Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Keresete—Maatla a Modimo

Keresete—Maatla a Modimo

‘Keresete ke maatla a Modimo.’ —1 BAKORINTHA 1:24.

1. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a re ‘Keresete ke maatla a Modimo’?

JEHOFA o ne a dirisa Jesu Keresete go bontsha maatla a gagwe ka ditsela tse di gakgamatsang. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a dira dikgakgamatso. Re ka bala ka dingwe tsa tsone mo Baebeleng mme di ka nonotsha tumelo ya rona. (Mathaio 9:35; Luke 9:11) Jehofa o ne a naya Jesu maatla a magolo jaana mo moaposetoloi Paulo a neng a ka re: ‘Keresete ke maatla a Modimo.’ (1 Bakorintha 1:24) Mme gone, dikgakgamatso tsa ga Jesu di re ama jang?

2. Re ka ithuta eng ka dikgakgamatso tsa ga Jesu?

2 Moaposetoloi Petere a re Jesu o ne a dira “dikgakgamatso.” (Ditiro 2:22) Dikgakgamatso tseno di re ruta eng? Di re bontsha se Jesu a tla se dirang fa a busa lefatshe ka Dingwaga Tse di Sekete. Ka nako eo, o tla dira dikgakgamatso tse dikgolo thata tse di tla re solegelang molemo mo lefatsheng lotlhe. Gape dikgakgamatso tsa ga Jesu di re thusa go tlhaloganya sentle dinonofo tsa gagwe le tsa ga Rraagwe. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dikgakgamatso di le tharo tsa ga Jesu mme re ithute kafa di ka re amang ka gone gompieno le mo isagweng.

KGAKGAMATSO E E RE RUTANG GO NNA PELOTSHWEU

3. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha? (b) Jesu o ne a bontsha jang bopelotshweu kwa Kana?

3 Jesu o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha kwa lenyalong le le neng le le kwa motseng wa Kana. Ga re itse gore go tlile jang, mme gone go ne go se na beine e e lekaneng balalediwa. Seno se ne se tla tsenya banyalani bano ba basha matlho ka gonne e ne e le boikarabelo jwa bone go tlhomamisa gore balalediwa ba a itumela. Mongwe wa balalediwa e ne e le mmaagwe Jesu e bong Marea. A o ne a kopa Jesu gore a thuse banyalani bano ka gonne a dumela gore Jesu o na le maatla a go dira jalo? Marea a ka tswa a ile a tlhatlhanya ka boporofeti jo bo neng bo bua ka Jesu e bile o ne a itse gore Jesu o tla bidiwa “Morwa Mogodimodimo.” (Luke 1:30-32; 2:52) Go bonala sentle gore Marea le Jesu ba ne ba batla go thusa banyalani bano. Ka jalo, Jesu o ne a dira kgakgamatso mme a fetola dilitara di le 380 tsa metsi go nna “beine e e monate.” (Bala Johane 2:3, 6-11.) A go ne go tlhokega gore Jesu a dire kgakgamatso eo? Nnyaa. O ne a e dira ka gonne a ne a amega ka batho e bile a le pelotshweu fela jaaka Rraagwe.

Jesu o ne a re laela gore re ‘itlwaetse go aba’

4, 5. (a) Kgakgamatso ya ntlha ya ga Jesu e re ruta eng? (b) Kgakgamatso eno ya kwa Kana e re bontsha eng se se tla diregang mo isagweng?

4 Jesu o ne a dira kgakgamatso ka go dira gore go nne le beine e ntsi e e ileng ya lekana batho ba ba neng ba tlile lenyalong. A o lemoga se kgakgamatso eno e re rutang sone? E re ruta gore Jehofa le Jesu ga ba timane, go na le moo, ba pelotshweu fela thata. Kgakgamatso eno e re tlhatswa pelo le go feta gore ba amega thata ka maikutlo a rona. Gape e re bontsha gore Jehofa o tla dirisa maatla a gagwe go re tlamela ka dijo tse dintsi tota mo lefatsheng le lesha gongwe le gongwe fela kwa re tla bong re le gone.—Bala Isaia 25:6.

5 Akanya fela! Go ise go ye kae, Jehofa o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang. Mongwe le mongwe o tla nna le ntlo e ntle le go ja dijo tse di monate. Re itumela fela thata fa re akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a tla re nayang tsone mo lefatsheng la Paradaise.

Fa re dirisa nako ya rona go thusa batho ba bangwe, re a bo re etsa Jesu (Bona serapa 6)

6. Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe ka tsela efe mme re ka mo etsa jang?

6 Le ka motlha Jesu ga a ise a ko a dirise maatla a gagwe ka bogagapa. Akanya ka se se neng sa direga fa Diabolo a ne a mo raela gore a fetole maje go nna dinkgwe. Jesu o ne a gana go dirisa maatla a gagwe ka tsela eo. (Mathaio 4:2-4) Mme gone, o ne a iketleeleditse go dirisa maatla a gagwe go thusa batho ba bangwe. Re ka etsa jang sekao sa gagwe sa bopelotshweu? Jesu o ne a re laela gore re ‘itlwaetse go aba.’ (Luke 6:38) Re ka dira jalo ka go laletsa ba bangwe kwa malapeng a rona go tla go itumelela dijo le rona. Gape re ka ipha nako morago ga dipokano go thusa mongwe, jaaka go reetsa mokaulengwe fa a ikatisetsa puo ya gagwe. Kgotsa re ka nna ra thusa ba bangwe ka go ba thapisa fa re le mo bodireding. Fa re tlhagafalela go thusa ba bangwe fa go kgonega, re a bo re etsa bopelotshweu jwa ga Jesu.

“BOTLHE BA JA BA BO BA KGORA”

7. Ke eng se se tla tswelelang e ntse e le bothata mo lefatsheng leno la ga Satane?

7 Lehuma ga se tlholo ntšha. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele gore go tla nna go ntse go na le “mongwe yo o humanegileng  . . . mo gare ga lefatshe.” (Duteronome 15:11) Dingwagangwaga morago ga moo, Jesu o ne a re: “Lo na le bahumanegi ka metlha.” (Mathaio 26:11) A Jesu o ne a raya gore go tla nna go ntse go na le bahumanegi mo lefatsheng? Nnyaa, o ne a raya gore go tla nna go ntse go na le khumanego fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng la ga Satane. Mme ga go kitla go nna jalo mo lefatsheng le lesha. Ka nako eo, lehuma le tla bo le sa tlhole le le gone. Dijo e tla bo e le ntletsentletse e bile re tla kgotsofala!

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a fepa batho ba le diketekete? (b) O ikutlwa jang ka kgakgamatso eno?

8 Mopesalema o ne a bua jaana ka Jehofa: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (Pesalema 145:16) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a etsa Rraagwe ka botlalo e bile gantsi o ne a thusa batho ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. O ne a sa dire mponeng go bontsha gore o na le maatla. Tota Jesu o ne a amega ka batho. A re sekasekeng Mathaio 14:14-21. (E bale.) Boidiidi jwa batho bo ne bo ntse bo setse Jesu morago fa a ntse a etela metse e e farologaneng. (Mathaio 14:13) Fa go nna lotlatlana, barutwa ba ne ba tshwenyegile gore boidiidi jono bo ne bo sule ke tlala. Ka jalo, ba kopa Jesu gore a laele batho bano gore ba tsamaye mme ba ye go ithekela dijo. Jesu o ne a tla dira eng?

9 Jesu o ne a fepa banna ba ka nna 5 000 go akaretsa le basadi le bana. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dira kgakgamatso eo? Ka gonne o ne a rata batho thata e bile a amega ka bone. Mme go tshwanetse ga bo go ne go na le dijo tse dintsi ka gonne batho bano ba ne ba “ja ba bo ba kgora.” Dijo tse ba neng ba di ja di ne di tla ba naya maatla a gore ba kgone go boela kwa magaeng a bone. (Luke 9:10-17) Fa batho botlhe ba se na go ja mpa kgora, barutwa ba ne ba tlatsa diroto di le 12 ka manathwana!

10. Go tla direga eng ka khumanego mo isagweng?

10 Batho ba le bantsi thata ba tshelela mo lehumeng ka ntlha ya babusi ba ba bogagapa e bile e le dinokwane. Tota le bakaulengwe bangwe ba rona ga ba na dijo tse di lekaneng. Mo nakong e e sa fediseng pelo, batho ba ba ikobelang Jehofa ba tla tshela mo lefatsheng le go tla bong go se na bonokwane kgotsa khumanego mo go lone. Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe e bile o na le maatla le keletso ya go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o kgotsofetse. O re solofetsa gore go ise go ye kae o tla fedisa pogo!—Bala Pesalema 72:16.

Dikgakgamatso tsa ga Jesu di re tlhomamisetsa gore o batla go dirisa maatla a gagwe go re thusa

11. Ke eng se se go tlhatswang pelo gore go ise go ye kae Keresete o tla dirisa maatla a gagwe mo lefatsheng mme ke eng se o tshwanetseng go se dira?

11 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, ga a ka a dira dikgakgamatso mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 15:24) Mme e re ka Jesu e le Kgosi, o tla thusa batho botlhe ka nako ya puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete. (Pesalema 72:8) Dikgakgamatso tsa ga Jesu di re tlhomamisetsa gore o batla go dirisa maatla a gagwe go re thusa. E re ka rona re se na maatla a go dira dikgakgamatso, ke eng se re ka se dirang? Re ka dirisa nako le maatla a rona go bolelela batho ka isagwe e e itumedisang e re e solofeditsweng mo Baebeleng. Joo ke boikarabelo jo rona Basupi ba ga Jehofa re nang le jone. (Baroma 1:14, 15) Fa re tlhatlhanya ka dilo tse Keresete a tla di dirang mo nakong e e sa fediseng pelo, re tla tlhagafalela go bolelela ba bangwe ka tsone.—Pesalema 45:1; 49:3.

JEHOFA LE JESU BA LAOLA MAATLA A TLHOLEGO

12. Ke eng fa re tlhomamisegile gore Jesu o itse sentle tsela e lefatshe le bopilweng ka yone?

12 Fa Modimo a ne a bopa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, Jesu o ne a le ‘fa thoko ga gagwe e le modiri yo o setswerere.’ (Diane 8:22, 30, 31; Bakolosa 1:15-17) Ka jalo, Jesu o tlhaloganya sentle tsela e lefatshe le bopilweng ka yone. O itse go dirisa le go laola dilo tsotlhe tsa tlholego.

Ke eng se se go kgatlhang ka tsela e Jesu a neng a dirisa maatla a gagwe a go dira dikgakgamatso ka yone? (Bona serapa 13, 14)

13, 14. Naya sekai sa kafa Keresete a neng a kgona go laola maatla a tlholego ka gone.

13 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore Modimo o mo neile maatla a go laola dilo tsa tlholego. Ka sekai, akanya kafa Jesu a neng a laola ka gone phefo e kgolo ya matsubutsubu. (Bala Mareko 4:37-39.) Moithuti mongwe wa Baebele a re lefoko la Segerika e leng “phefo e kgolo ya matsubutsubu” le le mo bukeng ya ga Mareko, le dirisiwa go tlhalosa setsuatsue se se bogale thata kgotsa kgwanyape. Le kaya setsuatsue se se tlang ka maru a mantsho, diphefo tse di maatla, dikgadima le ka merwalela. Fa se setse se fetile, go sala go tlhakatlhakane. Moaposetoloi Mathaio o bitsa setsuatsue seno a re ke “khuduego e kgolo.”—Mathaio 8:24.

14 Akanya ka seno: Makhubu a lewatle a ne a itaya mokoro e bile metsi a ne a tshelegela mo go one kgapetsakgapetsa. Le fa setsuatsue se ne se tsositse modumo o mogolo e bile mokoro o kgaphea mo lewatleng, Jesu ene o ne a robetse ka gonne a ne a na le letsapa. Mme barutwa bone ba ne ba tshogile ka jalo, ba ne ba tsosa Jesu ba mo raya ba re: “Re tloga re nyelela!” (Mathaio 8:25) Jesu o ne a dira eng? O ne a tsoga mme a raya phefo le lewatle a re: “Kgaotsa! Didimala!” (Mareko 4:39) Go ne ga re saa! “Mme . . . ga nna le tshisibalo e kgolo.” Ruri seno ke sekai se se molemo tota sa kafa Jesu a neng a laola maatla a tlholego ka gone!

15. Jehofa o ile a bontsha jang gore o kgona go laola maatla a tlholego?

15 Jehofa ke ene a nayang Keresete maatla, ka jalo, re ka tlhomamisega gore Modimo Mothatayotlhe o kgona go laola maatla a tlholego. Ka sekai, pele ga Morwalela, Jehofa o ne a re: “Mo malatsing a le supa fela a a tlang ke dira gore pula e ne mo lefatsheng malatsi a le masome a manè le masigo a le masome a manè.” (Genesise 7:4) Gape, Ekesodo 14:21 ya re: “Jehofa a dira gore lewatle le boele morago ka phefo e e maatla ya botlhaba.” Mme Jona 1:4 yone ya re: “Jehofa ka boene a romela phefo e kgolo kwa lewatleng, mme ga nna setsuatsue se segolo mo lewatleng; mme sekepe, se ne se tloga se thubega.” Go nametsa pelo go itse gore mo lefatsheng le lesha, Jehofa o tla laola dilo tse di mo lefatsheng.

16. Ke eng fa go kgothatsa go itse gore Jehofa le Jesu ba na le maatla a go laola dilo tsa tlholego?

16 Go a kgothatsa go itse gore Jehofa le Jesu ba na le maatla a go laola dilo tsa tlholego. Ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, mongwe le mongwe yo o mo lefatsheng o tla bo a sireletsegile. Ga go ope yo o tla gobadiwang kgotsa a bolawa ke masetlapelo a tlholego a a jaaka ditsokotsane, ditsunami, makgwamolelo kgotsa dithoromo tsa lefatshe. Ga go kitla go nna le masetlapelo le e seng ka gonne “Mogope wa Modimo” o tla nna mo bathong! (Tshenolo 21:3, 4) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla naya Jesu maatla a go laola dilo tsa tlholego ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete.

ETSA MODIMO LE KERESETE GONE JAANONG

17. Tsela nngwe e re ka etsang Modimo le Keresete ka yone ke efe?

17 Ke boammaaruri gore ga re kgone go thibela masetlapelo a tlholego. Jehofa le Jesu ke bone fela ba ba nang le bokgoni joo. Mme go na le sengwe se re ka se dirang. Re ka dirisa kgakololo e e mo go Diane 3:27. (E bale.) Fa Bakeresete ka rona ba boga, re ka ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang le ka go ba kgothatsa. (Diane 17:17) Ka sekai, re ka ba thusa fa go na le masetlapelo a tlholego. Motlholagadi mongwe yo o neng a latlhegelwa ke ntlo fa kgwanyape e sena go feta, o ne a re: “Ke leboga phuthego ya ga Jehofa fela thata, e seng fela ka gonne ba nthusitse ka dilo tse ke di tlhokang mme gape le ka go nthusa ka dilo tsa semoya.” Kgaitsadi yo mongwe ene o ne a kgobegile marapo fa ntlo ya gagwe e se na go tsewa ke setsuatsue. Fa bakaulengwe ba sena go mo thusa go e baakanya, o ne a re: “Ga ke itse gore nka reng! Ba ntswetse molomo.” O ne a oketsa ka go re: “Ke a go leboga Jehofa!” Re leboga tota go bo bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba amega ka dilo tse re di tlhokang. Sa botlhokwa le go feta, re leboga fela thata go bo Jehofa le Jesu ba amega ka rona.

18. Lebaka la go bo Jesu a ne a dira dikgakgamatso le go ama jang?

18 Fa Jesu a ne a le mo bodireding, o ne a bontsha gore ke “maatla a Modimo.” Mme ga a ise a ko a dirise maatla a gagwe go kgatlha batho kgotsa go itsholegela molemo. Go na le moo, Jesu o ne a dirisa maatla a gagwe go dira dikgakgamatso ka gonne a ne a rata batho fela thata. Re tla ithuta ka seno mo setlhogong se se latelang.