Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Go Segofadiwa ka ‘Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego’

Go Segofadiwa ka ‘Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego’

KE TSHOTSWE ka March 1930, kwa motseng wa Namkumba kwa Malawi, mo lelapeng la Basupi ba ga Jehofa. Ka 1942, ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka kolobediwa mo nokeng e ntle. Mo dingwageng tse 70 tse di fetileng, ke ile ka leka go latela kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Timotheo, e e reng: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako ka paka e e dumelang, ka paka ya matshwenyego.”—2 Timotheo 4:2.

Ka 1948, Nathan H. Knorr le Milton G. Henschel ba ne ba etela Malawi mme go tla ga bone go ne ga dira gore ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Moragonyana ke ne ka kopana le kgaitsadi Lidasi yo le ene a neng a na le mokgele wa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Re ne ra nyalana ka 1950 mme ka 1953 ke fa re na le bana ba babedi. Tota le fa re ne re na le maikarabelo a mantsi a lelapa, re ne ra dira tshwetso ya gore ke nne mmulatsela wa ka metlha. Morago ga dingwaga tse pedi, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng.

Dikopano di ne di re nonotsha gore re kgone go lebana le pogiso e e tlang

Go ise go ye kae, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna molebedi wa potologo. E re ka Lidasi a ne a nkeme nokeng thata, ke ne ka kgona go diragatsa maikarabelo a me a lelapa mme ke ntse ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Le fa go ntse jalo, roobabedi re ne re batla go direla Jehofa ka nako e e tletseng. Ka jalo, re ne ra rulaganya dilo tsa rona sentle mme Lidasi le ene o ne a kgona go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka 1960.

Ka 1962, re ne ra itumelela go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Badiredi ba ba Pelokgale.” Mme morago ga ngwaga, Mokaulengwe Henschel o ne a etela Malawi mo kopanong e e kgethegileng e e neng e tshwaretswe gaufi le toropo ya Blantyre. Go ne ga tla batho ba ba fetang 10 000. Fa ke akanya ka dithulaganyo tseo tse di kgethegileng, ke lemoga kafa Jehofa a neng a re baakanyetsa ka gone mathata a re neng re tla tloga re lebana le one mo Malawi.

MATHATA A A SIMOLOGA

Puso e ne ya thibela tiro ya rona le go gapa lekala la rona

Ka 1964 Basupi ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba gana go tsaya karolo mo dipolotiking. Seo se ne sa dira gore Diholo Tsa Bogosi di feta 100 le matlo a feta 1 000 a bakaulengwe ba rona a senngwe. Nna le Lidasi re ne ra tswelela mo tirong ya go potologa go fitlha puso e thibela Basupi ka 1967. Puso e ne ya gapa lekala la rona, ya pateletsa barongwa gore ba tswe mo Malawi mme ya tsenya Basupi ba le bantsi mo kgolegelong, go akaretsa nna le Lidasi. Fa re sena go gololwa mo kgolegelong, re ne ra tswelela ka tiro ya go potologa mme re dira jalo mo sephiring.

Letsatsi lengwe ka October 1972, setlhopha sengwe sa dipolotiki se se bidiwang Malawi Youth League se ne sa tla se lebile ntlo ya rona. Mme mongwe wa bone o ne a tla a tabogile a mpolelela gore ke iphitlhe ka gonne ba tlile go mpolaya. Ke ne ka bolelela mogatsake gore a iphitlhe le banake mo ditlhareng tsa dipanana tse di neng di le fa gaufi. Mme nna ka palama setlhare se segolo sa dimenku. Ke ne ka bona fa ba senya ntlo ya rona le sengwe le sengwe se re nang le sone.

Matlo a bakaulengwe ba rona a ne a fisiwa ka gonne ba ne ba sa batle go tsenela mo dipolotiking

Basupi ba le bantsi ba ne ba tswa mo Malawi ka ntlha ya pogiso e e neng e nnela maswe le go feta. Re ne ra nna mo kampeng ya batshabi ya kwa Mozambique go fitlha ka June 1974. Ka nako eo, nna le Lidasi re ne ra kopiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Dómue, kwa Mozambique. Re ne ra tswelela re le babulatsela koo go fitlha ka 1975 fa re patelediwa go boela kwa Malawi, kwa Basupi ba neng ba sa ntse ba bogisiwa gone.

Fa re sena go boa, ke ne ka newa kabelo ya go etela diphuthego tse di mo motsemogolong o o bidiwang Lilongwe. Le fa go ne go na le pogiso le mathata, diphuthego di ne tsa tswelela di gola mo potologong ya rona.

JEHOFA O RE EMA NOKENG

Letsatsi lengwe re ne ra tsena mo motseng mme ra fitlhela go tshwerwe pokano ya sepolotiki. Batho bangwe ba ne ba lemoga gore re Basupi mme ba re laela gore re dule le batho ba lekoko la sepolotiki le le bidiwang Malawi Young Pioneers. Re ne ra kopa Jehofa gore a re thuse le go re kaela. Fa pokano e fela, ba ne ba simolola go re itaya. Mosadi mongwe o ne a tla a taboga a goa a re: “Ba tlogeleng tsweetswee! Monna yono ke setlogolo sa me. Mo tlogeleng a tsamaye!” Modulasetulo wa pokano eo o ne a re: “Ba tlogeleng ba tsamaye!” Ga re itse gore ke ka ntlha yang fa mosadi yono a ne a bua jalo ka gonne e ne e se wa losika la rona. Re dumela gore Jehofa o ne a utlwile thapelo ya rona.

Karata ya lekoko la sepolotiki

Ka 1981, batho ba lekoko leno la Malawi Young Pioneers ba ne ba kopana le rona gape. Mo lekgetlong leno ba ne ba tsaya dibaesekele tsa rona, dibeke mmogo le tshedimosetso e e botlhokwa e e amanang le bakaulengwe ba ba mo potologong. Re ne ra tshabela kwa ntlong ya mogolwane mongwe. Mme re ne re tshwenyegile ka tshedimosetso e ba neng ba e tsere ka gonne e ne e na le makwalo a ke neng ke a romeletswe ke bakaulengwe ba mo mafelong a a farologaneng mo Malawi. Fa ba sena go bala makwalo ao, ba ne ba tshoga ka gonne ba akanya gore ke modiredipuso mongwe yo o tlotlegang. Ka bonako fela ba ne ba busetsa tshedimosetso eo yotlhe kwa bagolwaneng.

Nako nngwe re ne re dirisa mokoro go kgabaganya noka. Mong wa mokoro oo e ne e le moeteledipele wa lekoko lengwe la sepolotiki mme o ne a batla dikarata tsa batho go bona gore ke ba lekoko lefe. Fa a le gaufi le rona, o ne a bona legodu le mapodise a sa bolong go le batla. Seno se ne sa tsosa tlhakatlhakano mo a neng a emisa go leba dikarata tsa batho. Le mo lekgetlong leno re ne ra lemoga gore Jehofa o re eme nokeng.

GO TSHWARWA LE GO TSENNGWA MO KGOLEGELONG

Ka February 1984, ke ne ke le mo tseleng ke ya kwa Lilongwe ke isa dipego kwa ofising ya lekala kwa Zambia. Lepodise le ne la nkemisa le bo le phuruphutsa beke ya me. Le ne la bona dikgatiso tsa Baebele mme la nkisa kwa seteisheneng sa mapodise le bo le mpetsa. Go tswa foo, le ne la mpofa ka megala mme la ntsenya mo seleng e e neng e na le magodu.

Letsatsi le le latelang, mookamedi wa mapodise o ne a ntsaya a nkisa kwa phaposing e nngwe mme a batla gore ke saene pampiri e e neng e kwadilwe: “Nna Trophim R. Nsomba, ke tlogela go nna Mosupi wa ga Jehofa gore ke kgone go gololwa.” Ke ne ka gana go saena pampiri eno ka mmolelela gore a ka nna a ntsenya mo kgolegelong le go mpolaya mme ke tla nna ke le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a galefile mme a itaya tafole ya gagwe thata jaana mo lepodise le le neng le ntse mo phaposing e e fa thoko le neng la tla le taboga go tla go bona gore matsapa di a tsaya kae. O ne a bolelela lepodise leo gore ga ke batle go saena pampiri ya gore ga ke tlhole ke le Mosupi wa ga Jehofa mme a mo raya a re ke saene pampiri e e reng ke Mosupi wa ga Jehofa gore a kgone go nthomela kwa kgolegelong. Nako eo yotlhe mogatsake o ne a sa itse gore ke ile kae. Morago ga malatsi a le manè, bakaulengwe bangwe ba ne ba mmolelela se se diragetseng.

Mapodise a kwa seteisheneng sa Lilongwe a ne a ntshwara sentle. Mookamedi wa mapodise o ne a nthaya a re: “Tsaya poleiti ya raese ke eo o je ka gonne o tshwaretswe Lefoko la Modimo. Magolegwa a mangwe mono ke magodu.” Go tswa foo, o ne a nthomela kwa Kgolegelong ya Kachere mme ka nna dikgwedi tse tlhano gone.

Motlhokomedi wa kgolegelo eo o ne a itumela fa a mpona ka gonne a ne a batla gore ke nne “moruti” wa mo kgolegelong. O ne a ntsha moruti yo o neng a le moo, a mo raya a re: “Ga ke tlhole ke batla gore o rute batho Lefoko la Modimo ka gonne o tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go utswela kereke!” Ka jalo, ke ne ke ruta magolegwa Baebele beke le beke.

Fa nako e ntse e ya, maemo a me a ne a nnela maswe le go feta. Balaodi ba kgolegelo ba ne ba mpotsolotsa ka gonne ba batla go itse gore go na le Basupi ba le kae mo Malawi. Ga ke a ka ka ba naya karabo e ba neng ba e batla ka jalo ba ne ba mpetsa go fitlha ke idibala. Nako nngwe ba ne ba batla go itse gore ntlokgolo ya rona e kwa kae. Ke ne ka re: “Potso ya lona e motlhofo tota mme ke tla lo araba.” Ke ne ka ba bolelela gore Baebele e tlhalosa gore ntlokgolo ya rona e kwa kae. Ba ne ba gakgametse mme ba mpotsa go re, “Ke kae mo Baebeleng?”

Ke ne ka re: “Mo go Isaia 43:12.” Ba ne ba e bula mme ba e bala: “‘Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘mme ke nna Modimo.’” Ba ne ba bala temana eo gararo. Go tswa foo ba re: “Go tla jang gore ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e bo e le mo Baebeleng mme e se kwa Amerika?” Ka ba raya ka re: “Basupi ba ga Jehofa ba kwa Amerika le bone ba a itse gore ntlokgolo ya bone e tlhalosiwa mo temaneng eno.” E re ka ke ne ke sa ba bolelele se ba neng ba se batla, ba ne ba nthomela kwa Kgolegelong ya Dzaleka e e kwa bokone jwa Lilongwe.

KE SEGOFADIWA LE MO DINAKONG TSA MATHATA

Fa ke goroga kwa Kgolegelong ya Dzaleka ka July 1984, go ne go setse go na le Basupi ba le 81 koo. Kgolegelo e ne e tletse thata jaana mo magolegwa a le 300 a neng a tshwanelwa ke go robala fa fatshe a bapile. Kgabagare Basupi botlhe ba ne ba kgona go kopana mmogo ka ditlhotswana go tla go sekaseka temana e le nngwe ka letsatsi, mme seo se ne sa re kgothatsa tota.

Bakaulengwe ba isiwa kgolegelong morago ga tsheko

Ka October 1984, re ne ra ya kwa kgotlatshekelong mme rotlhe ra atlholelwa dingwaga di le pedi mo kgolegelong. Jaaka gale, re ne ra tsenngwa mo kgolegelong le batho ba e seng Basupi. Mme motlhokomedi yo mogolo wa kgolegelo o ne a bolelela ba bangwe a re: “Basupi ba ga Jehofa ga ba goge motsoko. Ka jalo, lona batlhokomedi, lo se ka lwa kopa ope wa bone motsoko kgotsa go ba romela gore ba lo tlele ka magala a a tukang gore lo tshube disekerete tsa lona. Ke batho ba Modimo! Basupi ba ga Jehofa botlhe ba tshwanetse go newa dijo gabedi ka letsatsi ka gonne ga se dikebekwa go na le moo ba fano ka ntlha ya go bo ba dumela mo Baebeleng.”

E re ka re ne re itshwere sentle, re ne ra bona melemo e mengwe gape. Fa go le lefifi kgotsa pula e na, batlhokomedi ba ne ba sa letle magolegwa go tswela kwa ntle. Rona re ne re letlwa ka gonne ba ne ba re tshepa e bile ba itse gore ga re kitla re leka go ngwega. Ka sekai, nako nngwe re ne re bereka kwa ntle mme motlhokomedi mongwe a simolola go lwala. Re ne ra mo tsholetsa mme ra mmusetsa mo kgolegelong. E re ka re ne re itshwere sentle, batho ba ba neng ba re tlhokometse ba ne ba galaletsa Jehofa.—1 Petere 2:12. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)

PAKA E E DUMELANG E GOROGILE GAPE

Ka May 11, 1985, ke ne ka gololwa mo Kgolegelong ya Dzaleka mme ka itumelela go bona ba lelapa la me gape! Re leboga Jehofa go bo a ile a re thusa go nna re ikanyega mo go ene tota le mo dinakong tseo tsa mathata. Re ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala a re: “Ga re eletse gore lo bo lo se na kitso, bakaulengwe, ka ga pitlagano e e neng ya re diragalela . . . mo re neng re sa tlhomamisege gotlhelele le ka matshelo a rona. Tota e bile, re ne re ikutlwa gore re ne re amogetse katlholo ya loso. Seno e ne e le gore go ikanya ga rona go se ka ga nna mo go rona, mme mo Modimong yo o tsosang baswi. O ne a re namola mo selong se segolo mo go kalo se se tshwanang le loso.”—2 Bakorintha 1:8-10.

Mokaulengwe Nsomba le mogatse e bong Lidasi, ba le fa pele ga Holo ya Bogosi ka 2004

Ka dinako tse dingwe, go ne go lebega e kete ga re kitla re falola. Mme ka dinako tsotlhe re ne re rapela Jehofa gore a re neye bopelokgale, botlhale le boikokobetso gore re kgone go tswelela re galaletsa leina la gagwe.

Jehofa o ile a segofatsa tirelo ya rona ka ‘paka e e dumelang le ka paka ya matshwenyego.’ Gompieno re itumela thata go bo re na le ofisi ya lekala e ntle mo Lilongwe le Diholo Tsa Bogosi tse disha di feta 1 000 mo Malawi! Ditshegofatso tseno tse di tswang kwa go Jehofa di a re itumedisa nna le Lidasi, go ntse jaaka e kete re a lora! *—Bona ntlha e e kwa tlase.

^ ser. 6 Bakaulengwe ba ba nang le bana ga ba tlhole ba kopiwa go nna balebedi ba potologo.

^ ser. 27 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka pogiso ya kwa Malawi, bona 1999 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 171-223.

^ ser. 31 Fa setlhogo seno se ne se sa ntse se kwalwa, Mokaulengwe Nsomba o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 83.