Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ipaakanyetse go Tshela mo Lefatsheng le Lesha

Ipaakanyetse go Tshela mo Lefatsheng le Lesha

“Ba lwele go dira molemo, . . . gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 TIMOTHEO 6:18, 19.

PINA: 125, 40

1, 2. (a) O lebile pele go dira eng kwa Paradaiseng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng se re tla itumelelang sone mo lefatsheng le lesha?

RE LETETSE “botshelo jo bo sa khutleng” ka matlho a mahibidu. Moaposetoloi Paulo a re botshelo joo ke “botshelo jwa mmatota.” (Bala 1 Timotheo 6:12, 19.) Le fa go na le setlhophanyana se se yang go tshelela ruri kwa legodimong, bontsi jwa batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. Akanya fela o tsoga moso mongwe le mongwe o sa lwale, o itumetse e bile o kgotsofetse. (Isaia 35:5, 6) Akanya fela kafa go tla bong go le monate ka teng go fetsa nako o na le ba lelapa la gago le ditsala, go akaretsa le batho ba ba tla bong ba tsositswe. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) O tla nna le nako ya go ithuta go dira dilo dingwe tse disha le go nna setswerere mo dilong tse o di ratang. Ka sekai, o tla kgona go ithuta ka dilo tsa saense kgotsa go ithuta go tshameka diletswa tse di farologaneng tsa mmino kgotsa go ikagela ntlo e o e ratang.

2 Le fa gone re lebile pele go itumelela dilo tseno tse di monate, selo sa konokono se se tla re itumedisang le go feta, ke go obamela Jehofa. Akanya fela kafa botshelo bo tla nnang ka gone fa batho botlhe ba tlotla leina la Modimo e bile ba amogela gore ke ene Molaodi wa bone. (Mathaio 6:9, 10) Re tla itumelela go bona lefatshe le tletse ka batho ba ba se nang boleo fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse. Akanya fela kafa go tla bong go le motlhofo ka gone go atamalana thata le Jehofa e re ka re tla bo re itekanedisiwa ka iketlo!—Pesalema 73:28; Jakobe 4:8.

3. Re tshwanetse go ipaakanyetsa eng gone jaanong?

3 Re a itse gore Jehofa o tla dira dilo tseno tsotlhe tse di itumedisang ka gonne “mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Mathaio 19:25, 26) Fa re batla go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha, jaanong ke nako ya gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” Re a itse gore go ise go ye kae lefatshe leno le tla senngwa, ka jalo, re tshwanetse go tshela ka tsela e e bontshang gore seo se ka direga nako nngwe le nngwe. Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gone jaanong go ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha. Mma re bone gore re ka dira seo jang.

O IPAAKANYA JANG?

4. Re ka ipaakanyetsa jang gone jaanong go tshela mo lefatsheng le lesha? Naya sekai.

4 Re ka ipaakanyetsa jang gone jaanong go tshela mo lefatsheng le lesha? Fa o ipaakanyetsa go ya go tshela kwa nageng e sele, o ka nna wa tshwanelwa ke go dira dilo dingwe gore o tlwaele botshelo jwa koo. Ka sekai, o ka nna wa simolola go ithuta puo, setso le go ja dijo tsa naga eo. Ka tsela e e tshwanang, gone jaanong re ka tshela jaaka e kete re setse re le mo lefatsheng le lesha. A re bone ditsela tse re ka dirang seo ka tsone.

5, 6. Go ikobela phuthego ya ga Jehofa go tla re thusa jang gore re ipaakanyetse go tshela mo lefatsheng le lesha?

5 Satane o batla gore batho ba akanye gore ba ka dira sengwe le sengwe fela se ba se batlang. Ba le bantsi ba akanya gore ga ba tlhoke go ikobela Modimo. Seo se ile sa felela ka eng? Se feletse ka pogo le go sa itumele. (Jeremia 10:23) Mme Jehofa ene ke Mmusi yo o lorato. Botshelo bo tla bo bo le monate tota mo lefatsheng le lesha fa e le ene a busang!

6 Phuthego ya ga Jehofa e tla bo e re thusa go fetola lefatshe go nna paradaise le go ruta batho ba ba tsositsweng. Jehofa o tla re naya tiro e ntsi tota. Re tla dira eng fa ba ba re etelelang pele ba re kopa go dira sengwe se re sa se batleng? A re tla reetsa? A re tla dira tiro e re e abetsweng le go e itumelela? Re tshwanetse go ikobela phuthego ya ga Jehofa gone jaanong gore re kgone go ipaakanyetsa botshelo mo lefatsheng le lesha.

7, 8. (a) Ke eng fa re tshwanetse go ikobela ba ba re eteletseng pele? (b) Bakeresete bangwe ba ile ba lebana le diphetogo dife? (c) Ke eng se re tlhomamisegileng gore se tla direga kwa lefatsheng le lesha?

7 Fa re batla go ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha, re tshwanetse go ithuta go kgotsofala le go dirisana sentle le phuthego ya ga Jehofa le bakaulengwe ba rona. Ka sekai, fa re newa kabelo e ntšha, re e dira ka pelo yotlhe, re itumetse e bile re kgotsofetse. Fa re ithuta go ikobela ba ba re eteletseng pele gone jaanong, go tla nna motlhofo gore re dire jalo le mo lefatsheng le lesha. (Bala Bahebera 13:17.) Fa Baiseraele ba goroga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ga ba a ka ba nna gongwe le gongwe fela kwa ba batlang go nna teng. (Dipalo 26:52-56; Joshua 14:1, 2) Gongwe kwa lefatsheng le lesha re tla laelwa gore re nne kae. Mme fa e le gore re ithutile go ikobela ba ba re eteletseng pele, re tla itumelela go dira thato ya ga Jehofa go sa kgathalesege gore re nna kae.

8 Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa mo lefatsheng le lesha, re tla nna le tshiamelo ya go direla Jehofa. Ke ka lebaka leo gone jaanong re itumelelang go dirisana mmogo le phuthego ya ga Jehofa le go dira kabelo nngwe le nngwe e re e newang. Mme gone, ka dinako tse dingwe re ka newa dikabelo tse disha. Ka sekai, maloko mangwe a lelapa la Bethele ya kwa United States a ne a abelwa go ya tshimong. Mme balebedi bangwe ba potologo ba ne ba abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng ka ntlha ya botsofe kgotsa mabaka mangwe a a rileng. Ba itumeletse dikabelo tsa bone tse disha e bile Jehofa o a ba segofatsa. Fa re kopa Jehofa gore a re thuse, re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla mme re ithuta go kgotsofalela kabelo epe fela e re e newang, re tla itumela e bile Jehofa o tla re segofatsa. (Bala Diane 10:22.) Re tla dira eng fa e re re eletsa go nna mo lefelong lengwe le le rileng mme phuthego ya ga Jehofa yone e bo e re kopa gore re ye go nna gongwe go sele? Ka nako eo go tla bo go se botlhokwa gore re nna kae kgotsa gore tiro ya rona ke eng. Re tla itumelela fela gore re tshela mo lefatsheng le lesha.—Nehemia 8:10.

9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka nna ra tshwanelwa ke go nna pelotelele kwa lefatsheng le lesha? (b) Re bontshang jang gone jaanong gore re pelotelele?

9 Re tla tshwanelwa ke go ithuta go nna pelotelele. Ka sekai, re ka nna ra utlwalela gore batho bangwe ba itumetse ka gonne ba masika kgotsa ditsala tsa bone di tsositswe mme rona re ka nna ra tshwanelwa ke go leta. Fa seo se ka direga, a re tla ipela le ba ba ipelang mme re nne pelotelele? (Baroma 12:15) Fa gone jaanong re ithuta go leta ka bopelotelele gore Jehofa a diragatse ditsholofetso tsa gagwe, le mo lefatsheng le lesha re tla dira se se tshwanang.—Moreri 7:8.

10 Gape re ka ipaakanyetsa lefatshe le lesha ka go nna pelotelele fa tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone e tokafadiwa. Fa ntlha nngwe e tokafaditswe, a re a e ithuta le go nna pelotelele fa re sa e tlhaloganye ka botlalo? Fa re dira jalo, go tla nna motlhofo gore re nne pelotelele fa Jehofa a re naya ditaelo tse disha.—Diane 4:18; Johane 16:12.

11. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta go itshwarela ba bangwe, mme seo se tla re thusa jang mo lefatsheng le lesha?

11 Tsela nngwe ya go ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha ke go ithuta go itshwarela ba bangwe. Ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, go tla tsaya lobaka gore mongwe le mongwe a itekanele. (Ditiro 24:15) A re tla ratana le go itshwarelana? Fa re ithuta go itshwarela ba bangwe e bile re dirisana sentle le bone gone jaanong, go tla nna motlhofo gore re dire jalo le kwa lefatsheng le lesha.—Bala Bakolosa 3:12-14.

Mo lefatsheng le lesha, dinonofo tse Jehofa a re rutang go nna le tsone gone jaanong, re tla di tlhoka ka nako eo

12. Ke ka ntlha yang fa gone jaanong re tshwanetse go ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha?

12 Mo lefatsheng le lesha re ka nna ra se ka ra newa sengwe le sengwe se re se batlang kgotsa re ka nna ra tshwanelwa ke go se letela. Re tla tshwanelwa ke go lebogela se re nang le sone le go se kgotsofalela. Tota e bile, dinonofo tse Jehofa a re rutang go nna le tsone gone jaanong, re tla di tlhoka ka nako eo. Ka jalo, fa re bontsha dinonofo tseno gone jaanong, re bontsha gore re batla go nna teng kwa lefatsheng le lesha le gore re ipaakanyeditse go tshelela ruri. (Bahebera 2:5; 11:1) Gape re tla bo re bontsha gore re batla go tshela mo lefatsheng le mo go lone mongwe le mongwe a ikobelang Jehofa.

TLHOMA MOGOPOLO MO GO DIRELENG JEHOFA

Rera dikgang tse di molemo ka tlhagafalo

13. Ke eng se se tla bong se le botlhokwatlhokwa mo go wena kwa lefatsheng le lesha?

13 Re tla itumela tota mo lefatsheng le lesha ka gonne re tla bo re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang. Mme re tla itumela le go feta ka gonne re tla bo re atamalane thatathata le Jehofa. (Mathaio 5:3) Re tla bo re tshwaregile mo tirong ya Modimo e bile re tla itumelela go mo direla. (Pesalema 37:4) Ka jalo, fa gone jaanong re tsaya Jehofa a le botlhokwa go feta sengwe le sengwe, re tla bo re bontsha gore re ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha.—Bala Mathaio 6:19-21.

14. Basha ba ka ipeela mekgele efe?

14 Re ka dira jang gore re tswelele re itumetse le go feta fa re direla Jehofa? Sengwe sa dilo tse re ka di dirang ke go ipeela mekgele. Basha, akanyang thata ka kgang ya go direla Jehofa. Ipheng nako ya go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona malebana le mefuta e e farologaneng ya tirelo ya nako e e tletseng mme lo ipeele mokgele wa go tsenelela nngwe ya ditirelo tseo. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Buang le bangwe ba ba nang le dingwaga tse dintsi ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Fa o ka dira jalo, o tla itumelela thapiso e e molemo e o tla e newang. Thapiso eo e tla go thusa go direla Jehofa mo lefatsheng le lesha.

Ipeele mekgele mo phuthegong

15. Ke mekgele efe e mengwe e re ka ipeelang yone mo phuthegong?

15 Go na le mekgele e le mentsi ya go direla Jehofa e re ka ipeelang yone mo phuthegong ya ga Jehofa. Ka sekai, re ka ipeela mokgele wa go tokafatsa tsela e re rerang ka yone kgotsa ra leka go tlhaloganya melaometheo ya Baebele le go ithuta kafa re ka e dirisang ka teng. Re ka leka go tokafatsa tsela e re balang, e re neelang dipuo le e re akgelang ka yone mo dipokanong. Se re lekang go se tlhalosa ke go re: Fa o ipeela mekgele mo phuthegong ya ga Jehofa, seo se tla go thusa gore o tlhagafale le go feta mme o ipaakanyetse botshelo mo lefatsheng le lesha.

TSELA E E DI GAISANG TSOTLHE YA GO TSHELA

Leboga Jehofa ka sengwe le sengwe se a go nayang sone

16. Ke eng fa go direla Jehofa e le tsela e e di gaisang tsotlhe ya go tshela?

16 Fa re dirisa nako ya rona go ipaakanyetsa go tshela mo lefatsheng le lesha, a re ikitsa go ja monate gone jaanong? Le e seng! Go direla Jehofa ke yone tsela e e di gaisang tsotlhe ya go tshela. Ga re mo direle ka gonne mongwe a re pateletsa kgotsa e le fela gore re falole pitlagano e kgolo. Fa re atamalane thata le Jehofa, botshelo jwa rona bo a tokafala e bile re a itumela, e leng se tota Modimo a se batlang. Ga go na sepe se se botlhokwa mo go rona go gaisa go ratwa ke Modimo le go kaelwa ke ene mo matshelong a rona. (Bala Pesalema 63:1-3.) Rotlhe re a itumela fa re obamela Jehofa ka pelo yotlhe. Batho ba ba sa bolong go mo direla ba ka go bolelela gore ruri go direla Jehofa ke tsela e e di gaisang tsotlhe ya go tshela.—Pesalema 1:1-3; Isaia 58:13, 14.

Batla kaelo mo Baebeleng

17. Boitlosobodutu le dilo tse re di ratang di tla bo di le botlhokwa go le kana kang kwa Paradaiseng?

17 Kwa Paradaiseng, re tla nna le nako ya go dira dilo tse re di batlang le ya go itlosa bodutu. Kana e bile, Jehofa ke ene a re bopileng re na le keletso ya go itumela e bile o re solofetsa gore o tla ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’ (Pesalema 145:16; Moreri 2:24) Re tlhoka go itlosa bodutu le go ikhutsa mme gone re ka itumelela dilo tseno le go feta fa go direla Jehofa go tla pele mo matshelong a rona. Go tla nna fela jalo mo lefatsheng le lesha. Ka jalo, go botlhokwa gore re “batle pele bogosi” le go tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa.—Mathaio 6:33.

Fa re atamalane thata le Jehofa, botshelo jwa rona bo a tokafala e bile re a itumela

18. Re ka bontsha jang gore re ipaakanyetsa go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha?

18 Mo lefatsheng le lesha, botshelo bo tla bo bo le botoka thata go feta kafa re ka akanyang ka gone. A re bontsheng gore re batla go tshela mo lefatsheng le lesha ka go ipaakanyetsa “botshelo jwa mmatota” gone jaanong. A re lekeng ka natla go nna le dinonofo tse Jehofa a re rutang tsone mme re tlhagafalele go rera dikgang tse di molemo. E kete re ka ikutlwela monate wa go direla Jehofa. Re itse sentle gore kwa lefatsheng le lesha, Jehofa o tla dira sengwe le sengwe se a se solofeditseng. Ka jalo, a gone jaanong re tsheleng jaaka e kete re mo lefatsheng le lesha!