Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Jehofa ka Metlha!

Ikanye Jehofa ka Metlha!

“Mo ikanyeng ka dinako tsotlhe, lona batho.” —PESALEMA 62:8.

1-3. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tlhomamisegile gore a ka ikanya Jehofa? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

FA O ka bo o le Mokeresete yo o nnang kwa Roma mo lekgolong la ntlha la dingwaga, o ne o tla bo o tshela mo nakong e e kotsi. Bakeresete ba ne ba bogisiwa setlhogo ke Baroma. Baroma ba ne ba ba latofatsa ka gore ba simolotse molelo o mogolo kwa Roma le gore ba tlhoile batho. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Ba bangwe ba ne ba gagolwa ke dibatana. Ba bangwe ba ile ba kokotelelwa mo dikoteng ba bo ba fisiwa ba ntse ba tshela. Letsatsi lengwe le lengwe o ne o itse gore sengwe sa dilo tseno se ka go diragalela.

2 Ka nako eno e e thata moaposetoloi Paulo o ne a tsentswe mo kgolegelong. A ka tswa a ne a ipotsa gore a bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba tla mo thusa, ka gonne o ne a gopola gore mo nakong e e fetileng go ne go se ope yo o ileng a mo thusa. Mme Jehofa o ile a thusa Paulo a dirisa Morena Jesu. O ne a kwala jaana: “Morena o ne a ema gaufi le nna mme a tsenya maatla mo go nna.” Jesu o ne a naya Paulo maatla a a neng a a tlhoka. Paulo o ne a re o golotswe mo molomong wa tau.”—2 Timotheo 4:16, 17. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

3 Paulo o ne a gakologelwa kafa Jehofa a mo thusitseng ka teng mo nakong e e fetileng. Ka jalo, o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo nonotsha gore a kgone go itshokela boemo jo a lebaneng le jone le diteko dipe fela tse di neng di ka mo tlhagela mo isagweng. O ne a tlhomamisegile ka seno mo a neng a kwala jaana: “Morena o tla nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e boikepo.” (2 Timotheo 4:18) Paulo o ne a itse gore tota le mo maemong a e leng gore bakaulengwe ba gagwe ba ne ba ka se kgone go mo thusa, o ne a ka kopa thuso mo go Jehofa le Jesu. O ne a sa belaele sepe.

SE SE KA GO THUSANG GORE O IKANYE JEHOFA

4, 5. (a) Ke mang yo ka dinako tsotlhe a ka go thusang ka dilo tse o di tlhokang? (b) O ka nonotsha jang kamano ya gago le Jehofa?

4 A o kile wa lebana le mathata a magolo wa bo wa ikutlwa e kete o esi, e bile ga go ope yo o ka go thusang? Gongwe o feletswe ke tiro kgotsa o lebane le kgatelelo kwa sekolong. Gongwe o ne o lwala thata kgotsa o lebane le teko nngwe e e boima. O ka tswa o ile wa kopa thuso mo bathong ba bangwe mme wa swaba nko go feta molomo ka gonne ba sa kgona go go thusa. Gone ke boammaaruri gore batho ga ba kgone go rarabolola mathata mangwe. Mme jaanong o tla dira eng? Baebele e re bolelela gore re “ikanye Jehofa.” (Diane 3:5, 6) A mme gone o ka tlhomamisega gore o tla go thusa? Ee! Re ka ithuta ka dikao di le dintsi mo Baebeleng tse di ka re tlhatswang pelo gore eleruri Jehofa o thusa batho ba gagwe.

Diteko di dira gore o ikanye Jehofa ka pelo yotlhe

5 O se ka wa utlwa botlhoko thata fa batho ba sa go thuse ka dilo tse o di tlhokang. Go na le moo, fela jaaka Paulo, tsaya diteko e le tshono ya go bontsha gore o ikanya Jehofa ka botlalo. Gape ke tshono ya go bona kafa Jehofa a go tlhokomelang ka gone. Tsela e o ikanyang Jehofa ka yone e tla dira gore kamano ya gago le ene e nonofe.

RE TLHOKA GO IKANYA JEHOFA

6. Ke ka ntlha yang fa go ka tswa go le thata go ikanya Jehofa fa re lebana le bothata bongwe jo bo masisi?

6 O ka tswa o na le bothata bongwe jo bo go utlwisang botlhoko. O lekile sengwe le sengwe se o ka se kgonang ka boemo joo e bile o ile wa rapela Jehofa gore a go thuse. A jaanong o ikutlwa o ritibetse ka gonne o ikanya gore Jehofa o tla go thusa? Ee, go ntse jalo. (Bala Pesalema 62:8; 1 Petere 5:7.) Fa e le gore o batla go nna le kamano e e molemo le Jehofa, go botlhokwa gore o ithute go mo ikanya. Mme go dira jalo ga se kgetsi e potlana. Goreng re rialo? Lebaka lengwe ke ka gonne fa o rapela Jehofa a ka nna a se ka a araba thapelo ya gago ka yone nako eo.—Pesalema 13:1, 2; 74:10; 89:46; 90:13; Habakuke 1:2.

Rraarona yo o kwa legodimong Jehofa o a re rata e bile o itse dilo tse re di tlhokang

7. Ke eng fa gantsi Jehofa a sa arabe dithapelo tsa rona ka yone nako eo?

7 Fa re rapela, ke ka ntlha yang fa gantsi Jehofa a sa arabe dithapelo tsa rona ka yone nako eo? Baebele ya re Jehofa ke Rraarona mme rona re bana ba gagwe. (Pesalema 103:13) Rre ga a ke a naya ngwana wa gagwe sengwe le sengwe fela se a se batlang kgotsa ga a mo neye sone ka nako e a se kopang ka yone. Rre o a itse gore bana ba na le go batla dilo ka bonako fela mme moragonyana ba bo ba sa tlhole ba di batla. Gape rre o itse se se siametseng ngwana wa gagwe le gore seo se tla ama jang ba bangwe. O itse se ngwana a se tlhokang le gore o tshwanetse go se mo naya leng. Fa rre a naya ngwana wa gagwe sengwe le sengwe fela se a se kopang ka yone nako eo, a ka nna a fetoga lekgoba la ngwana yoo. Rre wa rona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o a re rata. E re ka e le Mmopi wa rona yo o botlhale, o itse dilo tse re di tlhokang e bile ke ene a swetsang ka gore o tla re naya tsone leng. Re tshwanetse go leta go bona gore Jehofa o tla araba dithapelo tsa rona jang.—Bapisa Isaia 29:16; 45:9.

8. Fa re sa tlhole re kgona go itshoka, Jehofa o re solofetsa eng?

8 Se lebale gore Jehofa o itse dilo tse re ka di itshokelang le tse re ka se kgoneng go di itshokela. (Pesalema 103:14) Ka jalo, o re naya nonofo e re e tlhokang. Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe re a tle re batle go latlhela seditse. Mme gone, Jehofa o re solofetsa gore fa re lekwa go feta kafa re ka itshokang ka gone, o tla “dira tsela ya go tswa.” (Bala 1 Bakorintha 10:13.) Re itumela tota fa re lemoga gore Jehofa o itse gore re ka kgona go itshoka go le kana kang.

9. Re tshwanetse go dira eng fa re rapela Jehofa mme a bo a sa re arabe ka yone nako eo?

9 Fa re kopa Jehofa gore a re thuse mme a bo a sa re arabe ka yone nako eo, a re nneng pelotelele. Gopola gore Jehofa o iketleeleditse go re thusa ka dilo tse re di tlhokang mme gone o emela nako e e siameng pele a ka dira jalo. Baebele ya re: “Jehofa o tla nna a lebeletse go lo bontsha kamogelo, mme ka jalo o tla ema a lo bontsha kutlwelobotlhoko. Gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo. Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.”—Isaia 30:18.

‘MOLOMO WA TAU’

10-12. (a) Ke eng se se ka dirang gore go nne thata go tlhokomela mongwe wa losika yo o lwalang? (b) Kamano ya gago le Jehofa e amega jang fa o mo ikanya ka nako ya mathata? Naya sekai.

10 O ka tswa o na le bothata bongwe jo bo masisi thata jaana mo o ka nnang wa ikutlwa jaaka Paulo yo o neng a batla go gololwa mo “molomong wa tau.” (2 Timotheo 4:17) Fa o lebane le boemo jo bo ntseng jalo, go botlhokwa thata gore o ikanye Jehofa. Ka sekai, o ka tswa o tlhokomela mongwe wa losika yo o lwalang thata. O ile wa rapela Jehofa gore a go thuse go dira ditshwetso tse di siameng le gore a go nonotshe. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Jaanong, ikutlwe o ritibetse ka gonne o a itse gore Jehofa o a go bona e bile o tlhaloganya boemo jo o mo go jone. O tla go thusa gore o itshoke le gore o nne o ikanyega mo go ene.—Pesalema 32:8.

Ikanye Rraago yo o kwa legodimong gore o tla go naya maatla a gore o nne o mo ikobela

11 Ka dinako dingwe go ka nna ga bonala e kete Jehofa ga a go thuse. Gongwe dingaka di go naya dikakantsho tse di sa tshwaneng. Kgotsa gongwe o ne o lebeletse gore ba losika ba go eme nokeng go na le moo go bonala ba go ketefaletsa dilo. Ikanye Jehofa gore o tla go thusa. Se katogele kgakala le ene. (Bala 1 Samuele 30:3, 6.) Fa nako e ntse e ya, o tla lemoga gore Jehofa o ile a go thusa mme seo se tla dira gore kamano ya gago le ene e nonofe fela thata.

12 Seo ke se se ileng sa diragalela Linda. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) O ne a tlhokomela batsadi ba gagwe ka lobaka lo loleele go fitlha ba tlhokafala. A re: “Ka dinako dingwe, nna, mogatsake le kgaitsadiake, re ne re sa itse gore re dire eng. Re ne ra felelwa ke maano. Mme fa re leba kwa morago, re lemoga sentle gore Jehofa o ile a re ema nokeng. O ile a re nonotsha le go re naya dilo tse re di tlhokang tota le fa go ne go bonala e kete ga re na kgoro ya botso.”

13. Go ikanya Jehofa go ile ga thusa Rhonda jang gore a itshokele masetlapelo?

13 Go ikanya Jehofa ka botlalo go tla re thusa gore re itshoke le fa re lebana le masetlapelo. Seo ke se se ileng sa diragalela Rhonda. Monna wa gagwe yo e seng Mosupi wa ga Jehofa o ne a batla go mo tlhala. Ka nako eo, go ne ga lemogiwa gore kgaitsadie o na le bolwetse jo bo kotsi jwa letlalo jo bo bidiwang lupus. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, mosadi wa ga kgaitsadie o ne a tlhokafala. Fa maemo ano otlhe a sena go ritibala, Rhonda o ne a simolola go nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga moo, ke fa mmaagwe a tlhokafala. Rhonda o ne a kgona jang go itshokela masetlapelo ano? A re: “Letsatsi le letsatsi ke ne ke bua le Jehofa tota le fa ke dira ditshwetso tse dinnye. Seo se ne sa nthusa gore ke tseye Jehofa e le motho wa mmatota. Se nthutile gore ke mo ikanye go na le go itshepa kgotsa go tshepa batho ba bangwe. Mme Jehofa o ile a nthusa fela thata ka dilo tsotlhe tse ke neng ke di tlhoka. Ka ntlha ya seo, ke ne ka bona kafa Jehofa a ileng a nkema nokeng ka gone.”

Tota maemo mangwe mo lelapeng la gago a ka nna a ama kamano ya gago le Jehofa (Bona serapa 14-16)

14. O ka dira eng fa mongwe mo lelapeng a kgaotswe?

14 Akanya ka boemo jo bongwe gape jo bo thata. A re re mongwe mo lelapeng o kgaotswe. O a itse gore Baebele ya reng ka go dirisana le batho ba ba kgaotsweng. (1 Bakorintha 5:11; 2 Johane 10) Mme e re ka o rata motho yono, o ka nna wa akanya gore go thata e bile ga go kgonege gore o ikobele taelo e e mo Baebeleng. A o tla ikanya Rraago yo o kwa legodimong gore o tla go naya maatla gore o ikobele kgakololo ya gagwe? A o tla leba seemo seno e le tshono ya gore o atamalane gaufi le Jehofa?

15. Ke ka ntlha yang fa Adame a ne a tlola taelo ya ga Jehofa?

15 Seemo seno se tshwana jang le se monna wa ntlha e bong Adame a neng a lebane le sone? A Adame o ne a akanya gore a ka tlola taelo ya ga Jehofa mme a bo a sa diragalelwe ke sepe? Nnyaa, Adame ga a ka a “tsiediwa.” (1 Timotheo 2:14) Mme ke ka ntlha yang fa a ile a tlola taelo ya ga Jehofa? Adame o ne a ja leungo le mosadi wa gagwe a neng a mo neile lone ka gonne a ne a rata mosadi wa gagwe go feta Jehofa. O ne a reetsa mosadi wa gagwe go na le go ikobela Jehofa.—Genesise 3:6, 17.

16. Ke mang yo re tshwanetseng go mo rata thata mme ka ntlha yang?

16 Se Adame a se dirileng se re ruta gore re tshwanetse go rata Jehofa go feta ope fela. (Bala Mathaio 22:37, 38.) Mme fa re rata Jehofa thata jalo, re ka kgona go thusa ba masika a rona le fa ba sa direle Jehofa. Ka jalo, tswelela o rata Jehofa le go mo ikanya thata. Fa e le gore o tshwenyegile ka mongwe mo lelapeng yo o kgaotsweng, rapela Jehofa mme o mmulele mafatlha. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) (Baroma 12:12; Bafilipi 4:6, 7) Le fa o utlwile botlhoko thata, tsaya boemo jono e le tshono ya gore o nonotshe kamano ya gago le Jehofa. Fa o dira jalo, o tla kgona go mo ikanya le go itse gore go mo ikobela go lere diphelelo tse di molemo fela thata.

FA RE NTSE RE LETILE

Bontsha Jehofa gore o a mo ikanya ka go nna o tshwaregile mo tirong ya go rera (Bona serapa 17)

17. Fa re nna re tshwaregile mo tirong ya go rera, Jehofa o tla dira eng go re thusa?

17 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a golola Paulo mo “molomong wa tau”? Paulo a re: “Gore go rera go wediwe ka nna ka botlalo.” (2 Timotheo 4:17) Le rona Jehofa o re neile tiro ya go rera “dikgang tse di molemo” e bile a re re “badirimmogo” le ene. (1 Bathesalonika 2:4; 1 Bakorintha 3:9) Fa re nna re tshwaregile mo tirong eno, re ka ikanya Jehofa gore o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang. (Mathaio 6:33) Mme ga re kitla re fela pelo gore Jehofa o araba dithapelo tsa rona leng.

18. Ke eng se se tla go thusang gore o ikanye Jehofa le go dira gore kamano ya gago le ene e nonofe thata?

18 Ka jalo, nonotsha kamano ya gago le Jehofa letsatsi le letsatsi. Fa o lebana le teko nngwe mme e bo e go tlhobaetsa, tsaya seno e le tshono ya go atamalana le Jehofa. Bala Lefoko la Modimo o bo o le ithute le go tlhatlhanya ka lone. Rapela Jehofa ka metlha mme o nne o tshwaregile mo tirong ya gagwe. Fa o dira jalo, o ka ikanya Jehofa gore o tla go thusa go itshokela diteko tsotlhe tse o lebanang le tsone gone jaanong le mo nakong e e tlang.

^ ser. 2 Paulo a ka tswa a ile a sirelediwa mo ditaung tsa mmatota kgotsa mo boemong bope fela jo bo kotsi.

^ ser. 10 Go na le ditlhogo tse di thusang Bakeresete gore ba itshokele bolwetse bongwe le tse di thusang bao ba ba tlhokomelang. Bona Tsogang! ya February 8, 1994; February 8, 1997; May 22, 2000; le ya January 22, 2001.

^ ser. 12 Maina a fetotswe.

^ ser. 16 Go na le dikgatiso tse di tla re thusang fa mongwe mo lelapeng a tlogetse Jehofa. Bona Tora ya Tebelo ya September 1, 2006, tsebe 17-21 le ya January 15, 2007, tsebe 17-20.