Ba ‘Bone’ Dilo Tse di Solofeditsweng
“Ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata.”—BAHEBERA 11:13.
1. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go bo re kgona go akanya ka dilo tse re iseng re ko re di bone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
JEHOFA o re neile mpho e e molemo tota, e leng bokgoni jwa go akanya ka dilo tse re iseng re ko re di bone. Bokgoni jono bo re thusa gore re lebelele pele dilo tse di molemo tse di tla diregang mo isagweng, re rulaganye dilo go sa le gale le go tila mathata. Jehofa o itse se se tla diregang mo isagweng e bile o re bolelela ka dilo dingwe tse re ka nnang ra lebelela pele go di bona. Le fa re sa kgone go di bona, re kgona go akanya ka tsone e bile re dumela gore di tla direga.—2 Bakorintha 4:18.
2, 3. (a) Go akanya go ka re thusa jang? (b) Re tla araba dipotso dife mo setlhogong seno?
2 Ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re a tle re akanye ka dilo tse di sa kgonegeng. Ka sekai, ngwana yo monnye a ka ipona a nna kwa polaneteng e sele. Mme gone re a itse gore seo ga se kgonege. Mmaagwe Samuele e bong Hana, o ne a akanya ka dilo tse di ka kgonegang. O ne a nna a akanya ka letsatsi la fa a tla bo a isa morwawe kwa motlaaganeng go ya go bereka le baperesiti. O ne a sa ijese dijo tsa ditoro. E ne e 1 Samuele 1:22) Le rona ka tsela e e tshwanang, fa re akanya ka dilo tse Jehofa a re solofeditseng tsone, re a itse gore re a bo re sa ijese dijo tsa ditoro.—2 Petere 1:19-21.
le tshwetso e a e dirileng. Ka jalo, go akanya ka letsatsi leo go ne ga naya Hana maatla a gore a kgone go diragatsa se a neng a se solofeditse Jehofa. (3 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba ne ba kgona go akanya ka dilo tse ba neng ba di solofeditswe. Ke ka ntlha yang fa go ne go le molemo gore ba dire jalo? Mme ke ka ntlha yang fa go le molemo gore re akanye ka tsela e botshelo jwa rona bo tla nnang ka yone fa ditsholofetso tsa Modimo di diragadiwa?
TUMELO YA BONE E NE YA NONOFA LE GO FETA FA BA AKANYA KA ISAGWE
4. Ke eng fa Abele a ne a kgona go akanya ka isagwe e e itumedisang?
4 Abele ke motho wa ntlha go dumela ditsholofetso tsa ga Jehofa. O ne a itse se Jehofa a neng a se bolelela noga fa Adame le Efa ba sena go leofa: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:14, 15) Abele o ne a sa itse sentle gore seno se tla direga jang. Mme o tshwanetse a bo a ne a akanya thata ka se Modimo a se buileng. A ka tswa a ne a ipotsa gore, ‘Ke mang yo o neng a tla gobadiwa ke noga mme a thuse batho gore ba boe ba itekanele gape?’ Abele o ne a dumela gore sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se solofeditse se tla direga mme fa a ne a ntsha setlhabelo, Jehofa o ne a se itumelela.—Bala Genesise 4:3-5; Bahebera 11:4.
5. Go akanya ka isagwe go ne ga thusa Enoke jang?
5 Motho yo mongwe gape yo o neng a dumela thata mo Modimong e ne e le Enoke. O ne a tshela le batho ba ba boikepo ba ba neng ba bua “dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang” ka Modimo. Mme Enoke o ne a le pelokgale e bile a bua ka molaetsa wa Modimo. O ne a bolelela batho gore Modimo o tlile go nyeletsa batho ba ba boikepo. (Jude 14, 15) Ke eng se se mo thusitseng go dira jalo? Enoke o tshwanetse a bo a ile a akanya kafa lefatshe le neng le tla nna ka gone fa batho botlhe ba tla bo ba direla Jehofa.—Bala Bahebera 11:5, 6.
6. Noa a ka tswa a ne a akanya ka eng morago ga Morwalela?
6 Noa o ne a dumela mo go Jehofa ke ka moo a sa senngwang ka nako ya Morwalela. (Bahebera 11:7) Mme tumelo eo e ne ya mo tlhotlheletsa gore a ntshetse Jehofa ditlhabelo ka diphologolo. (Genesise 8:20) Morago ga Morwalela, batho ba ile ba nna boikepo gape. Nimerode o ne a simolola go busa mme a batla gore batho ba tsuologele Jehofa. (Genesise 10:8-12) Mme tumelo ya ga Noa ga ya ka ya reketla. Fela jaaka Abele, le ene o ne a tlhomamisegile gore letsatsi lengwe, Modimo o tla fedisa boleo le loso. Gape Noa a ka tswa a ne a akanya ka nako ya fa go tla bo go se na babusi ba ba setlhogo. Le rona re ka kgona go akanya ka nako eo e e itumedisang, e jaanong e setseng e le gaufi thata.—Baroma 6:23.
BA ILE BA AKANYA KA NAKO YA FA DITSHOLOFETSO TSA MODIMO DI TLA BONG DI DIRAGADIWA
7. Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba lebelela pele isagwe efe?
7 Aborahame, Isake le Jakobe ba ile ba kgona go akanya ka isagwe e e itumedisang Genesise 22:18; 26:4; 28:14) Gape o ne a ba solofetsa gore malapa a bone a ne a tla nna setšhaba se segolo se se neng se tla tshela mo Lefatsheng le le Solofeditsweng le lentle. (Genesise 15:5-7) E re ka Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba itse gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla diragadiwa, ba ne ba kgona go bona malapa a bone a setse a tshela mo lefatsheng leo. Tota e bile, fa e sa le Adame le Efa ba leofa, Jehofa o ntse a thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang go tlhaloganya kafa batho ba tla boang ba itekanela ka gone letsatsi lengwe.
thata. Jehofa o ne a ba solofetsa gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla segofadiwa ka “losika” lwa bone. (8. Ke eng se se ileng sa thusa Aborahame gore a nne le tumelo e e nonofileng mme a ikobele Modimo?
8 Aborahame o ne a ikobela Jehofa le fa maemo a le thata ka gonne o ne a na le tumelo e e nonofileng. Aborahame mmogo le batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba kgona go bona sentle dilo tse Jehofa a neng a di solofeditse, tota le fa ditsholofetso tseo di ne tsa se ka tsa diragadiwa ka nako ya fa ba sa ntse ba tshela. Baebele ya re: “Ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela.” (Bala Bahebera 11:8-13.) Aborahame o ne a itse gore Jehofa o ile a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo nakong e e fetileng, ka jalo, o ne a tlhomamisegile gore ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa tsa mo isagweng le tsone di tla diragadiwa.
Batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba lebile pele nako e ka yone puso ya ga Jehofa e tla bong e busa lefatshe ka bosakhutleng
9. Aborahame o ile a thusiwa jang ke go bo a ile a dumela ditsholofetso tsa Modimo?
9 E re ka Aborahame a ne a dumela se Jehofa a neng a se mo solofeditse, o ne a tswelela a mo ikobela. Ka sekai, o ne a fuduga mo motseng wa gaabo wa Ure mme a nna mo metseng e e farologaneng. O ne a itse gore metse eo e ka se nnele ruri ka gonne babusi ba yone ba ne ba sa direle Jehofa. (Joshua 24:2) Go na le moo, o ne a lebile pele go bona nako e ka yone puso ya ga Jehofa e tla bong e busa lefatshe ka bosakhutleng. Puso eo ke “motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.” (Bahebera 11:10) Aborahame, Abele, Enoke, Noa le ba bangwe ba ne ba dumela gore baswi ba tla tsoga. Tumelo ya bone mo go Jehofa e ne ya nonofa le go feta fa ba akanya ka go tshelela ruri mo lefatsheng le lentle.—Bala Bahebera 11:15, 16.
10. Go lebelela pele dilo tse di tla diregang mo isagweng go ile ga thusa Sara jang?
10 Mosadi wa ga Aborahame e bong Sara o ne a na le tumelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa. Le fa a ne a na le dingwaga di le 90 mme a sa ntse a se na bana, o ne a lebelela pele nako e ka yone a tla bong a na le ngwana. Sara o ne a bona ngwana yoo a gola go nna setšhaba se segolo. (Bahebera 11:11, 12) Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhomamisegile thata jaana ka seo? Ka gonne Jehofa o ne a bolelela monna wa gagwe a re: “Ke tla mo segofatsa ke ba ke go naya ngwana wa mosimane ka ene; ke tla mo segofatsa mme o tla nna ditšhaba; dikgosi tsa ditšhaba di tla tswa mo go ene.” (Genesise 17:16) Fela jaaka Jehofa a ne a solofeditse, Sara o ne a nna le morwa e bong, Isake. Kgakgamatso eo e ne ya mo tlhatswa pelo gore ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa di tla diragala. Tumelo ya rona le yone e ka nonofa fela thata fa re akanya ka dilo tse di itumedisang tse Jehofa a re solofeditseng tsone.
O NE A NNA A AKANTSE KA TUELO
11, 12. Ke eng se se ileng sa thusa Moshe gore a rate Jehofa le go feta?
11 Moshe le ene o ne a ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa. E ne e le kgosana ya kwa Egepeto. Mme e re ka a ne a rata Jehofa go feta dilo tseno, o ne a sa batle go nna motho yo o maatla le yo o humileng. Batsadi ba gagwe ba Bahebera ba ne ba mo rutile ka Jehofa, ba mmoleletse gore Jehofa o ne a solofeditse go golola Baiseraele mo bokgobeng le go ba naya Lefatshe le le Solofeditsweng. (Genesise 13:14, 15; Ekesodo 2:5-10) Moshe o ne a rata Jehofa le go feta fa a ntse a bona ditsholofetso tsa gagwe di diragadiwa.
12 Baebele e re bolelela se Moshe a neng a ntse a akantse ka sone: “Ka tumelo Moshe, e rile a setse a godile, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana, ka gonne o ne a tsaya fa go kgojwa ka ntlha ya ga Keresete e le dikhumo tse dikgolo go feta matlotlo a Egepeto; gonne o ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.”—Bahebera 11:24-26.
13. Moshe o ile a thusiwa jang ke go nna a akantse ka ditsholofetso tsa ga Jehofa?
13 Moshe o tshwanetse a bo a ile a akanya thata ka tsholofetso ya ga Jehofa ya go golola Bahebera mo bokgobeng. Fela jaaka batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa, Moshe le ene o ne a itse gore Jehofa o tla golola batho botlhe mo losong. (Jobe 14:14, 15; Bahebera 11:17-19) Ka jalo, Moshe o ne a tlhaloganya gore Jehofa o rata batho fela thata. Seno se ile sa dira gore a rate Jehofa le go feta e bile se ile sa nonotsha tumelo ya gagwe fela thata. Gape, seo se ile sa mo thusa gore a tswelele a direla Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe. (Duteronome 6:4, 5) Le fa Faro a ne a batla go mmolaya, o ne a sa boife. O ne a itse gore Jehofa o tla mo duela mo isagweng.—Ekesodo 10:28, 29.
AKANYA KA DILO TSE PUSO YA MODIMO E TLA DI DIRANG
14. Batho bangwe ba akanya eng ka isagwe?
14 Fa batho ba le bantsi ba akanya ka isagwe, ba akanya ka dilo tse le ka motlha di se kitlang di direga. Ka sekai, batho bangwe ba ba dikobo di magetleng ba akanya gore letsatsi lengwe ba tla huma fela thata mo ba se kitlang ba tshwenyega ka sepe. Mme Baebele ya re go tla nna go ntse go tletse ka ‘matshwenyego le dilo tse di utlwisang botlhoko’ mo lefatsheng la ga Satane. (Pesalema 90:10) Bangwe ba akanya gore puso ya batho e tla rarabolola mathata a lefatshe. Baebele ya re puso ya Modimo ke yone fela e e kgonang go dira jalo. (Daniele 2:44) Batho ba le bantsi ba akanya gore lefatshe le ka se fetoge. Mme Baebele ya re Modimo o tla fedisa lefatshe le le boikepo. (Sefania 1:18; 1 Johane 2:15-17) Batho ba ba akanyang ka dilo tse di kgatlhanong le se Jehofa a se buang, ruri ba tla swaba nko go feta molomo.
15. (a) Go akanya ka isagwe e Modimo a re solofeditseng yone go re thusa jang? (b) Ke eng se o lebileng pele go se bona?
15 Jehofa o re solofeditse gore re tla nna le isagwe e e itumedisang. Fa re nna re akantse ka isagwe eo, re itumela le go feta e bile re kgona go nna le bopelokgale jwa go tswelela re direla Jehofa. A o kgona go ipona o tshela botshelo jo Jehofa a go solofeditseng jone, o ka tswa o tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng? Fa o lebile pele go tla go tshela mo lefatsheng, a o kgona go ipona o bereka le ditsala tsa gago go dira gore lefatshe e nne tshimo e ntle. Batho ba ba kaelang tiro ba amega ka wena. Mme mongwe le mongwe o rata Jehofa. O itekanetse e bile o matlhagatlhaga, mme ga go tsapa le le go fisang pelo. O itumetse ka gonne o dirisa ditalenta le bokgoni jwa gago go thusa ba bangwe gore ba galaletse Jehofa. Gongwe e bile o thusa batho ba ba tsositsweng go ithuta ka Jehofa. (Johane 17:3; Ditiro 24:15) Fa o akanya ka dilo tseno, tota o a bo o sa ijese dijo tsa ditoro. Dilo tseno tsotlhe di tla direga mo isagweng fela jaaka Baebele e solofeditse.—Isaia 11:9; 25:8; 33:24; 35:5-7; 65:22.
BUA KA SE O LEBILENG PELE GO SE BONA
16, 17. Ke ka ntlha yang fa go thusa go bua ka isagwe e Jehofa a re solofeditseng yone?
16 Fa re bolelela Bakeresete ka rona se re lebileng pele go se dira mo lefatsheng le lesha, re a bo re thusana gore re akanye thata ka isagwe eno e e itumedisang. Ke boammaaruri gore ga re itse ka botlalo gore re tla bo re dira eng ka nako eo mme fa re bua ka se re se lebeletseng pele, re bontsha gore re dumela ditsholofetso tsa ga Jehofa. Go dira jalo go re tlhotlheletsa gore re direle Jehofa le fa go le thata fela jaaka moaposetoloi Paulo le bakaulengwe ba bangwe ba kwa Roma ba ile ba dira.—Baroma 1:11, 12.
Mathaio 19:27-29) Ka jalo, Petere o ne a kgona go ipona a na le barutwa ba bangwe ba busa le Jesu kwa legodimong e bile ba thusa batho ba ba kutlo gore ba itekanele gape.
17 Fa o akanya ka isagwe e e itumedisang e Jehofa a re solofeditseng yone, ga o kitla o akanya thata ka mathata a gago. Nako nngwe fa Petere a ne a tshwenyegile thata o ne a raya Jesu a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe ra go sala morago; tota re tla bona eng?” E re ka Jesu a ne a batla gore Petere le barutwa ba bangwe ba akanye ka dilo tse di itumedisang tse ba tla di dirang mo isagweng, o ne a ba raya a re: “Mo popong e ntšha, fa Morwa motho a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang, lona ba lo ntshetseng morago le lona ka bolona lo tla nna mo ditulong tse di lesome le bobedi tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele. Mme mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya leina la me o tla amogela go menagane gantsi e bile o tla rua botshelo jo bo sa khutleng.” (18. Go akanya ka nako ya fa Modimo a tla bong a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe go tla re thusa jang?
18 Re ithutile ka se se neng sa thusa batlhanka ba ga Jehofa gore ba nne le tumelo e e nonofileng. Abele o ne a akanya ka tsholofetso ya ga Jehofa ya isagwe e e itumedisang mme e re ka a ne a dumela tsholofetso eo, o ne a dira dilo tse di itumedisang Jehofa. Aborahame o ne a akanya ka nako ya fa ditsholofetso tsa ga Jehofa ka “losika” di tla bong di diragala, mme seo se ile sa mo tlhotlheletsa gore a ikobele Jehofa le fa maemo a ne a le thata. (Genesise 3:15) Moshe o ne a lebile pele go bona tuelo e Jehofa a neng a mo solofeditse yone mme seo se ile sa mo thusa gore a rate Jehofa le go ikanyega mo go ene. (Bahebera 11:26) Fa re akanya ka nako ya fa Jehofa a tla bong a diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe, tumelo ya rona e a nonofa e bile re mo rata le go feta. Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta ka dilo tse dingwe gape tse re ka akanyang ka tsone.