Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Atamalane le Jehofa go le Kana Kang?

O Atamalane le Jehofa go le Kana Kang?

‘Atamela Modimo, mme o tla go atamela.’ —JAKOBE 4:8.

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lwela go nna le kamano e e nonofileng le Jehofa?

FA E le gore o Mosupi wa ga Jehofa, o na le sengwe se se botlhokwa fela thata. O na le kamano e e gaufi le Jehofa. Mme gone, kamano eo e ka senngwa ke Satane le batho ba gagwe mmogo le bosaitekanelang jwa rona. Ke gone ka moo re tshwanetseng go lwela go boloka kamano ya rona le Jehofa e nonofile.

2. (a) Kamano ke eng? (Bona ntlha e e kwa tlase.) (b) Re ka dira jang gore kamano ya rona le Jehofa e nonofe le go feta?

2 A o tsaya Jehofa e le motho wa mmatota? A o mo tsaya e le Tsala ya gago? A o ka rata go atamalana le ene fela thata? Jakobe 4:8 e go bolelela se o tshwanetseng go se dira: ‘Atamela Modimo, mme o tla go atamela.’ Kamano e akaretsa batho ba babedi, wena le Jehofa. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Fa o leka ka natla go atamalana gaufi le Jehofa, le ene o tla go atamela. Fa o ntse o dira jalo, Jehofa o tla nna motho wa mmatota mo go wena mme kamano ya gago le ene e tla nonofa mme o tla ikutlwa jaaka Jesu fa a ne a re: “Yo o nthomileng ke wa mmatota” e bile “ke a mo itse.” (Johane 7:28, 29) Mme gone, ke dilo dife tse o ka di dirang gore o atamalane gaufi le Jehofa?

O ka buisana jang le Modimo? (Bona serapa 3)

3. Re ka buisana le Jehofa jang?

3 Fa o batla go atamalana le Jehofa, go botlhokwa thata gore lo buisane ka metlha. Mme seo se ka kgonega jang? Akanya ka ditsela tse o di dirisang go buisana le tsala ya gago e e nnang kgakala. Lo ka kwalelana makwalo ka metlha kgotsa lwa buisana ka founo. Fa o rapela Jehofa ka metlha, tota o a bo o bua le ene. (Bala Pesalema 142:2.) Mme o ka letla Jehofa jang gore a bue le wena? O ka dira seno fa o bala lefoko la gagwe e leng Baebele e bile o tlhatlhanya ka lone ka metlha. (Bala Isaia 30:20, 21.) Mma re boneng kafa go buisana le Jehofa go ka nonotshang kamano ya gago le ene ka gone le go dira gore a nne Tsala ya gago ya mmatota.

LETLA JEHOFA GORE A BUE LE WENA FA O ITHUTA BAEBELE

4, 5. Jehofa o bua le wena jang fa o ithuta Baebele? Naya sekai.

4 Re a itse gore Baebele ke molaetsa wa Modimo o o kwaletsweng batho botlhe. Mme gone, a Baebele e ka go thusa gore o atamalane gaufiufi le Jehofa? Ee! Fa o ntse o bala le go ithuta Baebele ka metlha, ela tlhoko kafa o ikutlwang ka gone malebana le se o se balang. Gape akanya kafa o ka dirisang tshedimosetso e o e ithutang ka gone. Fa o dira jalo, o a bo o letla Jehofa gore a bue le wena. Jehofa o tla nna Tsala ya gago e kgolo, e e go thusang mme o tla atamalana gaufi le ene.—Bahebera 4:12; Jakobe 1:23-25.

5 Ka sekai, o ikutlwa jang fa o bala mafoko ano a ga Jesu: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng”? O tla lemoga gore Jehofa o a go anaanela fa o dira gore a tle pele mo botshelong jwa gago. Mme fa o ntse o bala mafoko ao a ga Jesu o ka nna wa lemoga gore o tshwanetse go tshela botshelo jo bo sa raraanang le gore o tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go direleng Modimo. Fa go ntse jalo, Jehofa o a bo a go thusa go lemoga gore o ka dira eng gore o atamalane le ene.—Mathaio 6:19, 20.

6, 7. (a) Go direga eng ka lorato lwa rona le lorato lo Jehofa a re ratang ka lone, fa re ithuta Baebele? (b) Fa re ithuta Baebele mokgele wa rona o mogolo e tshwanetse go nna ofe?

6 Ke boammaaruri gore fa re ithuta Baebele, re ithuta gore ke diphetogo dife tse re ka di dirang gore re direle Jehofa ka mo go oketsegileng. Gape re ithuta ka dilo tse di molemo tse a di dirang le ka botho jwa gagwe jo bo kgatlhang mme seo se dira gore re mo rate le go feta. Fa re mo rata thata le ene o tla re rata le go feta mme kamano ya rona le ene e tla nonofa le go feta.—Bala 1 Bakorintha 8:3.

7 Fa re batla go atamalana gaufi le Jehofa, go botlhokwa gore re ithute Baebele ka maikaelelo a a siameng. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Re ka ithuta dilo di le dintsi tse di kgatlhang mo Baebeleng, mme mokgele wa rona o mogolo fa re e bala e nne go batla go itse Jehofa botoka.—Bala Ekesodo 33:13; Pesalema 25:4.

8. (a) Batho bangwe ba ka akanya eng ka tsela e Jehofa a neng a tshwara Kgosi Asaria ka yone? (b) Fa o itse Jehofa sentle, o ikutlwa jang ka se a se dirang?

8 Fa re tsaya Jehofa e le Tsala ya rona e kgolo, ga re kitla re tshwenyega fa ka dinako tsotlhe Baebele e sa tlhalose lebaka la go bo a ile a dira dilo ka tsela e a di dirileng ka yone. Ka sekai, fa Asaria e ne e le kgosi ya kwa Juda batho ba ne ba obamela medingwana ya maaka. Asaria ga a ka a kopanela le bone mo kobamelong eo. O ne a “tswelela go dira se se thokgameng mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Dikgosi 15:1-5) Mme Jehofa o ne a itaya Asaria ka lepero. Ka ntlha yang? Baebele ga e tlhalose. Ka jalo, o ikutlwa jang ka se Jehofa a se dirileng? A seo se a go tshwenya e bile se dira gore o bone e kete Jehofa o otlhaile Asaria kwa ntle ga lebaka? Nnyaa. Fa o itse Jehofa sentle, o tla tlhaloganya gore ka metlha katlholo ya gagwe e siame. Ka dinako tsotlhe Jehofa o atlhola ka “selekanyo se se tshwanetseng.” (Jeremia 30:11) Tota le fa o sa itse lebaka la go bo Jehofa a ile a otlhaya Asaria, o ka tlhomamisega gore se Jehofa a se dirileng se siame.

9. Ke dintlha dife tse di re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a ile a otlhaya Asaria ka lepero?

9 Baebele e re tlhalosetsa mo go oketsegileng ka botshelo jwa ga Kgosi Asaria, yo gape a itsegeng e le Kgosi Usia. (2 Dikgosi 15:7, 32) Pego e e mo go 2 Ditiragalo 26:3-5, 16-21 ya re o ne a “dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.” Mme gape ya re moragonyana “pelo ya gagwe ya nna mabela gore a bo a dire bosula.” Kgosi eno e ne ya dira sengwe se e neng e le baperesiti fela ba letleletsweng go se dira. Baperesiti ba le 81 ba ne ba leka go mo thibela ba mmolelela gore se a se dirang se phoso. O ne a itshwara jang? O ne a nna mabela jaana mo a neng a ba galefela! Dintlha tseno tse di oketsegileng di re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a ile a otlhaya kgosi eno ka lepero.

Fa o ntse o ithuta ka ga Jehofa, o tla kgona go mo ikanya le go feta gore ka metlha se a se dirang se siame

10. Ke ka ntlha yang fa re sa tlhoke go itse mabaka a sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang ? Ke eng se se ka re thusang go tshepa gore ka metlha Jehofa o dira se se siameng?

10 Re ithuta thuto efe ya botlhokwa? Mo pegong ya ga Kgosi Asaria re na le dintlha tse di ka re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a ile a mo otlhaya. Mme gone fa e le gore Baebele ga e tlhalose dintlha ka botlalo, o tla dira eng? A o tla belaela gore se Jehofa a se dirileng ruri se ne se siame? Kgotsa a o tla akanya gore Baebele e na le tshedimosetso e e lekaneng e e tla dirang gore o tshepe gore ka metlha Modimo o dira se se siameng? (Duteronome 32:4) Fa o ntse o ithuta ka ga Jehofa, tsela e o mo ratang ka yone le e o mo ikanyang ka yone e tla gola. Gape ga o kitla o tlhoka go itse mabaka a sengwe le sengwe se a se dirang. Fa o ntse o ithuta Baebele, Jehofa o tla nna motho wa mmatota mo go wena mme seo se tla go thusa gore o atamalane gaufi le ene.—Pesalema 77:12, 13.

FA O RAPELA O A BO O BUA LE JEHOFA

11-13. O itse jang gore Jehofa o reetsa dithapelo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 Thapelo e re thusa gore re atamalane gaufi le Jehofa. Re a mo galaletsa, re a mo leboga, e bile re kopa thuso mo go ene. (Pesalema 32:8) Mme fa o batla go nna tsala e kgolo ya ga Jehofa, o tshwanetse go tlhomamisega gore o utlwa dithapelo.

12 Batho bangwe ba re Modimo ga a reetse dithapelo e bile fa o rapela wa bo o dira fela gore o ikutlwe botoka. Ba dumela gore thapelo e go thusa fela gore o akanye sentle ka mathata a gago gore o tle o kgone go a itharabololela. Gone ke boammaaruri gore thapelo e ka go thusa ka ditsela tse di ntseng jalo. Mme fa o bua le Jehofa ka thapelo, ruri o go reeditse. O ka tlhomamisega jang?

O ka tlhomamisega gore Jehofa o reetsa dithapelo tsa gago

13 Akanya ka seno: Pele Jesu a tla mo lefatsheng o ile a bona gore Jehofa o araba dithapelo tsa batlhanka ba Gagwe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshololela Rraagwe yo o kwa legodimong maikutlo a gagwe. Nako nngwe o ne a bo a rapela bosigo jotlhe. (Luke 6:12; 22:40-46) A Jesu o ne a ka tsaya matsapa a a kalo fa e le gore o ne a akanya gore Jehofa ga a mo reetsa? Gape Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe kafa ba ka rapelang Jehofa ka gone. A o ka bo a dirile jalo fa e le gore o ne a akanya gore Jehofa ga a reetse dithapelo? Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itse gore Jehofa o reetsa dithapelo. O ne a re: “Rara, ke a go leboga go bo o nkutlwile. Ke boammaaruri, ke ne ke itse gore ka metlha o a nkutlwa.” Le rona re ka tlhomamisega gore Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona.—Johane 11:41, 42; Pesalema 65:2.

14, 15. (a) Re solegelwa molemo jang ka go tlhomolola dilo dingwe fa re rapela? (b) Dithapelo tsa ga Kathy di mo thusitse jang gore a atamalane thata le Jehofa?

14 Re ka nna ra se ka ra lemoga gore dithapelo tsa rona di arabilwe. Mme fa o kopa Jehofa dilo dingwe ka tlhamalalo, o tla kgona go lemoga gore Jehofa o araba dithapelo e bile o tla mo tsaya e le motho wa mmatota. Jehofa o tla atamalana le wena, fa o mmolelela sengwe le sengwe se se go tshwenyang.

15 Ka sekai, gantsi Kathy o ne a ya bodireding jwa tshimo, mme gone o ne a sa bo rate. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) O ne a re: “Ke ne ke sa rate bodiredi jwa tshimo. Tota ke ne ke sa bo rate.” Fa a sena go rola tiro, mogolwane mongwe o ne a mo kgothaletsa gore a nne mmulatsela wa ka metlha. Kathy a re: “O ne a bo a nnaya diforomo tsa go tsenela bobulatsela. Ke ne ka swetsa ka gore ke nne mmulatsela, mme gape ke ne ka simolola go rapela Jehofa letsatsi le letsatsi ke mo kopa gore a nthuse gore ke rate bodiredi.” A Jehofa o ne a araba dithapelo tsa gagwe? Morago ga gore a nne mmulatsela dingwaga di le tharo, a re: “Ka iketlo ke ne ka kgona go tokafatsa bokgoni jwa me jwa go rera, ka gonne ke ne ke fetsa nako e ntsi mo bodireding e bile ke ithuta mo bokgaitsading ba bangwe. Gone jaanong ga ke kgatlhegele bodiredi go na le moo ke a bo rata. Mo godimo ga moo, gone jaanong ke atamalane thata le Jehofa go feta nako e e fetileng.” Ga go pelaelo gore dithapelo tsa ga Kathy di mo thusitse gore a atamalane thata le Jehofa.

Nna o atamalana le Jehofa (Bona serapa 16 le 17)

DIRA SEABE SA GAGO

16, 17. (a) Ke eng se re ka se dirang gore kamano ya rona le Jehofa e nne e nonofile? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

16 Re ka kgona go tswelela re atamalane le Jehofa ka bosakhutleng. Ka jalo, a re tsweleleng re mo reetsa ka go ithuta Baebele ka metlha, mme re tswelele re bua le ene ka thapelo. Fa re dira jalo, kamano ya rona le Jehofa e tla tswelela e nonofa le go feta, mme o tla re thusa gore re kgone go itshokela diteko.

Re ka kgona go tswelela re atamalane le Jehofa ka bosakhutleng

17 Mme ka dinako dingwe re lebana le mathata tota le fa re ntse re rapela Jehofa. Ka dinako tseo, re ka simolola go felelwa ke tsholofelo mo go Jehofa. Re ka nna ra akanya gore Jehofa ga a utlwe dithapelo tsa rona mme ra ipotsa gore a ruri re ditsala tsa gagwe. Ke eng se o ka se dirang fa o ikutlwa jalo? Setlhogo se se latelang se tla go thusa mo ntlheng eno.

^ ser. 2 Kamano ke tsela e batho ba babedi ba dirisanang ka yone le kafa yo mongwe a ikutlwang ka gone ka yo mongwe. Boobabedi ba tshwanetse go tsaya matsapa a a rileng gore kamano ya bone e nne e nonofile.

^ ser. 15 Leina le fetotswe.