto tse di mo Baebeleng.—Johane 10:16; 2 Timotheo 3:1.

Ka jalo, dipego di le dintsi tsa Baebele ga di ame fela Bakeresete ba ba tloditsweng, ba “dinku tse dingwe” kgotsa Bakeresete ba ba neng ba tshela mo nakong e e fetileng. Go na le moo, dipego tseno di ile tsa thusa batlhanka botlhe ba Modimo, ba bogologolo le ba mo motlheng wa rona. Ka sekai, ga se gore go boga ga ga Jobe go tshwantshetsa fela go boga ga Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba tshela ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha. Batlhanka ba le bantsi ba Modimo, banna le basadi, ba ba tloditsweng le ba “dinku tse dingwe,” ba ile ba boga fela jaaka Jobe e bile ba ile ba solegelwa molemo ke go ithuta pego eno. Ba ‘bone phelelo e Jehofa a neng a e naya [Jobe], gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.’—Jakobe 5:11.

Mo diphuthegong tsa rona, go na le basadi ba ba godileng ba ba ikanyegang fela jaaka Debora le bagolwane ba basha ba ba botlhale jaaka Elihu. Go na le babulatsela ba ba tlhagafetseng ba ba pelokgale fela jaaka Jefetha gape go na le banna le basadi ba ba ikanyegang e bile ba le pelotelele fela jaaka Jobe. Re itumela tota go bo Jehofa a ile a tlhomamisa gore “dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele” di nne gone le gompieno, gore “ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo”!

Ka jalo, mabaka a re sa tswang go tlotla ka one a re thusa gore fa re bala pego nngwe ya Baebele re se ka ra leka go batla bokao bongwe kgotsa tiragalo nngwe e e tla diregang mo isagweng. Go na le moo, gone jaanong dikgatiso tsa rona di remeletse thata mo go re ruteng dithuto tsa botlhokwa tse di mo Baebeleng.