Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?

A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?

SETLHARE sa motlhware se se kobegileng ga se kgatlhise go le kalo fa o se bapisa le setlhare se sentle sa mosedara sa kwa Lebanona. Mme gone, setlhare sa motlhware se kgona go gola mo maemong a bosa a a thata. Dingwe tsa ditlhare tseno di tshela lobaka lwa dingwaga di ka nna 1 000. Medi ya setlhare seno e kgona go golela kwa teng teng ka fa tlase ga lefatshe e bile setlhare se ka boa se gola gape le fa kutu ya sone e kgaotswe. Fa fela medi ya sone e sa ntse e tshela, se kgona go gola.

Monna yo o ikanyegang e bong Jobe, o ne a tlhatswegile pelo gore le fa a swa, o tla boa a tshela gape. (Jobe 14:13-15) O ne a dirisa sekai sa setlhare, gongwe setlhare sa motlhware, go bontsha gore o ikanya Modimo gore o tla kgona go mo tsosa mo baswing. Jobe o ne a re: “Gonne le e leng setlhare se na le tsholofelo. Fa se kgaolwa, se tla tlhoga gape.” Fa pula e na morago ga komelelo, kutu ya setlhare se se omeletseng sa motlhware e kgona go boa e gola gape le go tlhagisa “kala e kgolo jaaka semela se sesha.”—Jobe 14:7-9.

Fela jaaka molemi a lebile pele go bona setlhare sa motlhware se se neng se kgaotswe se boa se gola gape, Jehofa Modimo le ene o lebile pele go tsosa batlhanka ba gagwe le batho ba bangwe. (Mathaio 22:31, 32; Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Akanya fela kafa re tla itumelang ka gone fa re bona baswi ba tsosiwa!