Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Ene yo o Solofetsang Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Etsa Ene yo o Solofetsang Botshelo Jo bo Sa Khutleng

“Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” —BAEFESO 5:1.

1. Ke bokgoni bofe jo bo ka re thusang gore re etse Jehofa?

JEHOFA o re bopile re na le bokgoni jwa go tlhaloganya kafa batho ba bangwe ba ikutlwang ka gone tota le fa re ise re ko re nne mo boemong jwa bone. (Bala Baefeso 5:1, 2.) Bokgoni jono bo ka re thusa jang gore re etse Jehofa? Mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko kafa re bo re dirisang ka gone?

2. Jehofa o ikutlwa jang fa a re bona re boga?

2 Jehofa o re solofeditse isagwe e e itumedisang e mo go yone go tla bong go se na pogo. Batlodiwa mmogo le ba “dinku tse dingwe” ba ka lebelela pele go bona botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. (Johane 10:16; 17:3; 1 Bakorintha 15:53) Mme Jehofa o tlhaloganya botlhoko jo re bo utlwang fa re diragalelwa ke dilo tse di bosula. Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa batho ba gagwe ba ne ba boga kwa Egepeto. “Go ne go mo tshwenya thata.” (Isaia 63:9) Mme moragonyana fa batho ba gagwe ba ne ba aga tempele sesha e bile ba tshaba baba ba bone, Jehofa o ne a tlhaloganya kafa ba neng ba ikutlwa ka gone. O ne a ba raya a re: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) Fela jaaka mmè a rata ngwana wa gagwe, Jehofa le ene o rata batlhanka ba gagwe e bile o batla go ba thusa. (Isaia 49:15) Re etsa lorato lo Jehofa a nang le lone fa re leka go tlhaloganya kafa batho ba bangwe ba ikutlwang ka gone re dira jalo ka go ipaya mo maemong a ba leng mo go one.—Pesalema 103:13, 14.

JESU O NE A ETSA JEHOFA E BILE A RATA BATHO

3. Jesu o ne a ikutlwa jang ka batho?

3 Jesu o ne a tlhaloganya kafa batho ba ikutlwang ka gone fa ba boga le fa gone a ise a ko a boge. Ka sekai, o ne a itse gore batho ba le bantsi ba ne ba tshela botlhoko. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ba ruta maaka e bile ba ba beela melao e e neng e le kgatlhanong le melao ya Modimo. Batho ba ne ba tshaba baeteledipele bano. (Mathaio 23:4; Mareko 7:1-5; Johane 7:13) Tota le fa Jesu a ne a ise a ko a ba tshabe e bile le ka motlha a ise a dumele maaka a bone, o ne a kgona go tlhaloganya kafa batho ba neng ba ikutlwa ka gone. Jesu o ne a utlwa botlhoko thata fa a bona tsela e e setlhogo e ba neng ba tshwerwe ka yone. Ba ne ba tlogetswe “jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Jesu o ne a ithutile mo go Rraagwe gore a rate batho le go ba bontsha ‘kutlwelobotlhoko e bile a le pelotlhomogi.’—Pesalema 103:8.

4. Jesu o ne a tsiboga jang fa a bona batho ba boga?

4 Fa Jesu a ne a bona batho ba boga, o ne a ba thusa ka gonne a ba rata. O ne a gotsitse Rraagwe. Ka sekai, nako nngwe fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tsamaile sekgala se seleele ba rera, ba ne ba lapile e bile ba tlhoka go ikhutsa mo lefelong le le se nang modumo. Mme Jesu o ne a bona batho ba le bantsi ba mo letetse. O ne a tlhaloganya gore ba ne ba tlhoka gore a ba thuse, ka jalo, o ne a “simolola go ba ruta dilo di le dintsi.”—Mareko 6:30, 31, 34.

ETSANG LORATO LWA GA JEHOFA

5, 6. Re tshwanetse go dira eng fa re batla go etsa lorato lo Jehofa a nang le lone? Naya sekai. (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Re tshwanetse go dira eng fa re batla go etsa lorato lo Jehofa a nang le lone? Akanya ka sekai seno sa mokaulengwe mongwe yo mosha e bong Alan. O akanya ka mokaulengwe mongwe yo o godileng yo o sa kgoneng go tsamaya sentle e bile a sa bone sentle. Alan o akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Alan o ipotsa jaana: ‘Ke eng se ke batlang batho ba bangwe ba ntirele sone?’ mme o ikaraba a re: ‘Tota ke batla gore ba tshameke le nna bolo!’ Mme gone, mokaulengwe yono yo o godileng ga a kgone go taboga le go tshameka bolo. Ka jalo, tota Alan o tshwanetse go ipotsa go re: ‘Fa ke ne ke le mokaulengwe yono, ke ne ke ka batla gore batho ba ntirele eng?’

6 Le fa Alan a le mosha, o leka go akanya kafa a neng a ka ikutlwa ka gone fa a ka bo a godile. O fetsa nako a na le mokaulengwe yono le go mo reetsa ka kelotlhoko fa a ntse a bua. Mme seo se dira gore a tlhaloganye bothata jwa mokaulengwe yono gore ga a kgone go ipalela Baebele le go tsamaya ka ntlo le ntlo mo bodireding. Alan o bona kafa a ka mo thusang ka gone e bile o batla go dira sepe fela se a ka se kgonang go mo thusa. Fa re tlhaloganya kafa batho ba bangwe ba ikutlwang ka gone e bile re ba rata, re tla bo re etsa Jehofa.—1 Bakorintha 12:26.

Nna pelonomi fela jaaka Jehofa (Bona serapa 7)

7. Re ka kgona go tlhaloganya jang botlhoko jwa bakaulengwe ba rona?

7 Ga se ka dinako tsotlhe re kgonang go tlhaloganya botlhoko jo ba bangwe ba bo utlwang, segolobogolo fa re ise re ko re tsamaye re nne mo seemong seo. Ka sekai, bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba mo ditlhabing ka ntlha ya go lwala, go gobala kgotsa go tsofala. Ba bangwe ba boga botlhoko ka ntlha ya go gatelelwa mo maikutlong, go tshwenyega ka tsela e e feteletseng kgotsa ka ntlha ya go bo ba ile ba sotlwa mo nakong e e fetileng. Ba bangwe ba godisa bana ba le bosi kgotsa ba masika a bone ga ba direle Jehofa. Mongwe le mongwe o na le morwalo wa gagwe mme gone merwalo ya rona ga e tshwane. Le fa go ntse jalo, re batla go bontsha ba bangwe gore re a ba rata le gore re batla go ba thusa. Ka jalo, ke eng se re ka se dirang? Re ka tswa re batla go thusiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka jalo, fa re reetsa ka kelotlhoko e bile re leka go tlhaloganya kafa ba bangwe ba ikutlwang ka gone, re tla itse tsela e e molemolemo ya go ba thusa. Gongwe re ka ba gopotsa kafa Jehofa a ikutlwang ka gone ka mathata a bone. Kgotsa re ka nna ra ba thusa ka ditsela dipe fela. Fa re dira jalo, re a bo re etsa Jehofa.—Bala Baroma 12:15; 1 Petere 3:8.

ETSA BOPELONOMI JWA GA JEHOFA

8. Ke eng se se thusitseng Jesu gore a nne pelonomi?

8 Jehofa o pelonomi mo bathong botlhe. (Luke 6:35) Mme Jesu o gotsitse Rraagwe. Ke eng se se thusitseng Jesu gore a bontshe batho bopelonomi fa a ne a le mo lefatsheng? O ne a akanya kafa batho ba neng ba tla ikutlwa ka teng ka se a neng a ka se bua kgotsa go se dira. Ka sekai, mosadi mongwe yo o neng a dirile dilo tse dintsi tse di bosula o ne a tla kwa go Jesu. O ne a lela thata jaana mo dikeledi tsa gagwe di neng tsa kolobetsa dinao tsa ga Jesu. Jesu o ne a kgona go bona gore mosadi yono o utlwile botlhoko thata ka ntlha ya dilo tse di bosula tse a di dirileng le gore o ikwatlhaile. O ne a lemoga gore fa a sa mmontshe bopelonomi, mosadi yono o ne a tla utlwa botlhoko le go feta. Ka jalo, o ne a mmaka ka ntlha ya tiro e ntle e a e dirileng mme a mo itshwarela. Gape Jesu o ne a bua ka bopelonomi le Mofarasai yo o neng a sa rate se Jesu a neng a se diretse mosadi yono.—Luke 7:36-48.

Pele re dira tshwetso nngwe, re ka akanya kafa e tla amang rona le ba bangwe ka gone

9. Ke eng se se tla re thusang gore re nne pelonomi jaaka Jehofa? Naya sekai.

9 Re ka etsa Jehofa jang? Fa re batla go nna pelonomi mo go ba bangwe e bile re sa ba utlwise botlhoko, re tshwanetse go akanya pele re bua kgotsa re dira sengwe. Paulo a re Mokeresete “ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.” (2 Timotheo 2:24) Ka sekai, akanya ka tsela e o ka bontshang bopelonomi ka yone mo maemong ano: Fa mothapi wa gago a sa dire tiro ya gagwe sentle, o tla dira eng? Fa mokaulengwe a na le lobaka lo loleele a sa tle dipokanong, o tla mo raya o reng? Fa o le mo tshimong mme o bo o kopana le mongwe a go raya a re o makgabe a dipapetla, o ka bontsha bopelonomi jang? Fa mosadi wa gago a go botsa gore ke eng o dirile dithulaganyo dingwe mme o sa mmolelela, a o tla bua le ene ka bopelonomi? Re tshwanetse go akanya kafa batho ba bangwe ba ikutlwang ka gone le kafa se re se buang se tla ba amang ka gone. Fa re dira jalo, re tla itse se re tshwanetseng go se bua le go se dira gore re etse bopelonomi jwa ga Jehofa.—Bala Diane 15:28.

ETSANG BOTLHALE JWA GA JEHOFA

10, 11. Re ka etsa Jehofa jang mme re nne botlhale? Naya sekai.

10 Jehofa o botlhale thata e bile o kgona go bona se se tla diregang mo isagweng. Le fa rona re se na bokgoni joo, re kgona go nna botlhale. Jang? Pele re dira tshwetso nngwe, re ka akanya kafa e tla amang rona le ba bangwe ka gone. Ga re a tshwanela go tshwana le Baiseraele. Ba ne ba se ka ba akanya ka se se tla ba diragalelang fa ba sa ikobele Jehofa. Gape ga ba a ka ba akanya ka kamano ya bone le Jehofa le ka sotlhe se a ba diretseng sone. E re ka Moshe a ile a lemoga seo, o ne a itse gore Baiseraele ba ne ba tlile go dira se se bosula. O ne a re: “Ke setšhaba se kgakololo e nyelelang mo go sone, e bile ga go na tlhaloganyo mo go bone. E kete ba ka bo ba le botlhale! Foo ba ne ba tla tlhatlhanya ka seno. Ba ne ba tla akanya ka bokhutlo jwa bone morago ga moo.”—Duteronome 31:29, 30; 32:28, 29.

11 Ka sekai, fa o ratana, gakologelwa gore fa o rata motho, go thata go laola maikutlo a gago le keletso ya tlhakanelodikobo. Ka jalo, se dire sepe fela se se tla senyang kamano ya gago e ntle le Jehofa! Go na le moo, nna botlhale mme o tile se se kotsi. Reetsa kgakololo eno e e botlhale ya ga Jehofa: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

ELA TLHOKO DILO TSE O DI AKANYANG

12. Dilo tse re di akanyang di ka re gobatsa jang?

12 Motho yo o botlhale o ela tlhoko dilo tse a akanyang ka tsone. Fela jaaka molelo o kgona go re thusa kgotsa go re gobatsa, dikakanyo tsa rona le tsone di ntse fela jalo. Fa re le kelotlhoko ka molelo, re ka o dirisetsa go apaya. Mme fa re se kelotlhoko, molelo oo o ka fisa ntlo ya rona lore lore kgotsa wa re bolaya. Go ntse fela jalo le ka dilo tse re di akanyang. Fa re akanya ka dilo tse re ithutang tsone ka Jehofa, re a itumela. Mme fa re nnela go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e bile re akanya ka go dira dilo tse di bosula, re tla eletsa dilo tseno fela thata mo re ka feleletsang re di dira. Seo se ka nna sa senya kamano ya rona le Jehofa.—Bala Jakobe 1:14, 15.

13. Efa o ne a akanya eng ka botshelo jwa gagwe?

13 Re ka ithuta mo go se se ileng sa diragalela Efa. Jehofa o ne a laela Adame le Efa gore ba se ka ba ja leungo la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:16, 17) Mme Satane o ne a raya Efa a re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Efa o ne a akanya kafa botshelo jwa gagwe bo tla tokafalang ka gone fa a ka kgona go itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. O ne a nna a akantse ka sone mme “a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong.” Go tswa foo, go ne ga diragala eng? “A tsaya leungo la sone mme a le ja. Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.” (Genesise 3:1-6) Ka ntlha ya seo, “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo.” (Baroma 5:12) Efa ga a tshwanela go bo a ile a nnela go akanya ka go dira se se bosula!

14. Baebele e re tlhagisa jang malebana le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

14 Ke boammaaruri gore Efa ga a ka a leofa ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mme Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra nnela go akanya ka jone. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Paulo le ene o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa bo lo rulaganyetsa dikeletso tsa nama go sa le pele.”—Baroma 13:14.

15. Ke matlotlo afe a re tshwanetseng go tlhoma mogopolo mo go one, mme ka ntlha yang?

15 Baebele ya re re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go itumediseng Jehofa go na le go nnela go akanya ka go huma. Tota le fa motho a humile, madi a gagwe a ka se mo sireletse. (Diane 18:11) Jesu a re ke boeleele fa motho a ipolokela matlotlo a le mantsi go na le go baya Jehofa kwa pele mo botshelong jwa gagwe. Motho yoo ga a “huma malebana le Modimo.” (Luke 12:16-21) Fa re ipolokela “matlotlo kwa legodimong” ka go dira dilo tse Jehofa a di amogelang, re a mo itumedisa e bile le rona re a itumela. (Mathaio 6:20; Diane 27:11) Mme go nna le kamano e e molemo le Jehofa ke selo se se tlhwatlhwakgolo thata go feta sepe fela.

LO SE KA LWA NNELA GO TLHOBAELA

16. Ke eng se se ka re thusang fa re tlhobaela?

16 Fa re leka go huma mo lefatsheng leno, re tla feleletsa re na le ditlhobaelo tse dintsi. (Mathaio 6:19) Jesu o ne a re batho ba ba nnelang go tlhobaela ka madi go tla nna thata gore Bogosi Jwa Modimo bo tle pele mo matshelong a bone. (Mathaio 13:18, 19, 22) Gape batho bangwe ba nna ba tlhobaela gore ba tla diragalelwa ke dilo tse di bosula. Mme fa re nnela go tlhobaela, re ka nna ra feleletsa re lwala kgotsa re ka simolola go se ikanye Jehofa. Go na le moo, re tshwanetse go ikanya Jehofa gore o tla re thusa. Baebele ya re: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.” (Diane 12:25) Ka jalo, fa go na le sengwe se se go tshwenyang, bua le mongwe yo o direlang Jehofa le yo o go itseng sentle. Motsadi, monna kgotsa mosadi wa gago kgotsa tsala e e molemo, ba ka go kgothaletsa gore o ikanye Jehofa le go go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata.

Fa re tshwenyegile, a re rapeleng Jehofa mme re akanye ka batho ba a ba dirisang go re thusa

17. Jehofa a ka re thusa jang fa re tshwenyegile?

17 Jehofa o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone go gaisa motho ope fela e bile a ka re thusa gore re se ka ra tshwenyega thata. Paulo o ne a re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ka jalo, fa o tshwenyega, akanya ka batho ba Jehofa a ba dirisang go go thusa go nonotsha kamano ya gago le ene, bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago, bagolwane, motlhanka yo o boikanyego, baengele mmogo le Jesu.

18. Bokgoni jwa rona jwa go akanya bo ka re thusa jang?

18 Jaaka re setse re ithutile, re ka etsa Jehofa fa re dirisa bokgoni jwa rona jwa go tlhaloganya kafa batho ba ikutlwang ka gone. (1 Timotheo 1:11; 1 Johane 4:8) Re tla itumela fa re bontsha ba bangwe gore re a ba rata, fa re ba bontsha bopelonomi, fa re akanya ka diphelelo tsa se re se dirang le go tila go nna re tshwenyega thata. A re akanyeng kafa botshelo bo tla bong bo le ka gone fa Bogosi e le jone bo busang mme re leke ka natla go etsa Jehofa.—Baroma 12:12.