Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Bagolwane ba Thapisang ba Bangwe ka Gone Gore ba Tshwanelege

Kafa Bagolwane ba Thapisang ba Bangwe ka Gone Gore ba Tshwanelege

“Dilo tse o neng wa di utlwa mo go nna . . . , di neye banna ba ba ikanyegang.”—2 TIMOTHEO 2:2.

1. (a) Batho ba Modimo ga ba bolo go itse eng mabapi le go thapisa mme seo se re ama jang gompieno? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

BATHO ba Modimo ba a itse gore ditlamelwana tsa pula di baakanngwa go sa le gale. Ka sekai, Aberame o ne a rulaganya “banna ba gagwe ba ba thapisitsweng” ba ba neng ba kgona go golola Lote. (Genesise 14:14-16) Mo motlheng wa ga Dafide, baopedi ba ne ba ‘thapiseditswe’ go opelela Jehofa dipako. (1 Ditiragalo 25:7) Rona re tshwanetse go lwa kgatlhanong le Satane le lefatshe la gagwe. (Baefeso 6:11-13) E bile re dira ka natla go baka Jehofa ka go bolelela ba bangwe ka leina la gagwe. (Bahebera 13:15, 16) Fela jaaka batlhanka ba Modimo ba mo nakong e e fetileng, le rona re tshwanetse go thapisiwa. Jehofa o neile bagolwane boikarabelo joo. (2 Timotheo 2:2) Bagolwane ba ile ba dirisa mekgwa efe go thapisa bakaulengwe ba bangwe gore ba kgone go tlhokomela batho ba ga Jehofa?

THUSA MOITHUTI GORE A NONOTSHE KAMANO YA GAGWE LE JEHOFA

2. Pele morutisi a ruta moithuti botswerere bongwe, ke eng se a ka nnang a tshwanelwa ke go se dira mme ka ntlha yang?

2 Mogolwane o tshwantshiwa le molemi. Gore peo e kgone go gola sentle e bile e nonofile, molemi a ka nna a tshwanelwa ke go tsenya menontsha mo mmung. Ka tsela e e tshwanang, pele ga mogolwane a ka ruta moithuti botswerere bongwe jo bo rileng, a ka nna a tshwanelwa ke go sekaseka le ene melaometheo e e mo Baebeleng e e tla thusang moithuti yono gore a kgone go dirisa se a se ithutileng.—1 Timotheo 4:6.

3. (a) O ka dirisa jang mafoko a ga Jesu a a mo go Mareko 12:29, 30 fa o bua le moithuti? (b) Moithuti a ka amiwa jang ke go utlwa mogolwane a mo rapelela?

3 Go botlhokwa thata gore o tlhaloganye gore moithuti o ikutlwa jang ka boammaaruri. O ka nna wa mmotsa gore go kolobediwa go ile ga ama jang ditshwetso tse a di dirang mo botshelong. Potso eo e ka nna ya dira gore lo feleletse lo bua ka se motho a tshwanetseng go se dira gore a direle Jehofa ka pelo yotlhe. (Bala Mareko 12:29, 30.) Gongwe o ka nna wa rapela mmogo le ene mme o kope Jehofa gore a mo neye moya o o boitshepo gore o mo thuse fa a ntse a thapisiwa. Fa a ntse a go reeditse o mo rapelela, seo se ka nna sa mo kgothatsa gore le ene a tseye matsapa.

4. (a) Anela dikai dingwe tsa Baebele tse di ka thusang moithuti gore a gatele pele mo phuthegong. (b) Boikaelelo jwa bagolwane e tshwanetse go nna bofe fa ba thapisa ba bangwe?

4 Pele o simolola go thapisa moithuti, go ka nna molemo gore lo sekaseke mmogo dipego tsa Baebele tse di tla mo thusang gore a lemoge botlhokwa jwa go thusa ba bangwe, jwa go nna motho yo o ka ikanngwang le jwa go nna boikokobetso. (1 Dikgosi 19:19-21; Nehemia 7:2; 13:13; Ditiro 18:24-26) Fela jaaka menontsha e le botlhokwa mo mmung, dinonofo tseno di botlhokwa thata. Di tla thusa moithuti gore a kgone go gola, ke gore, a kgone go gatela pele ka bonako. Mogolwane mongwe wa kwa Fora e bong Jean-Claude a re fa a thapisa mokaulengwe, boikaelelo jwa gagwe ke go thusa mokaulengwe yoo gore a dirise melaometheo ya Baebele fa a dira ditshwetso. Jean-Claude a re: “Ke dirisa tshono nngwe le nngwe e ke e bonang go bala mmogo le ene temana nngwe e e rileng gore ke ‘bipolole matlho’ a moithuti gore a kgone go bona ‘dilo tse di gakgamatsang’ tse di mo Lefokong la Modimo.” (Pesalema 119:18) Ke dilo dife gape tse o ka di dirang go thusa mokaulengwe yo o mo thapisang?

MMOTSHE MABAKA A GO BO A TSHWANETSE GO IPEELA MEKGELE YA SEMOYA

5. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore morutisi a tlotle le moithuti ka kgang ya go ipeela mekgele? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore bagolwane ba thapise bakaulengwe ba ba sa ntseng ba le basha? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

5 Botsa moithuti gore ke mekgele efe e a ipeetseng yone. Fa a se na yone, mo thuse gore a ipeele mekgele e a ka e fitlhelelang. Mo tlotlele ka mokgele o o ileng wa ipeela one le kafa o neng wa ikutlwa ka gone fa o ne o o fitlhelela. Dira jalo ka matlhagatlhaga. Mokgwa ono wa go thapisa o motlhofo mme gone o nna le diphelelo tse di molemo. Mogolwane mongwe wa kwa Afrika yo e bileng e le mmulatsela e bong Victor a re: “Fa ke ne ke le mosha, mogolwane mongwe o ne a mpotsa gore a ke na le mekgele mengwe e ke ipeetseng yone. Seo se ne sa dira gore ke simolole go akanyetsa ka thata seabe se ke nang le sone mo bodireding.” Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo a re go botlhokwa thata gore o simolole go thapisa bakaulengwe fa ba sa ntse ba le basha, gongwe fa ba simolola dingwaga tsa bolesome. O ka ba abela ditiro dingwe mo phuthegong. Fa bakaulengwe ba simolola go thapisiwa e le basha, seo se ka ba thusa gore ba tlhome mogopolo mo mekgeleng ya bone le fa ba ka lebana le dikgoreletsi dingwe fa ba ntse ba gola.—Bala Pesalema 71:5, 17. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

Tlhalosetsa mokaulengwe yo o mo neileng tiro nngwe lebaka la go bo a tshwanetse go e dira, mme o mo akgole ka ntlha ya matsapa a gagwe (Bona serapa 5-8)

6. Ke mokgwa ofe o o botlhokwa o Jesu a neng a o dirisa fa a thapisa ba bangwe?

6 Go thusa moithuti gore a batle go direla mo phuthegong, ga e se kgang fela ya go mmolelela gore a dire eng. O tshwanetse go mo tlhalosetsa mabaka a go bo a tlhoka go dira jalo. Morutisi yo Mogolo e bong Jesu, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore ba tshwanetse go rera. Mme o ne a ba tlhalosetsa pele gore ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go dira jalo. O ne a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:18, 19) O ka etsa jang mokgwa ono wa ga Jesu wa go thapisa?

7, 8. (a) Bagolwane ba ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go thapisa? (b) Ke ka ntlha yang fa go akgola moithuti go le botlhokwa? (c) Ke dikakantsho dife tse di ka thusang bagolwane fa ba ntse ba thapisa bakaulengwe ba bangwe? (Bona lebokose le le reng, “ Kafa o ka Thapisang ba Bangwe ka Gone.”)

7 Fa o kopa mokaulengwe gore a dire tiro nngwe, mmontshe go tswa mo Baebeleng lebaka la go bo tiro eo e le botlhokwa. Fa o dira jalo, o mo ruta gore a dire dilo e seng ka gonne a laelwa mme ka gonne seo se dumalana le melaometheo ya Baebele. Ka sekai, fa o kopa mokaulengwe gore a phepafatse fa kgorong ya Holo ya Bogosi go dira gore go se ka ga nna le sepe se se kgoreletsang batho go tsena mo Holong, o ka nna wa mmontsha Tito 2:10. Mo tlhalosetse gore tiro e a e dirang e kgabisa molaetsa wa Bogosi. Gape o ka mo tlhalosetsa gore se a se dirang se thusa ba ba godileng mo phuthegong. Fa o dira jalo, o tla bo o mo thapisa gore a akanye thata ka batho ba a ba direlang go na le go akanya ka melao e e malebana le tiro e a e dirang. Fa a bona bakaulengwe ba anaanela tiro ya gagwe, o tla itumelela go direla ba bangwe.

8 Gape, tlhomamisa gore o akgola moithuti fa a dirile se o mo laetseng sone. Ke ka ntlha yang fa seo se le botlhokwa? Fela jaaka metsi a thusa gore semela se gole sentle, go akgola moithuti go tla mo thusa gore a gatele pele fa a ntse a direla Jehofa.—Bapisa Mathaio 3:17.

BOTHATA JO BONGWE GAPE

9. (a) Ke ka ntlha yang fa go le thata gore bagolwane ba ba nnang mo dinageng tse di humileng ba thapise bakaulengwe ba bangwe? (b) Ke eng fa bakaulengwe bangwe ba basha ba sa beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone?

9 Bagolwane ba ba nnang mo dinageng tse di humileng ba ka nna ba fitlhela go le thata go kgothaletsa bakaulengwe ba ba mo dingwageng tsa bo20 le bo30 gore ba kgaratlhele go nna le ditshiamelo mo phuthegong. Bagolwane ba ba nang le maitemogelo ba ba nnang mo dinageng di ka nna 20 ba ile ba re bolelela gore ke eng fa ba dumela gore bakaulengwe bangwe ba basha ga ba kgatlhegele go direla mo phuthegong. Bangwe ba bagolwane bano ba re fa bakaulengwe bano ba sa ntse ba le basha, batsadi ba bone ga ba ba kgothaletse go ipeela mekgele. Mme fa bangwe ba bone ba ne ba batla go direla mo phuthegong, batsadi ba bone ba ne ba ba kgothaletsa go ipeela mekgele ya go nna le thutego e e kwa godimo kgotsa go bereka. Ka jalo, ga ba ise ba ko ba kgothalediwe go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone.—Mathaio 10:24.

10, 11. (a) Mogolwane a ka thusa jang mokaulengwe ka iketlo gore a fetole tsela e a akanyang ka yone? (b) Ke dipotso dife tse mogolwane a ka di dirisang go thusa mokaulengwe yo a mo thapisang mme ka ntlha yang? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

10 Go tlhokega bopelotelele le matsapa a magolo gore mogolwane a kgone go thusa mokaulengwe yo go bonalang a sa kgatlhegele go direla mo phuthegong, le fa go ntse jalo, go a kgonega. Fa mojadi a batla gore semela se gole ka iketlo se sa obege, o tla se bofelela mo sengweng se se tlhamaletseng. Ka tsela e e tshwanang, ka iketlo o ka kgona go thusa mokaulengwe gore a bone botlhokwa jwa go fetola tsela e a akanyang ka yone mme a amogele maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong. Mme o ka dira seo jang?

11 Iphe nako ya go tsalana le mokaulengwe yo o mo thapisang. Mmolelele gore phuthego e a mo tlhoka. Fa nako e ntse e ya, tlotla le ene mme o mmontshe dikwalo tse di tla mo thusang gore a akanyetse boineelo jwa gagwe mo go Jehofa. (Moreri 5:4; Isaia 6:8; Mathaio 6:24, 33; Luke 9:57-62; 1 Bakorintha 15:58; 2 Bakorintha 5:15; 13:5) Mmotse dipotso tse di tla mo amang pelo, tse di jaaka: ‘Ke eng se o ileng wa se solofetsa Jehofa fa o ne o ineela mo go ene? O akanya gore Jehofa o ile a ikutlwa jang fa o ne o kolobediwa?’ (Diane 27:11) ‘Satane ene o ne a ikutlwa jang?’ (1 Petere 5:8) Dipotso tseo di ka ama mokaulengwe yono fela thata.—Bala Bahebera 4:12. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

BAITHUTI, BONTSHANG GORE LO A IKANYEGA

12, 13. (a) Elisha o ne a bontsha boikutlo bofe? (b) Jehofa o ne a segofatsa jang Elisha ka go bo a ne a ikanyega?

12 Bakaulengwe ba basha, phuthego e tlhoka thuso ya lona! Ke eng se se tla lo thusang gore lo atlege fa lo ntse lo direla Jehofa? Go araba potso eo, a re sekasekeng ditiragalo dingwe tse di diragaletseng Elisha yo le ene e neng e le moithuti.

13 Mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, moporofeti Elija o ne a kopa Elisha yo mosha gore e nne mothusi wa gagwe. Elisha o ne a dumela go thusa moporofeti yono ka go dira tiro ya maemo a a kwa tlase. (2 Dikgosi 3:11) Elija o ne a thapisa Elisha dingwaga di ka nna thataro. Mme fa Elija a tloga a wetsa tiro ya gagwe mo Iseraele, o ne a bolelela mothusi wa gagwe gore a se ka a tlhola a mo thusa. Elisha o ne a gana ka makgetlho a le mararo mme a re: “Ga ke na go go tlogela.” O ne a sa batle go kgaogana le morutisi wa gagwe. Mme Jehofa o ne a duela Elisha ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe ka go mo letla gore a bone fa Elija a tsewa ka sefefo.—2 Dikgosi 2:1-12.

14. (a) Bakaulengwe ba ba thapisiwang ba ka etsa jang sekao sa ga Elisha? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore moithuti a ikanyege?

14 Wena moithuti, o ka etsa jang sekao sa ga Elisha? Amogela dikabelo tse o di newang tota le fa go bonala e le tsa maemo a a kwa tlase. Gakologelwa gore morutisi wa gago ke tsala ya gago. Mmolelele gore o anaanela se a go direlang sone, mme o mmontshe gore o batla go tswelela o ithuta mo go ene. Se se botlhokwa le go feta, dira kabelo ya gago ka boikanyegi. Ka ntlha yang? Fa bagolwane ba bona gore o a ikanyega, ba tla tlhotlheletsega go go naya maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong.—Pesalema 101:6; bala 2 Timotheo 2:2.

TLOTLA BAGOLWANE BA BA NANG LE MAITEMOGELO

15, 16. (a) Elisha o ne a bontsha jang gore o tlotla morutisi wa gagwe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke ka ntlha yang fa baporofeti ba bangwe ba ne ba ikanya Elisha?

15 Gape pego ya ga Elisha e bontsha gore go botlhokwa gore bakaulengwe ba tlotle bagolwane ba ba nang le maitemogelo. Fa Elija le Elisha ba sena go etela setlhopha sengwe sa baporofeti kwa Jeriko, ba ne ba goroga kwa Nokeng ya Joredane. Go tswa foo, “Elija a tsaya seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang mme a se potoka a itaya metsi, mme ka iketlo a kgaoganela kwa le kwa.” Fa banna bano ba ntse ba kgabaganya Joredane mo mmung o o omileng ba ne ba ‘tsamaya ba bua.’ Elisha o ne a reeditse ka kelotlhoko sengwe le sengwe se morutisi wa gagwe a neng a se bua, mme a nna a anya kitso mo go ene. Le ka motlha Elisha ga a ise a itseye e le makgonatsotlhe. Go tswa foo, Elija o ne a tsewa ka sefefo, mme Elisha ene o ne a boela morago kwa Nokeng ya Joredane. Fa a tsena koo, o ne a itaya metsi ka seaparo sa ga Elija mme a re: “O kae Jehofa Modimo wa ga Elija?” Mme metsi a noka a ne a kgaogana gape.—2 Dikgosi 2:8-14.

16 A o lemogile gore kgakgamatso ya ntlha ya ga Elisha e ne e tshwana kgo le ya bofelo ya ga Elija? Seno se re ruta eng? Elisha ga a ka a akanya gore e re ka jaanong e le ene a neilweng maikarabelo, o tshwanetse go dira dilo ka tsela e e farologaneng le e Elija a neng a di dira ka yone. Go na le moo, o ne a dira fela jaaka Elija, a bontsha gore o tlotla morutisi wa gagwe, mme seo se ne sa dira gore baporofeti ba bangwe ba mo ikanye. (2 Dikgosi 2:15) Elisha o ne a nna moporofeti ka dingwaga di le 60, mme Jehofa o ne a mo naya maatla a go dira dikgakgamatso tse dintsi go feta tsa ga Elija. Bakaulengwe ba ba thapisiwang ba ka ithuta eng?

17. (a) Bakaulengwe ba ba thapisiwang ba ka etsa jang boikutlo jwa ga Elisha? (b) Fa nako e ntse e ya, Jehofa a ka dirisa jang baithuti bano ba ba ikanyegang?

17 Fa o newa maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong, se akanye gore o tshwanetse go dira dilo ka tsela e e farologaneng gotlhelele le e di neng di dirwa ka yone pele. Gakologelwa, go dirwa diphetogo mo phuthegong ka gonne di tlhokega kgotsa ka gonne phuthego ya ga Jehofa e le yone e laetseng gore go dirwe jalo. Ga o a tshwanela go dira diphetogo fela ka gonne o batla go di dira. E re ka Elisha a ne a tlotla morutisi wa gagwe e bong Elija e bile a dirisa mekgwa ya gagwe, seo se ne se dira gore baporofeti ba bangwe ba mo ikanye. Le wena bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla go tshepa, fa o tlotla bagolwane ka go dirisa mekgwa e e theilweng mo Baebeleng e ba go rutileng yone. (Bala 1 Bakorintha 4:17.) Fa o ntse o nna le maitemogelo, o tla dirisa mekgwa e e tla thusang bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago gore ba tsamaisane le phuthego e e ntseng e gatela pele ya ga Jehofa. Mme fa nako e ntse e ya Jehofa o tla go thusa gore o dire ditiro tse dikgolo go feta tsa barutisi ba gago, fela jaaka a ile a thusa Elisha.—Johane 14:12.

18. Ke eng fa go potlakile gore bakaulengwe ba thapisiwe mo diphuthegong?

18 Re solofela gore dikakantsho tse di mo setlhogong seno le se se fetileng di tla tlhotlheletsa bagolwane gore ba iphe nako ya go thapisa bakaulengwe. E bile re rapela gore bakaulengwe ba ba oketsegileng ba tla ikemisetsa go thapisiwa le go dirisa se ba ithutileng sone gore ba tlhokomele batho ba ga Jehofa. Seo se tla thusa diphuthego mo lefatsheng ka bophara gore di nonofe mme se dire gore re tswelele re ikanyega.

^ ser. 5 Fa tsela e mokaulengwe yo mosha a dirang dilo ka yone e bontsha gore o godile sentle mo mogopolong le gore o ikokobeditse e bile a na le dinonofo tse di tlhokegang go newa ditshiamelo mo phuthegong, bagolwane ba ka nna ba akanyetsa go mo buelela gore a nne motlhanka wa bodiredi tota le fa a ise a tshware dingwaga di le 20.—1 Timotheo 3:8-10, 12; bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1989, tsebe 29.