Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lo Tlhoka Boitshoko”

“Lo Tlhoka Boitshoko”

FA Anita a nna Mosupi wa ga Jehofa, monna wa gagwe o ne a galefile fela thata. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) O ne a leka go mo thibela go ya dipokanong mme a mo laela gore a se ka a dirisa leina la Modimo. Fela fa a utlwa leina Jehofa, o galefa mo go maswe.

Mo godimo ga moo, monna wa ga Anita o ne a sa batle a ruta bana ba bone ka Jehofa kgotsa go tsamaya le bone go ya dipokanong. Go ne go le thata ka gonne Anita o ne a batla go thusa bana ba bone monna wa gagwe a sa itse.

Le wena go na le mongwe mo lelapeng la gago yo a ka nnang a leka go go thibela go direla Jehofa. Kgotsa o ka tswa o lebane le boemo bongwe jo bo thata. Gongwe o na le lobaka lo loleele o lwala. Gongwe ngwana, monna kgotsa mosadi wa gago o ile a tlhokafala. Kgotsa gongwe mongwe wa losika o ile a tlogela Jehofa. Mo maemong ano otlhe, ke eng se o ka se dirang gore o nne o ikanyega mo go Jehofa?

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lo tlhoka boitshoko.” (Bahebera 10:36) Ka jalo, ke eng se se ka go thusang gore o kgone go itshoka?

KOPA JEHOFA GORE A GO THUSE

Fa o boga, se lebale gore o tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore a go thuse go itshoka. Mo kope gore a go thuse. Ke se Ana a ileng a se dira fa mogatse a ne a tlhokafala ka tshoganyetso. Ba ne ba na le dingwaga di le 30 ba le mo lenyalong. Ana a re: “Ga ke a mmona le e seng. O ne a na le dingwaga di le 52 fela.”

Ana o ne a tshwaregile kwa tirong mme gone seo se ne se sa okobatse botlhoko jo a neng a bo utlwa. O ile a dira eng? A re: “Ke ne ka bulela Jehofa mafatlha mme ka mo kopa gore a nthuse.” O a itse gore Jehofa o ne a mo thusa ka gonne fa a sena go rapela, o ne a ikutlwa a le mo kagisong e bile a wetse pelo. Mme a re: “Ga ke na pelaelo ya gore Jehofa o tla tsosa monna wa me mo baswing.”—Bafilipi 4:6, 7.

Jehofa o solofetsa batlhanka ba gagwe gore o tla ba utlwa fa ba mo rapela. (Pesalema 65:2) Mme o tla ba naya sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba kgone go tswelela ba mo direla. Le fa go ka nna thata jang, Jehofa o tla go thusa gore o nne o ikanyega mo go ene.

SE KATOGELE KGAKALA LE BAKAULENGWE BA GAGO

Go na le tsela e nngwe gape e Jehofa a re thusang ka yone gore re itshoke. O re neile bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo phuthegong. Re ka ithuta sengwe mo tseleng e bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba neng ba thusana ka yone fa ba ne ba bogisiwa. Ka nako eo, ba ne ba tlhoka go nna ba kgothatsana. (1 Bathesalonika 2:14; 5:11) Ba ne ba thusana gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa ka go kopana mmogo le go se katogane. Re ka dira eng gore re nne re ikanyega mo go Jehofa fela jaaka bakaulengwe ba kwa Thesalonika?

Re tshwanetse go nna le botsala jo bo atamalaneng thata le Bakeresete ba bangwe mme re kgothatsane, segolobogolo ka dinako tsa mathata. (Baroma 14:19) Moaposetoloi Paulo o ne a bogisiwa e bile a na le mathata a mangwe mme Jehofa o ne a mo naya maatla a go itshoka. Ka sekai, Jehofa o ne a dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgothatse Paulo. Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana ka ditsala tsa gagwe: “Ba nnile thuso e e nnonotshang.” (Bakolosa 4:10, 11) Bakaulengwe bano ba ne ba rata Paulo fela thata. Ka jalo, fa a ne a tlhoka thuso, ba ne ba mo gomotsa le go mo kgothatsa. Gongwe o ka akanya ka dinako dingwe fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba bua kgotsa ba dira sengwe se se ileng sa go kgothatsa.

KOPA BAGOLWANE GORE BA GO THUSE

Gape Jehofa o dirile gore go nne le bagolwane mo phuthegong. Banna bano ba ka go kgothatsa le go go naya kgakololo e e molemo e e tswang mo Baebeleng. Ba ntse “jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” (Isaia 32:2) Go a kgothatsa go itse gore bakaulengwe bano ba nna ba iketleeleditse go re thusa. Ka jalo, fa go le thata, bua le bagolwane. Ba ka go thusa gore o tswelele o direla Jehofa.

Ke boammaaruri gore bagolwane ba ka se rarabolole mathata otlhe a gago ka gonne le bone ga ba itekanela. (Ditiro 14:15) Mme gone, o tla ikutlwa botoka fa o ya kwa mogolwaneng mme a bo a rapela Jehofa a mo kopa gore a go thuse. (Jakobe 5:14, 15) Ka sekai, bagolwane ba ne ba kgothatsa mokaulengwe wa kwa Italy yo o nang le dingwagangwaga a ntse a tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi. Mokaulengwe yoo a re: “E re ka bakaulengwe ba ne ba nthata e bile ba nkgatlhegela, ke ile ka kgona go itshoka.” Fa o boga, Jehofa o lebeletse gore o kope bagolwane gore ba go thuse.

TLHOMA MOGOPOLO MO GO DIRELENG JEHOFA

Fa re tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa, re tla kgona go bona fa a re thusa. Ke se John a ileng a se dira. Fa a na le dingwaga di le 39, dingaka di ile tsa lemoga gore o na le mofuta mongwe o o sa tlwaelegang wa kankere. O ne a tsaya gore se se mo diragaletseng ga se a siama le e seng ka gonne o ne a sa ntse a le monnye thata. O ne a tshwenyegile ka mosadi wa gagwe le morwaabone yo o neng a na le dingwaga di le tharo fela. A re: “Mosadi wa me o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela nna le ngwana wa rona yo monnye mmogo le go nthusa gore ke ye ngakeng.” E re ka a ne a tshwanelwa ke go nkisa ngakeng, o ne a tsenwa ke letsapa le le tseneletseng le go nna le mathata a mala. Mme ga go felele foo. John o ne a lemoga gore rraagwe o tloga a swa le gore o tlhoka go tlhokomelwa.

Ke eng se se ileng sa thusa John le ba lelapa la gagwe mo nakong eo e e thata? Le fa John a ne a tlhola a lapile, o ne a tlhomamisa gore lelapa la gagwe le tlhomile mogopolo mo go direleng Jehofa. A re: “Re ne re nna gone kwa dipokanong, mo bodireding jwa tshimo e bile re tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha tota le fa go dira jalo go ne go le thata.” John o ne a lemoga botlhokwa jwa go boloka kamano ya gagwe le Jehofa e nonofile. Le fa kwa tshimologong a ne a gakgametse e bile a tshwenyegile, kgabagare o ne a ikutlwa a ritibetse thata. O ne a itse gore Jehofa o a mo rata le gore o mo naya maatla a a a tlhokang. Le wena Jehofa a ka go thusa ka tsela e e tshwanang fa o tshwenyegile kgotsa o tshogile. John a re: “Jehofa a ka go nonotsha fela jaaka a dirile ka nna.”

Fa o boga, gopola mafoko ano a ga Paulo: ‘O tlhoka boitshoko.’ Ikaege ka Jehofa ka go mo rapela. Se katogele kgakala le bakaulengwe ba gago mo phuthegong, kopa bagolwane gore ba go thuse mme nna o tlhomile mogopolo mo go obameleng Jehofa. O tla go thusa ka bothata bope fela jo o ka nnang le jone gone jaanong kgotsa jo bo tla nnang gone mo isagweng.

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.