Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

“A Ditlhaketlhake Tse Dintsi di Ipele”

“A Ditlhaketlhake Tse Dintsi di Ipele”

Ga nkitla ke lebala letsatsi lengwe fa ke ne ke le kwa Brooklyn. Nna le bakaulengwe ba bangwe ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe re ne re letile mo phaposing e Setlhopha se se Laolang se tshwarelang dipokano mo go yone, re letetse Komiti ya Bakwadi go tla go ba bontsha sengwe se se ka rarabololang mathata a baranodi ba lebanang le one, mme re tshogile. E ne e le ka May 22, 2000. Goreng pokano eno e ne e le botlhokwa thata jaana? Pele ga ke tlhalosa, mma ke lo tlotlele ka botshelo jwa me.

Ke kolobeditswe kwa Queensland, ka nna mmulatsela kwa Tasmania mme ka nna morongwa kwa Tuvalu, Samoa, le kwa Fiji

KE TSHOLETSWE kwa toropong ya Queensland, kwa Australia, ka 1955. Go ise go ye kae, mmè e bong Estelle o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a kolobediwa morago ga ngwaga mme rre ene e bong Ron a kolobediwa morago ga dingwaga tse 13. Ke kolobeditswe ka 1968 kwa motseselegaeng mongwe o o kgakala le Queensland.

Fa ke ne ke sa ntse ke le mosimane, ke ne ke rata go bala dibuka le go ithuta dipuo di sele. Nako le nako fa re tsaya maeto ka koloi, ke ne ke nna kwa morago ke bo ke bala buka nngwe. Seo se ka tswa se ne se kgoba batsadi ba me marapo ka gonne ke ne ke sa lebe bontle jwa naga, mme gone, se nthusitse gore ke dire bontle kwa sekolong. Ke ile ka bo ka gapa dikgele di le mmalwa fa ke le kwa sekolong se segolwane kwa setlhaketlhakeng sa Tasmania kwa toropong ya Glenorchy.

Ka nako eo, ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa ya gore a ke amogele basari ya go ya go ithuta kwa yunibesithing kana jang. Le fa gone ke ne ke rata dibuka e bile ke rata go ithuta, ke leboga tota go bo mmè a ile a nthuta go rata Jehofa go feta sepe fela. (1 Bakorintha 3:18, 19) Batsadi ba me ba ile ba nthusa go dira tshwetso ya gore fa ke fetsa sekolo, ke tsenele tirelo ya bobulatsela. Ke ne ka nna mmulatsela ka January 1971 fa ke le dingwaga di le 15.

Ke nnile le tshiamelo ya go nna mmulatsela ka dingwaga di le robedi kwa Tasmania. Ka nako eo, ke ne ka nyala mosetsana yo montle wa mo-Tasmania e bong Jenny Alcock. Re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng ka dingwaga di le nnè kwa torotswaneng ya Smithton kwa Queenstown.

RE NE RA NNA BARONGWA KWA DITLHAKETLHAKENG TSA KWA PACIFIC

Ka 1978, re ne ra ya kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Port Moresby, kwa Papua New Guinea. Ke gopola sentle morongwa mongwe a neela puo ka se-Hiri Motu. Le fa ke ne ke sa mo tlhaloganye, ke ne ka simolola go rata tirelo ya borongwa le go ithuta puo e sele gore ke kgone go kgothatsa bakaulengwe ka puo ya bone. Ke ne ka lemoga gore nka dirisa mpho eno ya go rata dipuo go direla Jehofa.

Fa re goroga kwa lapeng, re ne re gakgametse tota fa re fitlhela taletso ya gore re ye go nna barongwa. Ka January 1979, ke fa re goroga kwa setlhaketlhakeng sa Funafuti, kwa Tuvalu. Re fitlhetse go na le baboledi ba ba kolobeditsweng ba le bararo fela kwa Tuvalu.

Ke na le Jenny kwa Tuvalu

Go ne go se motlhofo go ithuta se-Tuvalu. “Tesetamente e Ntšha” e ne e le yone fela buka e e kwadilweng ka se-Tuvalu. Go ne go se na dikishinare kgotsa khoso ya go ithuta puo eo, ka jalo, re ne ra ithuta mafoko a le 10 go ya go a le 20 ka letsatsi. Go ise go ye kae, re ne ra lemoga gore re ne re sa tlhaloganye bokao jwa bontsi jwa mafoko a re neng re ithuta one. Go na le gore re rute batho gore madimona ga a siama re ne re ba ruta gore ba se ka ba dirisa dikale le dithobane tse di ikokotlelang! Re ne ra patelesega go ithuta puo eo ka gonne re ne re na le batho ba re ithutang Baebele le bone. Morago ga dingwaga tse dintsi, mongwe wa bone o ne a re raya a re: “Re itumela tota ka gonne jaanong lo kgona go bua puo ya rona. La ntlha, re ne re sa itse le gore lo batla go reng!”

Go na le sengwe se se ileng sa re thusa go ithuta puo eo ka bonako. Re ne ra tshwanelwa ke go ya go nna le lelapa la Basupi ka gonne go ne go se na ntlo e re ka e hirang. Re ne re patelesega go bua se-Tuvalu gongwe le gongwe kwa re yang gone, tota le kwa lapeng. Re ne ra feleletsa re se kgwa ka dinko.

Fa re sena go goroga, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go kgatlhegela Baebele. Bothata ke gore, go ne go se na kgatiso epe ka puo ya bone. Ba ne ba tla kgona jang go ithuta Baebele ba le bosi? Fa ba simolola go tla dipokanong, ba ne ba tla opela dipina dife, ba tla neela dipuo jang e bile ba tla baakanyetsa dipokano jang? A tota ba tla tsamaya ba kolobediwa? Batho bano ba ba boikokobetso ba ne ba tlhoka dikgatiso ka puo ya bone gore ba kgone go ithuta ka Jehofa! (1 Bakorintha 14:9) Re ne re ipotsa gore a re tla tsamaya re nna le dikgatiso tsa se-Tuvalu, puo e e buiwang ke batho ba ba ka fa tlase ga 15 000. Jehofa o ne a araba dipotso tseo mme ra lemoga gore: (1) Jehofa o batla gore batho ba ‘ditlhaketlhake tse di kgakala’ ba ithute ka ene le gore, (2) o batla gore batho ba lefatshe le ba lebang e le “batho ba ba ikokobeditseng ba maemo a a kwa tlase” ba tshabele mo leineng la gagwe.—Jeremia 31:10; Sefania 3:12.

TIRO YA THANOLO E E RUTANG BOAMMAARURI

Ka 1980, ofisi ya lekala e ne ya re naya kabelo ya go ranolela dikgatiso mo puong ya se-Tuvalu. Re ne ra simolola go ranola le fa gone re ne re sa itse puo eo sentle. (1 Bakorintha 1:28, 29) Puso e ne ya re rekisetsa motšhine o o printang ka letsogo mme ra simolola go printa dikgatiso tse di dirisiwang kwa dipokanong. Re ne ra bo ra ranolela buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng mo puong ya se-Tuvalu mme ra e printa ka one motšhine oo. Ke sa ntse ke gopola sentle monko o o bogale wa enke mmogo le mogote wa boboatsatsi o o ntshang kwena mo metsing o o neng o dira gore go nne thata go printa dikgatiso tseno ka letsogo. Go ne go se na motlakase ka nako eo.

Go ne go se motlhofo go ranolela mo puong ya se-Tuvalu ka gonne go se na dikishinare kgotsa dibuka tsa puo eno tse re ka dirang dipatlisiso mo go tsone. Ka dinako tse dingwe, re ne re thusiwa ka ditsela tse dingwe. Letsatsi lengwe ke ne ka leletsa monnamogolo mongwe ka phoso. O ne a sa rate Baebele. Monnamogolo yoo yo o kileng ya bo e le morutabana o ne a nkgopotsa gore o re kopile gore re se ka ra tla kwa lapeng la gagwe. O ne a nthaya a re: “Ke batla go go bolelela sengwe. Thanolo ya lona e tletse ka diele tse di simololang ka modirwa go na le modiri. Puo ya rona ya se-Tuvalu ga e dirise mokgwa ono thata.” Ke ne ka botsa batho bangwe mme ka fitlhela gore o ne a nepile. Ka jalo, re ne ra dira diphetogo go tokafatsa thanolo ya rona. Ke ne ke gakgametse tota gore Jehofa o ile a re thusa a dirisa monna yono yo o sa batleng go utlwa sepe ka Baebele mme gone a bala dikgatiso tsa rona!

Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 30 ka se-Tuvalu

Kgatiso ya ntlha e re neng ra e abela batho e ne le taletso ya Segopotso. Fa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 30 e gololwa ka Seesemane, le rona re ne ra golola ya se-Tuvalu. Re ne re itumetse tota go bo re kgonne go naya batho sengwe ka puo ya bone! Moragonyana, re ne ra nna le diboroutšhara le dibuka tse dingwe ka se-Tuvalu. Ka 1983, ofisi ya lekala ya Australia e ne ya simolola go printa Tora ya Tebelo ka se-Tuvalu. Makasine ono o ne o na le ditsebe di le 24 mme o tswa morago ga dikgwedi tse tharo. A batho ba kwa Tuvalu ba ne ba rata dibuka le dimakasine tseno? Ee, ka gonne ba rata go bala. Nako le nako fa go gololwa kgatiso e ntšha, radio ya puso e ne e dira kitsiso ka nako ya dikgang e bile ka dinako tse dingwe e ne e le kgangkgolo ya letsatsi! *—Bona ntlha e e kwa tlase.

Tiro ya go ranola e ne e dirwa jang? Re ne re simolola ka go kwala. Go tswa foo, re bo re thaepa makgetlo a le mantsi go fitlhela thanolo ya rona e siametse gore re ka e romela kwa ofising ya lekala kwa Australia. Bokgaitsadi ba babedi ba ne ba e thaepela mo khomputareng le fa gone ba ne ba sa itse puo eo. Ba ne ba tila go dira diphoso ka go tsenya tshedimosetso eo mo khomputareng gabedi mme ba bo ba e bapisa. Go tswa foo, e bo e tsenngwa ditshwantsho. Re bo re e romelelwa e feletse ka sefofane gore re e tšheke. Fa re feditse, re e romela kwa ofising mme e bo e printiwa.

Tiro ya thanolo e tokafetse fela thata! Gone jaanong baranodi ba thaepa mafoko ba bo ba a tšheka mo khomputareng. Gantsi kgatiso e tsenngwa ditshwantsho ke motho yo o nnang kwa baranodi ba leng gone. Go tswa foo, baranodi ba romela difaele tseo kwa ofising ya lekala ka Internet. Ga go tlhole go na le motho yo o tabogang go ya go romela kgatiso ka poso.

DIKABELO TSE DINGWE

Fa nako e ntse e ya, re ne ra newa dikabelo tse di farologaneng kwa mafelong mangwe a Pacific. Ka 1985, re ne ra newa kabelo ya go ya kwa ofising ya lekala ya Samoa. Re ne re thusa mo thanolong ya puo ya se-Samoa, se-Tongan le dipuo tse dingwe tsa kwa Tokelau mmogo le go thusa mo thanolong ya se-Tuvalu. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Mme ka 1996, re ne ra abelwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Fiji kwa re neng re thusa gone mo thanolong ya se-Fiji, se-Kiribati, se-Nauru, se-Rotuman le dipuo tse dingwe tsa kwa Tuvalu.

Re dirisa dikgatiso tsa se-Tuvalu go thusa batho ba bangwe

Ke kgatlhiwa thata ke tsela e baranodi ba ratang tiro ya bone ka yone le fa gone e le thata e bile e lapisa tota. Batlhanka bano ba ba ikanyegang ba etsa Jehofa ka gonne ba batla gore batho ba utlwe dikgang tse di molemo ka dipuo tsa bone. (Tshenolo 14:6) Ka sekai, la ntlha fa go ne go rulaganngwa gore Tora ya Tebelo e ranolelwe mo puong ya se-Tongan, ke ne ka kopana le bagolwane botlhe ba kwa Tonga mme ka ba botsa gore ke mang yo o ka thapisiwang gore a nne moranodi. Mongwe wa bagolwane bao, yo o neng a dira tiro ya go baakanya dikoloi e e duelang sentle, o ne a ithaopela go tlogela tiro ya gagwe mo letsatsing le le latelang mme a simolole go nna moranodi. Ke ne ka kgothadiwa thata ke tumelo ya gagwe ka gonne o ne a na le lelapa e bile a sa itse gore o tla le tlamela jang. Mme Jehofa ga a ka a mo latlha, o ne a mo tlamela mmogo le ba lelapa la gagwe mme mokaulengwe yoo o ne a dira tiro ya thanolo ka dingwagangwaga.

Setlhopha se se Laolang le sone se amegile thata ka go dira gore batho ba newe dikgatiso ka dipuo tsa bone tota le dipuo tse di buiwang ke batho ba le mmalwanyana fela. Ka sekai, go ne ga bodiwa gore a go a tlhokega gore go nne le dikgatiso ka puo ya se-Tuvalu. Ke ne ka kgothadiwa thata ke karabo ya Setlhopha se se Laolang: “Ga re bone lebaka lepe le le ka dirang gore lo emise tiro ya go ranolela mo puong ya se-Tuvalu. Le fa palo ya batho ba kwa Tuvalu e le nnye thata fa e bapisiwa le ya ditlhopha tse dingwe, batho ba koo ba sa ntse ba tlhoka go utlwa dikgang tse di molemo ka puo ya bone.”

Ke kolobetsa mongwe mo lekadibeng

Ka 2003, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Lefapheng la Ditirelo Tsa Thanolo kwa Patterson, New York. E ne e kete ke a lora! Re ne ra nna karolo ya setlhopha se se tshegetsang go ranolelwa ga dikgatiso tsa rona mo dipuong tse dintsi. Mo dingwageng di ka nna pedi tse ke di feditseng mo Lefapheng la Ditirelo Tsa Thanolo, re ne ra abelwa go thapisa ditlhopha tsa baranodi mo dinageng tse di farologaneng.

DITSHWETSO TSA KONOKONO

Jaanong a re bue ka pokano ele e e kgethegileng e ke e tsositseng kwa tshimologong. Ka ngwaga wa 2000, Setlhopha se se Laolang se ne sa lemoga gore ditlhopha tsa baranodi go ralala lefatshe di ne di tlhoka go thapisiwa gore di kgone go dira tiro ya tsone. Baranodi ba le bantsi ba ne ba ise ba tsenele khoso epe ya thanolo. Morago ga pokano eo le Komiti ya Bokwadi, Setlhopha se se Laolang se ne sa dira tshwetso ya gore baranodi botlhe mo lefatsheng ba thapisiwe. Baranodi ba ne ba tla rutiwa go tlhaloganya Seesemane, go rarabolola mathata a thanolo le go ithuta go dirisana mmogo.

Seno se ile sa felela ka eng? Boleng jwa thanolo bo ile jwa tokafala thata e bile dikgatiso tsa rona di ranolelwa mo dipuong tse dintsi go feta pele. Ka 1979, fa ke ne ke abelwa go ya go nna morongwa, makasine wa Tora ya Tebelo o ne o printiwa ka dipuo di le 82 fela. Le fa go ntse jalo, batho ba dipuo tse dingwe ba ne ba newa dimakasine dikgwedi di le mmalwa morago ga gore tsa Seesemane di tswe. Mme gone jaanong Tora ya Tebelo e ranolelwa mo dipuong di feta 240 e bile bontsi jwa tsone bo amogela dimakasine tseo ka nako e le nngwe le tsa Seesemane. Gone jaanong batho ba kgona go bala dikgatiso tsa rona ka dipuo di feta 700. Bogologolo seo e ne e le dijo tsa ditoro fela.

Ka 2004, Setlhopha se se Laolang se ne sa bona go le botlhokwa thata gore Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranolelwe mo dipuong tse di oketsegileng mme go dirwe jalo ka bonako jo bo kgonegang. Ka ntlha ya seo, gone jaanong batho ba le bantsi ba kgona go bala Baebele eo ka dipuo tsa bone. Tota e bile, ka 2014, go ne go na le dipuo di le 128, go akaretsa dipuo di le mmalwa tsa kwa South Pacific, tse di nang le Baebele eno e feletse kgotsa dikarolo tsa yone.

Fa ke ne ke golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka se-Tuvalu

Nngwe ya dilo tse ke di gopolang thata ke kopano e e neng e tshwaretswe kwa Tuvalu ka 2011. Naga eo e ne e iteilwe ke komelelo ka dikgwedi di le dintsi. Bakaulengwe ba ne ba akanya gore kopano eo ga e kitla e nna gone. Maitseboa fa re sena go goroga, pula e ne ya simolola go tshela mme kopano ya kgona go tswelela. E ne e le tshiamelo e e seng kana ka sepe go golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka se-Tuvalu! Le fa palo ya bakaulengwe ba ba neng ba bua puo eo e ne e le nnye, le bone ba ne ba amogela mpho eo e ntlentle e e tswang kwa go Jehofa. Fa kopano e sena go fela, go ne ga na e nngwe ya matlakadibe. Ka jalo, mongwe le mongwe o ne a na le metsi a boammaaruri le metsi a pula!

Ke botsolotsa batsadi ba me Ron le Estelle, kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Townsville kwa Australia, ka 2014

Ka maswabi, mosadi wa me e bong Jenny o ne a se na le nna ka nako eo. O ne a tlhokafala ka 2009 morago ga go lwantshana le kankere ka dingwaga di le lesome. Re ne re na le dingwaga di le 35 re nyalane. Ka nako ya tsogo ya baswi, o tla itumelela go utlwa gore go ile ga nna le Baebele ka puo ya se-Tuvalu.

Jehofa o ne a ntshegofatsa ka mosadi yo mongwe yo montle e bong Loraini Sikivou. Loraini le Jenny ba berekile mmogo kwa Bethele ya Fiji e bile Loraini le ene e ne e le moranodi. Le mo lekgetlong leno, ke na le mosadi yo o direlang Jehofa ka boikanyegi e bile a rata dipuo tse dingwe fela jaaka nna!

Ke le mo tshimong le Loraini re rera kwa Fiji

Mo dingwageng tse di fetileng, ke ile ka bona kafa Rraarona Jehofa a tlhokomelang ka gone dilo tse batho ba dipuo tsotlhe ba di tlhokang, tota le puo e e buiwang ke batho ba le mmalwa fela. (Pesalema 49:1-3) Ke bone kafa batho ba itumelang ka gone fa ba amogela dikgatiso tsa rona ka dipuo tsa bone lekgetlo la ntlha kgotsa ba opelela Jehofa ka puo ya bone. Dinako tse di tshwanang le tseo, di dira gore ke bone kafa Jehofa a re ratang ka gone. (Ditiro 2:8, 11) Ke sa ntse ke gakologelwa sentle mafoko a a neng a buiwa ke mokaulengwe mongwe yo o godileng wa kwa Tuvalu e bong Saulo Teasi. O ne a bua jaana la ntlha fa a sena go opela pina ya Bogosi ka puo ya gagwe: “Ke akanya gore o bolelele Setlhopha se se Laolang gore dipina tseno di monate ka se-Tuvalu go na le ka Seesemane.”

Ka September 2005, ke ne ke gakgametse fa ke newa tshiamelo ya go nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Le fa ke sa tlhole ke kgona go nna moranodi, ke leboga Jehofa go bo a ntetla go tswelela ke tshegetsa tiro ya thanolo e e dirwang lefatshe ka bophara. Ke itumela thata go itse gore Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang, tota le ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa thoko tse di kwa bogareng jwa Lewatle la Pacific! Go ntse fela jaaka mopesalema a ile a bua a re: “Jehofa e setse e le Kgosi! A lefatshe le ipele. A ditlhaketlhake tse dintsi di ipele.”—Pesalema 97:1.

^ ser. 18 Go bona kafa batho ba ileng ba tsibogela ka gone dikgatiso tsa rona, bala Tora ya Tebelo ya December 15, 2000, tsebe 32; August 1, 1988, tsebe 22; le Tsogang! ya January 8, 2001.

^ ser. 22 Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le tiro ya thanolo ya kwa Samoa, bala 2009 Yearbook, tsebe 120-121, 123-124.