Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Go Gakologelwa Lorato lo ke Neng Ke na Le Lone Pele go Nthusitse go Itshoka

Go Gakologelwa Lorato lo ke Neng Ke na Le Lone Pele go Nthusitse go Itshoka

KA June 1970, ke ne ke robetse kwa bookelong jwa Pennsylvania, United States ka ntlha ya mogare mongwe o o kotsi o o neng o ntshwaeditse. Ka nako eo, ke ne ke na le dingwaga di le 20 mme ke direla mo sesoleng. Mooki o ne a ntsaya madi morago ga metsotso mengwe le mengwe e le 30. Mooki yono yo o neng a mpheta ka dingwaga di se kae, o ne a lebega a tshwenyegile thata. Fa haebolate ya me e ntse e ya kwa tlase, ke ne ka mmotsa ka re, “A motho o kile a swa o mo lebile?” O ne a re, “Nnyaa,” a tlhontse sefatlhego. Ke ne ka tswa ka tshoba la mogodu. Mma ke go bolelele ka botshelo jwa me.

LEKGETLO LA NTLHA KWA NTWENG

Ke ne ka simolola go lwala fa ke ne ke le rabotegeniki ke bereka mo kamoreng ya go ara ka nako ya ntwa ya Vietnam. Ke ne ke rata go thusa batho ba ba lwalang le ba ba gobetseng e bile ke batla go nna ngaka ya moari. Ke ne ka goroga kwa Vietnam ka July 1969. Fela jaaka masole otlhe a masha, le nna ke ne ka letlelelwa gore ke fetse beke ke itlwaelanya le maemo a koo mmogo le mogote wa teng.

Ke ne ka abelwa go bereka mo kokelong ya sesole ya kwa Mekong Delta. Difofane di ne di tlisa masole a a gobetseng mo kokelong eo. Ke ne ke rata naga ya gaetsho e bile ke rata go bereka, ka jalo, ke ne ka thusa batho ba gaetsho ka bonako. Masole a a neng a gobetse a ne a baakanyediwa karo go tswa foo a bo a isiwa kwa dikamoreng tsa tshipi tse go neng go direlwa karo mo go tsone. Go ne go na le ngaka ya moari, ngaka e e kentang gore o se ka wa utlwa ditlhabi le baoki ba le babedi ba ba neng ba leka ka natla go boloka matshelo a batho. Ke ne ka bona dikgetsi tse dintsho tse di neng di sa folosiwe mo difofaneng mme moragonyana ka bolelelwa gore di ne di na le dikarolo tsa mebele ya masole a a neng a phamphamolotswe mo ntweng. Leo e ne e le lekgetlo la me la ntlha kwa ntweng.

KE SIMOLOLA GO BATLA MODIMO

Ke utlwile dikgang tse di molemo la ntlha ke sa le mmotlana

Ke ne ka utlwa boammaaruri mo Basuping ba ga Jehofa fa ke sa ntse ke le monnye. Mmè o kile a ithuta Baebele le bone mme ga a ka a kolobediwa. Mme nna, ke ne ke rata go nna gone fa ba ithuta. Nako nngwe nna le rre re ne ra feta fa Holong ya Bogosi mme ka mmotsa gore: “Ke eng selo se?” O ne a nthaya a re: “Batho bano o ba tshabele kgakala!” E re ka ke ne ke rata rre e bile ke mo ikanya, ke ne ka mo reetsa mme ka emisa go tlhola ke kopana le Basupi ba ga Jehofa.

Le fa go ntse jalo, fa ke boa kwa Vietnam, ke ne ke gopola dilo tse di botlhoko tse ke di boneng mme ka ntlha ya seo, ke ne ke sule maikutlo. Go bonala go ne go se ope yo o neng a tlhaloganya dilo tse di neng di direga kwa Vietnam. Ke gopola ke utlwa batho ba bitsa masole a U.S. ba re ke babolai ba bana ka gonne go ne go na le dipego tsa gore bana ba ba senang molato ba a bolaiwa. Dilo tseno tsotlhe di ne di dira gore ke ikutlwe ke batla go itse Modimo.

Ke ne ka simolola go etela dikereke tse di farologaneng. Ke ne ke rata Modimo mme ke sa rate dilo tse ke neng ke bona di dirwa mo dikerekeng tseo. Kgabagare ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi ya kwa Delray Beach, kwa Florida. La ntlha fa ke ya dipokanong e ne e le ka Sontaga wa February 1971.

Fa ke goroga, puo ya phatlalatsa e ne e le gone e felang mme ke ne ka nna gone mo Pokanong ya Tora ya Tebelo. Ga ke gopole gore setlhogo sa Tora se ne se reng mme gone ke gopola ke bona bana ba phetlha Dibaebele tsa bone ba batla ditemana. Ke ne ke kgatlhegile tota! Ke ne ke reeditse e bile ke etse dilo tlhoko. Fa ke setse ke re ke a tsamaya, mokaulengwe mongwe wa dingwaga di ka nna 80 o ne a tla kwa go nna. Leina la gagwe e ne e le Jim Gardner. O ne a nnaya buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng mme a re: “Tsaya buka ke eno.” Ke ne ka e tsaya mme ra rulaganya go simolola go ithuta Baebele mmogo ka Labone mo mosong.

Morago ga dipokano tsa Sontaga, ke ne ka tshwanelwa ke go ya tirong. Ke ne ke bereka mo kokelong ya Boca Raton, kwa Florida. Letsatsi leo ke ne ke tshwanetse go bereka go tloga ka ura ya lesome le bongwe bosigo go fitlha ka ura ya bosupa mo mosong. Go ne go sena balwetse ba bantsi mo bosigong joo ka jalo ke ne ka kgona go bala buka eo. Mooki mongwe o ne a e phamola mo go nna, a leba khabara ya yone mme a batla go itse gore a ke tla nna Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka e phamola mo go ene mme ka mmolelela gore le fa ke badile bontlha bongwe jwa buka eno, ke batla go nna Mosupi. O ne a tswa mo go nna mme ka fetsa go e bala yotlhe mo bosigong joo.

Morutisi wa me wa Baebele e ne e le mokaulengwe wa motlodiwa e bong Jim Gardner, yo o kileng a kopana le Charles Taze Russell

Ke ne ka simolola thuto ya me le Mokaulengwe Gardner ka go mmotsa go re: “Re tlile go ithuta eng?” A re: “Buka e ke go e neileng.” Ka mo raya ka re: “Ke feditse go e bala.” Mokaulengwe Gardner a re: “Fa go le jalo, a re simolole kgaolo ya ntlha.” Ke ne ke gakgamaditswe ke gore ke tlodile dintlha di le dintsi tota. O ne a nkopa gore ke bale ditemana go tswa mo Baebeleng ya King James Version. Jaanong ke ne ke ithuta ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Mo mosong oo, nna le Jim re ne ra fetsa dikgaolo di le tharo tsa buka eo. Go tswa foo, Labone mongwe le mongwe re ne re ithuta dikgaolo di le tharo. Ke ne ke natefelelwa ke dithuto tseo. E ne e le tshiamelo go rutiwa ke mokaulengwe yono wa motlodiwa yo o kileng a kopana le Charles T. Russell!

Morago ga dibeke di se kae ke ntse ke ithuta, ke ne ka tshwanelegela go rera dikgang tse di molemo. Go ne go se motlhofo go rera ka ntlo le ntlo mme gone Jim o ne a nthusa. (Ditiro 20:20) O ne a nthuta go rata bodiredi jwa tshimo. Ke tsaya bodiredi e le tshiamelo e kgolo e ke nang le yone. Ke itumelela go nna modirimmogo le Modimo!—1 Bakorintha 3:9.

LORATO LO KE NENG KE RATA JEHOFA KA LONE PELE

Jaanong, mma ke go bolelele ka sengwe se se gaufi thata le pelo ya me, lorato lo ke neng ke rata Jehofa ka lone pele. (Tshenolo 2:4) Lorato loo lo ne lwa nthusa gore ke kgone go itshokela dilo tse di botlhoko tse ke neng ka di bona di direga kwa ntweng le mathata a mangwe.—Isaia 65:17.

Go rata Jehofa go nthusitse gore ke kgone go itshokela dilo tse di botlhoko tse ke neng ka di bona di direga kwa ntweng le mathata a mangwe

Ke kolobeditswe ka July 1971 kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Divine Name” e e neng e tshwaretswe kwa Setadiamong sa Yankee

Ka 1971, ke ne ka bolelelwa gore ke tswe mo foleteng e mmè a neng a ntlogetse mo go yone. Goreng? Rre o ne a nteleka ka ke ne ke le Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ke sena madi a mantsi. Ke ne ke amogela morago ga beke tse pedi mme ke sa tswa go dirisa madi a ke nang le one go ithekela diaparo tsa tshimo ka gonne ke batla go emela Jehofa sentle. Ke ne ke na le madi mo bankeng mme gone ke a beile kwa gae kwa Michigan. Ka jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go fetsa malatsi ke nna mo koloing ya me. Ke ne ke tlhapa le go ipeola ditedu mo matlwaneng a karatšhe ya peterole.

Letsatsi lengwe fa ke ntse ke nna mo koloing, ke ne ka fetsa ka bonako kwa tirong mme ka ya kwa Holong ya Bogosi diura di le mmalwa pele ga nako ya pokano ya tirelo ya tshimo. Fa ke ntse ke letile kwa Holong ya Bogosi mme go se ope yo o mponang, ke ne ka simolola go akanya ka ditiragalo tsa kwa Vietnam. E ne e kete go nkga nama e e sheleng ya motho e bile e kete ke bona madi, mme ka simolola go tshwenyega thata. Go ne go ntse jaaka e kete ke utlwa le go bona makawana a ntse a re: “A o akanya gore ke tla fola? A o akanya gore ke tla fola?” Ke ne ke itse gore ba tlile go swa mme gone ke leka go ba gomotsa le go dira gore ba akanye gore tsotlhe di apere tshiamo. Fa ke ntse ke le kwa Holong ya Bogosi, ke ne ka aparelwa ke bohutsana.

Fa ke na le mathata, ke gopola kafa ke neng ke rata Jehofa ka gone kwa tshimologong

Ke ne ke rapela Jehofa ke lela botlhoko. (Pesalema 56:8) Ke ne ka simolola go akanyetsa kwa teng ka kgang ya tsogo ya baswi. E ne e le gone ke lemogang gore tsholofelo eno e maatla go le kana kang! Jehofa o tla tsosa makawana ao mme a tla nna le tshono ya go ithuta boammaaruri ka ene. Tsogo ya baswi e tla dirolola botlhoko jotlhe jo re bo utlwileng. (Ditiro 24:15) Go tlhaloganya seo go ile ga dira gore ke rate Jehofa le go feta. Letsatsi leo le sa ntse le kgethegile thata mo go nna. Fa e sa le go tloga ka nako eo, fa ke na le mathata, ke gopola lorato lo ke neng ke rata Jehofa ka lone pele.

JEHOFA GA A ISE A KO A NTSHWABISE

Le nna ke mongwe wa batho ba ba ileng ba dira dilo tse di bosula thata ka nako ya ntwa. Mme ke ile ka gomodiwa ke go tlhatlhanya ka ditemana tse pedi tse ke di ratang thata. Ya ntlha ke Tshenolo 12:10, 11, e e re bolelelang gore tiro ya rona ya go rera le madi a ga Jesu di fentse Diabolo. Ya bobedi ke Bagalatia 2:20, e e nkgopotsang gore Jesu o ile a ntshwela. Ke leboga thekololo ya ga Jesu ka gonne ka yone Jehofa o ile a intshwarela maleo. Ka jalo, gone jaanong segakolodi sa me se phepa e bile ke eletsa thata go bolelela batho ka Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko e bong Jehofa!—Bahebera 9:14.

Fa ke akanya ka dilo tse di ntiragaletseng mo botshelong, ke kgona go lemoga sentle gore ka dinako tsotlhe Jehofa o ne a ntlhokomela fela thata. Ka sekai, letsatsi le Jim a utlwileng ka lone gore ke ntse ke robala mo koloing, o ne a mpolelela ka kgaitsadi mongwe mme o ne a mphirisetsa kamore mo ntlong ya gagwe. Ke tlhomamisegile gore Jehofa ke ene a neng a dira gore Jim le kgaitsadi yoo ba mphe lefelo la go latsa tlhogo. Jehofa o pelonomi thata! O tlhokomela baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang.

GO ITHUTA GO TLHAGAFALA LE GO AKANYETSA MAIKUTLO A BA BANGWE

Ka May 1971, ke ne ka tshwanelwa ke go ya Michigan. Pele ke tsamaya, ke ne ka tsenya dikgatiso tse dintsi mo butung ya koloi ya me mme ka leba bokone. Pele ke tswa ka Georgia, ke ne ke setse ke abile dikgatiso tsotlhe. Ke rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi gongwe le gongwe fela kwa ke yang gone. Ke rera mo dikgolegelong e bile ke naya banna bangwe dipampitshana ba ntse ba le mo ntlwaneng. Ke sa ntse ke ipotsa gore go diragetse eng ka batho bao.—1 Bakorintha 3:6, 7.

La ntlha fa ke ithuta boammaaruri, ke ne ke sa akanyetse maikutlo a batho, segolobogolo fa ke bua le ba lelapa la gaetsho. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke phantsha fela. Ke rata bomorwarre, John le Ron fela thata mme fa ke ba rerela, ke ne ke ba pateletsa go amogela dilo tse ke di dumelang. Moragonyana, ke ne ka tshwanelwa ke go ba kopa maitshwarelo. Mme ke sa ntse ke eletsa gore e kete ba ka amogela boammaaruri. Fa e sa le go tloga ka nako eo, Jehofa o ile a nthusa gore ke akanyetse maikutlo a batho fa ke le mo bodireding le fa ke ruta.—Bakolosa 4:6.

BANGWE BA BATHO BA KE BA RATANG

Kamano ya me le Jehofa ke yone e tlang pele mo botshelong jwa me. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ke ba ratang thata, segolobogolo mosadi wa me e bong Susan. Ga ke bolo go batla go nyala mosadi yo o tla nthusang go tswelela ke direla Jehofa. Susan o rata Jehofa fela thata. Letsatsi lengwe fa re ne re ratana mme ke etetse batsadi ba gagwe kwa Rhode Island, o ne a ntse mo kgorong a bala Tora ya Tebelo le Baebele. Ke ne ke kgatlhiwa ke gore o ne a leba ditemana tsotlhe le fa a ne a ipalela fela. Ke ne ka lemoga gore kamano ya gagwe le Jehofa e botlhokwa fela thata mo go ene. Re nyalane ka December 1971. Ke leboga tota go bo ke na le mosadi yo o nkemang nokeng thata jaana. Se ke se ratang ka ene ke gore le fa a nthata, o rata Jehofa le go feta.

Ke na le mosadi wa me Susan le barwa ba rona e bong Paul le Jesse

Jehofa o re segofaditse ka basimane ba babedi e bong Jesse le Paul. Jehofa o ne a ba kaela fa ba ntse ba gola. (1 Samuele 3:19) Re itumedisiwa thata ke go ba bona ba na le kamano le Jehofa. Mongwe le mongwe wa bone o na le dingwaga di le 20 a direla Jehofa ka nako e e tletseng. Mme ba ntse ba tsweletse go mo direla ka gonne le bone ba gopola lorato lo ba neng ba mo rata ka lone pele. Ke motlotlo tota ka dingwetsi tsa me tse pedi e bong Stephanie le Racquel ba ke ba tsayang jaaka banake. Ke motlotlo thata go bo banake ba nyetse basadi ba ba ratang Jehofa fela thata e bile ba dirisa matshelo a bone go mo direla.—Baefeso 6:6.

Nna le ba lelapa la me re ne re rata go rera mo tshimong e e berekwang ka sewelo

Ke diretse kwa Rhode Island ka dingwaga di le 16 mme ke ile ka nna le ditsala di le dintsi. Ke sa ntse ke gopola bagolwane ba ke neng ke direla le bone mo phuthegong. Ke tshiamelo go direla Jehofa mmogo le banna ba ba sa ntseng ba gopola lorato lo ba neng ba rata Jehofa ka lone pele. Ka 1987, re ne ra fudugela kwa North Carolina kwa go neng go na le tlhokego e kgolo gone, mme fa re le koo re ile ra nna le ditsala tse dingwe tse dintsi thata. *—Bona ntlha e e kwa tlase.

Ke tshwere pokano ya tshimo fa ke ne ke le molebedi wa potologo

Ka August 2002, nna le Susan re ne ra lalediwa go nna maloko a Bethele ya kwa United States kwa Patterson. Ke ne ke bereka mo Lefapheng la Tirelo mme Susan ene a le kwa lefapheng la go tlhatswa diaparo mme a rata tiro ya gagwe fela thata! Ka August 2005, ke ne ka abelwa tshiamelo ya go nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelegele tshiamelo eno e ntšha. Susan le ene o ne a imetswe ke boikarabelo jono, tiro ya jone mmogo le go tsaya maeto. Ga se motho yo o ratang go tsamaya ka difofane mme re tsamaya ka tsone thata. Kgakololo e e lorato e a e newang ke basadi ba maloko a Setlhopha se se Laolang e mo thusitse fela thata. E mo tlhotlheleditse go nkema nokeng le go feta mme ke mo rata fela thata ka ntlha ya seo!

Ke na le ditshwantsho di le dintsi mo ofising ya me tse di nkgopotsang botshelo jo bo itumedisang jo ke nnileng jone. Jehofa o ile a ntshegofatsa fela thata ka gonne ke gopola lorato lo ke neng ke mo rata ka lone pele!

Ke itumela thata fa ke na le ba lelapa la me

^ ser. 30 Makasine wa Tora ya Tebelo ya March 15, 2006, tsebe 26, o na le tshedimosetso e e oketsegileng malebana le tirelo ya nako e e tletseng ya ga Mokaulengwe Morris.