Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla “Nna o Disitse”?

A o Tla “Nna o Disitse”?

“Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura.”—MATHAIO 25:13.

1, 2. (a) Jesu o ne a reng malebana le metlha ya bofelo? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

AKANYA o bona Jesu a ntse mo Thabeng ya Motlhware a lebile tempele ya Jerusalema. A na le baaposetoloi ba gagwe e bong Petere, Anderea, Jakobe le Johane. Ba reeditse ka tlhoafalo fa Jesu a ntse a ba bolelela boporofeti jo bo kgatlhang jo bo tla diregang mo isagweng. Boporofeti jono bo senola se se tla diregang mo metlheng eno e e boikepo fa Jesu a tla bo a busa mo Bogosing Jwa Modimo. Jesu a re ka nako eo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o tla mo emela mo lefatsheng le gore o ne a tla naya balatedi ba gagwe dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.—Mathaio 24:45-47.

2 Go tswa foo, Jesu o bua ka setshwantsho sa makgarebane a a lesome. (Bala Mathaio 25:1-13.) Re tlile go sekaseka dipotso tseno tse tharo: (1) Totatota setshwantsho seno se kaya eng? (2) Batlodiwa ba ba ikanyegang ba ile ba dirisa jang kgakololo e e mo setshwantshong seno, mme go nna le diphelelo dife fa ba e dirisa? (3) Rona re ka solegelwa molemo jang ke setshwantsho seno sa ga Jesu?

SETSHWANTSHO SENO SE RE RUTA ENG?

3. Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa jang setshwantsho sa makgarebane a a lesome, mme seo se ka tswa se dirile gore go nne le diphelelo dife?

3 Mo setlhogong se se fetileng, re ile ra ithuta gore bosheng jaana motlhanka yo o boikanyego o ile a fetola tsela e a tlhalosang dipego dingwe tsa Baebele ka yone. Gone jaanong motlhanka yo o boikanyego o remeletse thata mo go tlhaloseng dithuto tse re ithutang tsone mo dipegong dingwe tsa Baebele go na le go tlhalosa gore di tshwantshetsa eng kgotsa gore di na le bokao bofe jwa boporofeti. Ka sekai, akanya ka setshwantsho sa ga Jesu sa makgarebane a a lesome. Dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa gore dipone, leokwane le dielo di ne di emela sengwe kgotsa mongwe. A go ka direga gore molaetsa o o botlhokwa o o sa raraanang o o mo setshwantshong seno o latlhege fa go tlhomiwa mogopolo thata mo dintlheng tse di seng botlhokwa? Karabo ya potso eno e botlhokwa thata.

Makgarebane a ne a tshwanetse go nna a ipaakantse a tshotse dipone tsa one tse di tukang fa monyadi a goroga

4. Mo setshwantshong seno, re itse jang gore (a) monyadi ke mang? (b) makgarebane ke bomang?

4 A re sekasekeng thuto ya botlhokwa e e mo setshwantshong seno sa ga Jesu. Sa ntlha, akanya ka batho ba go buiwang ka bone mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome. Monyadi ke mang? Ke Jesu. Re itse seno ka gonne pelenyana ga Jesu a bua ka setshwantsho seno, o ne a ipitsa a re ke monyadi. (Luke 5:34, 35) Makgarebane ke bomang? Ke “letsomanyane” la Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo. Re itse seno jang? Ka gonne mo setshwantshong seno, makgarebane ano a ne a tshwanetse go nna a ipaakantse a tshotse dipone tsa one tse di tukang fa monyadi a goroga. Ela tlhoko gore Jesu o raya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng a reng: “A matheka a lona a gatlhiwe le dipone tsa lona di tuke, mme lona ka bolona lo nne jaaka banna ba ba letetseng mong wa bone fa a boa kwa lenyalong.” (Luke 12:32, 35, 36) Gape moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Johane ba ne ba tshwantsha balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng le makgarebane a a itshekileng. (2 Bakorintha 11:2; Tshenolo 14:4) Ka jalo, re kgona go bona gore balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu le bone ba tshwanetse go ikobela kgakololo le tlhagiso e e mo go Mathaio 25:1-13.

5. Jesu o ile a itsise jang nako e setshwantsho sa gagwe se neng se tla diragadiwa ka yone?

5 Jaanong, ke leng balatedi bano ba tshwanetseng go tsaya tsia kgakololo eno ya ga Jesu? Se Jesu a neng a se bua fa a tloga a konela setshwantsho seno se re thusa go bona karabo ya potso eno. O ne a re: “Monyadi a goroga.” (Mathaio 25:10) Mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 15, 2013, re ile ra ithuta gore boporofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio kgaolo 24 le 25 bo bua ka makgetlo a le robedi ka go “tla” ga ga Jesu. Fa Jesu a bua ka go “tla” ga gagwe, o ne a bua ka nako ya pitlagano e kgolo fa a tla bo a tla go atlhola le go fedisa batho ba ba boikepo. Ka jalo, re ka swetsa ka go re setshwantsho sa ga Jesu se bua ka metlha ya bofelo mme ene o tla “goroga” ka nako ya pitlagano e kgolo.

6. Setshwantsho sa makgarebane se re ruta thuto efe ya botlhokwa?

6 Setshwantsho seno se na le thuto efe ya botlhokwa? Gakologelwa se go buiwang ka sone mo pegong eno ya Baebele. Mo go Mathaio kgaolo 24, Jesu o bua ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Motlhanka yoo e ne e tla nna setlhotswana sa banna ba ba tloditsweng ba ba neng ba tla etelela pele balatedi ba ga Keresete mo metlheng eno ya bofelo. Jesu o ne a tlhagisa banna bano gore ba tshwanetse go nna ba ikanyega. Mo kgaolong e e latelang, Jesu o dirisa setshwantsho sa makgarebane a a lesome go tlhagisa balatedi botlhe ba ba tloditsweng ba ba tshelang mo metlheng ya bofelo. O ne a ba tlhagisa gore ba ‘nne ba disitse’ gore ba tle ba tshwanelegele go tshela kwa legodimong. (Mathaio 25:13) A jaanong re sekasekeng setshwantsho seno mme re bone kafa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ileng ba dirisa kgakololo eo ka gone.

BAKERESETE BA BA TLODITSWENG BA ILE BA DIRISA JANG KGAKOLOLO E E MO SETSHWANTSHONG SENO?

7, 8. (a) Ke ka ntlha yang fa makgarebane a a botlhale a ne a ipaakantse? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ipaakantse jang?

7 Mo setshwantshong seno, Jesu o gatelela ntlha ya gore makgarebane a a botlhale a ne a farologane le makgarebane a a dieleele. Ke ka ntlha yang fa re bua jalo? Ka gonne a ne a ipaakantse e bile a disitse fa monyadi a goroga. Makgarebane ano otlhe a le lesome a ne a tshwanetse go nna a disitse e bile a tshubile dipone tsa bone bosigo jotlhe. Makgarebane a matlhano a a botlhale a ne a tshotse leokwane le le oketsegileng mme makgarebane a a dieleele one, a ne a sa tshola leokwane le le lekaneng. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ipaakanyeditse jang go tla ga ga Jesu?

8 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ipaakanyeditse go dira dikabelo tsa bone go ya kwa bokhutlong. Ba a itse gore go direla Modimo go tla ba tlhoka gore ba ithontse manobonobo a lefatshe la ga Satane e bile ba ikemiseditse go dira jalo. Ba ikemiseditse go direla Jehofa ka boikanyegi, e seng ka gonne bokhutlo jwa lefatshe leno bo le gaufi, go na le moo, ka gonne ba rata Jehofa le Morwawe. Ba nna ba ikanyega mo go Jehofa e bile ga ba itetle go tlhotlhelediwa ke tsela ya lefatshe ya go rata dikhumo, ya go dira boitsholo jo bo sa siamang le ya go nna bogagapa. Fela jaaka makgarebane a a botlhale a a neng a ipaakantse a tshotse dipone tsa bone, Bakeresete ba ba tloditsweng le bone ba tswelela go phatsimisa lesedi la bone, ba letile ka bopelotelele go goroga ga Monyadi, tota le fa go bonala e kete o a diega.—Bafilipi 2:15.

Jesu o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba nne ba ikanyega

9. (a) Jesu o ne a ntsha tlhagiso efe malebana le go otsela? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba tsiboga jang fa ba utlwa go goelediwa go twe: “Monyadi ke yoo”? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

9 Gape makgarebane a a botlhale a ne a ipaakanyeditse go tla ga monyadi ka gonne a ne a nna a disitse. Mme mo setshwantshong seno, makgarebane ano otlhe a a lesome a ne a “otsela mme a robala,” fa a ntse a letetse monyadi yo go neng go bonala e kete o a diega. Ka jalo, a go a kgonega gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ‘robale,’ ke gore, ba iteege tsebe fa ba ntse ba letetse go tla ga ga Keresete? Ee. Jesu o ne a itse gore tota le fa motho a ikemiseditse e bile a le matlhagatlhaga a ka nna a simolola go koafala le go iteega tsebe fa a ntse a letetse go tla ga gagwe. Ke ka moo Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba lekang ka natla go feta le fa e le leng pele gore ba nne ba disitse. Ba dira seo jang? Mo setshwantshong seno, makgarebane otlhe a a lesome a utlwa go goelediwa go twe: “Monyadi ke yoo!” Mme go ile ga tsiboga fela makgarebane a a botlhale. (Mathaio 25:5, 6; 26:41) Ka tsela e e tshwanang, mo metlheng eno ya bofelo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ne ba tsiboga fa ba utlwa go goelediwa go twe: “Monyadi ke yoo!” Ba lemogile bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore Jesu o gaufi le go tla mme ba ipaakanyeditse go tla ga gagwe. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) A jaanong re sekasekeng mafoko a a konelang a setshwantsho sa ga Jesu, a a buang ka lobaka lo lo rileng lwa nako.

JEHOFA O ATLHOLA BA BA DIELEELE MME O DUELA BA BA BOTLHALE

10. Go ka tsoga potso efe malebana le puisano magareng ga makgarebane a a botlhale le a a dieleele?

10 Go ela kwa bokhutlong jwa setshwantsho seno, makgarebane a a dieleele a kopa makgarebane a a botlhale gore a ba tshelele leokwane. Mme makgarebane a a botlhale a gana go ba thusa. (Bala Mathaio 25:8, 9.) Le fa go ntse jalo, ke leng Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba kileng ba gana go thusa mongwe? Se lebale nako e karolo eno ya setshwantsho e diragadiwang ka yone. E diragadiwa go ela kwa bofelong jwa pitlagano e kgolo fa Monyadi e bong Jesu, a goroga go tla go atlhola. Ka jalo, go ka direga gore puisano ya makgarebane ano e kaya se se tla diregang pelenyana fela ga pitlagano e kgolo e ya kwa bokhutlong. Ke ka ntlha yang fa re rialo? Ka gonne ka nako eo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla bo ba tshwailwe la bofelo.

11. (a) Go tla direga eng pelenyana fela ga pitlagano e kgolo e simologa? (b) Makgarebane a a botlhale a ne a kaya eng fa a ne a raya makgarebane a a dieleele gore a ye go ithekela leokwane?

11 Ka jalo, pele ga pitlagano e kgolo e simologa, Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba tla bo ba tshwailwe la bofelo. (Tshenolo 7:1-4) Go tswa foo, ba tla bo ba tlhomamisegile gore ba ya go tshela kwa legodimong. Mme gone, akanya ka se se diragalang pele ga pitlagano e kgolo. Go tla direga eng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ileng ba se ka ba nna ba disitse e bile ba sa ikanyege? Ga ba kitla ba tshwaiwa la bofelo. Mme mo boemong jwa bone, go tla tlodiwa Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang. Fa pitlagano e kgolo e simologa, ba ba dieleele ba tla tshoga fa ba bona Babelona o Mogolo a senngwa. Ka nako eo, go ka direga gore e tla bo e le gone ba lemogang gore ba ne ba sa ipaakanyetsa go tla ga ga Jesu. Jaanong go tla direga eng fa ba kopa thuso ka nako eo? Karabo e mo setshwantshong. Makgarebane a a botlhale a ganne go tshelela makgarebane a a dieleele leokwane go na le moo, a ba boleletse gore ba ye go ithekela la bone. E re ka e ne e setse e le fa “gare ga mpa ya bosigo,” go ne go se ope yo o neng a ka ba rekisetsa leokwane. Maloba ke fa e le maabane!

12. (a) Ka nako ya pitlagano e kgolo, go tla diragala eng ka ba ba neng ba tloditswe mme morago ba se ka ba ikanyega? (b) Go tla diragala eng ka ba ba tshwanang le makgarebane a a dieleele?

12 Ka nako ya pitlagano e kgolo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ka se thuse batho ba ba neng ba sa ikanyege. Go tla bo go setse go le thari. Jaanong, go tla direga eng ka ba ba ileng ba se ka ba ikanyega? Ela tlhoko se se ileng sa direga fa makgarebane a a dieleele a ne a ile go reka leokwane: “Monyadi a goroga, mme makgarebane a a neng a iketleeditse a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo; mme setswalo sa tswalwa.” Fa Jesu a goroga go ela kwa bokhutlong jwa pitlagano e kgolo, o tla phutha Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng gore ba ye kwa legodimong. (Mathaio 24:31; 25:10; Johane 14:1-3; 1 Bathesalonika 4:17) Mme Jesu ga a kitla a tsaya ba ba neng ba sa ikanyege. Fela jaaka makgarebane a a dieleele, le bone ba ka nna ba re: “Rra, rra, re bulele!” Mme Jesu o tla ba araba a reng? Ka maswabi, o tla ba araba fela jaaka a tla araba batho ba le bantsi ba ba sa ikanyegeng, a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, ga ke lo itse.”—Mathaio 7:21-23; 25:11, 12.

Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng o tshwanetse go nna a ipaakantse e bile a disitse

13. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go swetsa ka gore Bakeresete ba le bantsi ba ba tloditsweng ba tla feleletsa ba sa ikanyege? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka re setshwantsho sa makgarebane a a lesome se bontsha gore Jesu o tlhomamisegile gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla tswelela ba ikanyega? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

13 A Jesu o ne a raya gore Bakeresete ba le bantsi ba ba tloditsweng ga ba kitla ba ikanyega le gore go ne go tla tlhokega gore go tlodiwe ba bangwe mo boemong jwa bone? Nnyaa. Mo go Mathaio kgaolo 24, re ithuta gore Jesu o ne a tlhagisa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale gore a se ka a fetoga go nna motlhanka yo o boikepo. Seno ga se reye gore o ne a lebeletse gore motlhanka yono a nne boikepo. Ka tsela e e tshwanang, setshwantsho sa makgarebane a a lesome le sone ke tlhagiso. Fela jaaka go ne go na le makgarebane a le matlhano a a dieleele le a le matlhano a a botlhale, Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng o tshwanetse go nna a ipaakantse e bile a disitse. E seng jalo, a ka feleletsa e le seeleele e bile a sa ikanyege. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba ba tloditsweng ka tsela e e tshwanang. (Bala Bahebera 6:4-9; bapisa Duteronome 30:19.) O ne a sa potapote fa a ba tlhagisa mme gone, o ne a tlhomamisegile gore ba tla newa tuelo ya bone. Tlhagiso e e mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome e bontsha gore Jesu le ene o ne a tlhomamisegile ka tsela e e tshwanang. Jesu o a itse gore mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng o kgona go nna a ikanyega e bile o tla amogela tuelo ya gagwe!

“DINKU TSE DINGWE” TSA GA KERESETE DI TLA SOLEGELWA MOLEMO JANG?

14. Ke ka ntlha yang fa “dinku tse dingwe” le tsone di ka ithuta thuto nngwe ya botlhokwa mo setshwantshong seno?

14 Mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome, Jesu o ne a bua le Bakeresete ba ba tloditsweng. Mme, a “dinku tse dingwe” le tsone di ka ithuta sengwe mo setshwantshong seno? (Johane 10:16) Ee! Molaetsa wa setshwantsho seno o utlwala sentle: “Nnang lo disitse.” Nako nngwe Jesu o ne a re: “Se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.” (Mareko 13:37) Jesu o lebeletse gore balatedi ba gagwe botlhe ba nne ba ipaakantse e bile ba disitse. Mme Bakeresete botlhe ba ka etsa sekao se se molemo sa Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba dirang gore bodiredi bo tle pele mo matshelong a bone. Se lebale gore makgarebane a a dieleele a ne a kopa leokwane mo makgarebaneng a a botlhale. Mme makgarebane a a botlhale a ne a gana. Seno se re gopotsa ntlha ya gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go nna a ikanyega mo Modimong, a nne a ipaakantse e bile a disitse. Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela fa Moatlhodi yo o siameng e bong Jesu Keresete a goroga mo bogautshwaneng. Ka jalo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng!

Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go nna a disitse e bile a ikanyega mo Modimong

15. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete botlhe ba itumelela lenyalo la ga Keresete le monyadiwa wa gagwe?

15 Bakeresete botlhe ba itumelela lenyalo le go builweng ka lone mo setshwantshong seno sa ga Jesu. Morago ga ntwa ya Haramagedona, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla nna monyadiwa wa ga Keresete. (Tshenolo 19:7-9) Mongwe le mongwe o tla solegelwa molemo ke lenyalo leo le le tla nnang kwa legodimong. Ke ka ntlha yang fa re rialo? Ka gonne lenyalo leo le re tlhomamisetsa gore go tla nna le puso e e tla busang batho botlhe. Le fa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, a re ikemisetseng gore re nne re ipaakantse e bile re nne re disitse. Fa re dira jalo, re tla itumelela dilo tse dintle tse Jehofa a re baakanyeditseng tsone mo isagweng!

^ ser. 9 Mo setshwantshong seno, go na le lobaka lo lo rileng lwa nako magareng ga nako ya go goelediwa go twe, “Monyadi ke yoo!” (temana 6) le nako ya go tla ga monyadi (temana 10). Fa e sa le metlha ya bofelo e simologa go tla go fitlha jaanong, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba tsweletse go ikanyega mo Modimong. Ba ile ba lemoga bosupi jwa go nna gone ga ga Jesu, ka jalo, ba a itse gore o busa e le Kgosi mo Bogosing Jwa Modimo. Mme gone, ba tshwanetse go nna ba disitse go fitlha a goroga.