Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela Pele o Tshegetsa Bomorwarraagwe Keresete

Tswelela Pele o Tshegetsa Bomorwarraagwe Keresete

“Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa bomorwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.”—MATHAIO 25:40.

1, 2. (a) Ke setshwantsho sefe se Jesu a neng a se bolelela ditsala tsa gagwe? (Bona setshwantsho se se fa godimo.) (b) Ke eng se re tshwanetseng go se itse malebana le setshwantsho sa dinku le dipodi?

FA Jesu a ne a bua le ditsala tsa gagwe e bong Petere, Anderea, Jakobe le Johane, o ne a ba bolelela sengwe se se kgatlhang tota. Fa Jesu a sena go ba bolelela setshwantsho sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, sa makgarebane a a lesome le sa ditalenta, o ne a ba bolelela setshwantsho se sengwe gape. O ne a bua ka nako ya fa “Morwa motho” a tla go atlhola “ditšhaba tsotlhe.” O ne a re “Morwa motho” o tla tla go kgaoganya batho fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi. Mme o ne a umaka setlhopha se sengwe sa batho a re ke ‘bomorwarraagwe’ Kgosi.—Bala Mathaio 25:31-46.

2 Le gompieno, batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba sa ntse ba kgatlhegela go itse bokao jwa setshwantsho seno ka gonne bokao jwa sone bo ama matshelo a batho ba le bantsi. Jesu o ne a re bangwe ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng mme ba bangwe ba tla nyelediwa. Ke ka moo go leng botlhokwa gore re itse bokao jwa setshwantsho seno le go itse se re tshwanetseng go se dira gore re newe botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, mo setlhogong seno, re tla araba dipotso tse di latelang: Jehofa o re thusitse jang go tlhaloganya bokao jwa setshwantsho seno? Re itse jang gore setshwantsho seno se bua thata ka tiro ya go rera? Ke bomang ba ba tshwanetseng go rera? Mme goreng go le botlhokwa gore batho ba ikanyege mo ‘Kgosing’ le mo go ‘bomorwarraagwe’?

JEHOFA O RE THUSITSE JANG GO TLHALOGANYA BOKAO JWA SETSHWANTSHO SENO?

3, 4. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tlhaloganya bokao jwa setshwantsho sa dinku le dipodi? (b) Ka 1881, makasine wa Watch Tower o ne wa reng fa o tlhalosa setshwantsho seno?

3 Gore re tlhaloganye bokao jwa setshwantsho seno, re tshwanetse go itse gore (1) “Morwa motho” kgotsa “Kgosi” ke mang, dinku le dipodi ke bomang le gore ‘bomorwarraagwe’ Kgosi ke bomang? (2) “Morwa motho” o tla tla go kgaoganya leng dinku le dipodi? le gore (3) ke ka ntlha yang fa bangwe ba bidiwa dinku mme ba bangwe ba bidiwa dipodi?

4 Ka 1881, makasine wa Watch Tower o ne wa tlhalosa gore “Morwa motho” kgotsa “Kgosi” ke Jesu Keresete. Gape o ne wa re ‘bomorwarraagwe’ Kgosi ke batho ba ba tla busang le ene kwa legodimong mmogo le batho botlhe ba ba tla tshelang mo lefatsheng fa go tla bo go se na boleo. Makasine oo o ne wa re batho ba tla kgaoganngwa ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete le gore dinku di emela batho ba ba ikobelang Modimo.

5. Ka 1923, batho ba Modimo ba ne ba tlhaloganya jang setshwantsho sa dinku le dipodi?

5 Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe gore ba tlhaloganye setshwantsho seno sentle. Ka 1923, makasine wa Watch Tower wa October 15, o ne wa re “Morwa motho” ke Jesu. Go tswa foo, o ne wa dirisa ditemana tsa Baebele go tlhalosa gore ‘bomorwarraagwe’ Jesu ba emela batho ba ba tla busang le Jesu le gore ba tla bo ba le kwa legodimong ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete. Gape o ne wa tlhalosa gore dinku di emela batho ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ka nako ya fa Jesu le bomorwarraagwe ba busa. E re ka setshwantsho seno se tlhalosa gore batho bano ba thusa bomorwarraagwe Kgosi, seo se raya gore tiro ya go kgaoganya kgotsa ya go atlhola e tla dirwa fa bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng ba tla bo ba sa ntse ba le mo lefatsheng, pele ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e simologa. Gape makasine oo o ne wa re dinku di emela batho ba ba dumelang mo go Jesu le ba ba dumelang gore Bogosi bo tla leretse batho botshelo jo bo botoka.

6. Ka 1995, re ne ra tlhaloganya jang setshwantsho sa dinku le dipodi?

6 Ga re bolo go akanya gore batho ba atlholwa go ya ka tsela e ba tsibogelang tiro ya rona ya go rera ka gone. Fa ba re reetsa, re ne re ba bitsa dinku mme fa ba sa re reetse re ne re re ke dipodi. Mme go tloga ka 1995, tsela e re neng re tlhaloganya setshwantsho seno ka yone, e ne ya fetoga. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne o bapisa Mathaio 24:29-31 le Mathaio 25:31, 32 (a bale), o bo o tlhalosa gore Morwa motho e bong Jesu o tla atlhola batho ka nako ya pitlagano e kgolo fa a “goroga a le mo kgalalelong ya gagwe.” *—Bona ntlha e e kwa tlase.

Re leboga tota gore Jehofa o ile a re thusa go tlhaloganya ditshwantsho tsa ga Jesu

7. Setshwantsho sa dinku le dipodi se kaya eng?

7 Gone jaanong re tlhaloganya setshwantsho seno sentle. Re a itse gore “Morwa motho” kgotsa “Kgosi” ke Jesu. ‘Bomorwarraagwe’ Kgosi ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. (Baroma 8:16, 17) “Dinku” le “dipodi” ke batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Ba tla atlholwa go ela kwa bokhutlong jwa pitlagano e kgolo e e tla tlogang e simologa. E bile re a itse gore Jesu o tla atlhola batho go ya ka tsela e ka yone ba tshwarang Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Re leboga tota gore mo dingwageng tse di fetileng Jehofa o ile a re thusa go tlhaloganya setshwantsho seno le tse dingwe tse di mo go Mathaio kgaolo 24 le 25!

SETSHWANTSHO SENO SE RE RUTA GORE TIRO YA GO RERA E BOTLHOKWA FELA THATA

8, 9. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a re dinku ke batho ba ba “siameng”?

8 Jesu ga a ka a dirisa mafoko “rera” kgotsa “tiro ya go rera” mo setshwantshong sa dinku le dipodi. Mme gone, re itse jang gore setshwantsho seno se re ruta gore tiro ya go rera e botlhokwa thata?

9 Sa ntlha re tshwanetse go tlhaloganya gore Jesu o ne a dirisa setshwantsho seno go ruta batho thuto nngwe ya botlhokwa. O ne a sa bue ka dinku le dipodi tsa mmatota go na le moo, o ne a re dinku di emela batho ba ba siameng. Ka jalo, o ne a sa reye gore batho ba ba siameng ba ne ba tshwanetse go naya Bakeresete ba ba tloditsweng dijo le diaparo, go ba tlhokomela fa ba lwala kgotsa go ba etela fa ba le kwa kgolegelong. Tota e bile, Jesu o ne a re batho bano ba ‘siame’ ka gonne ba tsaya Bakeresete ba ba tloditsweng e le bomorwarraagwe Jesu e bile ba a ba ikobela mo metlheng eno ya bofelo.—Mathaio 10:40-42; 25:40, 46; 2 Timotheo 3:1-5.

10. Dinku di ka thusa jang bomorwarraagwe Keresete?

10 Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa dinku le dipodi fa a ntse a tlhalosa se se tla diregang kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. (Mathaio 24:3) Ka sekai, o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe.” (Mathaio 24:14) Mme go tswa foo, pele fela ga a bua ka dinku le dipodi, o ile a bua ka setshwantsho sa ditalenta. Jesu o ne a umaka setshwantsho seno go ruta Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba tshwanetse go bereka ka natla mo tirong ya go rera. Mme gone, go setse ba le mmalwa fela mo lefatsheng e bile ba na le tiro e ntsi thata! Jesu o ba laetse gore ba rerele ‘ditšhaba tsotlhe’ pele bokhutlo bo tla. Jaaka re ithutile mo setshwantshong sa dinku le dipodi, “dinku” di tla thusa bomorwarraagwe Jesu. Ka jalo, tsela e e botlhokwa thata e ba ka dirang seo ka yone ke ka go ba thusa mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, a go lekane fela go ntsha meneelo kgotsa go ba kgothatsa fa ba dira tiro eno?  

KE BOMANG BA BA TSHWANETSENG GO RERA?

11. Batho ba ka botsa potso efe mme ka ntlha yang?

11 Gompieno go na le barutwa ba ga Jesu ba le dimilione di le robedi mme bontsi jwa bone ga se batlodiwa. Jesu ga a ka a ba naya ditalenta. O ne a di naya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Mathaio 25:14-18) Mme mongwe a ka nna a re, ‘fa e le gore Jesu ga a ba naya ditalenta, a tota go a tlhokega gore ba rere?’ Ee. A re boneng gore ke ka ntlha yang.

12. Re ithuta eng mo mafokong a ga Jesu a a mo go Mathaio 28:19, 20?

12 Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe botlhe gore ba rere. Morago ga gore Jesu a tsosiwe mo baswing, o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba “dire batho . . . barutwa” le go ba ruta “dilo tsotlhe” tse a di ba laetseng. Ga go pelaelo gore, barutwa bano ba ne ba tshwanetse go ikobela taelo ya ga Jesu ya go rera. (Bala Mathaio 28:19, 20.) Ka jalo, go sa kgathalesege gore a re solofetse go tshela kwa legodimong kgotsa go tshelela ruri mo lefatsheng, rotlhe re tshwanetse go rera.—Ditiro 10:42.

Go sa kgathalesege gore a re solofetse go tshela kwa legodimong kgotsa go tshelela ruri mo lefatsheng, rotlhe re tshwanetse go rera

13. Re ithuta eng mo ponatshegelong e Johane a neng a e bona?

13 Mo bukeng ya Tshenolo, re ithuta gore tiro ya go rera e tla dirwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng le ba e seng batlodiwa. Jesu o ne a bontsha moaposetoloi Johane ponatshegelo ya “monyadiwa” yo o laletsang batho go tla go nwa metsi a a nayang botshelo. Monyadiwa o emela Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. (Tshenolo 14:1, 3; 22:17) Metsi a emela setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se se tla thusang batho gore ba tshelele ruri ba se na boleo. (Mathaio 20:28; Johane 3:16; 1 Johane 4:9, 10) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ruta batho ka thekololo le kafa e ka ba solegelang molemo ka gone mme ba dira jalo ka tlhoafalo. (1 Bakorintha 1:23) Gape, ponatshegelo eno e umaka setlhopha sengwe sa batho ba e seng batlodiwa ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng. Le bone ba laelwa gore ba laletse batho ba re: ‘Tlayang!’ Mme ba ikobela taelo eo ka go ruta batho dikgang tse di molemo. Ka jalo, ponatshegelo eno e bontsha gore batho botlhe ba ba amogelang dikgang tse di molemo le bone ba tshwanetse go rerela ba bangwe.

14. Re ikobela “molao wa ga Keresete” jang?

14 Batho botlhe ba ba ikobelang “molao wa ga Keresete” ba tshwanetse go rera. (Bagalatia 6:2) Jehofa o lebeletse gore batho botlhe ba ba mo obamelang ba ikobele melao ya gagwe. Mo nakong e e fetileng, o ne a lebeletse gore Baiseraele le batswakwa ba ba neng ba nna le bone ba ikobele melao ya gagwe. (Ekesodo 12:49; Lefitiko 24:22) Gompieno ga re tlhoke go ikobela melao yotlhe e Baiseraele ba neng ba e neilwe. Go na le moo, go sa kgathalesege gore re Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa nnyaa, re tshwanetse go ikobela “molao wa ga Keresete.” Jesu o ne a re ruta thuto nngwe ya botlhokwa ya gore re ratane. (Johane 13:35; Jakobe 2:8) Re tshwanetse go rata Jehofa, Jesu le batho botlhe. Mme fa re rerela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re tla bo re bontsha gore ruri re a ba rata!—Johane 15:10; Ditiro 1:8.

15. Ke ka ntlha yang fa re ka re Jesu o laetse barutwa ba gagwe botlhe gore ba rere?

15 Se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe ba le mmalwa, ka dinako dingwe se ka akaretsa le barutwa ba bangwe. Ka sekai, Jesu o ne a dira kgolagano le barutwa ba gagwe ba le 11 mme a ba solofetsa gore ba tla busa le ene mo Bogosing jwa gagwe. Mme tota o tla busa le ba ba 144 000. (Luke 22:29, 30; Tshenolo 5:10; 7:4-8) Morago ga gore Jesu a tsosiwe mo baswing, o ne a laela barutwa ba gagwe ba le mmalwa fela gore ba rere. (Ditiro 10:40-42; 1 Bakorintha 15:6) Mme barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le bone ba ne ba ikobela taelo eo. (Ditiro 8:4; 1 Petere 1:8) Le fa gone re ise re utlwe Jesu a bua le rona ka tlhamalalo gore re rere, re a itse gore re tshwanetse go dira jalo. Tota e bile, re setse re le dimilione di le robedi ba re dirang tiro eno. Re a itse gore fa rera, re tla bo re bontsha gore ruri re dumela mo go Jesu.—Jakobe 2:18.

ENO KE NAKO YA GO IKANYEGA

16-18. Re ka thusa bomorwarraagwe Keresete jang mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira jalo?

16 Satane o boloditse ntwa e e matlho mahibidu kgatlhanong le bomorwarraagwe Keresete, ka gonne o a itse gore o na le “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:9, 12, 17) Le fa gone Satane a tlhasela batlodiwa, ga ba kgaotse go etelela pele tiro ya go rera e bile batho ba le bantsi ba amogela dikgang tse di molemo go feta le fa e le leng pele. Ga go pelaelo gore, Jesu o ba eme nokeng e bile o a ba kaela.—Mathaio 28:20.

Ke tshiamelo e kgolo go thusa bomorwarraagwe Keresete

17 Ruri ke tshiamelo e kgolo go thusa bomorwarraagwe Keresete mo tirong eno ya go rera. Gape re ba thusa ka go ntsha meneelo le go dira ka natla mo go ageng Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano le diofisi tsa makala. Mo godimo ga moo, fa re tswelela re ikobela bagolwane le bakaulengwe ba ba tlhomilweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” re tla bo re bontsha gore re batla go thusa bomorwarraagwe Keresete.—Mathaio 24:45-47; Bahebera 13:17.

18 Mo bogautshwaneng, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba tla tshwaiwa la bofelo. Go tswa foo, baengele ba tla tlogela “diphefo tse nnè tsa lefatshe,” mme morago ga moo pitlagano e kgolo e tla simologa. (Tshenolo 7:1-3) Pele Haramagedona e simologa, Jesu o tla tseela Bakeresete ba ba tloditsweng kwa legodimong. (Mathaio 13:41-43) Ka jalo, fa re batla go tsewa re le ba ba siameng fa Jesu a goroga, re tshwanetse go ikobela bomorwarraagwe Keresete.

Re thusa bomorwarraagwe Keresete ka ditsela tse di farologaneng (Bona serapa 17)

^ ser. 6 Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona setlhogo se se reng, “O Tla Ema Jang fa Pele ga Setulo sa Katlholo?” le se se reng, “Dinku le Dipodi Di na Le Isagwe Efe?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1995.