Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo II

Tshela go Dumalana le Thapelo ya Morena—Karolo II

“Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang.”—MATHAIO 6:8.

1-3. Ke ka ntlha yang fa kgaitsadi mongwe a ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a itse se a se tlhokang?

MMULATSELA wa ka metlha e bong Lana, a ka se tsoge a lebetse se se neng sa mo diragalela fa a ne a etetse kwa Jeremane ka 2012. O akanya gore Jehofa o ne a araba dithapelo tsa gagwe tse pedi. Fa a ntse a le mo tereneng a ya kwa boemafofaneng, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go bona motho yo a ka mo rerelang. Fa a goroga koo, o ne a lemoga gore sefofane ga se kitla se tsamaya ka nako eo mme se tla tsamaya mo letsatsing le le latelang. Lana o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse ka gonne o ne a dirisitse bontsi jwa madi a gagwe e bile a tlhoka kwa a ka latsang tlhogo gone bosigo joo.

2 E rile fela fa a sena go rapela, o ne a utlwa mongwe a mo raya a re, “Dumela, Lana, o dira eng fano?” E ne e le motho yo a kileng a bo a tsena sekolo le ene. O ne a na le mmaagwe le mmèmogoloagwe mme ba mo buledisa ka gonne o ne a ya kwa Afrika Borwa. Fa Lana a ne a ba bolelela bothata jo a neng a le mo go jone, mmè le mmèmogolo yono ba ne ba mo kopa gore a tle go nna le bone. Ba ne ba mmotsa dipotso tse dintsi tse di malebana le bodumedi jwa gagwe le ka tiro ya gagwe ya bobulatsela.

3 Letsatsi le le latelang mo mosong morago ga sefitlholo, Lana o ne a araba dipotso di le dintsi tse ba neng ba di botsa tse di malebana le Baebele. O ne a ba kopa gore ba mo neye tshedimosetso e a ka ikgolaganyang le bone ka yone gore mongwe a tle go ba arabela dipotso tse dingwe tse ba nang le tsone. Lana o ne a boela gae a sireletsegile, e bile e sa ntse e le mmulatsela. O tlhomamisegile gore Jehofa o utlwile dithapelo tsa gagwe, o ne a itse se a se tlhokang e bile o ne a mo thusa.—Pesalema 65:2.

Ga re tlhoke go tlhobaela ka se re se tlhokang mo isagweng

4. Ke dilo dife tsa botlhokwa tse re tla di sekasekang?

4 Fa re na le bothata bongwe, go motlhofo go rapela Jehofa gore a re thuse mme o itumelela go utlwa dithapelo tsa rona. (Pesalema 34:15; Diane 15:8) Mme gone, thapelo ya ga Jesu e re ruta gore go na le dilo tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di rapelela. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dintlha di le nnè tsa bofelo tse di mo thapelong eno tse di ka re thusang go nna re ikanyega mo go Jehofa.—Bala Mathaio 6:11-13.

“RE FE GOMPIENO SENKGWE SA RONA SA LETSATSI LENO”

5, 6. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re ruta go kopa re re, “senkgwe sa rona” le fa gone re ka tswa re na le dijo tse dintsi?

5 Jesu o re rutile go rapela re re, “senkgwe sa rona,” e seng “senkgwe sa me.” Molebedi wa potologo kwa Afrika, e bong Victor a re: “Nako le nako ke leboga Jehofa gore nna le mosadi wa me ga re tlhoke go tlhobaela thata ka gore re tla ja eng kgotsa gore ke mang yo o tla duelang rente. Bakaulengwe ba rona ba nna ba re thusa ka dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi. Mme gone, ke rapela gore ba ba re thusang ba tle ba kgone go emelana le kgatelelo ya maemo a ikonomi.”

6 Re ka tswa re na le dijo tse dintsi mme bakaulengwe ba rona ba le bantsi ba dikobo di khutshwane. Gape bangwe ba amiwa ke masetlapelo a tlholego. Le fa gone re ka ba rapelela, gape re ka ba thusa ka sengwe. Ka sekai, re ka ba abela se re nang le sone. Gape re ka ntsha meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe ya batho ba ga Jehofa. Re a itse gore meneelo ya rona e thusa bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang.—1 Johane 3:17.

7. Jesu o ne a ruta jang gore re ‘se ka le ka motlha ra tlhobaela kaga letsatsi le le latelang’?

7 Thapelo ya ga Jesu e re ruta gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo go rateng dikhumo. Jesu a re fa e le gore Jehofa o apesa dimela tsa naga, “a go na le moo ga a na a apesa lona bogolo, lona ba lo nang le tumelo e potlana? Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, . . . ‘Re tla apara eng?’” Gape, o ne a boeletsa a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang.” (Mathaio 6:30-34) Ga re tlhoke gore re tlhobaele ka se re se tlhokang mo isagweng. Go na le moo, re tshwanetse go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi. Ka sekai, re ka rapelela go nna le legae, tiro ya boitshediso gore re tlhokomele ba malapa a rona, le botlhale gore re dire ditshwetso tse di siameng malebana le botsogo jwa rona. Mme go na le sengwe se se botlhokwa thata se re tshwanetseng go se rapelela.

8. Mafoko a ga Jesu a a ka ga senkgwe sa rona sa letsatsi a re gopotsa eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

8 Mafoko a ga Jesu a a ka ga senkgwe sa rona sa letsatsi a re gopotsa sengwe se a se buileng: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Ka jalo, re tshwanetse go rapela gore Jehofa a tswelele a re ruta le go re naya se re se tlhokang gore re nne re le gaufi le ene.

“RE ITSHWARELE MELATO YA RONA”

9. Ke ka ntlha yang fa maleo a rona a tshwana le melato?

9 Jesu o ne a re: “Re itshwarele melato ya rona.” Gape, o kile a re: “Re itshwarele maleo a rona.” (Mathaio 6:12; Luke 11:4) O ne a bua jalo ka gonne maleo a rona a tshwana le melato. Ka 1951, makasine wa The Watchtower o ne wa tlhalosa gore fa re leofa, go ntse jaaka e kete re kolota Jehofa. Re kolota Jehofa lorato lwa rona le go nna boikobo. Ka jalo, fa re leofela Modimo, ga re mo duele se re mo kolotang sone. The Watchtower ya re fa Jehofa a batla, o ne a ka fedisa botsala jwa rona le ene. Makasine ono wa oketsa ka go re: “Go dira boleo ke go sa rate Modimo.”—1 Johane 5:3.

Nna o leboga go bo Jehofa a ntshitse setlhabelo sa thekololo

10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a kgona go itshwarela maleo a rona mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka seo?

10 Ruri re leboga fela thata go bo Jehofa a ntshitse setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu gore a re itshwarele maleo! Letsatsi le letsatsi re tlhoka gore Jehofa a re itshwarele. Jesu ga a bolo go re swela dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng mme setlhabelo seo se sa ntse se re solegela molemo. Ka metlha re tshwanetse go leboga Jehofa go bo a re neile mpho eno e e tlhwatlhwakgolo. Ga go ope wa rona yo o ka bong a ntshitse thekololo e e tlhokegang gore re gololwe mo boleong le mo losong. (Bala Pesalema 49:7-9; 1 Petere 1:18, 19.) Mafoko a a mo thapelong ya Morena a a reng, “re itshwarele maleo a rona” a re gopotsa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tlhoka thekololo eno fela jaaka rona. Tota le Jehofa o batla gore re akanye ka bone le ka kamano ya bone le ene. Seno se akaretsa go ba itshwarela ka bonako fa ba re leofetse. Go le gantsi ba a bo ba re diretse diphoso tse dinnye fela mme gone, fa re itshwarela bakaulengwe ba rona, re a bo re bontsha gore re a ba rata. Gape, re tla bo re bontsha gore re lebogela gore Jehofa o a re itshwarela.—Bakolosa 3:13.

11. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re itshwarele ba bangwe?

11 E re ka re sa itekanela, ka dinako tse dingwe go ka nna thata gore re itshwarele batho ba ba re kgopisang. (Lefitiko 19:18) Fa re ka simolola go bolelela batho ka se ba re dirileng sone, bangwe mo phuthegong ba ka tsenelela mo dikgannyeng tsa lona mme seo se ka senya kutlwano ya phuthego. Fa re tswelela re dira jalo, re tla bo re bontsha gore ga re tseye mpho eno ya Modimo ya thekololo e le tlhwatlhwakgolo e bile ga e kitla e re solegela molemo. (Mathaio 18:35) Fa re sa itshwarele ba bangwe, Jehofa ga a kitla a re itshwarela. (Bala Mathaio 6:14, 15.) Gape, fa re batla gore Jehofa a re itshwarele, ga re a tshwanela go nna re dira dilo tse a di tlhoileng.—1 Johane 3:4, 6.

Fa o batla gore Modimo a go itshwarele, o tshwanetse itshwarela ba bangwe (Bona serapa 11)

“O SE KA WA RE TSENYA MO THAELONG”

12, 13. (a) Go ne ga diragala eng ka Jesu fa a sena go kolobediwa? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go pega ba bangwe molato fa re wetse mo thaelong? (c) Jesu o ne a bontsha eng ka go nna a ikanyega go fitlha a tlhokafala?

12 Mafoko a a mo thapelong ya Morena a a reng, “o se ka wa re tsenya mo thaelong” a re gopotsa se se ileng sa diragalela Jesu moragonyana fa a sena go kolobediwa. Moya wa Modimo o ne wa mo gogela kwa nageng “go ya go raelwa ke Diabolo.” (Mathaio 4:1; 6:13) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letlelela seno go direga? Jehofa o ne a romela Jesu mo lefatsheng gore a tle go rarabolola kgang e Adame le Efa ba neng ba e tsosa fa ba ne ba tsuologela bolaodi jwa ga Jehofa. Botsuolodi joo bo ile jwa tsosa dipotso di le dintsi tse go neng go tla tlhoka nako gore di arabiwe. Ka sekai, a go ne go na le phoso nngwe e Jehofa a e dirileng go ya kafa a bopileng batho ka gone? A motho yo o itekanetseng a ka tswelela a ikanyega mo go Jehofa fa a raelwa ke “yo o boikepo”? Gape, a go ne go tla bo go le botoka gore batho ba ipuse? (Genesise 3:4, 5) Fela fa Jehofa a kgotsofaletse dikarabo tsa dipotso tseno tsotlhe, mongwe le mongwe kwa legodimong le mo lefatsheng o tla itse gore tsela e Jehofa a busang ka yone ke e e molemolemo.

Re ka ikanyega mo go Jehofa le fa re lebane le maemo a a thata

13 Jehofa o boitshepo, ka jalo a ka se raele batho ka dilo tse di bosula. Satane ke ene “Moraedi.” (Mathaio 4:3) Satane o leka go re raela ka ditsela tse dintsi. Mme gone re kgona go itlhopela. Mongwe le mongwe o kgona go itirela tshwetso ya gore a o tla raelwa kgotsa nnyaa. (Bala Jakobe 1:13-15.) Fa Jesu a se na go lekwa ke Satane, o ne a mo gana ka go nopola Lefoko la Modimo. Jesu o ne a ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo, Satane ga a ka a ineela. O ne a letela “nako e nngwe e e mo siametseng” gore a mo raele. (Luke 4:13) Go sa kgathalesege matsapa a Satane a a tsereng go mo raela, Jesu o ne a nna a ikanyega mo Modimong jaaka Molaodi wa gagwe. O ne a bontsha gore motho yo o itekanetseng a ka kgona go ikanyega mo go Jehofa le fa a lebane le maemo a a thata. Mme gone, Satane o leka go raela balatedi ba ga Jesu, go akaretsa le wena, gore o se ka wa ikobela Jehofa.

Jehofa o a itse gore re batla go ikanyega mo go ene e bile o batla go re thusa

14. Re tshwanetse go dira eng gore re se ka ra wela mo thaelong?

14 Dipotso tse di boditsweng ka bolaodi jwa ga Jehofa di sa ntse di tlhoka go arabiwa. Gone jaanong, Jehofa o letla Satane go re raela. Ga se Jehofa a re ‘tsenyang mo thaelong.’ Ka jalo, o a itse gore re batla go ikanyega mo go ene e bile o batla go re thusa. Mme ga a re pateletse go dira se se siameng. O tlotla tshwanelo ya rona ya go itlhopela. Ka jalo, o letla gore re itlhophele gore a re tla ikanyega mo go ene kgotsa nnyaa. E le gore re se ka ra wela mo thaelong, re tshwanetse go dira dilo tse pedi: go atamalana thata le Jehofa le go nna re rapelela thuso ya gagwe. Jehofa o araba jang dithapelo tsa rona gore re se ka ra wela mo thaelong?

Atamalana le Jehofa o bo o tlhagafalele bodiredi (Bona serapa 15)

15, 16. (a) Re tshwanetse go fenya dithaelo dife? (b) Ke mang yo re tshwanetseng go mmona molato fa re wetse mo thaelong?

15 Jehofa o re naya maatla a gagwe, e leng moya o o boitshepo, go re thusa go lwa kgatlhanong le dithaelo tsa ga Satane. Gape Jehofa o re neile Baebele le phuthego ya gagwe go re tlhagisa ka dikotsi tseo. Ka sekai, o re tlhagisa gore re se ka ra fetsa nako e ntsi, madi le maatla a rona mo dilong tse tota re sa di tlhokeng. Espen le Janne ba nna kwa nageng e e humileng kwa Yuropa. E ne e le babulatsela ba ka metlha ka dingwaga di le dintsi e bile ba direla kwa karolong nngwe ya naga kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi. Fa ba sena go nna le ngwana, ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela tirelo ya bobulatsela, mme gone jaanong ba na le bana ba babedi. Espen a re: “E re ka gone jaanong re sa tlhole re kgona go fetsa nako e ntsi mo bodireding, gantsi re rapela Jehofa gore re se ka ra wela mo thaelong. Re kopa Jehofa gore a re thuse go nna re nonofile semoyeng le go nna re tlhagafetse mo bodireding.”

16 Thaelo e nngwe e re tshwanetseng go lwa le yone ke ya go lebelela tshedimosetso e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Fa re wela mo thaelong eo, re ka se bone Satane molato. Ka ntlha yang? Ka gonne Satane le lefatshe la gagwe ba ka se re pateletse go dira dilo tse di phoso. Bangwe ba leba tshedimosetso ya tlhakanelodikobo ka gonne ba sa gane dikakanyo tse di sa siamang. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba fenya thaelo eo e bile le rona re ka kgona e fenya.—1 Bakorintha 10:12, 13.

“RE GOLOLE MO GO YO O BOIKEPO”

17. (a) Re ka bontsha jang gore re batla gore Jehofa a re “golole mo go yo o boikepo”? (b) Re tla itumedisiwa ke eng mo bogautshwaneng?

17 Re ka bontsha jang gore re batla Jehofa a re “golole mo go yo o boikepo”? Ga re a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe” le go “rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng.” (Johane 15:19; 1 Johane 2:15-17) A bo go tla itumedisa jang ne fa Jehofa a tlosa Satane le go fedisa lefatshe leno le le boikepo! Mme go fitlha ka nako eo, re tshwanetse go gopola gore Satane o na le “bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” O tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang gore re tlogele go direla Jehofa. Ka jalo, re tshwanetse go tswelela re kopa Jehofa gore a re sireletse mo go Satane.—Tshenolo 12:12, 17.

18. Re tshwanetse go dira eng fa re batla go falola bokhutlo jwa lefatshe la ga Satane?

18 A o batla go tshela mo lefatsheng le le se nang Satane? Ka jalo, nna o rapelele gore Bogosi Jwa Modimo bo tle, gore leina la Modimo le itshepisiwe le gore thato ya gagwe e diragale mo lefatsheng. Nna o kope Jehofa gore a go tlhokomele le go go naya sengwe le sengwe se o se tlhokang le gore o nne o ikanyega mo go ene. Ka jalo, dira sengwe le sengwe gore o tshele go dumalana le thapelo ya Morena.