Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo I

Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo I

“A leina la gago le itshepisiwe.”—MATHAIO 6:9.

1. Fa re rerela batho, re ka dirisa jang thapelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:9-13?

BATHO ba le bantsi ba itse mafoko a thapelo e e mo go Mathaio 6:9-13. Fa re rerela batho, re dirisa mafoko a thapelo eno go ba ruta gore Bogosi ke puso ya Modimo e e tlileng go fetola lefatshe gore le nne paradaise. Gape re dirisa mafoko a a reng “a leina la gago le itshepisiwe,” go bontsha batho gore Modimo o na le leina le gore re tshwanetse go le tsaya le le boitshepo.—Mathaio 6:9.

2. Re itse jang gore Jesu o ne a sa batle gore re boaboeletse mafoko a le mangwe fela nako le nako fa re rapela?

2 A Jesu o ne a batla gore fa re rapela, re boaboeletse mafoko a a neng a a dirisa fela jaaka batho ba dira gompieno? Nnyaa. Jesu o ne a re: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe.” (Mathaio 6:7) Nako nngwe, fa a ne a ruta barutwa ba gagwe kafa ba ka rapelang ka gone, o ile a boeletsa thapelo eo mme ga a ka a dirisa mafoko a a tshwanang kgo. (Luke 11:1-4) Ka jalo, Jesu o ne a re naya thapelo ya sekao go re ruta gore ke dilo dife tse re tshwanetseng go di rapelela.

3. Ke dipotso dife tse o ka ipotsang tsone fa o ntse o ithuta thapelo ya Morena?

3 Mo setlhogong seno le se se latelang, re tlile go sekaseka thapelo eno ka ketlotlhoko. Fa re ntse re ithuta, ipotse, ‘Thapelo eno e ka nthusa jang gore ke akaretse dilo tsa botlhokwa fa ke rapela?’ Mme sa botlhokwa le go feta, ‘A ke tshela go dumalana le thapelo eno?’

“RRAARONA YO O KWA MAGODIMONG”

4. Mafoko a reng “Rraarona” a re gopotsa eng, mme Jehofa ke Rraarona ka tsela efe?

4 Jesu o ile a simolola go rapela a re, “Rraarona.” Seno se re gopotsa gore Jehofa ke Rre wa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe. (1 Petere 2:17) Batho ba Jehofa a ba tlhophileng go ya go tshela kwa legodimong ke bana ba gagwe, ka jalo, ke Rraabone ka tsela e e kgethegileng. (Baroma 8:15-17) Batho ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng le bone ba ka mmitsa “Rara.” Jehofa o ba naya botshelo e bile o ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang mme a dira jalo ka lorato. Ba tla bidiwa “bana ba Modimo” morago ga gore ba itekanele le go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa go fitlha ka teko ya bofelo.—Baroma 8:21; Tshenolo 20:7, 8.

5, 6. Ke mpho efe e e tlhwatlhwakgolo e batsadi ba ka e nayang bana ba bone, mme ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go dira eng ka yone? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 Batsadi ba a bo ba naya bana mpho fa ba ba thusa go tlhaloganya gore Jehofa ke Rraabone yo o kwa magodimong le fa ba ba ruta go mo rapela. Molebedi mongwe wa potologo wa Afrika Borwa a re: “Go tloga fela ka nako ya fa bomorwadiarona ba sena go tsholwa, ke ne ke tlhola ke rapela le bone bosigo bongwe le bongwe, ntle le fa ke ne ke seyo kwa lapeng. Gantsi ba ne ba a tle ba re ga ba gopole sentle mafoko a ke neng ke a bua fa ke rapela le bone bosigo. Le fa go ntse jalo, ba gopola moya o o neng o rena ka nako eo, bomasisi jwa go bua le Rraarona e bong Jehofa le gore ba ne ba ikutlwa ba ritibetse e bile ba sireletsegile. Fa jaanong ba ne ba kgona go rapela, ke ne ka ba kgothaletsa gore ba buele kwa godimo fa ba rapela gore ke tle ke ba utlwe fa ba bolelela Jehofa se ba se akantseng le kafa ba ikutlwang ka gone. Eno e ne e le tshono e e itumedisang ya gore ke itse se se neng se le mo dipelong tsa bone. Mme seno se ne sa nthusa gore ke ba thapise sentle gore ba kgone go akaretsa dilo tsa botlhokwa tse di mo thapelong ya Morena gore dithapelo tsa bone di nne le bokao.”

6 Bomorwadie ba ne ba tswelela ba atamalane le Jehofa tota le fa ba ntse ba gola. Gone jaanong ba nyetswe e bile ba direla Jehofa ka nako e e tletseng le balekane ba bone. Mpho e e tlhwatlhwakgolo e batsadi ba ka e nayang bana ba bone, ke go ba ruta gore Jehofa ke Motho wa mmatota le gore ba ka kgona go nna ditsala tse di atamalaneng thata le Ene. Mme gone, ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go tswelela a na le botsala joo jo bo molemo le Jehofa.—Pesalema 5:11, 12; 91:14.

“A LEINA LA GAGO LE ITSHEPISIWE”

7. Re na le tshiamelo efe, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira?

7 Re na le tshiamelo ya go itse leina la Modimo le go nna “batho ba leina la gagwe.” (Ditiro 15:14; Isaia 43:10) Fa re rapela re re, “a leina la gago le itshepisiwe,” re a bo re re le nne boitshepo. Gape re kopa Jehofa gore a re thuse gore re se ka ra dira kgotsa ra bua sepe fela se se tla mo tlontlololang. Ga re a tshwanela go nna jaaka batho bangwe ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba sa dire se ba neng ba se ruta batho ba bangwe. Paulo o ne a ba kwalela jaana: “Leina la Modimo le tlhapadiwa ka ntlha ya lona mo ditšhabeng.”—Baroma 2:21-24.

8, 9. Naya sekai sa kafa Jehofa a thusang batho ba ba batlang go itshepisa leina la gagwe ka gone.

8 Re dira sotlhe se re ka se kgonang go tlotlomatsa leina la ga Jehofa. Kgaitsadi mongwe wa kwa Norway yo o nang le ngwana wa dingwaga tse pedi o ne a bua jaana fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala: “E ne e le nako e e boima mo botshelong jwa me. Ke ne ke rapela letsatsi le letsatsi, mo e ka nnang ura nngwe le nngwe, gore Jehofa a nneye maatla a gore ke se ka ka gatelelwa thata jaana mo maikutlong mo ke tla dirang ditshwetso tse di seng botlhale kgotsa ke sa ikanyege mme ka naya Satane tshono ya go kgoba Jehofa. Ke ne ke batla go galaletsa leina la ga Jehofa e bile ke batla gore morwaake a bone rraagwe gape kwa Paradaiseng.”—Diane 27:11.

9 A Jehofa o ne a araba dithapelo tsa gagwe? Ee. O ne a kgothadiwa ke go nna a atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Dingwaga di le tlhano moragonyana, o ne a nyalwa ke mogolwane. Morwaawe, yo jaanong a nang le dingwaga di le 20, ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng. A re: “Ke itumelela gore monna wa me o ne a nthusa go godisa ngwanake.”

10. Modimo o tla itshepisa leina la gagwe ka botlalo jang?

10 Jehofa o tla itshepisa leina la gagwe ka botlalo fa a tla bo a fedisa batho botlhe ba ba sa mo tlotleng le ba ba ganang gore e nne Mmusi wa bone. (Bala Esekiele 38:22, 23.) Ka nako eo, batho ba tla itekanela mme mongwe le mongwe kwa legodimong le mo lefatsheng o tla obamela Jehofa le go tlotlomatsa leina la Modimo le le boitshepo. Kwa bofelong, Rraarona yo o lorato o tla nna “dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 Bakorintha 15:28.

“A BOGOSI JWA GAGO BO TLE”

11, 12. Ka 1876, Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe go tlhaloganya eng?

11 Pele ga Jesu a boela kwa legodimong, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa ba re: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele mo nakong eno?” Jesu o ne a ba raya a re e ne e ise e nne nako ya gore ba itse gore Bogosi Jwa Modimo bo ne bo tla simolola go busa leng. O ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba tlhome mogopolo mo tirong e e botlhokwa ya go rera. (Bala Ditiro 1:6-8.) Mme gape o ne a ba ruta gore ba rapelele Bogosi Jwa Modimo gore bo tle le go nna ba bo lebeletse. Ke ka moo re sa ntseng re bo rapelela le gompieno.

12 Fa go ne go le gaufi gore Jesu a simolole go busa kwa legodimong, Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe gore ba itse gore seno se ne se tla diragala ka ngwaga ofe. Ka 1876, Charles Taze Russell o ne a kwala setlhogo se se reng, “Metlha ya Baditšhaba: E Khutla Leng?” O ne a tlhalosa gore “metlha e e supa” e go buiwang ka yone mo boporofeting jwa ga Daniele e tshwana le “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” tse go buiwang ka tsone mo boporofeting jwa ga Jesu. Setlhogo seno se ne se tlhalosa gore dinako tseo di ne di tla khutla ka 1914. * (Bona ntlha e e kwa tlase.)—Daniele 4:16; Luke 21:24.

13. Go ne ga direga eng ka 1914, mme fa e sa le ka ngwaga oo, ditiragalo tsa lefatshe di supa eng?

13 Ka 1914, ntwa e ne ya simologa kwa Yuropa mme go ise go ye kae e ne ya anama mo lefatsheng lotlhe. Ka ntlha ya ntwa eo, go ne ga nna le leuba le legolo. Mme kwa bowelong jwa ntwa eo, ka 1918, foluu e e kotsi e ne ya bolaya batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe go feta palo ya batho ba ba bolailweng ke ntwa. Dilo tseno tsotlhe e ne e le karolo ya “sesupo” se Jesu a neng a bua ka sone. Sesupo seno se ne se bontsha gore Jesu o ne a nna Kgosi kwa legodimong ka 1914. (Mathaio 24:3-8; Luke 21:10, 11) Mo go one ngwaga oo, o ne “a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” (Tshenolo 6:2) Jesu o ne a leleka Satane le madimona a gagwe kwa legodimong mme a ba latlhela mo lefatsheng. Morago ga moo, boporofeti jono bo ne jwa simolola go diragadiwa: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:7-12.

14. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa ntse re rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle? (b) Ke tiro efe e e botlhokwa e re tshwanetseng go e dira gone jaanong?

14 Boporofeti joo jo bo mo go Tshenolo kgaolo 12 bo re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa dilo tse di bosula di ne tsa simolola go direga mo lefatsheng ka nako e Jesu a neng a simolola go nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Le fa Jesu a busa kwa legodimong, Satane o sa ntse a busa lefatshe. Mme mo bogautshwaneng, Jesu o tla “digela phenyo ya gagwe” ka go tlosa bosula jotlhe mo lefatsheng. Go fitlha nako eo e goroga, re tswelela re rapela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle le go nna re tshwaregile ka go rera ka Bogosi joo. Tiro ya rona e diragatsa boporofeti jono jwa ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

“A THATO YA GAGO E DIRAGALE . . . MO LEFATSHENG”

15, 16. A go lekane go rapela gore thato ya Modimo e diragale mo lefatsheng? Tlhalosa.

15 Pele Adame le Efa ba leofa, thato ya Modimo e ne e dirwa mo lefatsheng. Ke ka moo Jehofa a neng a re sengwe le sengwe se ne “se le molemo tota.” (Genesise 1:31) Mme Satane o ne a tsuologa, ka jalo, fa e sa le ka nako eo, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba dira thato ya Modimo. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ka nna dimilione di le robedi ba ba direlang Jehofa gompieno. Ba rapela gore thato ya Modimo e diragale mo lefatsheng fa ba ntse ba tsweletse pele go e diragatsa. Ba tshela ka tsela e e itumedisang Modimo e bile ba tlhagafaletse go ruta ba bangwe ka Bogosi jwa Gagwe.

A o ruta bana ba gago go dira thato ya Modimo? (Bona serapa 16)

16 Ka sekai, morongwa mongwe wa mo Afrika yo o nang le dingwaga di le 80 mme a kolobeditswe ka 1948 a re: “Gantsi ke rapela gore batho ba ka dumela go rutiwa Baebele mme ba thusiwe go itse Jehofa pele go nna thari. Pele ke rerela motho, ke kopa Jehofa gore a mphe botlhale gore ke kgone go fitlhelela pelo ya motho yoo. Mme ke rapela Jehofa gore a segofatse matsapa a rona a go ba thusa batho ba ba setseng ba reretswe.” Kgaitsadi yono yo o godileng o thusitse batho ba le bantsi gore ba ithute ka Jehofa. A o ka akanya ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba tlhagafaletseng go dira thato ya ga Jehofa?—Bala Bafilipi 2:17.

17. O ikutlwa jang ka se Jehofa a tla se direlang batho mo isagweng?

17 Re tla tswelela re rapelela gore thato ya ga Jehofa e diragale, go fitlha a fedisa baba ba gagwe mo lefatsheng. Go tswa foo, lefatshe le tla dirwa paradaise mme batho ba le dibilione ba tla tsosiwa mo baswing. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Akanya fela kafa re tla bong re itumetse ka gone go amogela batho ba re ba ratang ba ba tla bong ba tsositswe! Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe” mo matlhong a rona. (Tshenolo 21:4) Bontsi jwa batho ba ba tla bong ba tsositswe e tla bo e le “ba ba sa siamang,” ba ba iseng ba tsamaye ba ithute boammaaruri ka Jehofa le Jesu. Re tla itumelela go ba ruta thato ya Modimo gore ba tle ba nne le “botshelo jo bo sa khutleng.”—Ditiro 24:15; Johane 17:3.

18. Ke eng se batho ba se tlhokang thata?

18 Bogosi Jwa Modimo bo tla tla go itshepisa leina la gagwe mme batho botlhe ba tla obamela Jehofa ba le seoposengwe. Modimo o tla naya batho dilo tse ba di tlhokang thata fa a tla bo a araba dilo tsa ntlha tse tharo tse di mo thapelong ya Morena. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dilo tse dingwe tsa botlhokwa tse Jesu a neng a re ruta gore re di rapelele.

^ ser. 12 Go bona kafa re itseng ka gone gore boporofeti jono bo diragaditswe ka 1914, leba buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mo go tsebe 215-218.